Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 25

‘Modimo wa Rona o Pelotlhomogi Thata’

‘Modimo wa Rona o Pelotlhomogi Thata’

1, 2. (a) Ka tlholego fela, mmê o tsibogela jang selelo sa losea lwa gagwe? (b) Ke maikutlo afe a a nonofileng thata go feta bopelotlhomogi jwa mmangwana?

 LOSEA lo a lela mo gare ga mpa ya bosigo. Ka yone nako eo mmaalone o a tsoga. Fa e sa le a tshola losea lono, ga a tlhole a kgona go robala a phuthologile jaaka pele. O setse a tlhaloganya gore losea lwa gagwe lo a bo lo batla eng fa lo lela. Ka gone, gantsi o kgona go itse fa e le gore losea lono lwa gagwe lo batla go anya, go tlamparelwa, kana go newa tlhokomelo fela. Mme le fa losea lono lo ka tswa lo lelela eng fela, mmaalone o a tsiboga. Pelo ya gagwe e ka se mo letle go itlhokomolosa ngwana wa gagwe.

2 Bopelotlhomogi jo mmê a nang le jone ka ngwana yo a mo tsetseng ke bongwe jwa maikutlo a lorato a magolo go gaisa otlhe a batho ba ka nnang le one. Le fa go ntse jalo, go na le maikutlo a a nonofileng thata le a a nnelang ruri go feta ano, e leng bopelotlhomogi jo bogolo jwa Modimo wa rona, Jehofa. Go sekaseka nonofo eno e e rategang go ka re thusa go atamalana thata le Jehofa. Ka gone, a re sekasekeng gore bopelotlhomogi ke eng le kafa Modimo wa rona a bo bontshang ka teng.

Bopelotlhomogi ke Eng?

3. Lediri la Sehebera le le ranolwang e le “go nna kutlwelobotlhoko” kana “go tlhomogela pelo” le kaya eng?

3 Mo Baebeleng bopelotlhomogi bo amanngwa thata le kutlwelobotlhoko. Mafoko a le mmalwa a Sehebera le Segerika a naya kgopolo ya go nna pelotlhomogi thata. Ka sekai, akanya ka lefoko la Sehebera e leng, ra·chamʹ, le gantsi le ranolwang e le “go nna kutlwelobotlhoko” kana “go tlhomogela pelo.” Buka nngwe e tlhalosa gore lediri ra·chamʹ “le kaya go nna le bopelotlhomogi jo bogolo, jaaka jo bo tlhotlhelediwang ke go bona bokoa kana go boga ga batho ba re ba ratang kgotsa ba ba tlhokang thuso ya rona.” Lefoko leno la Sehebera le Jehofa a le dirisang mo go ene, le amana le lefoko le le ranolwang e le “popelo” mme le ka tlhalosiwa e le “bopelotlhomogi jwa mmê.” aEkesodo 33:19; Jeremia 33:26.

“A mosadi a ka lebala . . . morwa wa popelo ya gagwe pelo?”

4, 5. Baebele e dirisa jang maikutlo a mmê a nang le one ka losea lwa gagwe go re ruta ka bopelotlhomogi jwa ga Jehofa?

4 Baebele e dirisa maikutlo a mmê a nang le one mo leseeng la gagwe go re ruta bokao jwa bopelotlhomogi jwa ga Jehofa. Re bala jaana mo go Isaia 49:15: “A mosadi a ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang kgotsa a se ka a tlhomogela [ra·chamʹ] morwa wa popelo ya gagwe pelo? Tota le fa basadi bano ba ka lebala bana ba bone, nna ga nkitla ke go lebala.” Tlhaloso eno e e amang pelo e gatelela bogolo jwa tsela e Jehofa a tlhomogelang batho ba gagwe pelo ka yone. Jang?

