Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 31

“Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”

“Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”

1-3. (a) Re ka ithuta eng ka tsela e batho ba dirilweng ka yone fa re leba kamano ya batsadi le losea lwa bone? (b) Ka tlholego fela re tsiboga jang fa motho mongwe a re bontsha lorato, mme ke potso efe e e botlhokwa e re tshwanetseng go ipotsa yone?

 BATSADI ba itumelela go bona loseanyana lwa bone lo nyenya. Gantsi ba atametsa difatlhego tsa bone mo loseanyaneng lono, ba bua le lone ka bonolo ba bo ba nyenya. Ba tlhoafalela go bona gore losea lono lo tla dira eng. Mme go ise go ye kae, losea lono lo a tsiboga—maramanyana a lone a a bobetsega, molomo o bulega go se kae go bo go tlhaga monyenyo o o itumedisang. Monyenyo oo, ka tsela ya one e e kgethegileng, o bontsha lorato, o bontsha tsela e losea lono lo simololang go tsibogela lorato lwa batsadi ba lone ka yone.

2 Monyenyo oo wa losea o re gopotsa sengwe se se botlhokwa ka tsela e batho ba dirilweng ka yone. Ka tlholego fela re tsibogela lorato ka lorato. Ke kafa re dirilweng ka teng. (Pesalema 22:9) Fa re ntse re gola, tsela e re tsibogelang lorato ka yone e a gola le yone. Gongwe o sa ntse o gopola ka nako ya fa o sa le ngwana tsela e batsadi ba gago, ba losika kana ditsala ba neng ba go bontsha lorato ka yone. O ne wa simolola go ikutlwa o na le maikutlo a lorato, maikutlo ao a ne a gola, mme go tswa foo wa a bontsha ka ditiro. Le wena o ne wa simolola go ba bontsha gore o a ba rata. A go ntse jalo le ka kamano ya gago le Jehofa Modimo?

3 Baebele ya re: “Re rata ba bangwe ka gonne a re ratile pele.” (1 Johane 4:19) Mo Karolong ya 1 go ya go ya 3 ya buka eno, o ne wa gakololwa gore Jehofa Modimo o bontshitse maatla a gagwe, tshiamiso le botlhale ka lorato ka ditsela tse di go solegelang molemo. Mme mo Karolong ya 4, o ne wa bona gore o bontshitse batho botlhe lorato ka tlhamalalo ka ditsela tse di gakgamatsang—go akaretsa le wena. Jaanong go tlhaga potso. Ka tsela nngwe, potso eno ke e e botlhokwa go gaisa tsotlhe tse o ka ipotsang tsone: ‘Nka tsibogela lorato lwa ga Jehofa jang?’

Se go Rata Modimo go se Bolelang

4. Batho ba bontsha jang gore ga ba itse se lorato lwa Modimo lo se bolelang?

4 Jehofa, Mosimolodi wa lorato, o itse sentle gore lorato lo na le maatla a magolo a go dira gore batho ba bangwe ba tlhagise dinonofo tsa bone tse di molemo go gaisa. Ka gone, le fa batho ba ba sa ikanyegeng ba tswelela pele ka botlhanogi jwa bone, o ile a se ka a felelwa ke tsholofelo ya gore batho bangwe ba tla tsibogela lorato lwa gagwe. Mme ruri dimilione tsa bone di ile tsa dira jalo. Le fa go ntse jalo, ka maswabi, madumedi a lefatshe leno le le bosula a dirile gore batho ba se ka ba itse se go rata Modimo go se bolelang. Batho ba le bantsi ba re ba rata Modimo, mme go bonala ba akanya gore lorato loo lo ka bontshiwa fela ka mafoko. Go rata Modimo go ka simolola jalo, fela jaaka losea lo ka simolola pele ka go nyenya go bontsha gore lo rata batsadi ba lone. Le fa go ntse jalo, mo bathong ba ba godileng sentle, lorato lo akaretsa se se fetang seo.

