Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 26

Modimo yo o ‘Ikemiseditseng go Itshwarela’

Modimo yo o ‘Ikemiseditseng go Itshwarela’

1-3. (a) Mopesalema Dafide o ile a imelwa ke morwalo ofe o o boima, mme o ne a gomodiwa ke eng? b) Fa re leofa seo se ka dira gore re rwale morwalo ofe, mme gone Jehofa o re tlhomamisetsa eng?

 MOPESALEMA DAFIDE o ile a kwala jaana: “Maleo a me a tlhatlhagane, a feta le tlhogo ya me. A mantsi thata mo ke sa kgoneng go a rwala, a tshwana le morwalo o o boima. Ke kgwaraletse e bile ke gateletswe fela thata.” (Pesalema 38:4, 8) Dafide o ne a itse gore go nna le segakolodi se se molato go ka nna morwalo o o boima tota. Le fa go ntse jalo, go ne ga nna le sengwe se se mo gomotsang. O ne a tlhaloganya gore le fa gone Jehofa a ila boleo, ga A ile motho yo o leofileng fa a ikwatlhaya ka mmatota mme a tlogela boleo joo jwa gagwe. Dafide o ile a bolela jaana a dumela a sa belaele gore Jehofa o ikemiseditse go utlwela batho ba ba ikwatlhayang botlhoko: “Jehofa, o . . . ikemiseditse go itshwarela.”—Pesalema 86:5.

2 Fa re leofa, le rona re ka imelwa ke morwalo o o boima wa go tshwenngwa ke segakolodi se se molato. Boikutlo joo jwa go ipona molato bo a thusa. Bo ka re thusa go tsaya dikgato tse di siameng go baakanya diphoso tsa rona. Le fa go ntse jalo, go na le kotsi ya go fekeediwa ke maikutlo a go ipona molato ka tsela e e feteletseng. Pelo ya rona e e re atlholang e ka nna ya dira gore re akanye gore Jehofa a ka se re itshwarele, le fa re ka tswa re ikwatlhaya go le kana kang. Fa re “fekeediwa ke go utlwa botlhoko jo bo feteletseng,” Satane a ka leka go dira gore re itlhoboge, re akanye gore Jehofa o re tsaya re se na mosola, re sa tshwanelwa ke go mo direla.—2 Bakorintha 2:5-11.

3 A ke kafa Jehofa a lebang dilo ka teng? Legoka! Go itshwarela ke karolo ya botlhokwa ya lorato lo logolo lwa ga Jehofa. Mo Lefokong la gagwe, o re tlhomamisetsa gore fa re bontsha go ikwatlhaya ka pelo yotlhe, o ikemiseditse go re itshwarela. (Diane 28:13) Gore re tile go nna le maikutlo a gore le ka motlha Jehofa a ka se ka a re itshwarela, a re sekasekeng lebaka la go bo a re itshwarela le tsela e a re itshwarelang ka yone.

Lebaka La go Bo Jehofa a “Ikemiseditse go Itshwarela”

4. Jehofa o gakologelwa eng ka popego ya rona, mme seno se ama jang tsela e a re tshwarang ka yone?

4 Jehofa o itse dilo tse re tlhaelang mo go tsone. Pesalema 103:14 ya re: “O itse sentle gore re bopegile jang, o gakologelwa gore re lorole.” Ga a lebale gore re dirilwe ka lerole, le gore re batho ba ba nang le makoa ka ntlha ya go sa itekanela. Mafoko a a reng, o itse gore “re bopegile jang” a re gopotsa gore Baebele e tshwantsha Jehofa le mmopi wa letsopa mme rona e re tshwantsha le dijana tsa letsopa tse a di bopang. (Jeremia 18:2-6) Mmopi yo Mogolo wa Letsopa o laola tsela e a re tshwarang ka yone go ya ka makoa a rona a go sa itekanela le go ya kafa re tsibogelang kaelo ya gagwe ka teng kana kafa re sa e tsibogeleng ka teng.

