Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 22

A o Dirisa “Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo” mo Botshelong Jwa Gago

A o Dirisa “Botlhale jo bo Tswang Kwa Godimo” mo Botshelong Jwa Gago

1-3. (a) Solomone o ne a bontsha jang gore o na le botlhale jo bo sa tlwaelegang ka tsela e a neng a rarabolola kgang ya gore mmaagwe ngwana ke mang? (b) Ke eng se Jehofa a re solofetsang go re abela sone, mme go tsoga dipotso dife?

 E NE e le kgetsi e e boima—basadi ba babedi ba ngangisana ka lesea. Basadi bano ba ne ba nna mmogo mo ntlong e le nngwe, mme mongwe le mongwe wa bone o ne a tshola morwa, ba fetana ka malatsi fela. Lengwe la masea ano le ne la swa, mme jaanong mongwe le mongwe wa basadi bano ba babedi o ne a bolela gore ngwana yo o tshelang ke wa gagwe. a Go ne go se motho ope o sele yo o boneng se se diragetseng. Go ka direga gore kgetsi eo e ile ya feta pele ka kgotlatshekelo e potlana mme ya se ka ya rarabologa. Kwa bofelong kgang eo e ne ya isiwa kwa go Solomone, kgosi ya Iseraele. A o ne a tla kgona go senola se e leng boammaaruri?

2 Fa Solomone a sena go fetsa nakonyana a reeditse basadi bano ba ngangisana, o ne a laela gore go tlisiwe tšhaka. Go tswa foo, a lebega a tiisitse, o ne a laela gore ngwana a kgaoganngwe dikarolo tse pedi gore mosadi mongwe le mongwe a newe karolo e le nngwe. Ka yone nako eo yo e leng mmangwana tota o ne a kopa kgosi gore e abele mosadi yono yo mongwe lesea—ngwana wa gagwe yo a mo ratang thata. Mme mosadi yono yo mongwe o ne a nna a gatelela gore ngwana a kgaoganngwe dikarolo tse pedi. Jaanong Solomone o ne a itse boammaaruri. O ne a itse lorato lo mmê a ratang ngwana yo a mo tsetseng ka lone, mme o ne a dirisa kitso eo go atlhola kgang. Akanya fela kafa mmangwana a neng a itumela ka teng fa Solomone a mo neela lesea mme a re: “Ke ene mmaagwe.”—1 Dikgosi 3:16-27.

3 A seo ga se botlhale jo bo sa tlwaelegang? Fa batho ba sena go utlwa kafa Solomone a neng a rarabolotse kgang eno ka teng, ba ne ba gakgamala tota, “ba ne ba lemoga gore botlhale jwa Modimo bo ne bo le mo go ene.” Ee, Solomone o ne a neilwe botlhale joo ke Modimo. Jehofa o ne a mo abetse “pelo e e botlhale le e e tlhaloganyang.” (1 Dikgosi 3:12, 28) Mme go tweng ka rona? A le rona Jehofa a ka re abela botlhale jo bo ntseng jalo? Ee, ka gonne Solomone o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “Jehofa o naya botlhale.” (Diane 2:6) Jehofa o solofetsa go aba botlhale—bokgoni jwa go dirisa kitso, tlhaloganyo le temogo ka tsela e e siameng—a bo abela batho ba ba bo senkang ka tlhoafalo. Re ka nna jang le botlhale jo bo tswang kwa godimo? Mme re ka bo dirisa jang mo botshelong jwa rona?

Re ka “Senka Botlhale” Jang?

4-7. Ke dilo dife tse nnê tse di batlegang gore re kgone go bapala botlhale?

4 A re tshwanetse ra bo re na le botlhale jo bogolo kana re rutegile thata gore re nne le botlhale jo bo tswang kwa Modimong? Nnyaa. Jehofa o iketleeleditse go re abela botlhale le fa maemo a rona le thutego ya rona e ka tswa e le efe. (1 Bakorintha 1:26-29) Le fa go ntse jalo re tshwanetse go tsaya kgato pele, ka gonne Baebele e re kgothaletsa go “senka botlhale.” (Diane 4:7) Re ka dira seo jang?

