Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 19

A go Lwa go Siame?

A go Lwa go Siame?

A O ITSE basimane kgotsa basetsana bangwe ba ba ratang go itira bagolo e bile ba rata go itira thata?— A o rata go nna mo gare ga bone? Kgotsa a bogolo o ka rata go nna le mongwe yo o pelonomi e bile a rata kagiso?— Morutisi yo Mogolo o ne a re: “Go itumela ba ba kagiso, e re ka ba tla bidiwa ‘bomorwa Modimo.’”—Mathaio 5:9.

Mme ka dinako tse dingwe batho ba bangwe ba dira dilo tse di go galefisang. A ga go jalo?— Ka jalo re ka nna ra batla go ipusolosetsa. Barutwa ba ga Jesu ba kile ba diragalelwa ke seo fa ba ne ba tsamaya le Jesu ba ya Jerusalema. Mma ke go bolelele ka kgang eno.

Fa ba sena go tsamaya lobakanyana, Jesu o ile a roma barutwa ba le mmalwa kwa pele kwa motsaneng mongwe wa Samarea gore ba ba batlele lefelo la go ikhutsa. Mme batho ba ne ba sa batle gore ba nne koo, e re ka Basamarea ba ne ba na le bodumedi jwa bone. Ba ne ba sa rate motho ope yo o neng a ya kwa motseng wa Jerusalema go ya go obamela.

Ke eng se Jakobe le Johane ba neng ba batla go se dira go ipusolosetsa mo Basamareeng?

Fa seo se ne se go diragaletse, o ne o tla dirang? A o ne o tla galefa? A o ne o ka batla go ipusolosetsa?— Barutwa Jakobe le Johane ba ne ba batla go dira jalo. Ba ne ba raya Jesu ba re: ‘A o batla gore re bolelele molelo gore o fologe kwa legodimong mme o ba senye?’ Ke ka moo Jesu a neng a ba bitsa Bomorwa Tumo ya Maru! Mme Jesu o ne a ba bolelela gore go ne go sa siama go tshwara batho ba bangwe ka tsela eo.—Luke 9:51-56; Mareko 3:17.

Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe batho ba ka nna ba se ka ba nna botsalano. Bana ba bangwe ba ka nna ba gana gore o tshameke le bone. Ba ka nna ba re: “Ga re batle go tshameka le wena.” Fa seo se re diragalela, se ka re utlwisa botlhoko, ga ke re? Re ka nna ra batla go dira sengwe go ipusolosetsa. A mme gone re tshwanetse go ipusolosetsa?

Ke eng fa o sa tlise Baebele ya gago? A re bule mo go Diane kgaolo 24, temana 29. E balega jaana: “O se ka wa re: ‘Fela jaaka a ntirile, ke tlile go mo dira jalo. Ke tla duela mongwe le mongwe go ya ka tiro ya gagwe.’”

Seo se raya eng?— Go raya gore ga re a tshwanela go leka go ipusolosetsa. Ga re a tshwanela go direla motho yo mongwe bosula fela ka gonne a re diretse bosula. Mme go tweng fa mongwe a batla go go lwantsha? A ka nna a leka go go galefisa ka go go tlhapatsa. A ka nna a go tshega a re o boi. A re re gongwe o go bitsa legatlapa. O tshwanetse go dirang? A o tshwanetse go lwa le ene?—

A re bone se sengwe gape se Baebele e se buang. A re bule Mathaio kgaolo 5, temana 39. Moo Jesu a re: “O se ka wa emelelana le yo o boikepo; mme le fa e le mang yo o go fapholang mo lerameng la gago la moja, lebisa le lengwe gape kwa go ene.” O akanya gore Jesu o ne a rayang fa a rialo? A o ne a raya gore fa mongwe a go itaya ka lebole mo lerameng, o mo neye le lengwe gore a le iteye?—

Nnyaa, Jesu o ne a sa reye jalo. Go faphola ga go tshwane le go itaya ka lebole. Go batla go tshwana le go kgorometsa. Motho a ka nna a re faphola fa a batla go re lwantsha. O batla gore o galefe. Mme fa le rona re galefa re bo re mo kgorometsa, go diregang?— Go ka direga gore lo lwe.