5. Buka ya Baroma e tlhalosa jang tsela e boleo bo leng maatla ka yone?

5 Jehofa o tlhaloganya kafa boleo bo leng maatla ka teng. Lefoko la gagwe le tlhalosa boleo e le maatla a a nonofileng a a ngangatlelang batho mme bo felela ka loso. Boleo bo maatla go le kana kang? Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana mo bukeng ya Baroma: Re ‘laolwa ke boleo,’ fela jaaka masole a laolwa ke molaodi wa masole (Baroma 3:9); boleo bo ile jwa “busa” batho jaaka kgosi (Baroma 5:21); bo “mo go” rona (Baroma 7:17, 20); “molao” wa jone o nna o dira mo go rona, tota re ka re, o leka go laola botshelo jwa rona. (Baroma 7:23, 25) Ruri boleo bo na le maatla a magolo mo go rona batho ba ba sa itekanelang!—Baroma 7:21, 24.

6, 7. (a) Jehofa o leba jang batho ba ba mo kopang gore a ba utlwele botlhoko ka dipelo tse di ikwatlhayang? (b) Ke eng fa re sa tshwanela go dirisa kutlwelobotlhoko ya Modimo ka tsela e e sa siamang?

6 Ka gone, Jehofa o a itse gore ga re ka ke ra kgona go mo ikobela ka botlalo, le fa re ka eletsa ka pelo yotlhe go mo ikobela go le kana kang. Ka lorato o re tlhomamisetsa gore fa re kopa gore a re utlwele botlhoko ka pelo e e ikwatlhayang, o tla re itshwarela. Pesalema 51:17 ya re: “Ditlhabelo tse di itumedisang Modimo ke moya o o ngomogileng; Modimo, ga o kitla o tlhokomologa pelo e e phatlogileng le e e gateletsweng.” Jehofa ga a kitla a gana kana a itlhokomolosa pelo e e “phatlogileng le e e gateletsweng” ke go ikutlwa e le molato.

7 A seno se raya gore re ka dirisa kutlwelobotlhoko ya Modimo ka tsela e e sa siamang, re dirisa bosaitekanelang jwa rona jaaka seipato sa go dira boleo? Legoka! Jehofa ga a laolwe ke go tseega maikutlo fela. Go na le mo kutlwelobotlhoko ya gagwe e felelang teng. A ka se ka a itshwarela batho ba ba itlwaetsang go dira boleo ka botlhogoethata, ba sa bontshe go ikwatlhaya ka gope. (Bahebera 10:26) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa a bona pelo e e ikwatlhayang, o ikemisetsa go itshwarela. Mma jaanong re sekaseke mangwe a mafoko a a tlhalosang sentle a a dirisiwang mo Baebeleng go tlhalosa karolo eno e e molemo ya lorato lwa ga Jehofa.

Jehofa o Itshwarela ka Botlalo go le Kana Kang?

8. Totatota ke eng se Jehofa a se dirang fa a re itshwarela maleo, mme seno se re naya tshepo efe?

8 Dafide yo o ikwatlhaileng o ne a re: “La bofelo ke ne ka go bolelela boleo jwa me; ga ke a ka ka fitlha molato wa me. . . . Mme o ne wa itshwarela molato wa me le maleo a me.” (Pesalema 32:5) Lefoko “itshwarela” le ranola lefoko la Sehebera le totatota le kayang “go tsholetsa” kana “go sikara.” Go dirisiwa ga lone fano go bontsha go tlosa “molato, boleo, tlolo.” Ka jalo, tota re ka re, Jehofa o ne a sikara maleo a ga Dafide mme a a tlosa mo go ene. Ga go pelaelo gore seno se ne sa imolola Dafide go ikutlwa a le molato go a neng a ntse a go sikere. (Pesalema 32:3) Le rona re ka tshepa ka botlalo Modimo yo o imololang batho ba ba kopang gore a ba itshwarele maleo ka go dumela mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu.—Mathaio 20:28.

