Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 3

Ene yo o Dirileng Dilo Tsotlhe

Ene yo o Dirileng Dilo Tsotlhe

Ke mang yo o dirileng dilo tsotlhe tse di tshelang?

KE ITSE sengwe se se kgatlhang. A o rata go itse gore ke eng?— Leba seatla sa gago. Koba menwana ya gago. Tsaya sengwe ka yone. Seatla sa gago se kgona go dira dilo tse dintsi, e bile se kgona go di dira sentle. A o itse gore ke mang yo o dirileng diatla tsa gago?—

Ke Ene yo o dirileng melomo ya rona, dinko tsa rona le matlho a rona. Ke Modimo, Rraagwe Morutisi yo Mogolo. A ga re itumelele gore Modimo o re file matlho?— Re kgona go bona dilo tse dintsi ka one. Re kgona go bona dithunya. Re kgona go bona bojang jo botala le loapi lo lotala. E bile re kgona go bona mamphorwana a a tshwerweng ke tlala a a tshwanang le a a mo setshwantshong seno. Eleruri, go a itumedisa go bona dilo tse di tshwanang le tseno, ga ke re?—

Mme ke mang yo o dirileng dilo tseno? A di dirilwe ke motho mongwe? Nnyaa. Batho ba ka aga ntlo. Mme ga go na motho yo o ka tlhogisang bojang. Batho ba ka se kgone go dira lemphorwana, sethunya kgotsa le fa e le sepe fela se se tshelang. A o ne o itse seo?—

Modimo ke ene a dirileng dilo tseno tsotlhe. Modimo o dirile magodimo le lefatshe. O bopile le batho. O bopile monna wa ntlha le mosadi wa ntlha. Jesu, Morutisi yo Mogolo, o rutile seno.—Mathaio 19:4-6.

Jesu o ne a itse jang gore Modimo o bopile monna le mosadi? A Jesu o ne a bone Modimo a ba dira?— Ee, o mmone. Jesu o ne a na le Modimo fa Modimo a ne a bopa monna le mosadi. Jesu ke ene motho wa ntlha yo Modimo a mmopileng. Jesu e ne e le moengele, mme o ne a nna kwa legodimong le Rraagwe.

Baebele e re bolelela gore Modimo o ne a re: “A re dire motho.” (Genesise 1:26) A o itse gore Modimo o ne a bua le mang?— O ne a bua le Morwawe. O ne a bua le motho yo moragonyana a neng a tla mo lefatsheng a nna Jesu.

A seo ga se kgatlhe? Akanya fela! Fa re reetsa Jesu, re a bo re rutiwa ke motho yo o neng a na le Modimo fa Modimo a ne a dira lefatshe le dilo tsotlhe tse dingwe. Jesu o ithutile dilo tse dintsi fa a ne a bereka le Rraagwe kwa legodimong. Ke sone se Jesu e leng Morutisi yo Mogolo!

A o akanya gore Modimo o ne a sa itumelele go nna a le nosi pele ga a bopa Morwawe?— Nnyaa, o ne a itumetse. Jaanong fa e le gore o ne a itumetse, ke ka ntlha yang fa a ne a bopa dilo tse dingwe tsotlhe?— O ne a di bopa ka gonne ke Modimo yo o lorato. O ne a batla gore batho ba bangwe ba tshele mme ba itumelele botshelo. Re tshwanetse go leboga Modimo ka gonne a re neile botshelo.

Sengwe le sengwe se Modimo a se dirileng se bontsha lorato lwa gagwe. Modimo o dirile letsatsi. Letsatsi le re naya lesedi e bile le a re thuthafatsa. Sengwe le sengwe se ne se tla nna tsididi fa go ne go se na letsatsi e bile go ka bo go se na botshelo mo lefatsheng. A ga o itumelele gore Modimo o dirile letsatsi?—

Modimo o nesa le pula. Ka dinako tse dingwe o ka nna wa se ka wa rata fa pula e na ka gonne o sa kgone go ya go tshameka kwa ntle. Mme pula e dira gore dithunya di gole. Ka jalo fa re bona dithunya tse dintle, re tlile go leboga mang?— Re leboga Modimo. Mme re tshwanetse go leboga mang fa re ja maungo le merogo e e monate?— Re tshwanetse go leboga Modimo ka gonne ke letsatsi la gagwe le pula ya gagwe tse di dirang gore dilo di ungwe.