5 Sa ntlha, re tshwanetse ra boifa Modimo. Diane 9:10 ya re: “Go boifa Jehofa ke tshimologo ya botlhale [“kgato ya pele ya go nna le botlhale,” The New English Bible].” Go boifa Modimo ke motheo wa botlhale jwa boammaaruri. Ka ntlha yang? Se lebale gore botlhale bo akaretsa go kgona go dirisa kitso ka katlego. Go boifa Modimo ga go bolele go mmoifa lebaibai, go na le moo, go bolela go mo ikobela ka tlotlo le go mo ikanya. Poifo e e ntseng jalo ke e e molemo le e e tlhotlheletsang thata. E re tlhotlheletsa go dumalanya botshelo jwa rona le kitso e re nang le yone ka thato ya Modimo le ditsela tsa gagwe. Ga go na tsela epe e re ka e latelang e e botlhale go feta eno, ka gonne ka metlha ditekanyetso tsa ga Jehofa di solegela batho ba ba di ikobelang molemo thata.

6 Sa bobedi, re tshwanetse go nna boikokobetso le boingotlo. Motho a ka se nne le botlhale jo bo tswang kwa Modimong fa a se boikokobetso le boingotlo. (Diane 11:2) Ka ntlha yang? Fa re le boikokobetso le boingotlo, re tla nna bonako go dumela gore ga re itse dilo tsotlhe, gore ga se ka metlha re nepang dilo, le gore re tlhoka go itse mogopolo wa ga Jehofa. Jehofa “ga a itumelele batho ba ba mabela” mme gone o itumelela go abela batho ba ba boikokobetso botlhale.—Jakobe 4:6.

7 Selo sa boraro se se botlhokwa ke go ithuta Lefoko le le kwadilweng la Modimo. Botlhale jwa ga Jehofa bo senotswe mo Lefokong la gagwe. Gore re nne le botlhale joo, re tshwanetse go leka ka natla go bo senka. (Diane 2:1-5) Selo sa bonê se se tlhokegang ke thapelo. Fa re kopa Modimo botlhale ka tlhoafalo, o tla re bo naya ka bontsi. (Jakobe 1:5) Fa re rapelela gore moya wa gagwe o re thuse, dithapelo tsa rona di tla arabiwa. Mme moya wa gagwe o tla re thusa go bona matlotlo mo Lefokong la gagwe a a tla re thusang go rarabolola mathata, go tila dikotsi le go dira ditshwetso tse di siameng.—Luke 11:13.

Gore re nne le botlhale jo bo tswang kwa Modimong, re tshwanetse go tsaya matsapa a go bo senka

8. Fa ruri re na le botlhale jo bo tswang kwa Modimong, bo tla lemotshega jang?

8 Jaaka fa re bone mo go Kgaolo 17, botlhale jwa ga Jehofa bo a thusa. Ka gone, fa ruri re na le botlhale jo bo tswang kwa Modimong, bo tla bonala mo tseleng e re itshwarang ka yone. Morutwa Jakobe o ne a tlhalosa maungo a botlhale jo bo tswang kwa Modimong fa a ne a kwala jaana: “Motho yo o nang le botlhale jo bo tswang kwa godimo sa ntlha o itshekile, go tswa foo o na le kagiso, ga a gatelele gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe, o ikemiseditse go ikoba, o kutlwelobotlhoko thata e bile o na le maungo a a molemo, ga a tlhaole batho, ga a itire se a seng sone.” (Jakobe 3:17) Fa re ntse re tlotla ka nngwe le nngwe ya dikarolo tseno tsa botlhale jono, re ka nna ra ipotsa, ‘A ke dirisa botlhale jo bo tswang kwa godimo mo botshelong jwa me?’

‘Bo Itshekile, go Tswa Foo Bo na Le Kagiso’

9. Go nna boitsheko go kaya eng, mme ke eng fa go tshwanela go bo boitsheko e le nonofo ya ntlha ya botlhale e e umakiwang?

