Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 17

‘Ruri Botlhale Jwa Modimo bo Boteng’

‘Ruri Botlhale Jwa Modimo bo Boteng’

1, 2. Boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le eng ka letsatsi la bosupa, mme botlhale jwa Modimo bo ne jwa lekwa jang fa letsatsi leo le simologa?

 GA SENYEGA fela jalo! Ka tshoganetso, batho, bone ba e neng e le setlhoa sa tiro ya letsatsi la borataro la popo, ba ne ba tswa mo maemong a a itumedisang thata mme ba wela mo dipharagobeng. Jehofa o ne a tlhalositse gore “sengwe le sengwe se a neng a se dirile,” go akaretsa le batho, “se ne se le molemo tota.” (Genesise 1:31) Le fa go ntse jalo, fa letsatsi la bosupa le simologa, Adame le Efa ba ne ba tlhopha go sala Satane morago mo botlhanoging. Ba ne ba itsenya mo boleong, mo bosaitekanelang le mo losong.

2 Go ka tswa go ne go bonala e kete boikaelelo jwa ga Jehofa ka ga letsatsi leo la bosupa bo ne bo kgoreletsegile ka tsela e e ka se kang ya tlhola e siama. Letsatsi leo, fela jaaka a mangwe a marataro a a tlileng pele ga lone, le ne le tlile go nna boleele jwa dingwaga di le sekete. Jehofa o ne a boletse fa le le boitshepo mme kgabagare le ne le tla felela ka gore lefatshe lotlhe le nne paradaise e e tletseng ka lelapa le le itekanetseng la batho. (Genesise 1:28; 2:3) Le fa go ntse jalo, morago ga botlhanogi joo jo bo neng jwa felela ka masetlapelo, boikaelelo joo bo ne bo ka diragadiwa jang tota? Modimo o ne a tla dira eng? Seno e ne ya nna teko e kgolo tota e e gwetlhang botlhale jwa ga Jehofa—gongwe e le yone e kgolo go di gaisa tsotlhe.

3, 4. (a) Ke eng fa tsela e Jehofa a ileng a tsibogela botlhanogi jwa kwa Edene ka yone e le sekai se se gakgamatsang thata sa botlhale jwa gagwe? (b) Boikokobetso bo tshwanetse go re tlhotlheletsa go gopola kgang efe ya botlhokwa fa re ntse re ithuta ka botlhale jwa ga Jehofa?

3 Jehofa o ne a tsaya kgato ka yone nako eo. O ne a atlhola batlhanogi ba kwa Edene, mme gape a umaka lesedinyana la sengwe se se molemo: boikaelelo jwa gagwe jwa go baakanya mathata a ba neng ba sa tswa go a baka. (Genesise 3:15) Boikaelelo jwa ga Jehofa jo bo neng bo amana le dilo tse di neng di sa ntse di le kwa pele bo ne bo simolola kwa Edene go ralala diketekete tsotlhe tsa dingwaga tsa hisitori ya motho go ya pele, mme bo akaretsa le isagwe e e kwa pele pele. Ke boikaelelo jo bo sa raraanang, le fa go le jalo, bo botlhokwa thata jaana mo mmadi wa Baebele a ka fetsang nako e e itumedisang ya botshelo jwa gagwe a ithuta ka jone le go akanya ka jone. Mo godimo ga moo, ga go na pelaelo gore boikaelelo jono jwa ga Jehofa bo tlile go atlega. Bo tla fedisa bosula jotlhe, boleo le loso. Bo tla dira gore batho ba ba ikanyegang ba itekanele. Dilo tseno tsotlhe di tla diragala pele ga letsatsi la bosupa le wela, e le gore Jehofa a diragatse boikaelelo jwa gagwe ka batho le lefatshe ka yone nako e a neng a e beile!

4 A botlhale jo bo kalo ga bo dire gore re nne le tlotlo e e boteng? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlheletsega go kwala jaana: ‘Ruri Botlhale Jwa Modimo bo Boteng!’ (Baroma 11:33) Fa re ntse re ithuta dikarolo tse di farologaneng tsa nonofo eno ya Modimo, boikokobetso bo tshwanetse go re tlhotlheletsa go nna re gopotse kgang eno ya botlhokwa—gore re ka bona maoko fela a botlhale jono jo bogolo jwa ga Jehofa. (Jobe 26:14) Sa ntlha, a re tlhaloseng nonofo eno e e gakgamatsang thata.