5 Go thata go akanya mmê a lebala go anyisa le go tlhokomela losea lwa gagwe lo lo anyang. Kana e bile, losea ga lo kgone go itira sepe; bosigo le motshegare losea lo tlhoka tlhokomelo le lorato lwa mmaalone. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, re na le go utlwa ka bommê ba ba tlhokomologang bana ba bone, segolobogolo mo ‘dinakong tseno tse di thata’ tse go tletseng batho ba ba se nang ‘lorato.’ (2 Timotheo 3:1, 3) Jehofa a re, “Nna ga nkitla ke go lebala.” Jehofa o pelotlhomogi thata mo batlhankeng ba gagwe. Bopelotlhomogi jwa gagwe bo bogolo thata go feta bopelotlhomogi bope fela jwa tlholego jo re ka akanyang ka jone—bopelotlhomogi jo gantsi mmê a nang le jone ka ngwana wa gagwe. Ga go gakgamatse he go bo moakgedi mongwe a ile a bua jaana ka Isaia 49:15: “Eno ke nngwe ya ditsela tse dikgolo, fa e se e kgolo go gaisa tsotlhe, tse Modimo a bontshang lorato ka tsone mo Tesetamenteng e Kgologolo.”

6. Batho ba le bantsi ba ba sa itekanelang ba ile ba leba go nna pelotlhomogi thata ka tsela efe, mme Jehofa o re tlhomamisetsa eng?

6 A go nna pelotlhomogi thata ke sesupo sa go nna bokoa? Batho ba le bantsi ba ba sa itekanelang ba ile ba akanya jalo. Ka sekai, rafilosofi wa Moroma e leng Seneca, yo o tshetseng mo motlheng wa ga Jesu e bile e le motho yo o tseelwang kwa godimo le yo o botlhale kwa Roma, o ne a ruta gore “go nna pelotlhomogi ke go nna le mogopolo o o bokoa.” Seneca o ne a buelela filosofi ya Basetoika, e e neng e buelela go ritibala ga go se nne le maikutlo. Seneca o ne a re, motho yo o botlhale a ka thusa batho ba ba mo mathateng mme fela a se ka a itetla go ba utlwela botlhoko ka gonne seo se tla dira gore a se ka a tlhola a ritibala maikutlo. Tsela eo ya boithati e ne e sa rotloetse batho go nna pelotlhomogi. Mme Jehofa ene ga a nna jalo le e seng! Jehofa mo Lefokong la gagwe o re tlhomamisetsa gore “o pelotlhomogi thata e bile o kutlwelobotlhoko.” (Jakobe 5:11) Jaaka fa re tla bona, go nna pelotlhomogi ga se go nna bokoa, go na le moo ke nonofo e e maatla e e botlhokwa. A re bone kafa Jehofa a e bontshang ka teng jaaka motsadi yo o lorato.

Fa Jehofa A ne A Nna Pelotlhomogi mo Setšhabeng

7, 8. Baiseraele ba ile ba boga jang kwa Egepeto wa bogologolo, mme Jehofa o ne a tsibogela jang go boga ga bone?

7 Bopelotlhomogi jwa ga Jehofa bo bonala sentle mo tseleng e a neng a dirisana le setšhaba sa Iseraele ka yone. Fa lekgolo la bo16 la dingwaga B.C.E. le ne le wela, Baiseraele ba le dimilione ba ne ba dirilwe makgoba kwa Egepeto wa bogologolo, kwa ba neng ba gateletswe setlhogo teng. Baegepeto ‘ba ne ba ba tshedisa botlhoko ka go ba dirisa tiro e e boima ya go dira seretse sa letsopa le ditena e bile ba ba dirisa tiro ya mofuta mongwe le mongwe ya bokgoba.’ (Ekesodo 1:11, 14) Fa Baiseraele ba le mo mathateng ba ne ba lelela kwa go Jehofa ba kopa gore a ba thuse. Modimo yo o pelotlhomogi thata o ile a tsibogela seo jang?

8 Go ne ga ama Jehofa pelo. O ne a re: “Ruri ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya batho ba ba ba pateletsang go dira; ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” (Ekesodo 3:7) Jehofa o ne a ka se lebe batho ba gagwe fela ba boga kana a utlwa selelo sa bone mme a bo a sa ba utlwele botlhoko. Jaaka fa re bone mo go Kgaolo 24 ya buka eno, Jehofa ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko. Mme kutlwelobotlhoko—go utlwa botlhoko jo motho yo mongwe a bo utlwang—e tsamaisana le bopelotlhomogi. Mme gone Jehofa o ne a se ka a utlwela batho ba gagwe botlhoko fela; o ne a tlhotlheletsega go ba direla sengwe. Isaia 63:9 ya re: “O ne a ba rekolola ka ntlha ya lorato lwa gagwe le bopelotlhomogi jwa gagwe.” Jehofa o ne a namola Baiseraele a ba ntsha kwa Egepeto ka “maatla a magolo.” (Duteronome 4:34) Morago ga moo, o ne a ba tlamela ka dijo ka kgakgamatso le go ba tsenya mo Lefatsheng le le Solofeditsweng.

