Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 9

Re Tshwanetse go Gana fa Batho ba re Raela

Re Tshwanetse go Gana fa Batho ba re Raela

A MONGWE o kile a go kopa gore o dire sengwe se se sa siamang?— A o ne a go pateletsa gore o se dire? Kgotsa a o ne a go raya a re go tla nna monate le gore tota go tla bo go se phoso go se dira?— Fa motho mongwe a dira jalo, o leka go re raela.

Ke eng se re tshwanetseng go se dira fa re raelwa? A re tshwanetse go ineela mme re dire se se phoso?— Seo ga se na go itumedisa Jehofa Modimo. A mme o itse gore ke mang yo o tla itumelang?— Satane Diabolo ke ene a tla itumelang.

Satane ke mmaba wa Modimo, e bile ke mmaba wa rona. Ga re kgone go mmona ka gonne ke moya. Mme ene o kgona go re bona. Tsatsi lengwe Diabolo o ne a bua le Jesu, Morutisi yo Mogolo, mme a leka go mo raela. A re boneng gore ke eng se Jesu a neng a se dira. Morago ga moo re tla itse se se siameng se re tshwanetseng go se dira fa re raelwa.

Jesu o ka tswa a ile a gakologelwa eng fa a kolobediwa?

Jesu ka metlha o ne a batla go dira thato ya Modimo. O ne a bontsha seno phatlalatsa ka go kolobediwa mo Nokeng ya Joredane. Satane o ne a leka go raela Jesu fela fa a sena go kolobediwa. Baebele ya re ‘magodimo a bulegela’ Jesu. (Mathaio 3:16) Seno se ka tswa se raya gore Jesu jaanong o ne a simolola go gakologelwa dilo tsotlhe tsa botshelo jwa gagwe fa a ne a sa ntse a le kwa legodimong a na le Modimo.

Fa Jesu a sena go kolobediwa o ne a ya kwa nageng a ya go akanya ka dilo tse a neng a simolotse go di gakologelwa. Go ne ga feta malatsi le masigo a le 40. Mo nakong eno yotlhe Jesu o ne a sa je sepe, mme jaanong o ne a tshwerwe ke tlala thata. Satane o ne a leka go raela Jesu ka yone nako eno.

Diabolo o ne a dirisa maje jang go leka Jesu?

Diabolo o ne a re: ‘Fa e le gore o morwa Modimo, raya maje ano o re a fetoge borotho.’ Borotho bo ne bo ka nna monate jang! A mme Jesu o ne a ka kgona go fetola maje gore a nne borotho?— Ee, o ne a ka kgona. Ka ntlha yang? Ka gonne Jesu, Morwa Modimo, o ne a na le maatla a a kgethegileng.

A wena o ne o ka fetola leje gore e nne borotho fa Diabolo a ne a go kopile gore o dire jalo?— Jesu o ne a tshwerwe ke tlala. Ka jalo a go ne go tla bo go sa siama go dira jalo gangwe fela?— Jesu o ne a itse gore go ne go le phoso go dirisa maatla a gagwe ka tsela eo. Jehofa o ne a mo neile maatla ao gore a gogele batho kwa Modimong, e seng gore a a dirisetse gore go solegelwe ene molemo.

Go na le gore Jesu a dire jalo, o ne a bolelela Satane se se kwadilweng mo Baebeleng: ‘Motho ga a tshele ka borotho fela, mme gape o ka tshela ka lefoko lengwe le lengwe le le tswang mo molomong wa ga Jehofa.’ Jesu o ne a itse gore go dira se se itumedisang Jehofa go ne go le botlhokwa thata go feta go nna le dijo.

Mme Diabolo o ne a leka gape. O ne a isa Jesu kwa Jerusalema mme a mo emisa mo karolong e e kwa godimo thata ya tempele. Mme Satane a re: ‘Fa e le gore o morwa Modimo, itatlhele kwa tlase. Gonne go kwadilwe ga twe baengele ba Modimo ba tla go tshwara gore o se ka wa utlwa botlhoko.’

Ke ka ntlha yang fa Satane a ne a bua jaana?— O ne a batla go raela Jesu gore a dire se se phoso. Mme le fano Jesu ga a ka a reetsa Satane. O ne a raya Satane a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘O se ka wa leka Jehofa Modimo wa gago.’” Jesu o ne a itse gore go ne go sa siama go leka Jehofa ka go tsenya botshelo jwa gagwe mo kotsing.

