Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 19

“Botlhale Jwa Modimo Jo Bo . . . Mo Sephiring se se Boitshepo”

“Botlhale Jwa Modimo Jo Bo . . . Mo Sephiring se se Boitshepo”

1, 2. “Sephiri se se boitshepo” se re tshwanetseng go se kgatlhegela ke sefe, mme ka ntlha yang?

 DIPHIRI! Gantsi batho ga ba kgone go di boloka e le khupamarama ka go bo di ngoka kgatlhego e bile di akabatsa. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “Kgalalelo ya Modimo ke go boloka kgang e le sephiri.” (Diane 25:2) Ee, e re ka Jehofa e le Molaodimogolo le Mmopi, o na le tshwanelo ya go boloka dilo dingwe e le sephiri go fitlha nako e a e tlhomileng e fitlha a bo a di senolela batho.

2 Le fa go ntse jalo, go na le sephiri sengwe se se kgatlhang se Jehofa a se senotseng mo Lefokong la gagwe. Se bidiwa gore ke “sephiri se se boitshepo sa thato ya [Modimo].” (Baefeso 1:9) Go ithuta ka sone ga go ne go kgotsofatsa fela keletso ya gago ya go batla go itse. Go itse sephiri seno go ka dira gore o bolokwe e bile go ka go thusa go bona maoko a botlhale jwa ga Jehofa jo bo boitshegang.

Se Senotswe Kgato ka Kgato

3, 4. Boporofeti jo bo kwadilweng mo go Genesise 3:15 bo re neetse tsholofelo jang, mme bo ne bo akaretsa masaitsiweng afe kana “sephiri se se boitshepo”?

3 Fa Adame le Efa ba ne ba leofa, go ka nna ga bo go ile ga lebega e kete maikaelelo a ga Jehofa a go dira lefatshe paradaise e go nnang batho ba ba itekanetseng mo go yone a ne a kgoreletsegile. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a itebaganya le bothata ka yone nako eo. O ne a re: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago [noga] le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go tšhwetla tlhogo mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.”—Genesise 3:15.

4 Mafoko ano a ne a gakgamatsa e bile e le masaitseweng. Mosadi yono e ne e le mang? Noga e ne e le mang? “Losika” lo lo neng lo tla tšhwetla noga mo tlhogong e ne e le mang? Adame le Efa ba ne ba ka fopholetsa fela. Le fa go ntse jalo, mafoko a Modimo a ne a neela ngwana ope fela yo o ikanyegang wa banyalani bano ba ba neng ba sa ikanyege tsholofelo. Tshiamo e ne e tla fenya. Maikaelelo a ga Jehofa a ne a tla diragadiwa. Jang? Ija, seo e ne e le masaitsiweng! Baebele e a bitsa gore ke “Botlhale jwa Modimo jo bo fitlhegileng mo sephiring se se boitshepo.”—1 Bakorintha 2:7.

5. Tshwantsha lebaka la go bo Jehofa a ile a senola sephiri sa gagwe kgato ka kgato.

5 E re ka Jehofa e le “Mosenodi wa diphiri,” kgabagare o ne a tla senola dintlha tse di malebana le go diragadiwa ga sephiri seno. (Daniele 2:28) Mme gone o ne a tla dira jalo ka iketlo, kgato ka kgato. Ka sekai, re ka akanya ka tsela e rre yo o lorato a arabang ka yone fa morwawe yo monnye a mmotsa gore, “Papa, bana ba tswa kae?” Rre yo o botlhale o araba fela ka tshedimosetso e morwa yoo yo monnye a ka kgonang go e tlhaloganya. Fa morwa a ntse a gola, rre o tla oketsa tshedimosetso eo. Jehofa le ene o dira tshwetso ya gore ke leng batho ba gagwe ba siametseng go ka senolelwa thato le maikaelelo a gagwe.—Diane 4:18; Daniele 12:4.

6. (a) Boikaelelo jwa kgolagano kana tumalano ke eng? (b) Ke eng fa go gakgamatsa go bo Jehofa a ka dira dikgolagano le batho?