9, 10. (a) Ke eng fa Jehofa a ile a golola Baiseraele gangwe le gape fa ba sena go nna kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng? (b) Mo motlheng wa ga Jefetha, Jehofa o ne a golola Baiseraele mo kgatelelong efe, mme ke eng se se neng sa mo tlhotlheletsa go dira jalo?

9 Bopelotlhomogi jwa ga Jehofa bo ne jwa se ka jwa felela foo. Fa Baiseraele ba sena go nna mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, ba ne ba simolola go dira ditiro tsa go se ikanyege gangwe le gape mme ba boga ka ntlha ya seo. Mme go ne go tle go direge gore ba itharabologelwe ba bo ba ikuela kwa go Jehofa. O ne a ba golola gangwe le gape. Ka ntlha yang? “Ka gonne o ne a tlhomogela batho ba gagwe . . . pelo.”—2 Ditiragalo 36:15; Baatlhodi 2:11-16.

10 Akanya ka se se ileng sa direga mo motlheng wa ga Jefetha. E re ka Baiseraele ba ne ba simolotse go direla medimo ya maaka, Jehofa o ne a letla gore ba gatelelwe ke Baamone ka dingwaga di le 18. Kgabagare Baiseraele ba ne ba ikwatlhaya. Baebele e re bolelela jaana: “Ba ne ba tlosa medimo e sele ba bo ba direla Jehofa, mo a neng a se ka a tlhola a kgona go itshokela go boga ga Baiseraele.” b (Baatlhodi 10:6-16) Fa batho ba ga Jehofa ba sena go bontsha go ikwatlhaya ka pelo yotlhe, o ne a sa tlhole a kgona go itshokela go ba bona ba sotlega. Ka gone, Modimo yo o pelotlhomogi thata o ne a nonotsha Jefetha gore a golole Baiseraele mo diatleng tsa baba ba bone.—Baatlhodi 11:30-33.

11. Re ithuta eng ka bopelotlhomogi go tswa mo tseleng e Jehofa a ileng a dirisana le Baiseraele ka yone?

11 Tsela e Jehofa a ileng a dirisana le setšhaba sa Iseraele ka yone e re ruta eng ka go nna pelotlhomogi thata? Re kgona go bona gore ga se kgang fela ya gore o tlhomolwa pelo ke go bona pogisego ya batho. Gopola sekai sa mmê yo bopelotlhomogi jwa gagwe bo mo tlhotlheletsang go tsibogela selelo sa losea lwa gagwe. Jehofa le ene ga a itlhokomolose selelo sa batho ba gagwe. Bopelotlhomogi jwa gagwe jo bogolo bo mo tlhotlheletsa go ba imolola fa ba boga. Mo godimo ga moo, tsela e Jehofa a neng a dirisana le Baiseraele ka yone e re ruta gore bopelotlhomogi ga se go nna bokoa le e seng, ka gonne nonofo eno ya bopelonomi e ne ya mo tlhotlheletsa go tsaya dikgato tse di gagametseng go namola batho ba gagwe. Mme gone, a Jehofa o bontsha bopelotlhomogi fela mo batlhankeng ba gagwe fa ba le setlhopha?