9 ‘Sa ntlha bo itshekile.’ Go itsheka go kaya go nna phepa le go sa leswafala ka fa ntle le ka fa teng. Baebele e amanya botlhale le pelo, mme botlhale jo bo tswang kwa legodimong bo ka se tsene mo pelong e e leswafaditsweng ke dikakanyo, dikeletso le maikaelelo a a bosula. (Diane 2:10; Mathaio 15:19, 20) Le fa go ntse jalo, fa dipelo tsa rona di itshekile—ke gore, go ya kafa rona batho ba ba sa itekanelang re ka kgonang ka teng—re tla ‘tlogela bosula re bo re dira se se molemo.’ (Pesalema 37:27; Diane 3:7) A ga go tshwanele go bo boitsheko e le yone nonofo ya ntlha ya botlhale e e umakiwang? Mme gone, fa re se phepa mo boitsholong e bile re se phepa mo matlhong ga Jehofa, tota re ka kgona jang go bontsha dinonofo tse dingwe tsa botlhale jo bo tswang kwa godimo?

10, 11. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore re nne kagiso? (b) Fa o lemoga e kete o kgopisitse moobamedikawena, o ka bontsha jang gore o motho yo o dirang kagiso? (Bona le ntlhanyana e e kwa tlase.)

10 ‘Go tswa foo bo na le kagiso.’ Botlhale jo bo tswang kwa legodimong bo re tlhotlheletsa go latelela kagiso, e e leng leungo la moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22) Re leka ka bojotlhe go tila go senya “kagiso” e e kopanyang batho ba ga Jehofa. (Baefeso 4:3) Gape re leka ka bojotlhe go dira kagiso fa e senyegile. Ke eng fa seno se le botlhokwa? Baebele ya re: “Tswelelang . . . lo tshela ka kagiso; mme Modimo wa lorato le wa kagiso o tla nna le lona.” (2 Bakorintha 13:11) Ka gone, fa fela re ntse re tshela ka kagiso, Modimo wa kagiso o tla nna le rona. Tsela e re tshwarang badumedikarona ka yone e amana thata le kamano ya rona le Jehofa. Re ka itshupa jang re le batho ba ba dirang kagiso? Akanya ka sekai seno.

11 O tshwanetse wa dira eng fa o bona e kete o kgopisitse moobamedikawena? Jesu o ile a re: “Fa o isa mpho ya gago kwa sebesong mme o bo o gakologelwa o le koo gore o kgopisitse morwarrago, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso mme o tsamaye. Agisana le morwarrago pele, go tswa foo o bo o boa o ya go isa mpho ya gago.” (Mathaio 5:23, 24) O ka dirisa kgakololo eo ka go tsaya kgato pele go ya kwa mokaulengweng wa gago. Ka boikaelelo bofe? Jwa go “agisana” le ene. b Gore o kgone go dira jalo, o ka nna wa tshwanelwa ke go dumela gore o mo utlwisitse botlhoko e seng go itatola. Fa o ya kwa go ene ka boikaelelo jwa go dira kagiso le go boloka boikutlo joo, go ka direga gore lo rarabolole kgotlhang epe fela e e tlhagileng, o ikope maitshwarelo ka tshwanelo mme lo itshwarelane. Fa o tsaya matsapa a go dira kagiso, o bontsha gore o kaelwa ke botlhale jo bo tswang kwa Modimong.

‘Ga bo Gatelele Gore Dilo di Dirwe ka Tsela ya Jone, bo Ikemiseditse go Ikoba’

12, 13. (a) Lefoko le le ranotsweng e le “tekatekano” mo go Jakobe 3:17 le kaya eng? (b) Re ka bontsha jang gore re tekatekano?

12 ‘Ga bo gatelele gore dilo di dirwe ka tsela ya jone [kgotsa Bo tekatekano].’ Go nna tekatekano go kaya eng? Go ya ka bakanoki, lefoko la ntlhantlha la Segerika le le ranotsweng e le “tekatekano” mo go Jakobe 3:17 ga go motlhofo go le ranola. Lefoko leno le naya kgopolo ya go fetofetoga le maemo. Baranodi ba dirisitse mafoko a a jaaka “bonolo,” “boitshoko” le “go akanyetsa.” Re ka bontsha jang gore re dirisa karolo eno ya botlhale jo bo tswang kwa godimo mo botshelong jwa rona?