6 Jehofa o ne a ba senolela dilo tseno jang? O ne a dirisa motseletsele wa dikgolagano kana ditumalano go ba senolela bontsi jwa tsone. O ka tswa o kile wa dira tumalano ya mofuta mongwe—gongwe e le ya go reka ntlo kana ya go adima madi. Tumalano e e ntseng jalo e ne e tlhomamisa gore se go dumalanweng ka sone se tla diragadiwa. Mme gone go ka tla jang gore Jehofa a tlhoke go dira dikgolagano kana ditumalano le batho? Ga go pelaelo gore se a se buang se lekane go ka tlhomamisa gore o tla dira se a se solofeditseng. Seo se boammaaruri, le fa go ntse jalo, ka makgetlo a le mantsi Modimo ka bopelonomi o ile a tshegetsa lefoko la gagwe ka ditumalano tsa semolao. Ditumalano tseo tse a neng a itlama ka tsone di dira gore rona batho ba ba sa itekanelang re nne le mabaka a a nonofileng fela thata a go tshepa ditsholofetso tsa ga Jehofa.—Bahebera 6:16-18.

Kgolagano le Aborahame

7, 8. (a) Jehofa o ne a dira kgolagano efe le Aborahame, mme seno se ne sa senola tshedimosetso efe ka sephiri se se boitshepo? (b) Jehofa o ne a tlhopha jang kgato ka kgato batho ba losika lo lo solofeditsweng lo neng lo tla tlhaga mo go bone?

7 Dingwaga tse di fetang dikete tse pedi fa motho a sena go lelekwa mo Paradaiseng, Jehofa o ne a bolelela motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang e bong Aborahame jaana: “Ke tla dira gore losika lwa gago lo nne lontsi jaaka dinaledi tsa magodimo . . . Mme ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe di tla itshegofatsa ka losika lwa gago ka gonne o reeditse lentswe la me.” (Genesise 22:17, 18) Eno e ne e se tsholofetso fela; Jehofa o ne a e dira kgolagano ya semolao a bo a e tshegetsa ka maikano a gagwe a a sa fetogeng. (Genesise 17:1, 2; Bahebera 6:13-15) A bo go kgatlha jang ne go bo Morena Molaodimogolo a ile a dira kgolagano ya gore o tla segofatsa batho!

‘Ke tla ntsifatsa losika lwa gago jaaka dinaledi tsa magodimo’

8 Kgolagano ya ga Aborahame e ne ya senola gore losika lo lo solofeditsweng lo ne lo tla tlhaga e le motho ka gonne lo ne lo tlile go nna kokomana ya ga Aborahame. Mme gone e ne e tla nna mang? Fa nako e ntse e ya, Jehofa o ne a senola gore mo barweng ba ga Aborahame, Isake o ne a tla nna ene rremogolo wa losika lono. Mo barweng ba babedi ba ga Isake, go ne ga tlhophiwa Jakobe. (Genesise 21:12; 28:13, 14) Moragonyana, Jakobe o ne a bua mafoko ano a boporofeti mo go mongwe wa barwa ba gagwe ba ba 12: “Lore lwa segosi ga lo kitla lo tswa mo go Juda, le lore lwa molaodi ga lo kitla lo tswa mo gare ga dinao tsa gagwe go fitlha Shilo [kgotsa “Ene Yo le Mo Tshwanetseng,” ntlha e e kwa tlase] a tla, mme ditšhaba di tla mo ikobela.” (Genesise 49:10) Ka nako eo go ne ga itsege gore losika lo ne lo tla nna kgosi, e e tswang mo kokomaneng ya ga Juda!

Kgolagano le Iseraele

9, 10. (a) Ke kgolagano efe e Jehofa a neng a e dira le setšhaba sa Iseraele, mme kgolagano eno e ne e sireletsa ka ditsela dife? (b) Molao o ne wa bontsha jang gore batho ba tlhoka thekololo?

9 Ka 1513 B.C.E., Jehofa o ne a dira thulaganyo e e neng ya bula tsela ya gore go senolwe dilo go ya pele malebana le sephiri se se boitshepo. O ne a dira kgolagano le ditlogolwana tsa ga Aborahame e leng setšhaba sa Iseraele. Le fa gone jaanong kgolagano eo ya Molao wa ga Moshe e sa tlhole e dira, e ne e le karolo e e botlhokwa mo maikaelelong a ga Jehofa a go tlhagisa losika lo lo solofeditsweng. Jang? Akanya ka ditsela tseno tse tharo. Sa ntlha, Molao o ne o ntse jaaka lobota lo lo sireletsang. (Baefeso 2:14) Ditaelo tsa one tse di siameng di ne di ntse jaaka legora fa gare ga Bajuda le batho ba e seng Bajuda. Ka gone Molao o ne o thusa go sireletsa lotso lo losika lo lo solofeditsweng lo neng lo tla tlhaga mo go lone. Ka ntlha ya tshireletso eo, setšhaba seo se ne se sa ntse se le teng ka nako e Modimo a neng a e tlhomile ya gore Mesia a tsalelwe mo lotsong lwa Juda.