Mme le fa go ntse jalo, Satane ga a ka a ineela. Go tswa foo o ne a isa Jesu kwa thabeng e e kwa godimo thata. Fa ba le koo o ne a mmontsha magosi otlhe, kgotsa dipuso tsa lefatshe le kgalalelo ya tsone. Morago ga moo Satane a raya Jesu a re: “Dilo tseno tsotlhe ke tla di go naya fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.”

Akanya ka se Diabolo a neng a re o tla se mo naya. A tota magosi ano otlhe, kgotsa dipuso tsa batho, e ne e le tsa ga Satane?— Jesu ga a ganela gore e ne e le tsa ga Satane. O ne a ka ganela fa e ne e se tsa ga Satane. Ee, tota Satane ke mmusi wa ditšhaba tsotlhe tsa lefatshe. E bile Baebele e mmitsa “mmusi wa lefatshe leno.”—Johane 12:31.

Ke ka ntlha yang fa Satane a ne a ka solofetsa Jesu magosi ao otlhe?

O ne o ka dirang fa Diabolo a ne a go solofetsa sengwe fa o ne o ka mo obamela?— Jesu o ne a itse gore go ne go tla bo go sa siama go obamela Diabolo le fa a ne A ka newa eng. Jesu o ne a re: ‘Tsamaya, Satane! Ka gonne Baebele ya re o tshwanetse go obamela Jehofa Modimo wa gago fela le gore o tshwanetse go direla ene fela.’—Mathaio 4:1-10; Luke 4:1-13.

O tla dirang fa o raelwa?

Le rona re lebana le dithaelo. A o itse dingwe tsa tsone?— Sekai sengwe ke seno. Mmè wa gago o ka nna a baka kuku nngwe e e monate. O ka nna a go laela gore o se ka wa e ja go fitlha ka nako ya dijo. Mme wena o tshwerwe ke tlala thata, ka jalo o ka nna wa raelesega go e ja. A o tla utlwa mmè wa gago?— Satane o batla gore o se ka wa mo utlwa.

Gakologelwa Jesu. Le ene o ne a tshwerwe ke tlala thata. Mme o ne a itse gore go itumedisa Modimo go ne go le botlhokwa go feta dijo. O bontsha gore o tshwana le Jesu fa o dira se mmè wa gago a reng o se dire.

Bana ba bangwe ba ka nna ba go kopa gore o nwe dipilisi dingwe. Ba ka nna ba go bolelela gore di tla dira gore o itumele thata. Mme dipilisi tseno e ka nna ya bo e le diokobatsi. Di ka nna tsa dira gore o lwale thata e bile di ka go bolaya. Kgotsa mongwe o ka nna a go naya sekerete, se le sone se nang le diokobatsi, mme a go pateletsa gore o se goge. O tla dirang?—

Gakologelwa Jesu. Satane o ne a leka go dira gore Jesu a tsenye botshelo jwa gagwe mo kotsing ka go mo raya a re a itatlhele fa fatshe, a photsha kwa godimo ga tempele. Mme Jesu ga a ka a dira jalo. O ka dirang fa motho mongwe a go pateletsa go dira sengwe se se kotsi?— Jesu ga a ka a reetsa Satane. Le wena ga o a tshwanela go reetsa motho ope yo o lekang go go pateletsa go dira dilo tse di sa siamang.

Ke ka ntlha yang fa go sa siama go dirisa ditshwantsho mo kobamelong?

Tsatsi lengwe o ka nna wa kopiwa gore o obamele setshwantsho, e leng selo se Baebele e reng re se ka ra se dira. (Ekesodo 20:4, 5) E ka nna ya bo e le sengwe sa dilo tse di dirwang kwa sekolong. E bile ba ka nna ba go bolelela gore o se ka wa tlhola o tla sekolong fa o gana go dira dilo tseno. O tla dirang?—

Go motlhofo go dira se se siameng fa ba bangwe botlhe ba se dira. Mme go dira se se siameng go ka nna thata tota fa ba bangwe ba leka go re pateletsa go dira se se sa siamang. Ba ka nna ba re se ba se dirang ga se maswe thata jalo. Mme potso e kgolo ke gore, Modimo a reng ka sone? O itse go re feta.

Go sa kgathalesege gore ba bangwe ba re raya ba reng, ga re a tshwanela gore le ka motlha re dire dilo tse Modimo a reng ga di a siama. Ka tsela eo re tla itumedisa Modimo ka metlha, mme ga re na go itumedisa Diabolo.

O ka ithuta go le gontsi kafa o ka ganang ka teng fa o raelwa go dira se se sa siamang mo go Pesalema 1:1, 2; Diane 1:10, 11; Mathaio 26:41; le 2 Timotheo 2:22.