5. Baebele e tlhalosa go rata Modimo jang, mme ke eng fa tlhaloso eo e tshwanetse go re kgatlha?

5 Jehofa o tlhalosa se go mo rata go se bolelang. Lefoko la gagwe la re: “Fa re rata Modimo, re tla ikobela ditaelo tsa gagwe.” Ka gone, go rata Modimo go tshwanetse ga bontshiwa ka ditiro. Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ga ba utlwane le kgang ya go ikobela ditaelo. Mme yone temana eno e oketsa jaana: “Mme ditaelo tsa [Modimo] ga di imele.” (1 Johane 5:3) Melao le melaometheo ya ga Jehofa e diretswe go re solegela molemo e seng go re gatelela. (Isaia 48:17, 18) Lefoko la Modimo le tletse ka melaometheo e e re thusang go atamalana le ene. Jang? A re sekaseke dikarolo di le tharo tsa kamano ya rona le Modimo. Dikarolo tseno di akaretsa go buisana le ene, go mo obamela le go mo etsa.

Go Buisana le Jehofa

6-8. (a) Ke tsela efe e re ka reetsang Jehofa ka yone? (b) Re ka dira jang gore Dikwalo di nne le bokao fa re di bala?

6 Kgaolo ya 1 e simolola ka potso e e reng, “A o ka akanya o tlotla le Modimo?” Re bone gore seo se ka kgonega. Tota e bile, Moshe o ne a tlotla le ene ka tsela e e ntseng jalo. Go tweng ka rona? Gone jaanong ga e tlhole e le nako ya gore Jehofa a romele baengele ba gagwe gore ba buisane le batho. Mme gone, Jehofa o na le tsela e e molemo ya go buisana le rona gompieno. Re ka kgona go reetsa Jehofa jang?

7 E re ka “dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo di tswa kwa Modimong,” re reetsa Jehofa ka go bala Lefoko la gagwe, e leng Baebele. (2 Timotheo 3:16) Ke gone ka moo mopesalema a ileng a kgothaletsa batlhanka ba ga Jehofa go le bala jalo “motshegare le bosigo.” (Pesalema 1:1, 2) Go dira jalo go re tlhoka maiteko a magolo. Mme gone maiteko a a ntseng jalo ga se a lefela. Jaaka fa re bone mo Kgaolong ya 18, Baebele e tshwana le lekwalo la botlhokwa le le tswang kwa go Rraarona yo o kwa legodimong. Ka jalo go e bala ga e a tshwanela go nna tiro e e lapisang. Re tshwanetse go dira gore Dikwalo di nne le bokao fa re di bala. Re ka dira seo jang?

8 Dira gore o bone dipego tsa Baebele ka leitlho la mogopolo fa o ntse o bala. Leka go dira gore batho ba o balang ka bone mo Baebeleng e nne ba mmatota. Leka go lemoga tsela e ba neng ba tshela ka yone, maemo a ba neng ba le mo go one, le dilo tse di neng di tlhotlheletsa maikutlo a bone. Go tswa foo akanyetsa kwa teng ka se o se balang, o ipotsa dipotso tse di jaaka: ‘Pego eno e nthuta eng ka Jehofa? Pego eno e mpontsha nonofo efe ya gagwe? Ke melaometheo efe e Jehofa a batlang go nthuta yone, nka e dirisa jang mo botshelong jwa me?’ Bala, o tlhatlhanye mme o dirise se o se balang—fa o ntse o dira jalo, Lefoko la Modimo le tla nna le bokao mo go wena.—Pesalema 77:12; Jakobe 1:23-25.

9. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke mang, mme ke eng fa go le botlhokwa gore re reetse “motlhanka” yoo ka kelotlhoko?

9 Gape Jehofa o bua le rona ka go dirisa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Jaaka fa Jesu a ile a bolelela pele, go tlhomilwe setlhotshwana sa banna ba Bakeresete ba ba tloditsweng gore ba re tlamele ka ‘dijo tsa tshwantshetso ka nako e e siameng’ mo malatsing ano a bofelo a a tletseng mathata. (Mathaio 24:45-47) Fa re bala dikgatiso tse di diretsweng go re thusa go nna le kitso ya boammaaruri ya Baebele le fa re nna gone mo dipokanong le mo dikopanong tsa Bokeresete, motlhanka yoo o a bo a re tlamela ka se re se tlhokang gore re nne re atamalane le Jehofa. E re ka motlhanka yoo e le wa ga Keresete, re dirisa mafoko ano a ga Jesu ka tsela e e molemo: “Elang tlhoko kafa lo reetsang ka gone.” (Luke 8:18) Re reetsa ka kelotlhoko ka gonne re tsaya motlhanka yo o boikanyego e le nngwe ya ditsela tse Jehofa a di dirisang go buisana le rona.

