Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 18

A o Gakologelwa go Leboga?

A o Gakologelwa go Leboga?

A O JELE gompieno?— A o a itse gore ke mang yo o apeileng dijo tseo?— Gongwe di apeilwe ke mmè wa gago kgotsa mongwe o sele, mme ke eng fa re tshwanetse go leboga Modimo?— Ka gonne ke Modimo yo o dirang gore dijo di mele. Le fa go ntse jalo, gape re tshwanetse go leboga yo o di apeileng kgotsa yo o re tsholetseng tsone.

Ka dinako tse dingwe re lebala go leboga fa batho ba bangwe ba re direla dilo tse di molemo, ga ke re? Fa Morutisi yo Mogolo a ne a le mo lefatsheng, go ne go na le balepero bangwe ba ba neng ba lebala go leboga.

A o itse gore molepero ke eng?— Molepero ke motho yo o nang le bolwetse jwa lepero. Bolwetse joo bo kgona go ja nama ya motho. Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, balepero ba ne ba tshwanetse go dula kgakala le batho ba bangwe. Mme fa molepero a ka bona motho yo mongwe a tla, o ne a tshwanetse go goa gore a tlhagise motho yoo gore a se ka a mo atamela. O ne a tshwanetse go dira jalo gore batho ba bangwe ba se ka ba atamela gaufi le ene mme gongwe ba tshwarwa ke bolwetse jwa molepero yoo.

Jesu o ne a le pelonomi thata mo baleperong. Tsatsi lengwe fa Jesu a ne a le mo tseleng a ya Jerusalema, o ne a tshwanelwa ke go feta mo motsaneng mongwe. E ne ya re fa a atamela motsana ono, balepero bangwe ba le lesome ba tswa ba tla go mmona. Ba ne ba utlwile gore Jesu o ne a na le maatla a a tswang kwa Modimong a go fodisa malwetse a mefuta yotlhe.

Balepero bano ba ne ba se ka ba atamela Jesu thata. Ba ne ba emetse kgakala le ene. Mme ba ne ba dumela gore Jesu o ne a ka kgona go tlosa lepero leno la bone. Ka jalo, e ne ya re fa balepero ba bona Morutisi yo Mogolo, ba ne ba goa ba re: ‘Jesu Morutisi, re thuse!’

A o utlwela batho ba ba lwalang botlhoko?— Jesu o ne a ba utlwela botlhoko. O ne a itse gore go utlwisa botlhoko jang go nna molepero. Ka jalo o ne a ba araba a re: “Tsamayang mme lo ipontshe baperesiti.”—Luke 17:11-14.

Jesu o bolelela balepero bano gore ba direng?

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ba laela gore ba dire jalo? E ne e le ka ntlha ya molao o Jehofa a neng a o neile batho ba Gagwe malebana le balepero. Molao ono o ne o re moperesiti wa Modimo o ne a tshwanetse go tlhatlhoba nama ya molepero. Moperesiti yono o ne a tla bolelela molepero fa bolwetse jwa gagwe bo fodile jotlhe. Fa a fodile o ne a ka kgona go boa a nna le batho gape.—Lefitiko 13:16, 17.

Mme balepero bano ba ne ba sa ntse ba tshwerwe ke lepero. Ka jalo, a ba ne ba ya kwa moperesiting jaaka Jesu a ne a ba laetse?— Ee, ba ne ba ya ka yone nako eo. Banna bano ba tshwanetse ba bo ba ne ba dumela gore Jesu o ne a ka ba fodisa. Go ne ga diregang?

Fa ba le mo tseleng ba ya kwa moperesiting, bolwetse jwa bone bo ne jwa fela. Nama ya bone ya fola. Ba ne ba fodisitswe! Tumelo ya bone mo maatleng a ga Jesu e ne ya duelwa. Ba ne ba itumetse tota! Mme jaanong, ba ne ba tshwanetse go dira eng go bontsha gore ba a leboga? Wena o ka bo o dirileng?—

Molepero yono o ne a gakologelwa go dirang?