Bopelotlhomogi Jwa ga Jehofa mo Bathong ka Bongwe

12. Molao o ne o bontsha bopelotlhomogi jwa ga Jehofa jang mo bathong ka bongwe?

12 Molao o Modimo a neng a o neile setšhaba sa Iseraele o supa gore o bontsha bopelotlhomogi mo bathong ka bongwe. Ka sekai, akanya ka tsela e a amegang ka yone ka bahumanegi. Jehofa o ne a itse gore go ne go ka tlhaga maemo a a sa lebelelwang a a neng a ka dira gore Moiseraele a humanege. Bahumanegi ba ne ba tshwanetse go tshwarwa jang? Jehofa o ne a laela Baiseraele jaana ka tlhamalalo: “O se ka wa thatafatsa pelo ya gago kgotsa wa tima morwarrago yo o humanegileng. O tshwanetse go mo abela ka bopelotshweu, mme o se ka wa mo abela ka go ikgoga fela, ka gonne Jehofa, Modimo wa gago o tla segofatsa tiro nngwe le nngwe ya gago le matsapa a gago ka ntlha ya seno.” (Duteronome 15:7, 10) Gape Jehofa o ne a laela gore Baiseraele ba se ka ba roba gotlhelele dikarolo tse di fa thoko tsa masimo a bone kana ba sela masalela ape. Dikarolo tseo di ne di tshwanetse go tlogelelwa batho ba ba humanegileng. (Lefitiko 23:22; Ruthe 2:2-7) Fa setšhaba se ne se ikobela molao ono o o akanyetsang bahumanegi ba bone, batho ba ba tlhokang ba Iseraele ba ne ba se kitla ba tshwanelwa ke go kopa dijo. A seno se ne se sa bontshe gore Jehofa o pelotlhomogi thata?

13, 14. (a) Mafoko a ga Dafide a re tlhomamisetsa jang gore Jehofa o amega thata ka mongwe le mongwe wa rona? (b) O ka tshwantsha jang kgang ya gore Jehofa o gaufi le “ba ba pelo e phatlogileng” kana “ba ba kgobegileng marapo”?

13 Le gompieno Modimo wa rona yo o lorato o sa ntse a amega thata ka mongwe le mongwe wa rona. Re ka tlhomamisega gore o etse tlhoko tsela epe fela e re ka tswang re sotlega ka yone. Mopesalema Dafide o ile a kwala jaana: “Matlho a ga Jehofa a lebile batho ba ba siameng, le ditsebe tsa gagwe di reetsa selelo sa bone fa ba kopa thuso. Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng; o boloka ba ba kgobegileng marapo.” (Pesalema 34:15, 18) Moakgedi mongwe wa Baebele o bolela jaana ka batho ba ba tlhalosiwang ka mafoko ao: “Ke batho ba ba utlwileng botlhoko le ba ba sulafetseng pelo, ke gore, ba utlwisitswe botlhoko ke boleo e bile ba feletswe ke seriti; ba itsaya e se batho ba sepe, mme ga ba itshepe le e seng.” Batho ba ba ntseng jalo ba ka akanya gore Jehofa o kgakala le bone le gore ke batho ba e seng ba sepe mo a ka se kang a ba tsaya tsia. Mme ga go a nna jalo. Mafoko a ga Dafide a re tlhomamisetsa gore Jehofa ga a latlhe batho ba ba “itsayang e se batho ba sepe.” Modimo wa rona yo o kutlwelobotlhoko o a itse gore ka dinako tse di ntseng jalo, re mo tlhoka go feta le fa e le leng pele, mme ga a kgakala le rona.

14 Akanya ka tiragalo eno. Mmê mongwe wa kwa United States o ne a potlakisetsa morwawe wa dingwaga tse pedi kwa bookelong ka gonne a ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo masisi jwa go hema ka bothata le go gotlhola. Fa dingaka di sena go tlhatlhoba mosimane yono di ne tsa itsise mmaagwe gore mosimane o tla tshwanelwa ke go robadiwa mo bookelong mo bosigong joo. Mmê yono o ne a lala kae bosigo joo? Mo setulong sa bookelo go bapa le bolao jwa ga morwawe! Morwawe o ne a lwala ka jalo o ne a batla fela go nna gaufi le ene. Ruri re ka lebelela se se fetang seo mo go Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong! Kana e bile, re dirilwe mo setshwanong sa gagwe. (Genesise 1:26) Mafoko a a amang pelo a Pesalema 34:18 a re bolelela gore fela jaaka motsadi yo o lorato, Jehofa o “gaufi” le rona fa re ‘phatlogile pelo’ kana re ‘kgobegile marapo.’ Seno se bontsha gore o nna a iketleeleditse go re tlhomogela pelo le go re thusa.