10-12. (a) Ke eng fa thapelo e le mpho e e molemo e e tswang kwa go Jehofa? (b) Re ka rapela Jehofa jang ka tsela e e mo itumedisang, mme ke eng fa re ka dumela re sa belaele gore o tsaya dithapelo tsa rona di le botlhokwa?

10 Mme go tweng ka kgang ya go buisana le Modimo? A re ka kgona go buisana le Jehofa? Seno ke selo se se gakgamatsang tota. Fa o ne o ka batla go ya kwa mmusing yo mogolo go gaisa botlhe mo nageng ya lona go ya go buisana le ene ka kgang nngwe e e go amang ka namana, o ne o ka atlega go le kana kang? Ka dinako tse dingwe, go leka go dira jalo ka bogone fela go ka go tsenya mo kotsing! Mo motlheng wa ga Esethere le Moredekai, motho o ne a ka bolawa fa a ne a ka tla kwa kgosing ya Peresia fa a sa lalediwa ke kgosi. (Esethere 4:10, 11) Jaanong akanya o tla fa pele ga Morena Molaodimogolo wa lobopo lotlhe, yo batho bape fela ba ba nang le taolo e kgolo ‘ba tshwanang le ditsiakgope’ fa ba bapisiwa le ene. (Isaia 40:22) A re tshwanetse go ikutlwa re boifa go mo atamela? Legoka!

11 Jehofa o re diretse tsela e e tlhamaletseng le e e sa raraanang ya go mo atamela—thapelo. Tota le ngwananyana yo monnye a ka rapela Jehofa ka tumelo, a dira jalo ka leina la ga Jesu. (Johane 14:6; Bahebera 11:6) Le fa go ntse jalo, gape thapelo e re thusa go bolela maikutlo a rona a a raraaneng a a boteng—tota le a a hutsafatsang a go leng thata go a tlhalosa ka mafoko. (Baroma 8:26) Ga go thuse sepe go leka go kgatlha Jehofa ka go mo rapela o dirisa mafoko a bokgeleke, a a kgabisitsweng kana ka mafoko a mantsintsi a a kgweleaganeng. (Mathaio 6:7, 8) Kafa letlhakoreng le lengwe, Jehofa ga a re lekanyetse gore re bue le ene lobaka lo lo kana kang kana ka makgetlo a makae. Tota e bile, Lefoko la gagwe le re laletsa go ‘rapela re sa kgaotse.’—1 Bathesalonika 5:17.

12 Se lebale gore Jehofa ke ene fela yo o bidiwang “Moutlwi wa thapelo,” mme o reetsa ka kutlwelobotlhoko ya mmatota. (Pesalema 65:2) A ke fela gore o itshokela dithapelo tsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang? Nnyaa, tota o a di itumelela. Lefoko la gagwe le tshwantsha dithapelo tseo le maswalo, a fa a tuka a tlhatlosetsang monko o o monate kwa godimo. (Pesalema 141:2; Tshenolo 5:8; 8:4) A ga go nametse pelo go itse gore dithapelo tsa rona tse re di rapelang ka tlhoafalo le tsone di tlhatlogela jalo kwa godimo mme di itumedisa Morena Molaodimogolo? Ka gone, fa e le gore o batla go atamalana le Jehofa, mo rapele ka metlha ka boikokobetso, letsatsi le letsatsi. Mo tshololele pelo ya gago; o se ka wa mo lobela sepe. (Pesalema 62:8) Bolelela Rrago yo o kwa legodimong dilo tse o tshwenyegileng ka tsone, tse di go itumedisang, tse o mo lebogang ka tsone le tse o mmakang ka tsone. Fa o dira jalo, kamano e o nang le yone le ene e tla nonofa thata.

Go Obamela Jehofa

13, 14. Go obamela Jehofa go kaya eng, mme ke eng fa go tshwanela gore re dire jalo?

