Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 4

Modimo O na Le Leina

Modimo O na Le Leina

SELO sa ntlha se o se botsang motho fa o kopana le ene la ntlha ke eng?— O mmotsa gore leina la gagwe ke mang. Rotlhe re na le maina. Modimo o ne a naya motho wa ntlha mo lefatsheng leina. O ne a mmitsa Adame. Mosadi wa ga Adame o ne a bidiwa Efa.

Mme ga se batho fela ba ba nang le maina. Akanya ka dilo tse dingwe tse di nang le maina. Fa motho a go naya mpopi kgotsa seruiwanyana se o se ratang, o se naya leina, ga ke re?— Go botlhokwa thata go nna le leina.

Leba kwa godimo bosigo o bone dinaledi tse dintsintsi. A o akanya gore di na le maina?— Ee, Modimo o neile naledi nngwe le nngwe e e mo loaping leina. Baebele e re bolelela jaana: “O bala palo ya dinaledi; o di bitsa tsotlhe ka maina a tsone.”—Pesalema 147:4.

A o ne o itse gore dinaledi tsotlhe di na le maina?

O ne o ka re motho yo o botlhokwa thata mo lefatsheng lotlhe ke mang?— Ke Modimo. A o akanya gore O na le leina?— Jesu o rile o na le lone. Jesu o kile a bua jaana a rapela Modimo: ‘Ke boleletse balatedi ba me leina la gago.’ (Johane 17:26) A o itse leina la Modimo?— Modimo ka boene o re bolelela gore ke mang. A re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.” Ka jalo leina la Modimo ke JEHOFA.—Isaia 42:8.

O ikutlwa jang fa batho ba bangwe ba gakologelwa leina la gago?— O a itumela, ga ke re?— Jehofa le ene o batla gore batho ba itse leina la gagwe. Ka jalo re tshwanetse go dirisa leina Jehofa fa re bua ka Modimo. Morutisi yo Mogolo o ne a dirisa leina la Modimo, e bong Jehofa, fa a bua le batho. Nako nngwe Jesu o ne a re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago.”—Mareko 12:30.

Jesu o ne a itse gore leina “Jehofa” ke leina le le botlhokwa thata. Ka jalo o ne a ruta balatedi ba gagwe go dirisa leina la Modimo. Gape o ne a ba ruta go dirisa leina la Modimo fa ba rapela. Jesu o ne a itse gore Modimo o batla gore batho botlhe ba itse leina la Gagwe, Jehofa.

Bogologolo Modimo o ne a bontsha Moshe yo e neng e le mongwe wa bana ba Iseraele, gore leina la gagwe le botlhokwa thata. Bana ba Iseraele, ba ba neng ba bidiwa Baiseraele, ba ne ba nna kwa lefatsheng le le bidiwang Egepeto. Batho ba lefatshe leo ba ne ba bidiwa Baegepeto. Ba ne ba dira Baiseraele makgoba e bile ba ba tshwara setlhogo. Fa Moshe a gola, o ne a leka go thusa mongwe wa batho ba gabone. Seno se ne sa galefisa Faro, kgosi ya Egepeto. O ne a batla go bolaya Moshe! Ka jalo Moshe a tswa mo Egepeto a tshaba.

Moshe o ne a ya kwa lefatsheng le lengwe. E ne e le lefatshe la Midiana. Fa Moshe a le koo, o ne a nyala a nna le lelapa. Gape o ne a nna modisa, a disa dinku. Tsatsi lengwe Moshe o ne a ntse a disitse dinku tsa gagwe gaufi le thaba fa a bona sengwe se se gakgamatsang. Setlhatshana se se mitlwa se ne se tuka mme se sa she! Moshe o ne a atamela go leba sentle.

A o a itse gore go ne ga diregang?— Moshe o ne a utlwa lentswe lengwe le mmitsa le tswa teng mo setlhatshaneng seno sa mitlwa se se tukang. Lentswe leno le ne la bitsa la re, “Moshe! Moshe!” Ke mang yo o neng a mmitsa?— Ke Modimo! Modimo o ne a batla go naya Moshe tiro e ntsi. Modimo o ne a re: ‘Tla ke go rome kwa go Faro, kgosi ya Egepeto, mme o ntshe batho ba me, bana ba Iseraele mo Egepeto.’ Modimo o ne a solofetsa Moshe gore o tla mo thusa go dira jalo.

Ke thuto efe ya botlhokwa e Moshe a neng a e ithuta kwa setlhatshaneng se se neng se tuka?

Mme Moshe o ne a raya Modimo a re: ‘A re re fa ke fitlha kwa baneng ba Iseraele kwa Egepeto ke ba raya ke re ke romilwe ke Modimo. Fa ba mpotsa gore, “Leina la gagwe ke mang?” Ke tla ba raya ke reng?’ Modimo o ne a bolelela Moshe gore a reye Baiseraele a re: ‘Jehofa o nthomile kwa go lona. Jehofa ke leina la me ka bosakhutleng.’ (Ekesodo 3:1-15) Seno se bontsha gore Modimo o ne a tla nna a ipitsa Jehofa. O ne a se na go fetola leina leo. Modimo o ne a batla go itsiwe ka leina la gagwe, Jehofa, ka bosakhutleng.

