Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 23

Lebaka La go Bo Batho ba Lwala

Lebaka La go Bo Batho ba Lwala

A O ITSE mongwe yo o lwalang?— Gongwe le wena o a lwala ka dinako tse dingwe. O ka nna wa tshwarwa ke sehuba, kgotsa wa tshwarwa ke mala. Batho bangwe ba lwala thata. Ga ba kgone le go ema mongwe a sa ba thuse. Seno se direga gantsi fa batho ba tsofala.

Mongwe le mongwe o a tle a lwale. A o itse gore ke ka ntlha yang fa batho ba lwala, ba tsofala ba bo ba swa?— Tsatsi lengwe fa monna mongwe yo o neng a sa kgone go tsamaya a ne a tlisiwa kwa go Jesu, Jesu o ne a bontsha gore ke ka ntlha yang fa batho ba lwala ba bo ba swa. Tla ke go bolelele ka gone.

Jesu o ne a nna mo ntlong mo motseng mongwe gaufi le Lewatle la Galalea. Batho ba bantsi ba ne ba tla go mmona. Go ne ga tla batho ba le bantsi e bile go ne go tletse mo ba bangwe ba neng ba sa kgone go tsena mo ntlong. Ga go na ope yo o neng a kgona go atamela mo setswalong. Mme batho ba ne ba ntse ba tla ba le bantsi! Batho bangwe ba ne ba tlisa monna mongwe yo o neng a sule ditokololo a sa kgone le go tsamaya. O ne a tsholeditswe ke banna ba le banè a le mo bolaong.

A o itse gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba batla go tlisa monna yono yo o lwalang kwa go Jesu?— Ba ne ba na le tumelo ya gore Jesu o ka mo thusa. Ba ne ba dumela gore Jesu o ne a ka fodisa bolwetse jwa gagwe. A o itse gore monna yo o suleng ditokololo yoo o ne a fitlha jang kwa go Jesu ka gonne go ne go na le batho ba bantsi mo ntlong?—

Setshwantsho se o se bonang fano se bontsha kafa ba neng ba tsena ka teng. Sa ntlha, ba ne ba pega monna yoo mo godimo ga ntlo. Borulelo jwa ntlo bo ne bo le sephaphathi. Go tswa foo ba ne ba phunya phatlha e kgolo mo borulelong. La bofelo, ba ne ba tsenya monna yo o lwalang yoo a le mo bolaong jwa gagwe ka phatlha eo ba mo folosetsa mo phaposing. Ba ne ba na le tumelo e kgolo tota!

Batho botlhe mo ntlong ba ne ba gakgametse fa ba bona se se diragalang. Monna yo o suleng ditokololo o ne a tsena mo gare ga bone. A Jesu o ne a galefile fa a ne a bona se banna bano ba neng ba se dirile?— Nnyaa! O ne a itumela go bona gore ba ne ba na le tumelo. O ne a mo raya a re: “Maleo a gago a itshwaretswe.”

Jesu o ne a raya monna yo o suleng ditokololo a re a direng?

Bangwe ba batho bao ba ne ba akanya gore Jesu o ne a sa tshwanela go bua jalo. Ba ne ba akanya gore o ne a sa kgone go itshwarela batho. Go bontsha gore tota Jesu o ne a kgona go itshwarela maleo, o ne a raya monna yoo a re: “Nanoga, tsaya bolawana jwa gago, mme o ye legaeng la gago.”

Fa Jesu a bua mafoko ao, monna yoo o ne a fola! O ne a sa tlhole a sule ditokololo. Jaanong o ne a kgona go ema ka maoto le go tsamaya. Batho ba ba neng ba bona kgakgamatso eno ba ne ba gakgametse. Ba ne ba ise ba bone selo se se gakgamatsang thata jalo! Ba ne ba baka Jehofa go bo a ba neile Morutisi yo Mogolo yono, yo o neng a kgona go fodisa malwetse a batho.—Mareko 2:1-12.

Re ithutang mo kgakgamatsong eno?

Kgakgamatso eno e re rutang?— E re ruta gore Jesu o na le maatla a go itshwarela maleo le go fodisa batho ba ba lwalang. Gape e re ruta sengwe sa botlhokwa thata. E re ruta gore batho ba lwala ka ntlha ya boleo.

