Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 20

“O Botlhale”—Mme Gone o Boikokobetso

“O Botlhale”—Mme Gone o Boikokobetso

1-3. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o boikokobetso?

 RRE o batla go ruta ngwana wa gagwe yo mmotlana thuto e e botlhokwa. O batla thata go mo ama pelo. A dirise mokgwa ofe? A ke a eme a sopaletse a tshosa ngwana ka mafoko a a bogale? A kgotsa a obe mangole gore a kgone go lebagana le ngwana mme a bue le ene ka bonolo, ka tsela e e ikuelang? Ruri rre yo o botlhale le yo o boikokobetso o tla tlhopha go bua le ngwana ka bonolo.

2 Jehofa ke Rre yo o ntseng jang—a o boikgogomoso kana o boikokobetso, o makgwakgwa kana o bonolo? Jehofa o na le kitso yotlhe e bile o na le botlhale jotlhe. Le fa go ntse jalo, a o etse tlhoko gore kitso le botlhale ga se ka metlha di dirang gore batho ba nne boikokobetso? Go ntse fela jaaka Baebele e re, “kitso e dira gore motho a ikgogomose.” (1 Bakorintha 3:19; 8:1) Mme Jehofa ene o “botlhale,” mme gape o boikokobetso. (Jobe 9:4) E seng gore o a nyatsega ka tsela nngwe, kana gore ga a na seriti, go na le moo, ga a na boikgogomoso bope. Ke eng fa a le jalo?

3 Jehofa o boitshepo. Ka gone, ga a na boikgogomoso, jo e leng nonofo e e itshekololang motho. (Mareko 7:20-22) Mo godimo ga moo, ela tlhoko mafoko ano a moporofeti Jeremia a neng a a bua le Jehofa: “Ruri o tla gakologelwa o bo o obega ka ntlha ya me.” a (Dikhutsafalo 3:20) Akanya fela! Jehofa, Morena Molaodimogolo wa lobopo, o ne a iketleeleditse go “obega,” kana go itlisa mo maemong a ga Jeremia e le gore a sekegele motho yoo yo o sa itekanelang tsebe. (Pesalema 113:7) Ee, Jehofa o boikokobetso. Mme gone, boikokobetso jwa bomodimo bo akaretsa eng? Bo amana jang le botlhale? Mme ke eng fa bo le botlhokwa mo go rona?

Tsela e Jehofa a Itshupang a le Boikokobetso ka Yone

4, 5. (a) Boikokobetso ke eng, bo bontshiwa jang, mme ke eng fa bo sa tshwanela go tsewa ka phoso e le go nna bokoa kana boboi? (b) Jehofa o ne a bontsha boikokobetso jang ka tsela e a neng a dirisana le Dafide ka yone, mme boikokobetso jwa ga Jehofa bo botlhokwa go le kana kang mo go rona?

4 Boikokobetso ke go nna boikobo mo mogopolong, o se na boikgodiso le boikgogomoso. E re ka boikokobetso e le boikutlo jo bo tswang pelong, bo bonala ka mekgwa e e jaaka go nna bonolo, pelotelele le go nna kakanyetso. (Bagalatia 5:22, 23) Le fa go ntse jalo, dinonofo tseno tse di molemo ga di a tshwanela go tsewa ka phoso e le go nna bokoa kana boboi. Ga di ganetsane le go galefa ga ga Jehofa ka tsela e e siameng kana go dirisa ga gagwe maatla a go nyeletsa. Go na le moo, Jehofa ka go nna boikokobetso le go nna bonolo o bontsha nonofo e kgolo e a nang le yone, maatla a go kgona go itaola sentle. (Isaia 42:14) Boikokobetso bo amana jang le botlhale? Buka nngwe e e tlhalosang Baebele e akgela jaana: “Totatota boikokobetso bo tlhalosiwa . . . e le go se nne pelotshetlha mme ke karolo ya konokono ya botlhale jotlhe.” Ka gone, motho a ka se nne le botlhale jwa boammaaruri fa a se boikokobetso. Boikokobetso jwa ga Jehofa bo re solegela molemo jang?