13 Bafilipi 4:5 ya re: “A batho botlhe ba bone gore ga lo tlhogoethata (kgotsa gore lo tekatekano).” Thanolo e nngwe e balega jaana: “Nna motho yo o itsegeng ka go nna tekatekano.” (The New Testament in Modern English, ka J. B. Phillips) Ela tlhoko gore ga se kgang ya gore rona re ipona jang; ke kgang ya gore batho ba bangwe ba re bona jang, re itsege re le batho ba ba ntseng jang. Motho yo o tekatekano ga a gagamalele gore dilo di dirwe go ya ka molao ka dinako tsotlhe kana gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe. Go na le moo, o iketleeleditse go reetsa batho ba bangwe, mme fa go tshwanela, o ineela go dira dilo kafa ba batlang ka teng. Gape o bonolo, ga a makgwakgwa mo tseleng e a dirisanang le batho ba bangwe ka yone. Le fa gone seno se le botlhokwa thata mo Bakereseteng botlhe, se botlhokwa segolobogolo mo go ba e leng bagolwane. Go nna bonolo go a gogela, go dira gore bagolwane ba atamelesege. (1 Bathesalonika 2:7, 8) Go molemo gore rotlhe re ipotse jaana, ‘A ke itsege ke le motho yo o akanyetsang, yo o fetofetogang le maemo le yo o bonolo?’

14. Re ka bontsha jang gore re “ikemiseditse go ikoba”?

14 ‘Bo ikemiseditse go ikoba.’ Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “ikemiseditse go ikoba,” ga le fitlhelwe gope gape mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Go ya ka mokanoki mongwe, lefoko leno “gantsi le dirisiwa mo bosoleng.” Le naya kgopolo ya “go nna motlhofo go tlhotlheletsega” le “go ikoba.” Motho yo o kaelwang ke botlhale jo bo tswang kwa godimo o ikemiseditse go ikobela se Dikwalo di se bolelang. Ga se motho yo o itsegeng ka go dira tshwetso mme go tswa foo a bo a gana go tlhotlhelediwa ke dintlha dipe tse dingwe tse di leng kgatlhanong le ene. Go na le moo, o bonako go fetoga fa a neelwa bosupi jo bo tlhamaletseng jwa Dikwalo jwa gore o tsere kgato e e phoso kana gore o dirile ditshwetso tse di sa siamang. A batho ba bangwe ba go itse o le motho yo o ntseng jalo?

‘Bo Kutlwelobotlhoko Thata e Bile Bo na Le Maungo a a Molemo’

15. Kutlwelobotlhoko ke eng, mme ke eng fa go tshwanela go bo “kutlwelobotlhoko” le “maungo a a molemo” di umakiwa mmogo mo go Jakobe 3:17?

15 ‘Bo kutlwelobotlhoko thata e bile bo na le maungo a a molemo.’ c Kutlwelobotlhoko ke karolo e e botlhokwa ya botlhale jo bo tswang kwa godimo ka gonne botlhale joo bo tlhalosiwa bo le “kutlwelobotlhoko thata.” Ela tlhoko gore “kutlwelobotlhoko” le “maungo a a molemo” di umakiwa mmogo. Seno se a tshwanela ka gonne mo Baebeleng, gantsi kutlwelobotlhoko e kaya go amega thata ka batho ba bangwe, go tlhomoga pelo go go tlhagisang ditiro tse dintsi tsa bopelonomi. Buka nngwe e tlhalosa kutlwelobotlhoko e le “boikutlo jwa go hutsafalela maemo a a sa itumediseng a motho yo mongwe a leng mo go one mme o leka go dira sengwe ka one.” Ka gone, botlhale jo bo tswang kwa Modimong ga se botlhale fela jo bo se nang maikutlo jo bo sa akanyetseng. Go na le moo, bo lorato, bo ama pelo e bile bo a akanyetsa. Re ka bontsha jang gore re kutlwelobotlhoko thata?

16, 17. (a) Mo godimo ga go rata Modimo, ke eng se se re tlhotlheletsang go nna le seabe mo tirong ya go rera, mme ka ntlha yang? (b) Re ka bontsha ka ditsela dife gore re kutlwelobotlhoko thata?