Botlhale Jwa Modimo ke Eng?

5, 6. Kitso e amana jang le botlhale, mme Jehofa o na le kitso e kgolo go le kana kang?

5 Botlhale le kitso ga se selo se le sengwe. Dikhomputara di ka boloka mokgobekgobe wa kitso, mme ga go ope yo o ka reng metšhine eno e botlhale. Le fa go ntse jalo, kitso le botlhale di a tsamaisana. (Diane 10:14) Ka sekai, fa o ne o tlhoka kgakololo e e botlhale malebana le gore o ka alafa jang bolwetse jo bo masisi, a o ne o ka ya kwa mothong yo o nang le kitso e nnye fela kana yo o sa itseng sepe ka tsa kalafi? Legoka! Ka gone, kitso e e boammaaruri e botlhokwa gore motho a nne le botlhale jwa boammaaruri.

6 Jehofa o na le kitso e e seng kana ka sepe. E re ka e le “Kgosi ya bosakhutleng,” ke ene fela yo o ntseng a tshela ka bosaengkae. (Tshenolo 15:3) Mo dingwageng tseo tse di se nang palo, o ntse a etse tlhoko dilo tsotlhe. Baebele ya re: “Ga go na ope kgotsa sepe se se fitlhegileng mo go ene, mme dilo tsotlhe di senogile e bile di a bonala mo matlhong a ene yo o tla re atlholang go ya ka ditiro tsa rona.” (Bahebera 4:13; Diane 15:3) E re ka Jehofa e le Mmopi, dilo tse a di dirileng o di tlhaloganya sentle, e bile o ntse a etse tlhoko ditiro tsotlhe tsa batho go tloga fela kwa tshimologong. O sekaseka pelo ya motho mongwe le mongwe, a sa fitlhegelwe ke sepe. (1 Ditiragalo 28:9) E re ka a re bopile re na le tshwanelo ya go itlhophela, o a itumela fa a bona re dira ditshwetso tse di siameng mo botshelong. E re ka e le “Moutlwi wa thapelo,” o reetsa dithapelo tse di se nang palo ka nako e le nngwe! (Pesalema 65:2) Mme gape Jehofa o na le mogopolo o o itekanetseng.

7, 8. Jehofa o bontsha jang go nna le tlhaloganyo, temogo le botlhale?

7 Jehofa ga a na kitso fela. Gape o kgona go bona kafa dintlha di amanang ka teng e bile o kgona go lemoga kafa dintlha tse dintsintsi di amanang le kgang yotlhe e e rileng ka teng. O sekaseka dilo le go di atlhola, a kgona go farologanya se se molemo mo go se se bosula, se se botlhokwa mo go se se seng botlhokwa. Mo godimo ga moo, o kgona go bona se se mo pelong, e seng bokafantle fela. (1 Samuele 16:7) Ka gone, Jehofa o na le tlhaloganyo le temogo, dinonofo tse di fetang kitso. Le fa go ntse jalo, botlhale jone bo di feta tsotlhe.

8 Botlhale bo thusa motho go nna le kitso, temogo le tlhaloganyo le gore a kgone go di dirisa. Tota e bile mangwe a mafoko a ntlhantlha a Baebele a a ranolwang e le “botlhale” totatota a kaya “go dira dilo ka tsela e e molemo” kana “botlhale jo bo mosola.” Ka jalo botlhale jwa ga Jehofa ga se kgopolo fela. Bo mosola e bile bo a thusa. Ka metlha Jehofa o dirisa kitso ya gagwe e kgolo le tlhaloganyo ya gagwe e e boteng go dira ditshwetso tse di siameng, a di diragatsa ka tsela e e molemo go gaisa tsotlhe. Joo ke botlhale jwa boammaaruri! Jehofa o bontsha kafa mafoko ano a ga Jesu a leng boammaaruri ka teng: “Dilo tse di siameng tse motho a di dirang, di bontsha gore o botlhale.” (Mathaio 11:19) Ditiro tsa ga Jehofa mo lobopong lotlhe di bontsha kafa a leng botlhale ka teng.

Bosupi Jwa Gore Modimo o Botlhale

9, 10. (a) Jehofa o supa a na le botlhale jo bo ntseng jang, mme o bo bontshitse jang? (b) Sele e bontsha jang gore Jehofa o botlhale?

