Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 2

Lekwalo le le Tswang Kwa Modimong yo o Lorato

Lekwalo le le Tswang Kwa Modimong yo o Lorato

A KO o mpolelele, ke buka efe e o e ratang thata?— Bana bangwe ba ka tlhopha buka e e buang ka diphologolo. Ba bangwe ba ka tlhopha buka e e nang le ditshwantsho tse dintsi. Go monate go bala dibuka tseno.

Dibuka tse di molemo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng ke tse di re bolelelang boammaaruri ka Modimo. Nngwe ya dibuka tseo e botlhokwa go feta tse dingwe tsotlhe. A o itse gore buka eo ke efe?— Ke Baebele.

Ke eng fa Baebele e le botlhokwa jaana?— Ka gonne e tswa kwa Modimong. E re bolelela ka ene le ka dilo tse di molemo tse a tlileng go re di direla. E bile e re bontsha se re tshwanetseng go se dira go mo itumedisa. E tshwana le lekwalo le le tswang kwa Modimong.

Modimo o ne a ka nna a kwala Baebele yotlhe kwa legodimong a bo a e neela batho. Mme ga a ka a dira jalo. Le fa gone dikgopolo di ne di tswa kwa Modimong, o ne a dirisa batlhanka ba gagwe mo lefatsheng go kwala dilo di le dintsi tse di mo Baebeleng.

Modimo o ne a dira seo jang?— Gore o tlhaloganye, akanya ka seno. Fa re utlwa lentswe la mongwe mo radiong, motho yoo o ka tswa a bua a le kgakala thata. Fa re lebelela thelebishene, re kgona go bona batho kwa dinageng tse dingwe tsa lefatshe, e bile re kgona go utlwa se ba se buang.

Batho ba kgona le go ya ngweding ka dikoloi tse di tsamayang mo lefaufaung, e bile ba kgona go romela melaetsa mo lefatsheng fa ba le koo. A o ne o itse seo?— Fa e le gore batho ba kgona go dira seo, a Modimo o kgona go romela melaetsa go tswa kwa legodimong?— Ee ruri, a ka kgona! Mme ga a bolo go e romela pele ga batho ba nna le diradio kgotsa dithelebishene.

Re itse jang gore Modimo a ka bua le rona a ntse a le kgakala le rona?

Moshe o kile a utlwa Modimo a bua. Moshe o ne a sa kgone go bona Modimo, mme o ne a kgona go utlwa lentswe la Modimo. Fa seno se ne se diragala, go ne go na le batho ba le dimilione koo. Ka letsatsi leo, Modimo o ne a dira gore thaba yotlhe e rorome, ga nna le tumo ya maru le dikgadima. Batho ba ne ba itse gore go ne go bua Modimo, mme ba ne ba tshogile thata. Ba ne ba raya Moshe ba re: “A Modimo a se ka a bua le rona e se re kgotsa ra swa.” Moragonyana, Moshe o ne a kwala dilo tse Modimo a neng a di buile. Se Moshe a se kwadileng se teng mo Baebeleng.—Ekesodo 20:18-21.

Moshe o kwadile dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele. Mme e ne e se ene fela yo o neng a e kwala. Modimo o ne a dirisa banna ba ka nna 40 go kwala dibuka tsa Baebele. Banna bano ba ne ba tshela bogologolo thata, mme Baebele e tsere nako e telele go fela. E tsere dingwaga di ka nna 1 600 go fela! Go a gakgamatsa gore le fa bangwe ba banna bano ba ise ba ke ba kopane, sengwe le sengwe se ba se kwadileng se a dumalana.

Maina a bakwadi bano ba Baebele ke bomang?

Banna bangwe ba Modimo a neng a ba dirisa go kwala Baebele e ne e le batho ba ba itsegeng. Le fa Moshe e ne e le modisa, o ne a nna moeteledipele wa setšhaba sa Iseraele. Solomone e ne e le kgosi e e neng e le botlhale thata e bile e humile go feta batho botlhe mo lefatsheng. Mme bakwadi ba bangwe bone ba ne ba sa itsege thata. Amose o ne a tlhokomela ditlhare tsa mofeige.

Gape, mokwadi yo mongwe wa Baebele e ne e le ngaka. A o itse leina la gagwe?— E ne e le Luke. Mokwadi yo mongwe e ne e le mokgethisi. Leina la gagwe e ne e le Mathaio. Yo mongwe gape e ne e le ramolao, a itse molao wa bodumedi wa Bajuda thata. O kwadile dibuka tse dintsi tsa Baebele go feta ba bangwe botlhe. A o itse leina la gagwe?— E ne e le Paulo. Mme barutwa ba ga Jesu e bong Petere le Johane, ba le bone e neng e le bakwadi ba Baebele, e ne e le batshwari ba ditlhapi.