10 Sa bobedi, Molao o ne wa bontsha ka botlalo gore batho ba tlhoka thekololo. E re ka e ne e le Molao o o se nang selabe, o ne wa senola fa batho ba baleofi ba sa kgone go o kgomarela ka botlalo. Ka gone o ne wa ‘senola melato ya rona, go fitlha losika lo lo neng lo solofeditswe tsholofetso eno lo goroga.’ (Bagalatia 3:19) Ka ditlhabelo tsa diphologolo, Molao o ne o direla batho thulaganyo ya nakwana ya gore ba itshwarelwe maleo a bone. Mme gone, jaaka fa Paulo a ile a kwala gore “madi a dipoo le a dipodi a ka se tlose maleo,” ditlhabelo tseno e ne e le tshwantshetso fela ya setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete se se neng se tla tla. (Bahebera 10:1-4) Ka gone, mo Bajudeng ba ba ikanyegang, kgolagano eo e ne ya nna ‘motlhokomedi yo o ba isang kwa go Keresete.’—Bagalatia 3:24.

11. Kgolagano ya Molao e ne ya neela Baiseraele tsholofelo efe e e molemolemo, mme gone ke eng fa setšhaba ka kakaretso se ile sa latlhegelwa ke yone?

11 Sa boraro, kgolagano eo e ne e neela setšhaba sa Iseraele tsholofelo e e molemolemo. Jehofa o ne a ba itsise gore fa ba ne ba ka ikanyega mo kgolaganong eo, ba ne ba tla nna ‘bogosi jwa baperesiti le setšhaba se se boitshepo.’ (Ekesodo 19:5, 6) Baiseraele ba tlholego ba ne kgabagare ba tlhagisa maloko a ntlha a bogosi jwa kwa legodimong jwa baperesiti. Le fa go ntse jalo, setšhaba sa Iseraele ka kakaretso se ile sa tlhanogela kgolagano ya Molao, sa gana go amogela losika lwa Bomesia mme sa latlhegelwa ke tsholofelo eno. Ka gone, ke bomang ba ba neng ba tla tlatsa palo ya ba ba neng ba tla nna bogosi jwa baperesiti? Mme setšhaba seo se se segofaditsweng se ne se tla amana jang le losika lo lo solofeditsweng? Dikarolo tseno tsa sephiri se se boitshepo di ne di tla senolwa ka nako ya Modimo e e tshwanetseng.

Kgolagano ya Bogosi le Dafide

12. Jehofa o ne a dira kgolagano efe le Dafide, mme e ne ya senola tshedimosetso efe malebana le sephiri se se boitshepo sa Modimo?

12 Mo lekgolong la bo11 la dingwaga B.C.E., Jehofa o ne a senola tshedimosetso e nngwe gape malebana le sephiri seno se se boitshepo fa a ne a dira kgolagano e nngwe. O ne a solofetsa Kgosi Dafide jaana: “Ke tla tlhoma mongwe wa losika lwa gago, . . . mme ke tla tiisa bogosi jwa gagwe thata. . . . Ke tla tiisa setulo sa gagwe sa bogosi gore se nne ka bosakhutleng.” (2 Samuele 7:12, 13; Pesalema 89:3) Jaanong go ne go tlhophilwe ntlo ya ga Dafide go nna yone lotso lo losika lo lo solofeditsweng lo neng lo tla tlhaga mo go lone. Mme gone a go ne go ka kgonega gore puso ya motho fela e nne ka bosakhutleng? (Pesalema 89:20, 29, 34-36) Mme a kgosi eo ya motho e ne e ka kgona go namola batho mo boleong le mo losong?

13, 14. (a) Go ya ka Pesalema 110 ke eng se Jehofa a neng a se solofetsa ka Kgosi ya gagwe e e tloditsweng? (b) Jehofa o ne a dirisa baporofeti ba gagwe go senola tshedimosetso efe e e oketsegileng malebana le Losika lo lo tlang?