13 Fa re buisana le Jehofa Modimo ga se fela gore re a mo reetsa le go bua le ene jaaka fa re buisana le tsala kana wa losika. Totatota re a bo re obamela Jehofa, re mo naya tlotlo e e mo tshwanelang tota. Botshelo jwa rona jotlhe bo ikaegile ka kobamelo ya boammaaruri. Ke tsela e re bontshang Jehofa ka yone gore re mo rata ka moya otlhe e bile re ineetse mo go ene, mme e kopanya dibopiwa tsotlhe tse di ikanyegang tsa ga Jehofa, e ka ne e le tsa kwa legodimong kana mo lefatsheng. Moaposetoloi Johane o ne a utlwa mo ponatshegelong moengele a bolela taelo eno: “Obamelang Ene yo o dirileng legodimo le lefatshe le lewatle le metswedi ya metsi.”—Tshenolo 14:7.

14 Ke eng fa re tshwanetse go obamela Jehofa? Akanya ka dinonofo tse re buileng ka tsone, tse di jaaka gore o boitshepo, o maatla, o na le boikgapo, tshiamiso, bopelokgale, bopelotlhomogi, botlhale, boikokobetso, lorato, kutlwelobotlhoko, boikanyego le molemo. Re bone gore Jehofa o na le nngwe le nngwe ya dinonofo tseno tse di molemolemo ka selekanyo se se kwa godimodimo se se ka kgonegang. Fa re leka go tlhaloganya dinonofo tsotlhe tsa gagwe fa di kopane, re kgona go bona gore ga se fela gore ke Motho yo mogolo le yo re ka mo tseelang kwa godimo. O galalela ka tsela ya maemo a a kwa godimo, o mogolo mo go rona ka tsela e e ka se kang ya lekanngwa. (Isaia 55:9) Ga go pelaelo gore Jehofa o na le tshwanelo ya go re busa, mme re tshwanelwa ke go mo obamela. Mme gone, re tshwanetse go mo obamela jang?

15. Re ka obamela Jehofa jang “ka moya le ka boammaaruri,” mme dipokano tsa Bokeresete di re naya tshono efe?

15 Jesu o ne a re: “Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go mo obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Seo se bolela gore re obamele Jehofa ka dipelo tse di tletseng tumelo le lorato, re kaelwa ke moya wa gagwe. Go bolela le gore re mo obamele ka tsela e e dumalanang le boammaaruri, kitso e e leng ya boammaaruri e e mo Lefokong la Modimo. Re na le tshono e e molemo ya go obamela Jehofa “ka moya le ka boammaaruri” fa re kopane mmogo le baobamedikarona. (Bahebera 10:24, 25) Fa re opela dipina tsa go baka Jehofa, re mo rapela re le mmogo, le fa re reetsa le go nna le seabe fa go tlotlwa ka Lefoko la gagwe, re bontsha ka kobamelo e e itshekileng gore re a mo rata.

Dipokano tsa Bokeresete ke dinako tse di itumedisang tsa go obamela Jehofa

16. Nngwe ya ditaelo tse dikgolo tse Bakeresete ba boammaaruri ba di neilweng ke efe, mme ke eng fa re tlhotlheletsega go e ikobela?

16 Gape re obamela Jehofa fa re bua ka ene mo bathong ba bangwe, re mo galaletsa phatlalatsa. (Bahebera 13:15) Eleruri, go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa ga Jehofa ke nngwe ya ditaelo tse Bakeresete ba boammaaruri ba di neilweng. (Mathaio 24:14) Re e ikobela ka tlhoafalo ka gonne re rata Jehofa. Fa re akanya ka tsela e “modimo wa lefatshe leno,” e leng Satane Diabolo a ‘foufaditseng megopolo ya ba ba sa dumeleng’ ka yone, ka go rotloetsa maaka a a senyang Jehofa leina, a seo ga se dire gore re batle go nna Basupi ba Modimo wa rona, mme re thuse go senola maaka ao a a mo senyang leina? (2 Bakorintha 4:4; Isaia 43:10-12) Mme fa re akanya ka dinonofo tse di molemo tsa ga Jehofa, a ga re ikutlwe re na le keletso e kgolo go tswa mo botennyeng jwa dipelo tsa rona ya go batla go bolelela ba bangwe ka ene? Ruri ga go na tshiamelo e nngwe e kgolo go feta eno ya go thusa ba bangwe go itse Rraarona yo o kwa legodimong le go mo rata jaaka rona.