Mongwe wa banna ba ba neng ba fodisitswe o ne a boela kwa go Jesu. O ne a simolola go galaletsa Jehofa, a bua dilo tse dintle ka Modimo. E ne e le selo se sentle ka gonne maatla a go mo fodisa a ne a tswa kwa Modimong. Monna yono gape o ne a khubama fa dinaong tsa Morutisi yo Mogolo mme a mo leboga. O ne a lebogela se Jesu a mo diretseng sone.

Mme go tweng ka banna ba bangwe ba le robongwe? Jesu o ne a botsa a re: ‘Go ne ga fodisiwa balepero ba le lesome, ga ke re? Ba bangwe ba ba robongwe ba kae? A go boile a le mongwe fela go tla go galaletsa Modimo?’

Ee, go ntse jalo. Ke a le mongwe fela mo go ba le lesome yo o neng a galaletsa kgotsa a baka Modimo mme a boa go tla go leboga Jesu. Mme motho yono e ne e le Mosamarea, yo o neng a tswa kwa nageng e nngwe. Banna ba bangwe ba ba robongwe ga ba a ka ba leboga Modimo, e bile ga ba a ka ba leboga Jesu.—Luke 17:15-19.

Wena o tshwana le ofe wa banna bano? Re batla go tshwana le monna wa Mosamarea, ga ke re?— Ka jalo, fa mongwe a re direla sengwe se se molemo, re tshwanetse ra gakologelwa go dirang?— Re tshwanetse go leboga. Gantsi batho ba lebala go leboga. Mme go molemo go leboga. Fa re dira jalo, Jehofa Modimo le Morwawe Jesu, ba a itumela.

O ka etsa jang molepero yo o neng a boela kwa go Jesu?

O tla gakologelwa gore batho ba go diretse dilo di le dintsi tse di molemo. Ka sekai, a o kile wa lwala?— Gongwe ga o ise o lwale jaaka balepero bale ba ba lesome, mme gongwe o kile wa tshwarwa ke sehuba kgotsa mala. A mongwe o ne a go tlhokomela?— Gongwe ba ile ba go naya molemo kgotsa ba go direla dilo dingwe. A o ne wa itumela gore ba go thusitse go fola?—

Monna wa Mosamarea o ne a leboga Jesu go bo a mo fodisitse, mme seno se ne sa itumedisa Jesu. A o akanya gore mmè wa gago kgotsa rrago ba tla itumela fa o ba lebogela dilo tse ba go direlang tsone?— Ee, ba tla itumela.

Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go gakologelwa go leboga?

Batho bangwe ba go direla dilo letsatsi le letsatsi kgotsa beke le beke. E ka nna ya bo e le tiro ya bone go dira dilo tseno. Ba ka nna ba bo ba itumelela go di dira. Mme o ka nna wa lebala go ba leboga. Morutabana wa gago a ka nna a bo a dira ka thata go go thusa go ithuta. Ke tiro ya gagwe. Mme o tla itumela fa o mo lebogela gore o go thusitse go ithuta.

Ka dinako tse dingwe batho ba go direla dilo tse dinnye fela. A mongwe o kile a go bulela setswalo? Kgotsa mongwe a go fetisetsa dijo mo tafoleng? Go molemo go ba leboga le mo dilong tse dinnye tseno.

Fa re gakologelwa go leboga batho ba ba mo lefatsheng, go raya gore re tla gakologelwa go leboga Rraarona yo o kwa legodimong. E bile re na le dilo di le dintsi tota tse re ka lebogang Jehofa ka tsone! O re neile botshelo le dilo tsotlhe tse di molemo tse di dirang botshelo monate. Ka jalo re na le mabaka a le mantsi a go galaletsa Modimo ka go bua dilo tse dintle ka ene letsatsi le letsatsi.