Rre yo o botlhale o boikokobetso e bile o bonolo mo baneng ba gagwe

5 Kgosi Dafide o ne a opelela Jehofa jaana: “O nnaya thebe ya gago ya poloko, seatla sa gago sa moja se a ntshegetsa, mme boikokobetso jwa gago bo dira gore ke nne mogolo.” (Pesalema 18:35) Tota re ka re Jehofa o ne a ikisa kwa tlase gore a dirisane le mothonyana yono yo o sa itekanelang, a mo sireletsa le go mo fepa letsatsi le letsatsi. Dafide o ne a lemoga gore fa e le gore o ne a tla bona poloko—tota le e leng go bona tlotlomalo ka selekanyo se se rileng jaaka kgosi moragonyana—e ne e tla bo e le fela ka gonne Jehofa ka Boene a ile a iketleeletsa go ikokobetsa ka tsela eo. Tota ke mang wa rona yo o neng a ka solofela go bona poloko fa Jehofa a ka bo a se boikokobetso, fa a ka bo a sa iketleeletsa go ikisa kwa tlase e le gore a dirisane le rona jaaka Rre yo o bonolo le yo o lorato?

6, 7. (a) Ke eng fa Baebele e se ke e re Jehofa o boingotlo? (b) Bori bo amana jang le botlhale, mme ke mang yo o re tlhomelang sekao se se molemo mo kgannyeng eno?

6 Re tshwanetse go ela tlhoko gore boikokobetso bo farologana le boingotlo. Boingotlo ke nonofo e e molemo e batho ba ba ikanyegang ba tshwanetseng go lwela go nna le yone. Fela jaaka boikokobetso, le jone bo amanngwa le botlhale. Ka sekai, Diane 11:2 ya re: “Motho yo o [boingotlo] o botlhale.” Le fa go ntse jalo, Baebele ga e ke e re Jehofa o boingotlo. Ka ntlha yang? Boingotlo go ya kafa Dikwalo di bo dirisang ka teng, bo kaya go itemoga gore go na le dilo tse o tlhaelang mo go tsone. Ga go na dilo tse Mothatayotlhe a tlhaelang go di dira kwantle ga fa a tlhopha go se dire dingwe ka ntlha ya melao ya gagwe e e siameng. (Mareko 10:27; Tito 1:2) Mo godimo ga moo, e re ka e le Mogodimodimo, ga a tlhoke go ikobela motho ope. Ka jalo tota kgang ya go nna boingotlo ga e dire mo go Jehofa.

7 Le fa go ntse jalo, Jehofa o boikokobetso e bile o bori. O ruta batlhanka ba gagwe gore go botlhokwa gore ba nne bori e le gore ba nne le botlhale jwa boammaaruri. Lefoko la gagwe le bua ka motho yo o dirang dilo ka “bonolo a tlhotlhelediwa ke botlhale.” b (Jakobe 3:13) Akanya ka sekao sa ga Jehofa mo kgannyeng eno.

Jehofa ka Boikokobetso o Aba Maikarabelo e Bile o a Reetsa

8-10. (a) Ke eng fa go gakgamatsa gore Jehofa o rata go aba maikarabelo e bile o a reetsa? (b) Mothatayotlhe o ile a dirisana jang ka boikokobetso le baengele ba gagwe?

8 Re kgona go bona boikokobetso jwa ga Jehofa ka tsela e e itumedisang mo tseleng e a ratang go aba maikarabelo le go reetsa ka yone. Tota kgang fela ya gore Jehofa o dira jalo e a gakgamatsa; ga a tlhoke go thusiwa kana go gakololwa. (Isaia 40:13, 14; Baroma 11:34, 35) Le fa go ntse jalo, gangwe le gape Baebele e re bontsha gore Jehofa o ikokobetsa ka ditsela tseno.

9 Ka sekai, akanya ka tiragalo e e tlhomologileng e e neng ya direga mo botshelong jwa ga Aborahame. Aborahame o ne a etelwa ke batho ba bararo, mme mongwe wa bone o ne a mmitsa gore ke “Jehofa.” Totatota baeti bano e ne e le baengele, mme mongwe wa bone o ne a tlile mo leineng la ga Jehofa e bile a dira ka leina la Gagwe. Fa moengele yoo a bua le go dira, totatota e ne e le Jehofa yo o neng a bua le go dira. Jehofa o ne a dirisa moengele yoo go itsise Aborahame gore O ne a utlwile “selelo se segolo ka ga Sodoma le Gomora.” Jehofa o ne a re: “Ke tla ya teng gore ke bone gore a ba dira go ya ka fa selelong se ke se utlwileng. Mme fa go sa nna jalo, ke tla kgona go itse.” (Genesise 18:3, 20, 21) Ke boammaaruri gore, molaetsa wa ga Jehofa o ne o sa bolele gore Mothatayotlhe o ne a tla “ya teng” ka boene. Go na le moo, gape o ne a romela baengele go nna baemedi ba gagwe. (Genesise 19:1) Ka ntlha yang? A Jehofa yo o kgonang go bona tsotlhe o ne a ka se “itse” maemo a lefelo leo ka boene? O ne a ka kgona. Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa seo, ka boikokobetso Jehofa o ne a abela baengele bao kabelo ya gore ba sekaseke maemo ao le gore ba etele Lote le lelapa la gagwe kwa Sodoma.