16 Ga go pelaelo gore tsela e e botlhokwa ya go dira jalo ke go abela ba bangwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. Ke eng se se re tlhotlheletsang go dira tiro eno? Selo sa konokono se se re tlhotlheletsang ke go rata Modimo. Mme gape re tlhotlhelediwa ke go utlwela batho ba bangwe botlhoko kana go ba tlhomogela pelo. (Mathaio 22:37-39) Batho ba le bantsi gompieno ba “sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” (Mathaio 9:36) Baeteledipele ba bodumedi jwa maaka ga ba a ka ba ba gomotsa ka go ba ruta boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo, go na le moo ba ile ba ba tsietsa. Ka ntlha ya seo, ga ba itse kaelo e e molemo e e fitlhelwang mo Lefokong la Modimo kana masego a Bogosi bo tla tlogang bo a tlisa mo lefatsheng. Ka gone, fa re akanya gore batho ba re tshelang le bone ba tlhoka dikgang tse di molemo go le kana kang, re tlhotlheletsega go ba tlhomogela pelo le go dira sotlhe se re ka se kgonang go ba itsise ka maikaelelo a a lorato a ga Jehofa.

Fa re utlwela ba bangwe botlhoko kana re ba tlhomogela pelo, re a bo re bontsha “botlhale jo bo tswang kwa godimo”

17 Re ka bontsha ka ditsela dife tse dingwe gore re kutlwelobotlhoko thata? Gakologelwa setshwantsho sa ga Jesu sa Mosamarea yo o neng a fitlhela motsamai mongwe a rapaletse fa thoko ga tsela a thukhuthilwe a ba a itewa. Mosamarea yono o ne a tlhotlhelediwa ke go tlhomoga pelo mme “a mo utlwela botlhoko,” a hapa dintho tsa gagwe a bo a mo tlhokomela. (Luke 10:29-37) A seno ga se bontshe gore kutlwelobotlhoko e akaretsa go thusa ba ba tlhokang thuso? Baebele e re laela gore “re [direle] batho botlhe se se molemo, mme segolobogolo badumedimmogo le rona.” (Bagalatia 6:10) Akanya ka dilo tseno tse di ka nnang tsa direga. Modumedikawena yo o godileng a ka tlhoka sepalangwa go ya le go boa kwa dipokanong tsa Bokeresete. Motlholagadi mongwe mo phuthegong a ka tlhoka thuso ya go baakanyediwa sengwe kwa lelapeng la gagwe. (Jakobe 1:27) Motho yo o kgobegileng marapo a ka tlhoka “lefoko le le molemo” le le ka mo kgothatsang. (Diane 12:25) Fa re bontsha kutlwelobotlhoko ka ditsela tse di ntseng jalo, re supa gore re dirisa botlhale jo bo tswang kwa godimo mo botshelong jwa rona.

‘Ga bo Tlhaole Batho, ga bo Itimokanye’

18. Fa re kaelwa ke botlhale jo bo tswang kwa godimo, re tla leka go kumola eng mo dipelong tsa rona, mme ka ntlha yang?

18 ‘Ga bo tlhaole batho.’ Botlhale jo bo tswang kwa Modimong ga bo tlhotlhelediwe ke go tlhaola batho ka lotso le go ikgogomosa ka setšhaba sa gaeno. Fa re laolwa ke botlhale jo bo ntseng jalo, re tla leka go kumola gotlhelele mo dipelong tsa rona tshekamelo epe fela ya go bontsha kgethololo. (Jakobe 2:9) Ga re tseele batho bangwe kwa godimo ka ntlha ya thutego ya bone, maemo a bone a tsa madi, kana maikarabelo a bone mo phuthegong; e bile ga re lebele baobamedi ka rona kwa tlase, le fa ba ka tswa ba lebega e le ba maemo a a kwa tlase go le kana kang. Fa Jehofa a ile a bona batho ba ba ntseng jalo ba tshwanelwa ke go amogela lorato lwa gagwe, ruri le rona re tshwanetse go ba tsaya ba tshwanelwa ke lorato lwa rona.

19, 20. (a) Lefoko la Segerika le le ranolwang go twe “moitimokanyi” le simologile jang? (b) Re bontsha jang gore re ‘ratana thata,’ mme ke eng fa seno se le botlhokwa?