9. Jehofa o tsaya maleo a rona a a beela bokgakala jo bo kana kang go tswa mo go rona?

9 Dafide o ne a dirisa tlhaloso e nngwe e e molemo go tlhalosa tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone: “Fela jaaka botlhabatsatsi bo le kgakala le bophirimatsatsi, o beile maleo a rona kgakala le rona fela jalo.” (Pesalema 103:12) Letsatsi le tswa kwa botlhaba mme le phirima kwa bophirima. Botlhabatsatsi bo katogane go le kana kang le bophirimatsatsi? Botlhaba bo kgakala thata le bophirima ka sekgala se re ka se kang ra kgona go se tlhaloganya; go ka se ka ga direga gore dintlha tseno tse pedi di kopane. Mokanoki mongwe o bolela gore mafoko ano a kaya gore “kgakala go ya kafa go ka kgonegang ka teng; go ya kafa re ka akanyang ka teng.” Mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga Dafide a re bolelela gore fa Jehofa a itshwarela, o tsaya maleo a rona a a beela kgakala le rona go ya kafa re ka akanyang ka teng.

“Maleo a lona . . . a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko”

10. Fa Jehofa a re itshwarela maleo, ke eng fa re sa tshwanela go nna le maikutlo a gore patso ya maleo ao e tla re kgomarela botshelo jotlhe jwa rona?

10 A o kile wa leka go tlosa patso mo seaparong sa mmala o o galotseng? Gongwe patso eo e ne ya gana go tloga le fa o ile wa leka ka natla go e tlosa. Ela tlhoko kafa Jehofa a tlhalosang ka teng tsela e a kgonang go itshwarela ka yone: “Le fa gone maleo a lona a le mahibidu, a tla dirwa masweu fela jaaka kapoko; le fa gone a le mahibidu jaaka letsela le le bohibidu jo bo tseneletseng, a tla nna jaaka boboa.” (Isaia 1:18) Lefoko “mahibidu” le kaya bohibidu jo bo galotseng. a “Bohibidu jo bo tseneletseng” e ne e le mongwe wa mebala e e tseneletseng e e neng e dirisiwa mo matseleng a a fetolwang mmala. (Nahume 2:3) Ka borona fela re ka se ka ra kgona go tlosa patso e e mo go rona ya boleo. Mme Jehofa ene a ka fetola maleo a a tshwanang le bohibidu jo bo letlhololo le jo bo mokgona gore a nne masweu jaaka kapoko kana boboa jo bo sa fetolwang mmala. Fa Jehofa a re itshwarela maleo, re se ka ra nna le maikutlo a gore patso ya maleo ao e tla re kgomarela botshelo jotlhe jwa rona.

11. Jehofa o latlhela maleo a rona kwa morago ga gagwe ka tsela efe?

11 Hesekia o ne a bua le Jehofa jaana mo pineng e e amang maikutlo ya tebogo e a ileng a e tlhama fa a sena go namolwa mo bolwetseng jo bo kotsi: “O latlhetse maleo a me otlhe kwa morago ga gago.” (Isaia 38:17) Fano Jehofa o tlhalosiwa a tsaya maleo a modirabosula yo o ikwatlhayang a a latlhela kwa morago ga Gagwe koo A se kitlang a tlhola a a bona teng kana a a tsaya tsia. Go ya ka buka nngwe, bokao jwa seo bo ka tlhalosiwa jaana: “O dirile [maleo a me] gore a nne jaaka e kete ga a ise a ko a nne teng.” A seno ga se nametse pelo?

12. Moporofeti Mika o bontsha jang gore fa Jehofa a re itshwarela O tlosetsa maleo a rona ruri?

12 Moporofeti Mika o ne a bolela mo tsholofetsong ya go tsosoloswa sesha gore o tlhatswegile pelo gore Jehofa o tla itshwarela batho ba gagwe ba ba ikwatlhayang: “Ke Modimo ofe yo o tshwanang le wena, . . . a tlhokomologa molato wa masalela a boswa jwa gagwe? . . . O tla latlhela maleo otlhe a bone mo tengteng ga lewatle.” (Mika 7:18, 19) Akanya fela gore mafoko ao a ne a kaya eng mo bathong ba ba neng ba tshela mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele. A go ne go na le tshono epe ya go boa o bona gape selo se se latlhetsweng mo “mo tengteng ga lewatle”? Ka gone, mafoko a ga Mika a bontsha gore fa Jehofa a itshwarela, o tlosetsa maleo a rona ruri.