9 A o kile wa gakgamadiwa ke botlhale jwa ditswerere tse di dirang dilo tse dintle tse di dirang sentle? Seo ke botlhale jo bo kgatlhang. (Ekesodo 31:1-3) Jehofa ke ene Motswedi wa botlhale joo e bile ke ene a nang le botlhale go feta motho ope fela. Kgosi Dafide o ile a bua jaana ka Jehofa: “Ke a go baka ka gonne ke dirilwe ka tsela e e gakgamatsang e e jesang kgakge. Ditiro tsa gago di a gakgamatsa, ke itse seno sentle.” (Pesalema 139:14) Ee ruri, fa re ntse re ithuta go le gontsi ka mmele wa motho re tla gakgamadiwa thata ke botlhale jwa ga Jehofa.

10 Ka sekai: O simolotse o le selenyana e le nngwe—sele ya lee go tswa mo go mmè e e neng ya kopana le peo go tswa mo go rre. Go ise go ye kae sele eo e ne ya simolola go ikgaoganya. Mme go ne ga bopega se o leng sone jaanong, o na le disele di ka nna dibilione di le diketekete. Di dinnye thata. Disele tsa bogolo jo bo tlwaelegileng tse di ka nnang 10 000 di ka lekana mo tlhogwaneng ya lomao. Le fa go ntse jalo, nngwe le nngwe ya tsone e raraane tota. Sele e raraane thata go gaisa motšhine ope fela o o dirilweng ke batho kana madirelo. Baitsesaense ba re sele e tshwana le toropo e kgolo e e ageletsweng—e e nang le mafelo a go tsena le a go tswa a a laolwang, thulaganyo ya dipalangwa, mafaratlhatlha a tlhaeletsano, madirelo a motlakase, difeketeri, thulaganyo ya kgelelo ya leswe le didirisiwa tsa go shafatsa dilo gape, masole tota le se go ka tweng ke lefelo le le laolang dilo tsotlhe mo karolong e e fa gare ya yone. Mo godimo ga moo, sele e kgona go dira sele e nngwe e e tshwanang le yone kgo mo diureng di sekae fela!

11, 12. (a) Ke eng se se dirang gore disele tsa leseanyana le le sa ntseng le bopega di farologane, mme seno se dumalana jang le Pesalema 139:16? (b) Boboko jwa motho bo bontsha jang gore re ‘dirilwe ka tsela e e gakgamatsang’?

11 Ke boammaaruri gore, disele ga di tshwane tsotlhe. Fa disele tsa leseanyana le le sa ntseng le bopega di ntse di tsweletse ka go ikgaoganya, di simolola go dira ditiro tse di farologaneng gotlhelele. Tse dingwe e tla nna disele tsa methapo; tse dingwe tsa marapo, tsa mesifa, tsa madi kana tsa matlho. Go farologana gono gotlhe go tsentswe mo “laeboraring” ya disele ya thulaganyo e e gatisitsweng mo dijining e e bidiwang DNA. Go a kgatlha gore Dafide o ile a tlhotlheletsega go raya Jehofa a re: “Matlho a gago a ne a mpona ke sa ntse ke le losea lo lo mo popelong; dikarolo tsa me tsotlhe di ne di kwadilwe mo bukeng ya gago.”—Pesalema 139:16.

12 Dikarolo dingwe tsa mmele di raraane thata. Ka sekai, akanya ka boboko jwa motho. Bangwe ba ile ba bo bitsa selo se se raraaneng go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa ribololwa mo lobopong. Bo na le disele tsa methapo di ka nna dibilione tse 100—gongwe palo e e lekanang le dinaledi tse di mo lesagaripeng la rona. Nngwe le nngwe ya disele tseno e na le mafelo a le diketekete a e lomaganang le disele tse dingwe ka one. Baitsesaense ba bolela gore boboko jwa motho bo ka kgona go boloka tshedimosetso yotlhe e e leng mo dilaeboraring tsotlhe tsa lefatshe le gore tota bo ka tswa bo kgona go boloka tshedimosetso e e ka se kang ya lekanngwa. Le fa baitsesaense ba feditse makgolokgolo a dingwaga ba ithuta ka serwe seno ‘se se dirilweng ka tsela e e gakgamatsang,’ ba a dumela gore ba ka nna ba se ka ba kgona go tlhaloganya ka botlalo kafa se dirang ka teng.