Mme Jesu o ne a sa batle gore balatedi ba gagwe ba lwe. Ka jalo o ne a re fa mongwe a re faphola re se ka ra ipusolosetsa. Ga re a tshwanela go galefa le go lwa. Fa re dira jalo re bontsha gore re tshwana fela le motho yo o simolotseng ntwa.

Fa mathata a simolola, o akanya gore ke eng se re tshwanetseng go se dira?— Ke gore re tswe re tsamaye. Motho yo mongwe a ka nna a go kgorometsa makgetlo a le mmalwa. Mme gongwe a ka nna a se ka a dira sepe se se fetang seo. Fa o tswa o tsamaya, ga go reye gore o bokoa. Go raya gore o nonofile go dira se se siameng.

Re tshwanetse go dirang fa mongwe a leka go lwa le rona?

Mme go tweng fa o ka lwa o bo o fenya? Go ka diregang morago ga moo?— Yo o mo iteileng a ka nna a boa le ditsala tsa gagwe tse dingwe. Ba ka nna ba go itaya ka thupa kgotsa ba go tlhaba ka thipa. Ka jalo, a jaanong o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a sa batle re lwa?—

Re tshwanetse go dirang fa re bona batho ba bangwe ba lwa? A re tshwanetse go ema le mongwe wa bone?— Baebele e re bolelela se re tshwanetseng go se dira. Bula mo go Diane kgaolo 26, temana 17. Ya re: “Ope fela yo o fetang mme a shakgalela komano e e seng ya gagwe o tshwana le yo o tshwarang ditsebe tsa ntša.”

Go tsena mo ntweng ya batho ba bangwe go tshwana jang le go tshwara ntša ka ditsebe? O ka nna wa gobala, ka jalo o seka wa dira jalo!

Go ka direga eng fa o ka tshwara ntša ka ditsebe? E ka utlwa botlhoko, mme ya leka go go loma, ga ke re? Fa ntša e ntse e leka go dira gore o e tlogele, wena o tla leka ka thata go tshwara ditsebe tsa yone fa yone e ntse e galefela pele. Fa o ka e tlogela, e ka nna ya go loma. A mme gone o tla nna o eme fela foo o e tshwere ditsebe go ya go ile?—

Re tlile go tsena mo bothateng joo fa re ka iphitlhela re tsene mo ntweng ya batho ba bangwe. Gongwe ga re itse gore ke mang yo o simolotseng ntwa kgotsa gore batho bano ba lwelang. Motho yo mongwe a ka nna a bo a itewa, gongwe e le ka gonne a utswile sengwe mo go yo mongwe. Fa re mo thusa, re tla bo re thusa legodu. Go tla bo go sa siama go dira jalo, ga ke re?

Ka jalo, o tshwanetse go dirang fa o bona batho ba lwa?— Fa e le kwa sekolong, o ka nna wa taboga wa ya go bolelela morutabana. Fa e se kwa sekolong, o ka nna wa bitsa mongwe wa batsadi ba gago kgotsa lepodise. Ee, tota le fa batho ba bangwe ba batla go lwa, rona re tshwanetse go nna kagiso.

O tshwanetse go dirang fa o bona batho ba bangwe ba lwa?

Barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba se ka ba lwa. Fa re dira jalo re bontsha gore re nonofile go dira se se siameng. Baebele ya re morutwa wa ga Jesu “ga a tlhoke go lwa, mme o tlhoka go nna bonolo mo go botlhe.”—2 Timotheo 2:24.

Jaanong a re bone kgakololo e nngwe e e molemo e e tla re thusang gore re se ka ra lwa: Baroma 12:17-21 le 1 Petere 3:10, 11.