10 Mo godimo ga moo, Jehofa o a reetsa. O kile a kopa baengele ba gagwe gore ba akantshe ditsela tse di farologaneng tse di neng di ka dirisiwa go phutlhamisa Kgosi Ahabe yo o boikepo. Jehofa o ne a sa tlhoke thuso eo. Le fa go ntse jalo, o ne a amogela kakantsho ya moengele mongwe a bo a mo laela gore a e diragatse. (1 Dikgosi 22:19-22) A seo e ne e se go nna boikokobetso?

11, 12. Go ne ga tla jang gore Aborahame a bone boikokobetso jwa ga Jehofa?

11 Jehofa o iketleeletsa go reetsa le batho ba ba sa itekanelang tota, ba ba batlang go mo itsise dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone. Ka sekai, fa Jehofa a ne a itsise Aborahame la ntlha gore O ikaeletse go nyeletsa Sodoma le Gomora, monna yoo yo o ikanyegang o ne a gamarega. Aborahame o ne a re: “O ka se dire jalo,” a bo a oketsa a re, “A Moatlhodi wa lefatshe lotlhe a ka se dire se se siameng?” O ne a botsa Jehofa gore a o ne a tla tlogela go fedisa metse eno fa e le gore go ne go ka fitlhelwa basiami ba le 50 mo go yone. Jehofa o ne a mo tlhomamisetsa gore O ne a tla dira jalo. Mme Aborahame o ne a botsa jaana gape, a fokotsa palo eo go nna 45, go tswa foo 40, jalo le jalo. Le fa Jehofa a ne a tlhomamiseditse Aborahame jalo, o ne a nna a mo emelela go fitlha palo eo e fokodiwa thata e nna lesome. Gongwe Aborahame o ne a ise a tlhaloganye ka botlalo tsela e Jehofa a leng kutlwelobotlhoko ka yone. Mme gone, ka bopelotelele le ka boikokobetso Jehofa o ne a letla Aborahame yo e neng e le tsala e bile e le motlhanka wa gagwe go mmolelela dilo tse a tshwenyegileng ka tsone ka tsela eno.—Genesise 18:23-33.

12 Ke batho ba le kae ba ba botlhale le ba ba rutegileng ba ba ka reetsang motho fela yo o seng botlhale ka bopelotelele jalo? c Modimo wa rona o boikokobetso jalo. Mo go one motlotlo oo, Aborahame o ne a lemoga le gore Jehofa ‘ga a galefe ka bonako.’ (Ekesodo 34:6) Gongwe ka go bo Aborahame a ne a lemoga gore o ne a se na tshwanelo ya go belaela dilo tse Mogodimodimo a di dirang, o ne a mo kopa jaana ka makgetlo a mabedi: “Tsweetswee Jehofa, o se ka wa nkgalefela.” (Genesise 18:30, 32) Ke boammaaruri gore, Jehofa ga a ka a mo galefela. Ruri o dira dilo ka “bonolo a tlhotlhelediwa ke botlhale.”

Jehofa o Tekatekano

13. Lefoko “tekatekano” go ya kafa le dirisitsweng ka teng mo Baebeleng le kaya eng, mme ke eng fa lefoko leno le tlhalosa Jehofa sentle?

13 Boikokobetso jwa ga Jehofa bo bonala mo nonofong e nngwe gape e e molemo—tekatekano. Ka maswabi nonofo eno e a tlhaela mo bathong ba ba sa itekanelang. Ga se fela gore Jehofa o iketleeleditse go reetsa dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale mme gape o iketleeleditse go ineela fa seo se sa thulane le melaometheo ya gagwe e e siameng. Go ya kafa lefoko “tekatekano” le dirisiwang ka teng mo Baebeleng, totatota le kaya “go ineela.” Nonofo eno le yone ke selo se segolo se se supang botlhale jwa bomodimo. Jakobe 3:17 ya re: “Motho yo o nang le botlhale jo bo tswang kwa godimo . . . ga a gatelele gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe [kgotsa o tekatekano].” Jehofa yo o nang le botlhale jo bogolo o tekatekano ka tsela efe? Ebu, o lepalepana le maemo. Se lebale, leina la ga Jehofa ka bolone le re ruta gore o nna se a batlang go nna sone e le gore a diragatse maikaelelo a gagwe. (Ekesodo 3:14) A seo ga se bontshe moya wa go fetofetoga le maemo le go nna tekatekano?