13, 14. (a) Ditshoswane le ditshedi tse dingwe di bontsha jang gore di “botlhale ka tlholego,” mme seo se re ruta eng ka Mmopi wa tsone? (b) Ke eng fa re ka re dilo tse di jaaka bobi jwa segokgo di dirilwe “ka botlhale”?

13 Le fa go ntse jalo, batho ke sekai se le sengwe fela sa dilo tse di bontshang botlhale jwa ga Jehofa jwa go bopa. Pesalema 104:24 ya re: “Ruri ditiro tsa gago di dintsi, wena Jehofa! Tsotlhe fela o di dirile ka botlhale. Lefatshe le tletse dilo tse o di dirileng.” Botlhale jwa ga Jehofa bo bonala mo dilong tsotlhe tse di re dikologileng tse a di bopileng. Ka sekai, tshoswane e “botlhale ka tlholego.” (Diane 30:24) Ee, bosaisai jwa ditshoswane bo rulagantswe ka maatlametlo. Masaisai a mangwe a ditshoswane a rua ditshenekegi tse di bidiwang di-aphid le go di tlhokomela jaaka e kete ke leruo la one e bile a ja mo go tsone. Ditshoswane tse dingwe di dira jaaka balemi, ka go jala le go lema “dijalo” tsa fungus. Ditshedi tse dingwe tse dintsi le tsone di dirilwe di kgona go dira dilo tse di gakgamatsang ka tlholego fela. Ntsi e kgona go fofa ka mekgwa e e gakgamatsang e difofane tse di dirilweng ka maatlametlo di sa kgoneng go e etsa. Dinonyane tse di fudugang di kgona go fofa di thusiwa ke dinaledi, ke maatla a lefatshe a kgogedi, kana mmapa o di tsalwang di na le one. Baithutaditshedi ba fetsa dingwaga tse dintsi ba ithuta mekgwa eno e e raraaneng e ditshedi tseno di tsalwang di na le yone. A bo Motlhami wa dithulaganyo tseno a tshwanetse a bo a le botlhale jang ne!

14 Baitsesaense ba ithutile dilo di le dintsi go tswa mo botlhaleng jwa ga Jehofa jwa go bopa. E bile go na le mofuta wa thuto ya boenjeniri o o bidiwang biomimetics, e e lekang go kopisa thulaganyo ya botlhami jo bo fitlhelwang mo dilong tsa tlholego. Ka sekai, o ka tswa o ile wa kgatlhiwa thata ke bontle jwa bobi jwa segokgo. Mme moenjiniri o bo tsaya bo tlhamilwe ka tsela e e gakgamatsang. Maodi a jone a a lebegang a le lotsatsa a nonofile go gaisa tshipi, a tiile go feta faeba e e dirisiwang mo diaparong tse marumo a tlhobolo a sa kgoneng go di phunyeletsa. Tota a nonofile go le kana kang? Akanya bobi jwa segokgo bo godisitswe gore bo lekane le letlowa le le dirisiwang mo mokorong wa go tshwara ditlhapi. Bobi joo bo ne bo ka kgona go tshwara sefofane se ntse se fofa! Ee, Jehofa o dirile dilo tseo tsotlhe “ka botlhale.”

Ke mang yo o dirileng ditshedi tsa lefatshe di le “botlhale ka tlholego”?

Botlhale Jo bo Mo Dilong Tse di Seng mo Lefatsheng

15, 16. (a) Magodimo a a tletseng dinaledi a supa eng ka botlhale jwa ga Jehofa? (b) Maemo a ga Jehofa a go nna Molaodi yo Mogolo wa baengele ba bantsintsi a bontsha jang gore o botlhale?

15 Botlhale jwa ga Jehofa bo bonala mo ditirong tsa gagwe mo lobopong lotlhe. Dinaledi tse di tletseng mo legodimong, tse go tlotlilweng thata ka tsone mo Kgaolong ya 5, ga di a gasamisiwa fela mo lefaufaung. Ka ntlha ya botlhale jo bo mo ‘melaong ya ga Jehofa e e laolang magodimo,’ magodimo a rulagantswe bontle ka masagaripa, a le one a kgobokantsweng go ya ka ditlhopha, tse le tsone di rulaganeng go ya ka ditlhopha tse dikgolo. (Jobe 38:33) Ke gone ka moo Jehofa a bitsang masedi ano a legodimo a re ke “lesomo”! (Isaia 40:26) Le fa go ntse jalo, go na le lesomo le lengwe gape le le bontshang sentle botlhale jwa ga Jehofa.