17. Go obamela Jehofa go akaretsa eng, mme ke eng fa re tshwanetse go mo obamela ka boikanyegi?

17 Kobamelo ya rona go Jehofa ga e akaretse seo fela. E ama karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa rona. (Bakolosa 3:23) Fa ruri re tsaya Jehofa e le Morena Molaodimogolo wa rona, he re tla batla go dira thato ya gagwe mo go sengwe le sengwe—mo botshelong jwa rona jwa lelapa, mo tseleng e re dirisanang le ba bangwe ka yone, le ka nako ya rona ya boiketlo. Re tla batla go direla Jehofa “ka pelo e e feletseng,” ka boikanyegi. (1 Ditiragalo 28:9) Kobamelo e e ntseng jalo e tla dira gore re se ka ra nna pelopedi kana ra tshela botshelo jwa boitimokanyi—re bonala e kete re direla Jehofa mme kafa letlhakoreng le lengwe re tla re dira maleo a a masisi mo sephiring. Boikanyegi bo tla dira gore re se ka ra tshela botshelo jo bo ntseng jalo jwa boitimokanyi; lorato lo tla re dira gore re bo ile. Go boifa Modimo le gone go tla re thusa. Baebele e bontsha gore batho ba ba boifang Jehofa ke bone fela ba ba ka nnang ditsala te di atamalaneng le ene.—Pesalema 25:14.

Go Etsa Jehofa

18, 19. Ke eng fa go utlwala go akanya gore batho fela ba ba sa itekanelang ba ka kgona go etsa Jehofa Modimo?

18 Karolo nngwe le nngwe ya buka eno e ne e konela ka kgaolo e e bontshang kafa re ka ‘etsang Modimo ka teng ka gonne re bana ba gagwe ba ba rategang.’ (Baefeso 5:1) Go botlhokwa go gopola gore le fa re sa itekanela, re ka kgona go etsa tsela e Jehofa a dirisang maatla ka yone, e a diragatsang tshiamiso ka yone, e a dirang dilo ka botlhale ka yone, le e a bontshang lorato ka yone. Re itse jang gore go a kgonega gore re ka etsa Mothatayotlhe? Gopola gore bokao jwa leina la ga Jehofa bo re ruta gore a ka nna sengwe le sengwe se a batlang go nna sone e le gore a diragatse maikaelelo a gagwe. Re na le lebaka le le utlwalang la go gakgamadiwa ke bokgoni joo jo a nang le jone, mme gone a ga go kgonege gotlhelele gore re ka mo etsa? Nnyaa.

19 Re dirilwe mo setshwanong sa Modimo. (Genesise 1:26) Ke gone ka moo batho ba farologanang le dibopiwa tse dingwe mo lefatsheng. Ga re laolwe ke maikutlo fela a tlholego, tsela ya go bopega ga dijine tsa rona, kana dilo dingwe tse di amanang le tikologo ya rona. Jehofa o re neile mpho e e botlhokwa thata—go itlhophela. Le fa re na le makoa e bile re sa itekanela, re ka itlhophela se re ka batlang go nna sone. Mo godimo ga moo, gopola gore gape leina la Modimo le kaya gore a ka dira gore baobamedi ba gagwe ba nne sepe fela se a tlhophang gore ba nne sone. Ka jalo, a o batla go nna motho yo o lorato, yo o botlhale, yo o tshiamo yo o dirisang maatla sentle? O ka kgona go nna sone fela seo o thusiwa ke moya wa ga Jehofa! Akanya fela ka dilo tse di molemo tse o tla kgonang go di dira.