14, 15. Ponatshegelo ya ga Esekiele e e buang ka kara ya ga Jehofa ya kwa legodimong e re ruta eng ka karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa, mme e farologana jang le mekgatlho ya lefatshe?

14 Go na le mafoko a a gakgamatsang mo Baebeleng a a re thusang go tlhaloganya go se kae kafa Jehofa a fetofetogang le maemo ka teng. Moporofeti Esekiele o ne a bontshiwa ponatshegelo ya karolo e e kwa legodimong ya phuthego ya ga Jehofa, e e bopilweng ka baengele. O ne a bona kara e kgolo ka tsela e e gakgamatsang, “kara” ya ga Jehofa ka boene e e nnang e le mo taolong ya Gagwe ka metlha. Selo se se kgatlhang thata ke tsela e e neng e tsamaya ka yone. Maotwana a yone a magolo a ne a na le matlhakore a manê mme a tletse matlho e le gore a kgone go bona gongwe le gongwe mme a ne a kgona go tsaya tsela e sele ka ponyo ya leitlho, kwantle ga go ema kana go retologa. Mme kara eno e e boitshegang e ne e sa tsamaye ka bonya jaaka kara e e dirilweng ke motho. E ne e kgona go tsamaya ka lobelo lwa legadima, e bile e kgona go retologa ka ponyo ya leitlho! (Esekiele 1:1, 14-28) Ee, phuthego ya ga Jehofa, fela jaaka Molaodimogolo yo o maatla otlhe yo o e laolang, e kgona go fetofetoga le maemo ka tsela e e gakgamatsang, e kgona go tsibogela maemo a a ntseng a fetoga le dilo tse e tshwanelwang ke go lebana le tsone.

15 Se batho ba ka se dirang fela ke go leka go etsa tsela eo e e molemo ya go fetofetoga le maemo. Le fa go ntse jalo, gantsi batho le mekgatlho ya bone ba gagamatsa letsogo thata go na le go fetofetoga le maemo, mme mo boemong jwa go ineela ga ba na tekatekano. Ka sekai: Sekepe sa dithoto kana terena ya dithoto di ka boitshega ka bogolo le ka maatla. Mme gone a nngwe ya tsone e ka kgona go tsibogela maemo a a tlhagang ka tshoganyetso? Fa sengwe se ka wela mo seporong fa pele ga terena ya dithoto, e ka se ka ya kgona go retologela go sele. Ga go motlhofo gore e eme ka tshoganyetso. Go ka tsaya terena e e boima ya dithoto sekgala sa mo e batlileng e le kilometara gore e eme fa e sena go gatwa mariki! Sekepe se segolo sa dithoto le sone se ka elela kwa pele ka sekgala sa dikilometara tse robedi morago ga gore se tingwe dienjene. Tota le fa dienjene tsa sone di fetolwa gore se tsamaye ka sa morago se tla nna se ya kwa pele ka sekgala sa dikilometara di ka nna tharo! Go ntse fela jalo le ka mekgatlho ya batho e e ratang go gagamatsa dilo le go se nne tekatekano. Ka ntlha ya boikgogomoso, gantsi batho ba gana go fetofetoga le maemo fa go tlhokega gore ba dire jalo. Go gagamatsa dilo jalo go dirile gore makgotla mangwe a kgwebo le dipuso dingwe di phutlhame. (Diane 16:18) A bo re itumela jang ruri go bo Jehofa le phuthego ya gagwe ba sa nna jalo le e seng!