16 Jaaka fa re ithutile mo Kgaolong ya 4, Modimo o bidiwa “Jehofa wa masomosomo” ka gonne ke Molaodi yo Mogolo wa lesomo le le boitshegang la baengele. Seno ke bosupi jwa gore Jehofa o na le maatla. Mme gone, seno se amana jang le botlhale jwa gagwe? Akanya: Jehofa le Jesu ga ba ke ba nna fela ba sa dire sepe. (Johane 5:17) Ga go na pelaelo gore baengele bano ba ba direlang Mogodimodimo le bone ba nna ba semeletse fela jalo. Mme se lebale gore ba mo maemong a a fetang a batho, ba na le botlhale jo bogolo le maatla a magolo. (Bahebera 1:7; 2:7) Le fa go ntse jalo, Jehofa o dirile gore baengele bao botlhe ba nne ba semeletse, ba itumelela go dira tiro e e kgotsofatsang—‘ba diragatsa lefoko la gagwe’ e bile ba ‘dira thato ya gagwe’—ka dingwaga di le dimilione di le diketekete. (Pesalema 103:20, 21) A bo botlhale jwa Mookamedi yono bo gakgamatsa jang ne!

Jehofa ke “Ene Fela yo o Botlhale”

17, 18. Ke eng fa Baebele e bolela gore Jehofa ke “ene fela yo o botlhale,” mme ke eng fa botlhale jwa gagwe bo re gakgamatsa thata?

17 Ka ntlha ya bosupi joo, a go a gakgamatsa go bo Baebele e bontsha fa Jehofa a na le botlhale jo bo se nang selekanyo? Ka sekai, e bolela gore Jehofa ke “ene fela yo o botlhale.” (Baroma 16:27) Jehofa ke ene fela yo o nang le botlhale ka botlalo. Ke Motswedi wa botlhale jotlhe jwa boammaaruri. (Diane 2:6) Ke gone ka moo le mororo Jesu e le sebopiwa sa ga Jehofa se se botlhale go gaisa tsotlhe, a ileng a se ka a ikaega ka botlhale jwa gagwe go na le moo a ileng a bua go ya kafa Rraagwe a neng a mo kaela ka teng.—Johane 12:48-50.

18 Ela tlhoko kafa moaposetoloi Paulo a ileng a tlhalosa kafa botlhale jwa ga Jehofa bo sa tshwaneng le bope ka teng: “Ruri dikhumo le botlhale le kitso ya Modimo di boteng! Ruri ga re kitla re itse dikatlholo tsa gagwe ka botlalo e bile ga re kgone go tlhaloganya ditiro tsa gagwe tsotlhe!” (Baroma 11:33) Fa Paulo a simolola temana eno ka lelatlhelwa leno la “Ruri,” o ne a bontsha go amega maikutlo—fano e le a poifo e kgolo ya tlotlo. Lefoko la Segerika le a tlhophileng go le dirisa le le ranolwang e le “boteng,” le amana thata le lefoko “khuti e e kwa tengteng.” Ka gone, mafoko a gagwe a dira gore o kgone go bona sentle ka leitlho la mogopolo. Fa re akanya ka botlhale jwa ga Jehofa, go ntse jaaka e kete re lebile mo teng ga khuti e e kwa tengteng e e se nang bofelelo, e e boteng thata mo e leng gore re ka se ka ra bo ra tlhaloganya gore e bogolo jo bo kana kang, le fa e le go kgona go e torowa kgotsa go dira mmapa wa yone o o feletseng. (Pesalema 92:5) A seo ga se kgang e e tshwanetseng go dira gore re ikokobetse?

19, 20. (a) Ke eng fa ntsu e tshwanela go ka tshwantshetsa botlhale jwa Modimo? (b) Jehofa o bontshitse jang gore o itse se se tla diregang mo isagweng?