15. Jehofa o thusa mongwe le mongwe wa rona ka ditsela dife?

15 Mme gone, Jehofa o thusa mongwe le mongwe wa rona jang? Ga a dire jalo ka go tlosa dilo tse di dirang gore re boge. Le fa go ntse jalo, Jehofa o diretse batho ba ba goelang kwa go ene ba tlhoka thuso dilo di le dintsi tse di ka ba thusang. Lefoko la gagwe Baebele, le re neela kgakololo e e molemo e e ka thusang thata. Jehofa o re neile balebedi mo phuthegong ba ba nonofileng mo tumelong, ba ba lekang go bontsha bopelotlhomogi jaaka ene fa ba ntse ba thusa baobamedikabone. (Jakobe 5:14, 15) E re ka e le “Moutlwi wa thapelo,” o naya “ba ba mo kopang moya o o boitshepo fa ba o kopa.” (Pesalema 65:2; Luke 11:13) Moya oo o ka re thusa go nna le “maatla a a sa tlwaelegang” gore re itshoke go fitlha Bogosi Jwa Modimo bo fedisa mathata otlhe a a ngomolang pelo. (2 Bakorintha 4:7) A ga re anaanele dilo tseno tsotlhe? A re se lebaleng gore tseno ke ditsela tse Jehofa a re bontshang ka tsone gore o pelotlhomogi thata.

16. Sekai se segolo go feta tsotlhe sa bopelotlhomogi jwa ga Jehofa ke sefe, mme se ama mongwe le mongwe wa rona ka tsela efe?

16 Ke boammaaruri gore, sekao se se molemo go gaisa tsotlhe sa bopelotlhomogi jwa ga Jehofa ke sa go ntsha Morwawe yo a mo ratang thata go re rekolola. Jehofa o ne a ntsha setlhabelo seo ka gonne a re rata e le gore a re golole mo boleong le mo losong. Se lebale gore thulaganyo eno ya thekololo ke mpho e Jehofa a e fileng mongwe le mongwe wa rona. Ruri Sekarea, rraagwe Johane Mokolobetsi, o ne a nepile fa a ne a bolelela pele gore thekololo e ne e tla bontsha ka tsela e e gakgamatsang gore Modimo o “pelotlhomogi thata.”—Luke 1:78.

Fa Jehofa a Emisa go Bontsha Bopelotlhomogi

17-19. (a) Baebele e bontsha jang gore go na le mo bopelotlhomogi jwa ga Jehofa bo felelang teng? (b) Ke eng se se neng sa dira gore bopelotlhomogi jwa ga Jehofa bo fitlhe mo bo felelang teng?

17 A re tshwanetse go akanya gore bopelotlhomogi jwa ga Jehofa jo bogolo ga bo na mo bo felelang teng? Ga go a nna jalo, Baebele e bontsha sentle gore Jehofa ga a nnele pelotlhomogi ruri mo bathong ba ba leng kgatlhanong le ditsela tsa gagwe tse di siameng. (Bahebera 10:28) Gore o bone lebaka la go bo a dira jalo, akanya ka sekai sa setšhaba sa Iseraele.

18 Le fa Jehofa a ile a nna a golola Baiseraele gangwe le gape mo babeng ba bone, go ile ga fitlha nako ya gore kgabagare bopelotlhomogi jwa gagwe bo fitlhe mo bo felelang teng. Batho bano ba ba tlhogoethata ba ne ba tsene ka tlhogo mo kobamelong ya medingwana, e bile ba tlisa medingwana ya bone e e makgapha mo tempeleng ya ga Jehofa! (Esekiele 5:11; 8:17, 18) Mo godimo ga moo, re bolelelwa jaana: “Ba ne ba nna ba sotla barongwa ba Modimo wa boammaaruri, mme ba ne ba nyatsa mafoko a gagwe e bile ba kgoba baporofeti ba gagwe, go fitlha bogale jwa ga Jehofa bo tlela batho ba gagwe, go fitlha ba sa kgone go fodisiwa.” (2 Ditiragalo 36:16) Baiseraele ba ile ba fitlha mo jaanong go neng go sa tlhole go na le lebaka le le utlwalang la gore ba bontshiwe bopelotlhomogi mme go ne go tshwanela gore Jehofa a ba galefele. Go ne ga felela ka eng?