Tsela e Jehofa a Bontshang go Nna Tekatekano ka Yone

16. Jehofa o ne a bontsha go nna tekatekano jang fa a ne a dirisana le Lote pele ga go senngwa ga Sodoma le Gomora?

16 Akanya gape ka go senngwa ga Sodoma le Gomora. Moengele wa ga Jehofa o ne a neela Lote le lelapa la gagwe ditaelo tseno tse di tlhamaletseng: “Tshabela kwa kgaolong e e dithaba.” Le fa go ntse jalo, Lote o ne a se ka a rata seo. O ne a lopa jaana: “Tsweetswee Jehofa, e seng koo!” E re ka Lote a ne a dumela gore o tla swa fa a ka tshwanelwa ke go tshabela kwa dithabeng, o ne a kopa gore ene le lelapa la gagwe ba letlwe go tshabela kwa motseng o o fa gaufi, o o bidiwang Soare. Se lebale gore Jehofa o ne a ikaeletse go nyeletsa motse oo. Mo godimo ga moo, Lote tota o ne a se na lebaka la go boifa. Ruri Jehofa o ne a ka boloka Lote a tshela kwa dithabeng tseo! Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ineela go dira go ya kafa Lote a neng a kopile ka teng. Moengele o ne a bolelela Lote jaana: “Go siame, ke tla go akanyetsa ka go sa senye motse o o buileng ka one.” (Genesise 19:17-22) A seno ga se bontshe gore Jehofa o ne a nna tekatekano?

17, 18. Jehofa o ne a bontsha jang gore o tekatekano fa a ne a dirisana le Baninife?

17 Gape Jehofa o reetsa motho fa a kopa go itshwarelwa ka pelo yotlhe, ka metlha o dira dilo ka kutlwelobotlhoko le ka tsela e e siameng. Akanya ka se se neng sa direga fa moporofeti Jona a ne a romelwa kwa bathong ba ba boikepo le ba ba ratang dikgoka ba motse wa Ninife. Fa Jona a ne a tsamaya mo mebileng ya Ninife, molaetsa o o tlhotlheleditsweng o a neng a o bolela o ne o le motlhofo: Motse oo o o maatla o ne o tlile go senngwa mo malatsing a le 40. Le fa go ntse jalo, maemo a ne a fetoga thata. Baninife ba ne ba ikwatlhaya!—Jona, kgaolo 3.

18 Re ka ithuta sengwe go tswa mo tseleng e Jehofa a neng a tsibogela tsela e Jona a neng a tsibogela diphetogo tseno ka yone. Mo kgannyeng eno, Jehofa o ne a fetofetoga le maemo, a dira gore a nne Moitshwaredi wa maleo mo boemong jwa go nna “motlhabani yo o maatla.” d (Ekesodo 15:3) Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jona o ne a se ka a fetofetoga le maemo, o ne a se ka a nna kutlwelobotlhoko ka gope. Go na le go nna tekatekano jaaka Jehofa, o ne a itshwara fela jaaka terena e kgolo ya dithoto kana sekepe se segolo sa dithoto tse di umakilweng pelenyana. O ne a ntse a bolela molaetsa wa masetlapelo, ka jalo o ne a batla gore masetlapelo ao a tle! Le fa go ntse jalo, ka bopelotelele Jehofa o ne a ruta moporofeti yono wa gagwe yo o seng pelotelele thuto e e sa lebalegeng ya go nna tekatekano le kutlwelobotlhoko.—Jona, kgaolo 4.

Jehofa o tekatekano e bile o tlhaloganya dilo tse re tlhaelang mo go tsone

19. (a) Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o tekatekano mo go se a se lebeletseng mo go rona? (b) Diane 19:17 e bontsha jang gore Jehofa ke Mong yo o ‘molemo le yo o tekatekano’ le gore o na le boikokobetso jo bo sa lekaneng le bope?

19 Gape Jehofa o tekatekano mo go se a se lebeletseng mo go rona. Kgosi Dafide o ne a re: “O itse sentle gore re bopegile jang, o gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:14) Jehofa o tlhaloganya ditlhaelo tsa rona le bosaitekanelang jwa rona botoka go re feta. Ga a ke a lebelela gore re dire dilo tse re ka se kang ra di kgona. Baebele e supa pharologano gareng ga beng ba batho ba ba “molemo le ba ba bonolo [kgotsa ba ba tekatekano]” le beng ba “ba go seng motlhofo go ba itumedisa.” (1 Petere 2:18) Jehofa ene ke Mong yo o ntseng jang? Ela tlhoko gore Diane 19:17 ya re: “Motho yo o utlwelang batho ba maemo a a kwa tlase botlhoko o adima Jehofa.” Ga go pelaelo gore, ke mong yo o molemo fela le yo o tekatekano yo o ka tsayang tsia bopelonomi bope fela jo bo direlwang batho ba maemo a a kwa tlase. Mo godimo ga moo, temana eno e bontsha fa tota Mmopi wa lobopo lotlhe a itsaya a kolota batho ba e seng ba sepe ba ba dirang ditiro tse di ntseng jalo tsa kutlwelobotlhoko! Ruri seno ke boikokobetso jo bo sa lekaneng le bope.