19 Jehofa ke “ene fela yo o botlhale” ka tsela e nngwe gape. Ke ene fela yo o kgonang go itse se se tla diregang mo isagweng. Se lebale gore, Jehofa o dirisa ntsu e e kgonang go bonela kgakala go tshwantsha botlhale jwa gagwe. Ntsu e ka nna bokete jwa dikilogerama di ka nna tlhano fela, mme matlho a yone a magolo go feta a motho yo o godileng sentle. Ntsu e na le matlho a a bogale tota, a a thusang nonyane eno go bona sebolawa sa yone se sennye yone e le kwa godimo ka sekgala sa dimetara di le makgolokgolo, gongwe le e leng dikilometara di le dintsi go tswa fa go yone! Jehofa ka boene o kile a bua jaana ka ntsu: “Matlho a yone a kgona go bonela kgakala.” (Jobe 39:29) Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o kgona “go bonela kgakala” kwa isagweng!

20 Baebele e tletse ka bosupi jo bo bontshang fa seno se le boammaaruri. E na le dipolelelopele kana ditiragalo di le makgolokgolo tse di kwadilweng di ise di diragale. Tsela e dintwa dingwe di neng tsa felela ka yone, go tlhagoga le go phutlhama ga dipuso tsa lefatshe, le e leng mekgwa e e rileng e balaodi ba masole ba e dirisitseng mo dintweng, tsotlhe fela di ile tsa bolelelwa pele mo Baebeleng—ka dinako tse dingwe, dingwaga di le makgolokgolo pele ga di direga.—Isaia 44:25–45:4; Daniele 8:2-8, 20-22.

21, 22. (a) Ke eng fa go se na lebaka la go akanya gore Jehofa o setse a bonetse pele ditshwetso tsotlhe tse o tlileng go di dira mo botshelong? Dira sekai. (b) Re itse jang gore botlhale jwa ga Jehofa ga bo setlhogo, kana gore ga bo akanyetse?

21 Mme gone, a seno se bolela gore Modimo o setse a bonetse pele ditshwetso tse o tlileng go di dira mo botshelong jwa gago? Batho bangwe ba ba rutang thuto ya taolelogale ba bolela gore go ntse jalo. Mme gone, tota kakanyo e e ntseng jalo e tlhaetsa botlhale jwa ga Jehofa matlho, ka gonne e naya kgopolo ya gore ga a kgone go laola bokgoni jwa gagwe jwa go itse se se tla diregang mo isagweng. Ka sekai: Fa o ne o na le lentswe la go opela le le monate go gaisa a batho botlhe, a o ne o tla patelesega go tlhola o nnetse go opela ka dinako tsotlhe? Seo ga se na tlhaloganyo! Jehofa le ene o na le bokgoni jwa go itse dilo di ise di diragale, le fa go ntse jalo, ga a bo dirise ka dinako tsotlhe. Fa Jehofa a ne a ka dira jalo, o ne a tla bo a re amoga tshwanelo ya rona ya go itlhophela, mpho e e botlhokwa e a ka se kang a e tsaya gape mo go rona.—Duteronome 30:19, 20.

22 Selo se se maswe le go feta ke gore, thuto eno ya taolelogale e dira gore motho a nne le kakanyo ya gore botlhale jwa ga Jehofa bo setlhogo, ga bo lorato, ga bo akanyetse kana go nna kutlwelobotlhoko. Mme ruri ga go a nna jalo! Baebele e ruta gore Jehofa o “botlhale.” (Jobe 9:4) Seno ga se bolele gore o na le pelo ya mmatota, mme gantsi Baebele e dirisa lefoko leno go tlhalosa maikutlo a gagwe a a boteng, a a akaretsang maikutlo a go tlhotlheletsega le go amega, a a jaaka lorato. Ka gone, botlhale jwa ga Jehofa, fela jaaka dinonofo tse dingwe tsa gagwe, bo laolwa ke lorato.—1 Johane 4:8.

23. Bogolo jwa botlhale jwa ga Jehofa bo tshwanetse go re tlhotlheletsa go dira eng?

23 Ga go pelaelo gore botlhale jwa ga Jehofa bo ikanyega ka botlalo. Bo gaisa botlhale jwa rona thata jaana mo e bileng Lefoko la Modimo le re kgothatsa jaana: “Ikanye Jehofa ka pelo yotlhe, mme o se ka wa ikanya tlhaloganyo ya gago. Mo tseye tsia mo ditseleng tsotlhe tsa gago, mme ene o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.” (Diane 3:5, 6) A jaanong re ithuteng mo go tseneletseng ka botlhale jwa ga Jehofa e le gore re ke re atamalane le Modimo wa rona yo o botlhale jo bogolo.