Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 1

Lebaka La go Bo Jesu E ne E le Morutisi yo Mogolo

Lebaka La go Bo Jesu E ne E le Morutisi yo Mogolo

DINGWAGA di feta dikete tse pedi tse di fetileng, go ne ga tsholwa ngwana yo o kgethegileng thata yo o neng a gola a nna monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela. Ka nako eo go ne go se na difofane kgotsa dikoloi. Go ne go se na dilo tse di tshwanang le diradio, dithelebishene, le dikhomputara.

Ngwana yono o ne a tewa leina ga twe Jesu. O ne a nna monna yo o botlhale go feta botlhe mo lefatsheng. Gape Jesu o ne a nna morutisi yo o molemo thata. O ne a kgona go tlhalosa dilo tse di thata ka tsela e e neng e dira gore go nne motlhofo go di tlhaloganya.

Jesu o ne a ruta batho gongwe le gongwe fela fa a neng a kopana le bone gone. O ne a ba ruta kwa losing lwa lewatle le mo mekorong. O ne a ba ruta kwa magaeng a bone le fa a le mo tseleng. Jesu o ne a se na koloi, e bile o ne a sa tsamaye ka bese kgotsa terena. Jesu o ne a tsamaya ka dinao go tswa lefelong le lengwe a ya kwa go le lengwe, a ruta batho.

Re ithuta dilo di le dintsi mo bathong ba bangwe. Mme re ka ithuta dilo tse di botlhokwa thata mo Morutising yo Mogolo, e bong Jesu. Mafoko a ga Jesu a fitlhelwa mo Baebeleng. Fa re bala mafoko ao mo Baebeleng, go ntse jaaka e kete Jesu o bua le rona.

Ke ka ntlha yang fa Jesu e ne e le Morutisi yo Mogolo jaana? Lebaka lengwe ke gore Jesu ka boene o ne a rutilwe. Mme o ne a itse gore go reetsa go botlhokwa go le kana kang. Mme Jesu o ne a reetsa mang? Ke mang yo o neng a mo ruta?— Ke Rraagwe. Rraagwe Jesu ke Modimo.

Jesu o ne a tshela kwa legodimong le Modimo pele a tla mo lefatsheng e le motho. Ka gone Jesu o ne a sa tshwane le batho ba bangwe ka gonne ga go na motho ope yo o kileng a tshela kwa legodimong pele a tsholwa mo lefatsheng. Fa Jesu a ne a le kwa legodimong e ne e le Morwa yo o utlwang, a utlwa Rraagwe. Ka gone Jesu o ne a kgona go ruta batho se a se ithutileng mo Modimong. O ka etsa Jesu ka go reetsa rrago le mmago.

Lebaka le lengwe le le neng le dira gore Jesu e nne Morutisi yo Mogolo ke gore o ne a rata batho. O ne a batla go thusa batho go ithuta ka Modimo. Jesu o ne a rata bagolo, mme o ne a rata le bana. Mme bana ba ne ba rata go nna le Jesu ka gonne o ne a bua le bone e bile a ba reetsa.

Ke ka ntlha yang fa bana ba ne ba rata go nna le Jesu?

Tsatsi lengwe batsadi bangwe ba ne ba tlisa bana ba bone ba bannye kwa go Jesu. Mme ditsala tsa ga Jesu di ne di akanya gore Morutisi yo Mogolo o ne a se na nako ya go bua le bana ba bannye. Ka jalo ditsala tsa ga Jesu di ne tsa ba raya tsa re ba tsamaye. Jesu o ne a reng?— Jesu o ne a re: ‘Lesang bana ba bannye ba tle mo go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.’ Ee, Jesu o ne a batla gore bana ba bannye ba tle kwa go ene. Le fa Jesu e ne e le monna yo o botlhale thata e bile a le botlhokwa, o ne a ipha nako ya go ruta bana ba bannye.—Mareko 10:13, 14.

A o itse gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ruta bana e bile a ba reetsa? Lebaka lengwe ke gore o ne a batla gore ba itumele ka go ba bolelela dilo dingwe ka Modimo, yo e leng Rraagwe wa selegodimo. O ka itumedisa batho jang?— Ka go ba bolelela dilo tse o di ithutileng ka Modimo.

Ka nako nngwe, Jesu o ne a dirisa ngwana yo monnye go ruta ditsala tsa Gagwe thuto nngwe ya botlhokwa. O ne a tsaya ngwana yoo mme a mmaya fa gare ga barutwa ga Gagwe, ba e neng e le balatedi ba Gagwe. Morago ga moo Jesu o ne a re banna bano ba ba godileng ba tshwanetse go fetola ditsela tsa bone mme ba nne jaaka ngwana yoo.

Bana ba bagolwanyane le bagolo ba ka ithuta eng mo ngwaneng yo monnye?