20. Ke eng se se re tlhomamisetsang gore Jehofa o utlwa dithapelo tsa rona le gore o a di tsibogela?

20 Le gompieno Jehofa o sa ntse a le bonolo le tekatekano jalo fa a dirisana le batlhanka ba gagwe. Fa re rapela ka tumelo, o a reetsa. Mme le fa a sa romele baengele go bua le rona, ga re a tshwanela go akanya gore ga a arabe dithapelo tsa rona. Gopola gore fa moaposetoloi Paulo a ne a kopa badumedi ka ene gore ba ‘nne ba rapelela’ gore a gololwe mo kgolegelong, o ne a oketsa jaana: “Gore ke tle ke boele kwa go lona ka bonako.” (Bahebera 13:18, 19) Ka gone, dithapelo tsa rona di ka tlhotlheletsa Jehofa go dira sengwe se a neng a se kitla a se dira!—Jakobe 5:16.

21. Ke eng se re sa tshwanelang go se akanya malebana le go nna boikokobetso ga ga Jehofa, go na le moo, ke eng se re tshwanetseng go se anaanela ka ene?

21 Ke boammaaruri gore, ga go sepe sa dilo tseno tse Jehofa a bontshang boikokobetso ka tsone—go nna bonolo, go iketleeletsa go reetsa, go nna pelotelele, go nna tekatekano—se se kayang gore Jehofa o itlhokomolosa melaometheo ya gagwe e e siameng. Baeteledipele ba bodumedi ba ka tswa ba akanya gore ba a bo ba le tekatekano fa ba tsikitla ditsebe tsa matsomane a bone ka go nyenyefatsa ditekanyetso tsa ga Jehofa tsa boitsholo. (2 Timotheo 4:3) Mme tshekamelo e batho ba nang le yone ya go letlelela dilo fela ka ntlha ya go letlelela dilo dingwe fela ka gonne di siametse maemo mangwe ga e amane ka gope le go nna tekatekano ga Modimo. Jehofa o boitshepo; ga a ka ke a ba a leswafatsa ditekanyetso tsa gagwe tse di siameng. (Lefitiko 11:44) Ka gone, a re rateng go nna tekatekano ga ga Jehofa ka gonne ruri go supa gore o boikokobetso. A ga o itumedisiwe thata ke go itse gore Jehofa Modimo, yo o botlhale go gaisa botlhe mo lobopong, gape o boikokobetso ka tsela e e sa tshwaneng le epe? Ruri go a itumedisa go atamalana le Modimo yo mogolo jalo, mme gone a le bonolo, a le pelotelele e bile a le tekatekano!

a Bakwadi ba bogologolo kana Basoferime, ba ne ba fetola temana eno gore e bolele gore Jeremia, e seng Jehofa, ke ene yo o neng a ikoba. Go bonala ba ne ba akanya gore ga go a tshwanela gore go twe Modimo o dirile sengwe se se ntseng jalo a ikisa kwa tlase. Seo se dirile gore dithanolo di le dintsi di se ka tsa ranola temana eno e e molemo ka tsela e e tshwanetseng. Le fa go ntse jalo, The New English Bible e baya mafoko ano a ga Jeremia jaana: “Gopola, ee, gopola mme o inamele kwa go nna.”

b Dikgatiso tse dingwe tsa re “boikokobetso jo bo tswang mo go nneng botlhale” le “bonolo jo e leng sesupo sa botlhale.”

c Go a kgatlha gore Baebele e farologanya bopelotelele le go nna mabela. (Moreri 7:8) Bopelotelele jwa ga Jehofa bo re naya bosupi jo bongwe gape jo bo bontshang gore o boikokobetso.—2 Petere 3:9.

d Mo go Pesalema 86:5, Jehofa o tlhalosiwa a le ‘molemo e bile a ikemiseditse go itshwarela.’ Fa pesalema eo e ne e ranolelwa mo Segerikeng, mafoko a a reng “o ikemiseditse go itshwarela” a ne a ranolwa e le e·pi·ei·kesʹ, kana “tekatekano.”