13 Dafide o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Jehofa o ne a raya Morena wa me a re: ‘Nna ka fa seatleng sa me sa moja go fitlha ke dira gore baba ba gago ba nne ka fa tlase ga dinao tsa gago.’ Jehofa o dirile maikano ano, mme ga a kitla a fetola mogopolo wa gagwe: ‘O moperesiti ka bosakhutleng yo o tshwanang le Melekisedeke!’” (Pesalema 110:1, 4) Mafoko a ga Dafide a dira ka tlhamalalo mo losikeng lo lo solofeditsweng kana Mesia. (Ditiro 2:35, 36) Kgosi eno e tla busa go tswa kwa legodimong e le kafa “seatleng sa moja” sa ga Jehofa, e seng go tswa kwa Jerusalema. Seo se tla mo neela maatla a go busa lefatshe lotlhe, e seng naga ya Iseraele fela. (Pesalema 2:6-8) Go ne ga senolwa selo se sengwe gape fano. Ela tlhoko gore Jehofa o ne a dira maikano a gore Mesia o tla nna “moperesiti . . . yo o tshwanang le Melekisedeke.” Jaaka Melekisedeke, yo e neng e le kgosi e bile e le moperesiti mo motlheng wa ga Aborahame, losika lo lo tlang lo ne lo tla tlhomiwa ka tlhamalalo ke Modimo go nna Kgosi le Moperesiti!—Genesise 14:17-20.

14 Go ralala dingwaga Jehofa o ne a dirisa baporofeti ba gagwe go senola tshedimosetso e e oketsegileng malebana le sephiri sa gagwe se se boitshepo. Ka sekai, Isaia o ne a senola gore losika lo ne lo tla swa loso lwa go intsha setlhabelo. (Isaia 53:3-12) Mika o ne a bolelela pele lefelo le Mesia a neng a tla tsalelwa kwa go lone. (Mika 5:2) Daniele o ile a ba a porofeta nako e tota losika lo neng lo tla tlhaga ka yone le e lo neng lo tla swa ka yone.—Daniele 9:24-27.

Sephiri se se Boitshepo se Senotswe!

15, 16. (a) Go ne ga tla jang gore Morwa wa ga Jehofa ‘a tsholwe ke mosadi’? (b) Jesu o ne a rua eng go tswa mo batsading ba gagwe ba mo lefatsheng, mme o ne a goroga leng e le losika lo lo solofeditsweng?

15 Tsela e dipolelelopele tseno di neng di tlile go diragadiwa ka yone e ne ya nna e le masaitsiweng go fitlha ka nako e losika lono lo neng lwa bonala ka yone. Bagalatia 4:4 ya re: “E rile nako e e tlhomilweng e goroga, Modimo o ne a romela Morwawe, yo o neng a tsholwa ke mosadi.” Ka ngwaga wa 2 B.C.E., moengele o ne a raya kgarebane ya Mojuda e e bidiwang Marea a re: “O tla ima o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mmitse Jesu. Ngwana yono o tla nna mogolo e bile o tla bidiwa Morwa Mogodimodimo, Jehofa Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga rraagwe e bong Dafide, . . . Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena, e bile maatla a Mogodimodimo a tla go okama. Ka lebaka leo, ngwana yo o tla tsholwang o tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.”—Luke 1:31, 32, 35.

16 Moragonyana Jehofa o ne a fetisetsa botshelo jwa Morwawe go tswa legodimong mo popelong ya ga Marea, mo e leng gore o ne a tsholwa ke mosadi. Marea e ne e le mosadi yo o sa itekanelang. Le fa go ntse jalo, Jesu ga a ka a rua bosaitekanelang jwa gagwe ka gonne e ne e le “Morwa Modimo.” Kafa letlhakoreng le lengwe, e re ka batsadi ba ga Jesu ba mo lefatsheng e ne e le ditlogolwana tsa ga Dafide, ba ne ba dira gore Jesu a nne le ditshwanelo tsa tsalo le tsa semolao tsa go nna moruaboswa wa ga Dafide. (Ditiro 13:22, 23) Fa Jesu a ne a kolobediwa ka 29 C.E., Jehofa o ne a mo tlotsa ka moya o o boitshepo mme a re: “Yono ke Morwaake yo o rategang.” (Mathaio 3:16, 17) Kgabagare, losika lo ne lo gorogile! (Bagalatia 3:16) E ne e le nako ya go senola tshedimosetso e e oketsegileng ka sephiri se se boitshepo.—2 Timotheo 1:10.