Fa mongwe a ka go botsa a re, ‘A tota Modimo o bopile batho le diphologolo?’ O ne o tla reng?— O tla bo o araba sentle fa o re: “Ee, Modimo o bopile batho le diphologolo.” Mme o tla reng fa motho a sa dumele gore ruri Modimo o bopile batho? O tla reng fa a ka re batho ba tswa mo diphologolong? Baebele yone ga e rute jalo. Ya re Modimo o bopile dilo tsotlhe tse di tshelang.—Genesise 1:26-31.

E re ka ntlo e agilwe ke mongwe, ke mang yo o dirileng dithunya, ditlhare le diphologolo?

Mme mongwe o ka nna a go raya a re ga a dumele mo Modimong. O ne o tla reng?— Mmontshe ntlo. Mmotse go re: “Ke mang yo o agileng ntlo eno?” Mongwe le mongwe o a itse gore e tshwanetse ya bo e agilwe ke motho mongwe. Ntlo eo ga e a ikaga!—Bahebera 3:4.

Go tswa foo o ise motho yoo kwa tshingwaneng mme o mmontshe sethunya. Mmotse go re: “Ke mang yo o se dirileng?” Ga se a dirwa ke motho. Mme fela jaaka ntlo e sa ikaga, le sethunya seno ga se a itira. Se dirilwe ke mongwe. Ke Modimo a se dirileng.

Kopa motho yoo gore a eme a reetse molodi wa nonyane. Go tswa foo o mmotse go re: “Ke mang yo o bopileng dinonyane a bo a di ruta go letsa molodi?” Ke Modimo. Modimo ke ene a dirileng magodimo le lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang! Ke Ene yo o di nayang botshelo.

Le fa go ntse jalo, motho mongwe o ka nna a re ene o dumela fela se a se bonang. O ka nna a re: ‘Fa ke sa se bone, ga ke dumele.’ Batho bangwe ba re ga ba dumele mo Modimong ka gonne ga ba mmone.

Ke boammaaruri gore ga re kgone go bona Modimo. Baebele ya re: ‘Ga go na motho yo o ka bonang Modimo.’ Ga go na monna ope mo lefatsheng, mosadi, kgotsa ngwana yo o ka bonang Modimo. Ga go na motho ope yo o tshwanetseng go leka go dira setshwantsho sa Modimo. E bile Modimo o re bolelela gore re se ka ra dira setshwantsho sa gagwe. Ka jalo, re ka se itumedise Modimo fa re na le dilo tse di ntseng jalo mo ntlong ya rona.—Ekesodo 20:4, 5; 33:20; Johane 1:18.

Mme fa o sa kgone go bona Modimo, o itse jang gore tota Modimo o teng? Akanya ka seno. A o kgona go bona phefo?— Nnyaa. Ga go na motho ope yo o ka bonang phefo. Mme o ka kgona go bona dilo tse di dirwang ke phefo. O ka kgona go bona matlhare a tshikinyega fa phefo e foka mo dikaleng tsa setlhare. Ka jalo o a dumela gore phefo e teng.

O itse jang gore phefo e teng?

O ka kgona go bona le dilo tse Modimo a di dirileng. Fa o bona sethunya kgotsa nonyane, o bona sengwe se Modimo a se dirileng. Ka jalo o dumela gore ruri Modimo o teng.

Mongwe o ka nna a go botsa jaana, ‘Ke mang yo o dirileng letsatsi le lefatshe?’ Baebele ya re: “Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Ee, Modimo o dirile dilo tseno tsotlhe tse dintle! O ikutlwa jang ka seo?—

A go tshela ga go itumedise thata? Re kgona go utlwa melodi e e monate ya dinonyane. Re kgona go bona dithunya le dilo tse dingwe tse Modimo a di dirileng. E bile re kgona go ja dijo tse re di filweng ke Modimo.

Re tshwanetse go leboga Modimo ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe. Mme re tshwanetse go mo leboga thatathata ka gonne a re file botshelo. Fa e le gore ruri re leboga Modimo, re tla dira sengwe. Re tla dira eng?— Re tla reetsa Modimo, mme re tla dira se a se re bolelelang mo Baebeleng. Fa re dira jalo re tla bontsha gore re rata Ene yo o dirileng dilo tsotlhe.

Re tshwanetse go leboga Modimo ka sotlhe se a se dirileng. Jang? Bala se se kwadilweng mo go Pesalema 139:14; Johane 4:23, 24; 1 Johane 5:21; le Tshenolo 4:11.