13. Mafoko a ga Jesu a a reng “re itshwarele melato ya rona” a kaya eng?

13 Jesu o ne a dirisa kamano ya motho yo o kolotang madi le yo o kolotiwang go bontsha tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone. Jesu o ne a re kgothaletsa go rapela jaana: “Re itshwarele melato ya rona.” (Mathaio 6:12) Ka gone Jesu o ne a tshwantsha maleo le melato. (Luke 11:4) Fa re leofa re nna le “molato” le Jehofa. Fa buka nngwe e bua ka bokao jwa lediri la Segerika le le ranotsweng e le go “itshwarela” ya re ke: “Go tlogela molato, go o lesa, ka go se tlhole o batla tuelo ya one.” Ka tsela nngwe re ka re fa Jehofa a itshwarela, o phimola molato o tota re neng re tshwanetse go o duela. Ka gone, baleofi ba ba ikwatlhayang ba ka nametsega. Jehofa a ka se ka a batla gore re mo duele molato o a setseng a o phimotse!—Pesalema 32:1, 2.

14. Polelwana e e reng “gore maleo a lona a phimolwe” e dira gore motho a akanye ka setshwantsho sefe?

14 Tsela e Jehofa a itshwarelang ka yone e tlhalosiwa go ya pele mo go Ditiro 3:19: “Ka jalo, ikwatlhayeng lo bo lo sokologe gore maleo a lona a phimolwe.” Lefoko leo la bofelo le ranola lediri la Segerika le le ka rayang “go sutlha, . . . go fedisa kana go senya.” Go ya ka bakanoki bangwe, se se buiwang fano se naya kgopolo ya go phimola mokwalo o o kwadilweng ka letsogo. Seo se ne se ka direga jang? Enke e e neng e dirisiwa thata mo metlheng ya bogologolo e ne e dirilwe ka motswako o o akaretsang khabone, boroku le metsi. Ka bonako fela fa motho a sena go kwala ka enke eo, o ne a ka tsaya sepontšhe mme a phimole se a se kwadileng. Seno ke setshwantsho se se bontshang sentle kafa Jehofa a leng kutlwelobotlhoko ka teng. Fa a re itshwarela maleo, go ntse jaaka e kete o tsaya sepontšhe a bo a a phimola.

15. Jehofa o batla gore re itse eng ka ga gagwe?

15 Fa re akanya ka ditshwantsho tseno tse di farologaneng, a ga di dire gore re lemoge sentle gore Jehofa o batla gore re itse gore ruri o ikemiseditse go re itshwarela maleo a rona fa fela re ikwatlhaya ka mmatota? Ga re a tshwanela go nna le poifo ya gore o tla boa a re atlholela maleo ano mo nakong e e tlang. Re kgona go bona seno mo go sengwe gape se Baebele e se senolang ka kutlwelobotlhoko e kgolo e Jehofa a nang le yone: O a itshwarela a bo a lebala.

Jehofa o batla gore re itse gore ‘o ikemiseditse go itshwarela’

“Ga Nkitla ke Tlhola ke Gakologelwa Boleo Jwa Bone”

16, 17. Baebele e bolela eng fa e re Jehofa o lebala maleo a rona, mme ke eng fa o araba jalo?

16 Jehofa o ne a solofetsa jaana malebana le ba ba leng mo kgolaganong e ntšha: “Ke tla ba itshwarela molato wa bone, e bile ga nkitla ke tlhola ke gakologelwa boleo jwa bone.” (Jeremia 31:34) A seno se bolela gore fa Jehofa a itshwarela ga a tlhole a kgona go gakologelwa maleo ao gape? Go ka se ka ga nna jalo. Baebele e re bolelela ka maleo a batho ba le bantsi ba Jehofa a ileng a ba itshwarela, go akaretsa le Dafide. (2 Samuele 11:1-17; 12:13) Ga go pelaelo gore Jehofa o sa ntse a itse ka diphoso tse ba di dirileng. Pego ya maleo a bone le ya go ikwatlhaya ga bone le go itshwarelwa ga bone ke Modimo e ile ya bolokiwa gore e re solegele molemo. (Baroma 15:4) Ka gone, Baebele e bolelang fa e re Jehofa ga a ‘gakologelwe’ maleo a batho ba a ba itshwarelang?