20. Ke melemo efe e re nnang le yone fa re etsa Jehofa?

20 O tla itumedisa Rrago yo o kwa legodimong, o dira gore pelo ya gagwe e itumele. (Diane 27:11) Tota e bile o ka mo “itumedisa” ka botlalo ka gonne a tlhaloganya makoa a gago. (Bakolosa 1:9, 10) Mme fa o ntse o leka go etsa Rrago yo o lorato ka go nna le dinonofo tse di molemo, o tla nna le tshiamelo e kgolo. O tla kgona go isa lesedi la boammaaruri kwa bathong ba ba mo lefifing ka gonne ba sa itse Modimo. (Mathaio 5:1, 2, 14) O tla thusa go anamisetsa bontlhanngwe jwa lesedinyana kaga botho jo bo molemo jwa ga Jehofa kwa dikarolong tse di kwa kgakala tsa lefatshe. A tshiamelo ruri!

“Atamelang Modimo, Mme o Tla lo Atamela”

E kete o ka tswelela o atamalane le Jehofa ka metlha

21, 22. Ke loeto lofe lo lo sa feleng lo batho botlhe ba ba ratang Jehofa ba lo tsereng?

21 Kgothatso e e kwadilweng mo go Jakobe 4:8 ga se boikaelelo fela. Ke loeto. Fa fela re nna re ikanyega, loeto loo lo ka se ka lwa khutla. Re ka se ka re emisa go atamalana le Jehofa. Tota e bile, re tla nna re na le dilo tse dintsi tse re ka ithutang tsone ka ene. Re se ka ra akanya gore buka eno e re rutile dilo tsotlhe tse re tshwanetseng go di itse ka Jehofa. Kana gone, ga re ise re kgone go sekaseka dilo tsotlhe tse Baebele e di tlhalosang ka Modimo wa rona! Baebele le yone ga e re bolelele dilo tsotlhe tse re ka ithutang tsone ka Jehofa. Moaposetoloi Johane o ne a tlhalosa gore fa dilo tsotlhe tse Jesu a neng a di dira mo bodireding jwa gagwe fa a le mo lefatsheng di ne di ka kwalwa, “lefatshe le ne le ka se ka la kgona go tshola memeno yotlhe e di kwadilweng mo go yone.” (Johane 21:25) Fa go ne go ka buiwa jalo ka Morwa, go tweng ka Rraagwe!

22 Tota le ka nako ya fa re tla bo re tshelela ruri, re sa ntse re tla tswelela re ithuta ka Jehofa. (Moreri 3:11) Akanya fela gore seo se kaya eng. E tla re fa re setse re tshedile dingwaga di le makgolokgolo, di le diketekete, di le dimilione, tota le fa di le dimilione di le diketekete, re tla bo re itse dilo di le dintsi ka Jehofa Modimo go feta tse re di itseng gone jaanong. Le fa go ntse jalo, re tla bo re sa ntse re na le dilo tse dintsi thata tse di molemo tse re ka ithutang tsone. Re tla tlhagafalela go ithuta dilo di le dintsi ka gonne re tla aga re na le lebaka la go ikutlwa jaaka mopesalema yo o neng a opela jaana: “Go atamela Modimo go ntswela mosola.” (Pesalema 73:28) Botshelo jo bo sa khutleng bo tla bo bo na le dilo tsa mefutafuta e bile bo le monate ka tsela e re ka se kang ra kgona go e akanya—mme selo se se tla itumedisang go gaisa tsotlhe e tla nna kgang ya go atamalana thata le Jehofa.

23. O kgothalediwa go dira eng?

23 E kete o ka tsibogela lorato lwa ga Jehofa gone jaanong ka go mo rata ka pelo yotlhe, ka moya otlhe, tlhaloganyo yotlhe le ka nonofo yotlhe. (Mareko 12:29, 30) E kete lorato lwa gago e ka nna lo lo ikanyegang lo lo tlhomameng. E kete ditshwetso tse o di dirang letsatsi le letsatsi, go tloga ka tse dinnye go fitlha ka tse dikgolo, tsotlhe di ka bontsha gore o kaelwa ke molaomotheo o le mongwe fela—gore ka metlha o tla tlhopha tsela e e tla dirang gore o nne le kamano e e nonofileng le Rrago yo o kwa legodimong. Mo godimo ga tseno tsotlhe, e kete o ka tswelela o atamalane le Jehofa, mme e kete le ene a ka atamalana thata le wena—gone jaanong le ka bosakhutleng!