Jesu o ne a raya eng fa a ne a bua jalo? A o itse gore monna yo o godileng, kgotsa ngwana yo mogolo mo go wena, o ka nna jang jaaka ngwana yo monnye?— Ngwana yo monnye ga a itse dilo tse dintsi jaaka motho yo mogolo mme o rata go ithuta. Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ba tshwanetse go nna boikokobetso, jaaka bana ba bannye. Ee, rotlhe re ka ithuta dilo tse dintsi mo bathong ba bangwe. Mme rotlhe re tshwanetse go itse gore dithuto tsa ga Jesu di botlhokwa go feta dilo tse rona re di akanyang.—Mathaio 18:1-5.

Lebaka le lengwe la go bo Jesu e ne e le Morutisi yo Mogolo ke gore o ne a kgona go dira gore dilo tse a di buang di kgatlhe batho. O ne a tlhalosa dilo ka tsela e e motlhofo, e e utlwalang sentle. O ne a bua ka dinonyane le dithunya le dilo tse dingwe tse batho ba di tlwaetseng, go ba thusa gore ba tlhaloganye dilo dingwe ka Modimo.

Tsatsi lengwe fa Jesu a ne a le kwa thabeng, batho ba bantsi ba ne ba tla kwa go ene. Jesu o ne a nna fa fatshe mme a bua le bone, kana a ba rerela jaaka o bona fano. Thero eno e bidiwa Thero ya kwa Thabeng. O ne a re: ‘Leba dinonyane tsa legodimo. Ga di jale peo. Ga di phuthele dijo mo matlong. Mme Modimo yo o kwa legodimong o a di fepa. A ga o botlhokwa go di feta?’

Jesu o ne a ruta eng fa a ne a bua ka dinonyane le dithunya?

Gape Jesu o ne a re: ‘Ithute mo dithunyeng tsa naga. Di a gola mme ga di bereke. Mme bona gore di dintle jang! Le Kgosi Solomone yo o neng a humile o ne a sa kgabe jaaka dithunya tseno tsa naga. Fa Modimo a tlhokomela dithunya tse di tlhogang, a le wena ga a na go go tlhokomela?’—Mathaio 6:25-33.

A o tlhaloganya thuto e Jesu a neng a e ruta?— O ne a sa batle gore re tshwenyege ka gore re tla bona kae dijo tse re tla di jang kana diaparo tse re tla di aparang. Modimo o a itse gore re tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jesu o ne a sa re re se ka ra bereka gore re bone dijo le diaparo. Mme o ne a raya gore re tshwanetse go baya Modimo kwa pele. Fa re dira seo Modimo o tla tlhomamisa gore re nne le dijo le diaparo. A o dumela seo?—

Fa Jesu a fetsa go bua, ke eng se batho ba neng ba se akanya?— Baebele ya re ba ne ba gakgamaletse tsela e a neng a ruta ka yone. Go ne go kgatlha tota go mo reetsa. Se a neng a se bua se ne se thusa batho go dira se se siameng.—Mathaio 7:28.

Go botlhokwa thata go ithuta mo go Jesu. A o itse gore re ka dira seo jang?— Dilo tse a di buileng di kwadilwe mo bukeng nngwe. A o itse gore buka eo ke efe?— Ke Baebele e e Boitshepo. Seno se raya gore re ka utlwa Jesu ka go dira dilo tse re di balang mo Baebeleng. Tota e bile, Baebele e bolela kafa Modimo a neng a re laela ka teng gore re reetse Jesu. A re boneng gore go ile ga diragalang.

Tsatsi lengwe Jesu o ne a tsaya ditsala tsa gagwe tse tharo ba ya go palama thaba. Maina a bone e ne e le Jakobe, Johane le Petere. Re tla ithuta dilo tse dintsi ka banna bano fa nako e ntse e tsamaya, ka gonne e ne e le ditsala tse dikgolo tsa ga Jesu ka boraro jwa bone. Mo tiragalong eno e e kgethegileng, sefatlhego sa ga Jesu se ne sa simolola go phatsima thata. Le diaparo tsa gagwe di ne tsa phatsima jaaka lesedi, jaaka o bona fano.

“Yono ke Morwaake . . . Mo reetseng”

Morago ga moo, Jesu le ditsala tsa gagwe ba ne ba utlwa lentswe le le tswang legodimong. Le ne le re: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng; mo reetseng.” (Mathaio 17:1-5) A o itse gore e ne e le lentswe la ga mang?— E ne e le lentswe la Modimo! Modimo ke ene a rileng re tshwanetse go reetsa Morwa wa gagwe.

Go tweng ka rona gompieno? A re tla utlwa Modimo le go reetsa Morwa wa gagwe, yo e leng Morutisi yo Mogolo?— Rotlhe re tshwanetse go dira jalo. A o gakologelwa gore re ka dira jalo jang?—

Ee, re ka reetsa Morwa Modimo ka go bala ka botshelo jwa gagwe mo Baebeleng. Morutisi yo Mogolo o na le dilo tse dintsi tse a batlang go re bolelela tsone. O tla itumelela go bala ka dilo tseno tse di kwadilweng mo Baebeleng. Mme gape go tla go itumedisa fa o bolelela ditsala tsa gago ka dilo tse di molemo tse o di ithutang.

Gore o utlwe gore o ka solegelwa molemo jang fa o reetsa Jesu, bula Baebele ya gago mme o bale Johane 3:16; 8:28-30; le Ditiro 4:12.