17 Lediri la Sehebera le le ranolwang e le “ga nkitla ke tlhola ke gakologelwa” ga le kaye fela go gopola dilo tsa nako e e fetileng. Buka ya Theological Wordbook of the Old Testament e tlhalosa gore le akaretsa “bokao jo bo oketsegileng jwa go tsaya dikgato tse di maleba.” Ka jalo, re ka re, go “gakologelwa” boleo go akaretsa go tseela batho ba ba leofileng dikgato. (Hosea 9:9) Mme fa Modimo a re “ga nkitla ke tlhola ke gakologelwa boleo jwa bone,” o re tlhomamisetsa gore fa a itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang, a ka se ka a tlhola a ba tseela dikgato ka ntlha ya maleo ao nako nngwe e e tlang. (Esekiele 18:21, 22) Ka gone, Jehofa o lebala maleo a rona ka kgopolo ya gore ga a nne a re gopotsa one gangwe le gape ka go re baya molato kana go re otlhaya gangwe le gape. A ga go re nametse go itse gore Modimo wa rona o a re itshwarela a bo a lebala?

Go Tweng ka Ditlamorago Tsa Gone?

18. Ke eng fa go itshwarelwa go sa bolele gore moleofi yo o ikwatlhayang o tla sirelediwa mo ditlamoragong tsotlhe tsa tsela ya gagwe e e phoso?

18 A lebaka la go bo Jehofa a ikemiseditse go itshwarela le kaya gore moleofi yo o ikwatlhayang o tla falola ditlamorago tsotlhe tsa tsela ya gagwe e e phoso? Nnyaa. Re ka se ka ra leofa re bo re sa lebane le ditlamorago tsa gone. Paulo o ile a kwala jaana: “Sengwe le sengwe se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.” (Bagalatia 6:7) Re ka nna ra lebana le ditlamorago dingwe tsa ditiro tsa rona. Seno ga se bolele gore fa Jehofa a sena go re itshwarela o dira gore re welwe ke mahutsana. Fa Mokeresete a welwa ke mathata ga a tshwanela go akanya gore, ‘Gongwe Jehofa o nkwatlhaela maleo a me a nako e e fetileng.’ (Jakobe 1:13) Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa ga a re falotse ditlamorago tsotlhe tsa ditiro tsa rona tse di phoso. Tlhalo, go ima go go sa lebelelwang, malwetse a a tshelanwang ka tlhakanelodikobo, go se tlhole o ikanngwa kana o tlotlwa—dilo tseno tsotlhe e ka nna ditlamorago tse di botlhoko le tse di ka se kang tsa tilwa tsa boleo. Se lebale gore tota le morago ga gore Jehofa a itshwarele Dafide maleo a gagwe malebana le Bathe-sheba le Uria, o ne a se ka a sireletsa Dafide mo ditlamoragong tse di botlhoko tse di neng tsa latela.—2 Samuele 12:9-12.

19-21. (a) Molao o o kwadilweng mo go Lefitiko 6:1-7 o ne o solegela motho yo o diretsweng phoso le yo o dirileng phoso molemo jang? (b) Jehofa o a itumela fa re tsaya dikgato dife fa re utlwisitse batho ba bangwe botlhoko ka diphoso tsa rona?

19 Maleo a rona a ka nna le ditlamorago tse di oketsegileng, segolobogolo fa batho ba bangwe ba utlwisitswe botlhoko ke dilo tse re di dirileng. Ka sekai, akanya ka pego e e mo go Lefitiko kgaolo 6. Molao wa ga Moshe fano o bua ka maemo a mo go one motho a dirang phoso e e masisi ya go utswetsa Moiseraelekaene dithoto, a di mo tseela ka dikgoka kgotsa ka boferefere. Go tswa foo moleofi yono ga a dumele gore o molato, e bile a le sebete mo a ka ikanang ka maaka. E nna kgang ya go ganetsana ga batho ba babedi. Le fa go ntse jalo, moragonyana motho yono yo o molato o tshwenngwa ke segakolodi a bo a ipolela boleo jwa gagwe. Gore Modimo a itshwarele motho yono, o tshwanelwa ke go dira dilo tse dingwe tse tharo: go busa se a se tsereng, go duela motho yo a mo se tseetseng tuelo e e lekanang le diperesente di le 20 tsa se a se utswileng le go ntsha phelefu e le tshupelo ya molato. Go tswa foo molao wa re: “Moperesiti o tla e ntshetsa Jehofa gore motho yoo a nne phepa, mme o tla itshwarelwa.”—Lefitiko 6:1-7.