17. Go ile ga phatsimisiwa lesedi jang malebana le se se kaiwang ke Genesise 3:15?

17 Ka nako ya bodiredi jwa ga Jesu, o ne a supa fa noga e go builweng ka yone mo go Genesise 3:15 e le Satane le gore losika lwa noga ke balatedi ba ga Satane. (Mathaio 23:33; Johane 8:44) Moragonyana go ne ga senolwa gore bano botlhe ba tla nyelediwa ruri. (Tshenolo 20:1-3, 10, 15) Mme mosadi o ne a tlhalosiwa e le “Jerusalema yo o kwa godimo” kgotsa mosadi wa Modimo, e leng karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa, e e dirilweng ka baengele ba ba ikanyegang. aBagalatia 4:26; Tshenolo 12:1-6.

Kgolagano e Ntšha

18. Boikaelelo jwa “kgolagano e ntšha” ke eng?

18 Gongwe tsela e e di gaisang tsotlhe e go neng ga senolwa dilo ka yone e ne ya nna mo bosigong jwa pele ga loso lwa ga Jesu fa a ne a bolelela barutwa ba gagwe ba ba ikanyegang ka ga “kgolagano e ntšha.” (Luke 22:20) Kgolagano eno e ntšha e ne e tla tlhagisa ‘bogosi jwa baperesiti’ fela jaaka kgolagano e e tlileng pele ga yone ya Molao wa ga Moshe. (Ekesodo 19:6; 1 Petere 2:9) Le fa go ntse jalo, kgolagano eno e ne e tla tlhoma setšhaba se se dirilweng fela ka balatedi ba ga Keresete ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng, e seng ka Baiseraele ba tlholego. Setšhaba seno se bidiwa “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16) Batho bano ba ba neng ba le mo kgolaganong e ntšha ba ne ba tla thusa Jesu mo go segofatseng batho!

19. (a) Ke eng fa kgolagano e ntšha e kgona go tlhagisa ‘bogosi jwa baperesiti’? (b) Ke eng fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba bidiwa “popo e ntšha,” mme ke batho ba le kae ba ba tla dirang le Keresete kwa magodimong?

19 Mme ke eng fa kgolagano e ntšha e kgona go tlhagisa ‘bogosi jwa baperesiti’ jo bo tla segofatsang batho? Ka gonne go na le gore bo atlhole barutwa ba ga Jesu e le baleofi, bo dira gore ba kgone go itshwarelwa maleo a bone ka thuso ya setlhabelo sa gagwe. (Jeremia 31:31-34) Fa ba setse ba na le kamano e e molemo le Jehofa, o ba akaretsa mo lelapeng la gagwe la kwa legodimong a bo a ba tlotsa ka moya o o boitshepo. (Baroma 8:15-17; 2 Bakorintha 1:21) Ka jalo, ba ‘tsalwa sesha gore ba nne le tsholofelo e e nnelang ruri . . . e ba e beetsweng kwa magodimong.’ (1 Petere 1:3, 4) E re ka e le selo se sesha thata gore batho ba newe maemo ao a a kwa godimo jaana, Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya ba bidiwa “popo e ntšha.” (2 Bakorintha 5:17) Baebele e senola gore kgabagare ba ba 144 000 ba tla nna le seabe mo go buseng batho ba ba rekolotsweng, ba ba busa ba le kwa legodimong.—Tshenolo 5:9, 10; 14:1-4.

20. (a) Go ne ga senolwa eng ka 36 C.E., malebana le sephiri se se boitshepo? (b) Ke bomang ba ba tla itumelelang masego a a solofeditsweng Aborahame?