E re ka rotlhe re na le go lwala, a seno se raya gore rotlhe re baleofi?— Ee, Baebele ya re rotlhe re tshotswe re na le boleo. A o itse gore go tsholwa re na le boleo go rayang?— Go raya gore re tsholwa re sa itekanela. Ka dinako tse dingwe re dira diphoso le fa re sa batle go di dira. A o itse gore go tlile jang gore rotlhe re nne le boleo?—

Seo se diragatse ka ntlha ya gore monna wa pele e bong Adame, a ne a sa utlwa Modimo. O ne a leofa fa a ne roba molao wa Modimo. Rotlhe re ruile boleo mo go Adame. A o itse gore re ruile boleo jang mo go ene? Mma ke leke go go tlhalosetsa ka tsela e o ka tlhaloganyang.

Go tlile jang gore rotlhe re nne le boleo?

A re re o thusitse mongwe go baka borotho mo paneng. Go tla diragalang fa pane e bobetsegile? A o a itse?— Borotho joo bo tla tswa bo bobetsegile, ga ke re?—

Adame o ne a tshwana le pane eo, mme rona re tshwana le borotho joo. O ne a simolola go nna motho yo o sa itekanelang fa a ne a roba molao wa Modimo. Go ne go ntse jaaka e kete o bobetsegile, kana o na le letshwao le le maswe. Ka jalo, fa a ne a nna le bana, ba ne ba tla nna jang?— Bana botlhe ba gagwe ba ne ba tla nna le letshwao leo la gore ga ba itekanela.

Bana ba le bantsi ga ba tsholwe ba na le letshwao le legolo le motho a ka le bonang la gore ga ba itekanela. Ga ba tsholwe ba se na letsogo kgotsa leoto. Mme ga ba a itekanela tota mo e leng gore ba a lwala, mme fa nako e ntse e tsamaya, ba a swa.

Batho ba bangwe ba lwala go feta ba bangwe. Ke ka ntlha yang fa go le jalo? A ke ka gonne ba tsholwa ba na le boleo jo bontsi?— Nnyaa, rotlhe re tsholwa re na le boleo jo bo lekanang. Rotlhe re tsholwa re sa itekanela. Ka jalo, fa nako e ntse e tsamaya, mongwe le mongwe wa rona o tla lwala. Le batho ba ba lekang go utlwa melao yotlhe ya Modimo e bile ba sa dire sepe se se phoso ba ka lwala.

Re tla nna le botsogo jo bo ntseng jang fa boleo jwa rona bo tlositswe?

Mme ke ka ntlha yang fa batho ba bangwe ba lwala gantsi go feta ba bangwe?— Go na le mabaka a le mantsi. E ka tswa e le gore ga ba na dijo tse di lekaneng. Kgotsa ba ka nna ba bo ba sa je dijo tse di siameng. Ba ka nna ba bo ba ja dikuku le dimonamone tse dintsi. Lebaka le lengwe e ka nna go bo ba sa robale mo go lekaneng ka gonne ba robala bosigo thata. Kana ba sa apare diaparo tse di bothitho fa ba tswela mo serameng. Mebele ya batho ba bangwe e bokoa thata, mme ga ba kgone go lwantsha bolwetse, le fa ba leka go itlhokomela.

A go tla tsamaya go nna le nako e re tla bong re sa lwale? A re tla tsamaya re gololesega mo boleong?— Ke eng se Jesu a neng a se direla monna yoo yo o neng a sule ditokololo?— Jesu o ne a mo itshwarela maleo a gagwe mme a mo fodisa. Ka go dira jalo, Jesu o ne a bontsha se a tlileng go se direla batho botlhe ba ba lekang thata go dira se se siameng.

Jesu o tla re fodisa fa re bontsha gore ga re batle go leofa, e bile re tlhoile se se sa siamang. Mo nakong e e tlang o tla tlosa bosaitekanelang jo re nang le jone gone jaanong. O tla dira seno fa a le Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. Boleo ga bo kitla bo tlosiwa mo go rona ka nako e le nngwe fela. Go tla tsaya nako e e rileng gore boleo bo tlosiwe mo go rona. Mme fa boleo bo tlositswe, re ka se tlhole re lwala. Re tla bo re itekanetse rotlhe. Seno se tla itumedisa tota!

Go bala mo go oketsegileng ka tsela e boleo bo re amang rotlhe ka teng, bala Jobe 14:4; Pesalema 51:5; Baroma 3:23; 5:12 le 6:23.