20 Modimo o ne a bontsha kutlwelobotlhoko ka molao ono. O ne o solegela motho yo o utsweditsweng molemo, yo o neng a busediwa dithoto tsa gagwe le yo go seng pelaelo gore o ne a ikutlwa a imologile fa motho yo o mo diretseng phoso kgabagare a ne a dumela boleo jwa gagwe. Mme gape, molao o ne o solegela molemo motho yo segakolodi sa gagwe kgabagare se neng sa mo tlhotlheletsa go dumela molato wa gagwe le go baakanya phoso ya gagwe. Ruri fa a ne a ka gana go dira jalo, Modimo o ne a ka se mo itshwarele.

21 Le fa gone re se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, Molao oo o re naya lesedinyana kaga mogopolo wa ga Jehofa go akaretsa le tsela e a lebang go itshwarela ka yone. (Bakolosa 2:13, 14) Fa batho ba bangwe ba ile ba utlwisiwa botlhoko ke maleo a rona, Modimo o itumedisiwa ke fa re dira sotlhe se re ka se kgonang go baakanya diphoso tsa rona. (Mathaio 5:23, 24) Seno se ka akaretsa go ipolela boleo jwa rona, go ipona phoso le e leng go kopa maitshwarelo mo go yo re mo diretseng phoso. Go tswa foo re ka kopa Jehofa gore a re itshwarele a dirisa setlhabelo sa ga Jesu. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re naya segakolodi se se phepa.—Bahebera 10:21, 22.

22. Fa Jehofa a re itshwarela, ke eng gape se a ka se dirang e le go re thusa?

22 Fela jaaka motsadi mongwe le mongwe yo o lorato, Jehofa a ka nna a re itshwarela mme gape a bo a re otlhaya. (Diane 3:11, 12) Mokeresete yo o ikwatlhayang a ka tshwanelwa ke go latlhegelwa ke tshiamelo ya go nna mogolwane, motlhanka wa bodiredi, kana moreri wa nako e tletseng. Go ka nna botlhoko mo go ene fa a tshwanelwa ke go latlhegelwa ka nako e e rileng ke ditshiamelo tse a ntseng a di anaanela thata. Le fa go ntse jalo, kotlhao e e ntseng jalo ga e bolele gore Jehofa ga a tlhole a mo itshwarela. Re se lebale gore kotlhao e e tswang mo go Jehofa e bontsha gore o a re rata. Go solegelwa rona molemo fa re e amogela re bo re e dirisa.—Bahebera 12:5-11.

23. Ke eng fa re sa tshwanela go akanya gore Jehofa a ka se ka a re utlwela botlhoko, mme ke eng fa re tshwanetse go etsa tsela e a itshwarelang ka yone?

23 Ruri go nametsa pelo go itse gore Modimo wa rona o ‘ikemiseditse go re itshwarela’! Le fa re ka tswa re dirile diphoso dife, le ka motlha re se ka ra akanya gore Jehofa a ka se ka a re utlwela botlhoko. Fa ruri re ikwatlhaya, re baakanya diphoso tsa rona, mme re mo kopa ka tlhoafalo gore a re itshwarele ka thuso ya madi a a tsholotsweng a ga Jesu, re ka tshepa gore Jehofa o tla re itshwarela. (1 Johane 1:9) A re etseng tsela e a re itshwarelang ka yone fa re dirisana le batho ba bangwe. Fa Jehofa a kgona go re itshwarela jalo ka lorato le fa gone a sa ke a dira boleo, a rona batho ba ba leofang ga re a tshwanela go dira sotlhe se re ka se kgonang go itshwarelana?

a Mokanoki mongwe a re bohibidu jo bo letlhololo e ne e le “mmala o o nnelang ruri, kana o o sa tlogeng. O ne o ka se ka wa tlosiwa ke monyo, kana pula le fa e le go onala.”