20 Batlodiwa bano le Jesu ba nna “losika lwa ga Aborahame.” b (Bagalatia 3:29) Ba ntlha ba ba neng ba tlhophiwa e ne e le Bajuda ba tlholego. Mme ka 36 C.E., go ne ga senolwa sengwe gape ka sephiri seno se se boitshepo: Batho ba e seng Bajuda le bone ba ne ba tla nna le tsholofelo eno ya kwa legodimong. (Baroma 9:6-8; 11:25, 26; Baefeso 3:5, 6) A Bakeresete ba ba tloditsweng e ne e tla nna bone fela ba ba itumelelang masego a a solofeditsweng Aborahame? Ga go a nna jalo ka gonne setlhabelo sa ga Jesu se solegela lefatshe lotlhe molemo. (1 Johane 2:2) Fa nako e ntse e ya Jehofa o ne a senola gore “boidiidi jo bogolo jwa batho” jo bo se nang palo, bo ne bo tla falola fa lefatshe la ga Satane le fedisiwa. (Tshenolo 7:9, 14) Matshutitshuti a mangwe a ne a tla tsosiwa mo baswing ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo Paradaiseng!—Luke 23:43; Johane 5:28, 29; Tshenolo 20:11-15; 21:3, 4.

Botlhale Jwa Modimo le Sephiri se se Boitshepo

21, 22. Sephiri sa ga Jehofa se se boitshepo se bontsha jang botlhale jwa gagwe?

21 Sephiri se se boitshepo ke tsela e e gakgamatsang e e bontshang “botlhale jo bogolo jwa Modimo.” (Baefeso 3:8-10) A bo Jehofa a bontshitse botlhale jo bogolo jang ne ka go tlhoma sephiri seno mme go tswa foo a bo a se senola jaana kgato ka kgato! Ka botlhale o ne a akanyetsa makoa a batho, a ba letla gore ba bontshe se tota se leng mo dipelong tsa bone.—Pesalema 103:14.

22 Gape Jehofa o ne a bontsha botlhale jo bo seng kana ka sepe ka go tlhopha Jesu go nna Kgosi. Morwa wa ga Jehofa o ikanyega go gaisa dibopiwa tsotlhe mo lobopong. Fa Jesu a ne a tshela e le motho wa nama le madi, o ne a lebana le mathata a mefutafuta. O tlhaloganya mathata a batho ka botlalo. (Bahebera 5:7-9) Mme go tweng ka batho ba ba tla busang le Jesu? Go ralala makgolokgolo a dingwaga, go ile ga tlodiwa banna le basadi go tswa mo ditsong tsotlhe, dipuo le maemo otlhe a botshelo. Tota ga go na bothata bope jo batho bano ba iseng ba ko ba kopane le jone le go bo fenya. (Baefeso 4:22-24) Go tla bo go le monate tota go tshela mo pusong ya dikgosi tseno tsa baperesiti tse di kutlwelobotlhoko!

23. Ke tshiamelo efe e Bakeresete ba nang le yone malebana le sephiri se se boitshepo sa ga Jehofa?

23 Moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana: “Sephiri se se boitshepo se se neng se fitlhilwe go tswa bogologolong le go tswa kwa dikokomaneng tse di fetileng . . . se senoletswe batlhanka ba gagwe ba ba boitshepo.” (Bakolosa 1:26) Ee, baitshepi ba ga Jehofa ba batlodiwa ba ne ba simolola go nna le kitso e ntsi ka sephiri se se boitshepo mme ba ile ba naya dimilione tsa batho kitso eo. A tshiamelo e e molemo ruri e rotlhe re nang le yone! Jehofa o ne a “re itsise sephiri se se boitshepo sa thato ya gagwe.” (Baefeso 1:9) A re itsiseng batho ba bangwe sephiri seno se se molemolemo, re ba thuse gore le bone ba lemoge botlhale jo bo seng kana ka sepe jwa ga Jehofa Modimo!

a “Sephiri se se boitshepo sa go ineela mo Modimong” se ne sa senolwa le ka Jesu. (1 Timotheo 3:16) E ne e sa bolo go nna sephiri, masaitsiweng, gore a go na le motho yo o neng a ka nna a ikanyegile ka botlalo mo go Jehofa. Jesu o ne a senola karabo. O ne a nna a ikanyegile mo ditekong tsotlhe tse Satane a neng a mo tlhasela ka tsone.—Mathaio 4:1-11; 27:26-50.

b Gape Jesu o ne a dira ‘kgolagano ya bogosi’ le sone setlhopha seno. (Luke 22:29, 30) Tota e bile, Jesu o ne a dira kgolagano le “letsomanyane” leno gore ba buse le ene kwa legodimong e le setlhopha sa bobedi sa losika lwa ga Aborahame.—Luke 12:32.