19 Jehofa jaanong o ne a se ka a tlhola a tlhomogela batho ba gagwe pelo. O ne a re: “Ga nkitla ke ba tlhomogela pelo kgotsa ke ba rekegela kgotsa ke ba utlwela botlhoko; ga go na sepe se se tla nthibelang go ba senya.” (Jeremia 13:14) Ka gone, Jerusalema le tempele ya yone di ne tsa senngwa, mme Baiseraele ba ile ba isiwa botshwarwa kwa Babelona. Ruri go utlwisa botlhoko gore batho ba ba sekametseng mo go direng boleo ba tlhanoge thata jaana mo ba dirang gore bopelotlhomogi jwa Modimo bo fele!—Dikhutsafalo 2:21.

20, 21. (a) Go tla direga eng fa bopelotlhomogi jwa Modimo bo fitlha mo bo felelang teng mo motlheng wa rona? (b) Go tla sekasekwa thulaganyo efe ya ga Jehofa e e bontshang bopelotlhomogi mo kgaolong e e latelang?

20 Go tweng ka gompieno? Jehofa ga a fetoga. E re ka a le pelotlhomogi, o laetse Basupi ba gagwe go rerela batho ba ba mo lefatsheng lotlhe ‘dikgang tse di molemo tsa Bogosi.’ (Mathaio 24:14) Fa batho ba ba nang le dipelo tse di siameng ba tsibogela molaetsa wa Bogosi, Jehofa o ba thusa go o tlhaloganya. (Ditiro 16:14) Le fa go ntse jalo, tiro eno ga e kitla e dirwa go ya go ile. Jehofa o tla bo a se pelotlhomogi le e seng fa a ka tlogela lefatshe leno le le boikepo go ya go ile, ka mahutsana otlhe a lone le pogo. E tla re fa bopelotlhomogi jwa Modimo bo setse bo fitlhile mo bo felelang teng, Jehofa o tla diragatsa katlholo mo tsamaisong eno ya dilo. Tota le ka nako ya fa a dira jalo, o tla bo a tlhotlhelediwa ke bopelotlhomogi—a tlhomogela ‘leina la gagwe le le boitshepo’ pelo le batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng mo go ene. (Esekiele 36:20-23) Jehofa o tla fedisa boikepo a bo a tlisa lefatshe le lesha la tshiamo. Jehofa o bua jaana ka batho ba ba bosula: “Ga nkitla ke ba utlwela botlhoko; e bile ga nkitla ke ba tlhomogela pelo. Ke tla ba tlisetsa ditlamorago tsa ditsela tsa bone.”—Esekiele 9:10.

21 Pele ga seno se direga, Jehofa o pelotlhomogi mo bathong, tota le mo go ba ba tlileng go fedisiwa. Batho ba ba dirang boleo ba ba ikwatlhayang ka pelo yotlhe ba ka solegelwa molemo ke nngwe ya dithulaganyo tsa ga Jehofa tse di bontshang bopelotlhomogi go gaisa tsotlhe—boitshwarelo. Mo kgaolong e e latelang, re tla sekaseka dingwe tsa ditshwantsho tse di molemo thata mo Baebeleng tse di bontshang tsela e Jehofa a itshwarelang ka botlalo ka yone.

a Le fa go ntse jalo, go a kgatlha gore mo go Pesalema 103:13, lediri la Sehebera e leng ra·chamʹ le dirisitswe go kaya kutlwelobotlhoko kana bopelotlhomogi jo rre a bo bontshang bana ba gagwe.

b Mafoko a a reng, ‘o ne a se ka a tlhola a kgona go itshokela’ totatota a kaya gore “o ne a fela pelo; bopelotelele jwa gagwe bo ne jwa fela.” The New English Bible ya re: “O ne a sa tlhole a kgona go itshokela go bona mahutsana a Iseraele.” TanakhA New Translation of the Holy Scriptures e a ranola jaana: “O ne a utlwisiwa botlhoko thata ke pogisego ya Iseraele.”