Modimo o ne a itsise leina la gagwe jang kwa Lewatleng le Lehibidu?

Fa Moshe a ne a boela Egepeto, Baegepeto ba ne ba akanya gore Jehofa ke modimonyana fela wa Baiseraele. Ba ne ba sa akanye gore ke Modimo wa lefatshe lotlhe. Ka jalo, Modimo o ne a raya kgosi ya Egepeto a re: ‘Ke tlile go dira gore leina la me le itsiwe mo lefatsheng lotlhe.’ (Ekesodo 9:16) Jehofa o ne a dira gore leina la gagwe le itsiwe. A o itse gore o ne a dira seo jang?—

O ne a dira gore Moshe a ntshe batho ba Iseraele kwa Egepeto. E ne ya re fa ba fitlha kwa Lewatleng le Lehibidu, Jehofa o ne a dira gore ba kgabaganye mo lefatsheng le le omileng. Baiseraele ba ne ba kgabaganya ka pabalesego mo lefatsheng le le omileng. Mme e ne ya re fa Faro le masole a gagwe ba se na go tsena, metsi a a neng a eme mo matlhakoreng a mabedi a ba khurumetsa, mme ba swa botlhe fela.

Ka bonako fela batho mo lefatsheng lotlhe ba ne ba simolola go utlwa gore Jehofa o dirileng kwa Lewatleng le Lehibidu. Re itse jang gore ba utlwile ka gone?— Dingwaga di ka nna 40 morago ga moo, Baiseraele ba ne ba fitlha mo Kanana, e leng lefatshe le Jehofa a neng a ba solofeditse go le ba naya. Mosadi mongwe yo mmotlana yo o bidiwang Rahabe o ne a bolelela banna ba babedi ba Baiseraele jaana: “Re utlwile kafa Jehofa a neng a kgadisa metsi a Lewatle le Lehibidu ka gone fa pele ga lona fa lo ne lo tswa kwa Egepeto.”—Joshua 2:10.

Gompieno batho ba le bantsi ba tshwana fela le Baegepeto. Ga ba dumele gore Jehofa ke Modimo wa lefatshe lotlhe. Ka jalo Jehofa o batla gore batho ba gagwe ba bolelele ba bangwe ka ene. Ke sone se Jesu a neng a se dira. Go ela kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe mo lefatsheng, o ne a bolelela Jehofa jaana ka thapelo: ‘Ke ba boleletse leina la gago.’—Johane 17:26.

Jesu o ne a bolelela batho leina la Modimo. A o ka kgona go supa moo leina la Modimo le leng teng mo Baebeleng?

A o batla go tshwana le Jesu? Fa o batla, bolelela ba bangwe gore leina la Modimo ke Jehofa. O ka nna wa fitlhela gore batho ba le bantsi ga ba le itse. Ka jalo gongwe o ka ba bontsha temana ya Pesalema 83:18 mo Baebeleng. A re tseye Baebele mme re bule temana eo mmogo. Ya re: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.”

Re ithuta eng fa re bala temana eno?— Re ithuta gore leina la ga Jehofa ke leina le le botlhokwa go a gaisa otlhe. Ke leina la Modimo Mothatayotlhe, Rraagwe Jesu e bile e le Ene yo o dirileng dilo tsotlhe. Mme gakologelwa gore Jesu o ne a re re tshwanetse go rata Jehofa Modimo ka dipelo tsotlhe tsa rona. A o rata Jehofa?—

Re ka bontsha jang gore re rata Jehofa?— Tsela nngwe ke ka go dira gore re mo itse e le Tsala ya rona. Tsela e nngwe ke ka go bolelela ba bangwe gore leina la gagwe ke mang. Re ka ba bontsha mo Baebeleng gore leina la gagwe ke Jehofa. Gape re ka ba bolelela ka dilo tse dintlentle le tse di molemo tse Jehofa a di dirileng. Seno se itumedisa Jehofa ka gonne o batla gore batho ba mo itse. Rotlhe re ka kgona go dira jalo.—

Ga se batho botlhe ba ba tla batlang go re reetsa fa re bua ka Jehofa. Batho ba le bantsi ba ne ba sa reetse le ene Jesu tota, Morutisi yo Mogolo, fa a ne a bua ka Ene. Seo ga se a thibela Jesu go bua ka Jehofa.

Ka jalo a re tshwane le Jesu. A re nne re bua ka Jehofa. Fa re dira jalo, Jehofa Modimo o tla itumelela se re se dirang ka gonne re tla bo re bontsha gore re rata leina la gagwe.

Balang mmogo ditemana tse dingwe mo Baebeleng tse di bontshang gore leina la Modimo le botlhokwa: Isaia 12:4, 5; Mathaio 6:9; Johane 17:6; le Baroma 10:13.