Bontsi jwa bakwadi bano ba Baebele ba ne ba kwala ka dilo tse Modimo a neng a tlile go di dira mo nakong e e tlang. Ba ne ba itse dilo tseo jang pele ga di direga?— Modimo o ne a boleletse banna bao dilo tseo. O ne a ba boleletse se se neng se tla direga.

Ka nako ya fa Jesu, Morutisi yo Mogolo a ne a le mo lefatsheng, karolo e kgolo ya Baebele e ne e setse e kwadilwe. Gakologelwa gore Morutisi yo Mogolo o ne a ntse a le kwa legodimong. O ne a itse se Modimo a se dirileng. A o ne a dumela gore Baebele e tswa kwa Modimong?— Ee, o ne a dumela.

Fa Jesu a ne a bua le batho ka ditiro tsa Modimo, o ne a bala mo Baebeleng. Ka dinako tse dingwe o ne a ba bolelela dilo tse e di buang tse a neng a di itse. Gape Jesu o ne a re bolelela dilo tse dingwe tse di tswang kwa Modimong. Jesu o ne a re: “Dilo tse ke di utlwileng mo go ene ke di bua mo lefatsheng.” (Johane 8:26) Jesu o ne a utlwile dilo di le dintsi mo Modimong ka gonne a ne a nna le Modimo. Re ka bala kae dilo tseo tse Jesu a di buileng?— Mo Baebeleng. Re di kwaletswe gore re di bale.

Fa Modimo a ne a dirisa banna go kwala, ba ne ba kwala ka puo e ba neng ba e dirisa letsatsi le letsatsi. Ka jalo karolo e kgolo ya Baebele e ne e kwadilwe ka Sehebera, karolo e nngwe ka Searamaika, mme e nngwe e kwadilwe ka Segerika. E re ka batho ba le bantsi gompieno ba sa kgone go bala dipuo tseno, Baebele e kwadilwe ka dipuo tse dingwe. Gompieno dikwalo dingwe tsa Baebele di ka balwa ka dipuo di feta 2 260. Akanya fela! Baebele ke lekwalo le Modimo a le kwaletseng batho gongwe le gongwe. Mme le fa e ka tswa e kwalolotswe gantsi jang, e sa ntse e le molaetsa o o tswang kwa Modimong.

Se Baebele e se buang se botlhokwa thata mo go rona. E kwadilwe bogologolo thata. Mme e bua ka dilo tse di diregang gompieno. E bile e re bolelela se Modimo a tlileng go se dira mo nakong e e tlang. Se e se buang se kgatlha tota! E re naya tsholofelo e e itumedisang.

O ka ithuta dilo dife fa o bala Baebele?

Gape Baebele e re bolelela gore Modimo o batla gore re tshele jang. E re bolelela se se siameng le se se sa siamang. Nna le wena re tshwanetse go itse seno. E re bolelela ka batho ba ba neng ba dira dilo tse di maswe le se se neng sa ba diragalela, gore re se ka ra nna le mathata a ba neng ba na le one. Gape e re bolelela ka batho ba ba neng ba dira se se siameng le dilo tse di molemo tse di neng tsa ba diragalela. Sotlhe seno re se kwaletswe gore se re solegele molemo.

Gore Baebele e re solegele molemo thata, re tshwanetse go itse karabo ya potso nngwe. Potso eo ke e e reng: Ke mang yo o re neileng Baebele? O ne o tla reng?— Ee, Baebele yotlhe e tswa kwa Modimong. Mme jaanong, re ka bontsha jang gore re botlhale tota?— Ka go reetsa Modimo le ka go dira se a se buang.

Ka jalo, re tshwanetse go nna le nako ya go bala Baebele mmogo. Fa re amogela lekwalo le le tswang kwa mothong yo re mo ratang thata, re le bala gantsintsi fela. Le botlhokwa thata mo go rona. Baebele e tshwanetse go nna jalo mo go rona ka gonne ke lekwalo le le tswang kwa Mothong yo o re ratang thata. Ke lekwalo le le tswang kwa Modimong yo o lorato.

Jaanong dirisa metsotso e le mmalwa o bala ditemana tseno tse di bontshang gore eleruri Baebele ke Lefoko la Modimo, le re le kwaletsweng gore le re solegele molemo: Baroma 15:4; 2 Timotheo 3:16, 17; le 2 Petere 1:20, 21.