19 ‘Ga bo itimokanye.’ Lefoko la Segerika le le ranolwang go twe “moitimokanyi” le ka kaya “motshameki wa diterama yo o tshamekang karolo nngwe.” Mo metlheng ya bogologolo batshameki ba diterama ba Bagerika le ba Baroma ba ne ba rwala dibipasefatlhego tse dikgolo fa ba tshameka diterama. Ka gone, lefoko la Segerika le le ranolwang e le “moitimokanyi” le ne la simolola go kaya motho yo o itirang se a seng sone, kana yo o lekang go tsietsa ba bangwe. Karolo eno ya botlhale jo bo tswang kwa Modimong e tshwanetse go tlhotlheletsa le kafa re ikutlwang ka teng ka badumedikarona e seng fela tsela e re ba tshwarang ka yone.

20 Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa gore go “ikobela boammaaruri” ga rona go tshwanetse ga felela ka gore re “ratane thata.” (1 Petere 1:22) Ee, lorato lo re ratang bakaulengwe ba rona ka lone ga e a tshwanela go nna lwa go kgatlha batho fela. Ga re rwale dibipasefatlhego kana go itira se re seng sone e le gore re tsietse batho ba bangwe. Lorato lwa rona e tshwanetse go nna lwa mmatota, lo lo tswang pelong. Fa lo ntse jalo, badumedikarona ba tla re tshepa, ka ba itse gore ga re itire se re seng sone. Go nna pelo e phepa jalo go dira gore Bakeresete ba nne le kamano e e molemo ya go ikanyega e bile go dira gore go nne le moya wa go tshepana mo phuthegong.

“Sireletsa Botlhale jo bo Mosola”

21, 22. (a) Solomone o ne a palelwa ke go sireletsa botlhale jang? (b) Re ka sireletsa botlhale jang, mme go dira jalo go ka re solegela molemo jang?

21 Botlhale jo bo tswang kwa Modimong ke mpho e e tswang kwa go Jehofa e re tshwanetseng go e sireletsa. Solomone o ile a re: “Morwaaka, . . . sireletsa botlhale jo bo mosola le bokgoni jwa go akanya.” (Diane 3:21) Ka maswabi, Solomone ka boene o ne a palelwa ke go dira jalo. O ne a tswelela a le botlhale fa fela a ne a na le pelo e e utlwang. Mme kwa bofelong, basadi ba gagwe ba bantsintsi ba seeng ba ne ba faposa pelo ya gagwe mo kobamelong e e itshekileng ya ga Jehofa. (1 Dikgosi 11:1-8) Se se neng sa diragalela Solomone se bontsha gore kitso ga e botlhokwa go le kalo fa re sa e dirise sentle.

22 Re ka sireletsa botlhale jo bo mosola jang? Ga re a tshwanela go bala Baebele le dikgatiso tsa Baebele tse re di newang ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ka metlha fela mme gape re tshwanetse go leka go dirisa se re se ithutang. (Mathaio 24:45) Re na le mabaka a a utlwalang a go dirisa botlhale jwa bo tswang kwa Modimong. Bo re thusa go tshela botshelo jo bo botoka gone jaanong. Bo re thusa go “ngangatlela botshelo jwa mmatota”—botshelo mo lefatsheng le lesha la Modimo. (1 Timotheo 6:19) Mme se se botlhokwa thata ke gore, go lwela go nna le botlhale jo bo tswang kwa godimo go re atamalanya le Motswedi wa botlhale jotlhe, Jehofa Modimo.

a Go ya ka 1 Dikgosi 3:16, basadi bao ka bobedi e ne e le diaka. Insight on the Scriptures e bolela jaana: “Basadi bano ba ka tswa e ne e le diaka e seng ka tsela ya go ithekisa, mme ka tsela ya gore e ne e le basadi ba ba neng ba dirile kgokafalo, e ka nna ya bo e ne e le basadi ba Bajuda, kana go ka direga thata gore e ne e le basadi ba batswakwa.”—E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

b Lefoko la Segerika le le ranolwang e le “agisana” le ntse le tlhalosiwa e le “go fetoga lo sa tlhole lo nna baba mme jaanong lo nna ditsala; go letlana; go boa lo dirisana sentle kgotsa lo utlwana.” Ka gone mokgele wa gago ke go baakanya dilo, fa go kgonega, go tlosa sekgopi mo pelong ya motho yo o mo kgopisitseng.—Baroma 12:18.

c Thanolo e nngwe e ranola mafoko ano e le “bo tletse bopelotlhomogi le ditiro tse di molemo.”—A Translation in the Language of the People, ka Charles B. Williams.