Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 25

A Batho ba ba Dirang Dilo Tse di Bosula ba ka Fetoga?

A Batho ba ba Dirang Dilo Tse di Bosula ba ka Fetoga?

A GO ka bo go se molemo fa mongwe le mongwe a ka bo a dira se se molemo ka metlha?— Mme ga go na ope yo o nnang a dira dilo tse di molemo. A o itse gore ke ka ntlha yang fa rotlhe ka dinako tse dingwe re dira dilo tse di bosula mme gone re batla go dira se se molemo?— Ke ka gonne rotlhe re tshotswe re na le boleo. Mme batho ba bangwe ba dira dilo tse dintsi tse di bosula thata. Ba tlhoa batho ba bangwe e bile ba ba utlwisa botlhoko ka boomo. A o akanya gore ba ka fetoga mme ba ithuta go nna molemo?—

Leba lekawana le le tlhokometseng diaparo tsa kafa ntle tsa batho ba ba kgobotletsang Setefane ka maje. Leina la gagwe la Sehebera ke Saulo, mme la Seroma ke Paulo. O itumeletse gore Setefane, yo e leng morutwa wa Morutisi yo Mogolo, o a bolawa. A re bone gore ke ka ntlha yang fa Saulo a ne a dira dilo tse di bosula jalo.

Saulo ke leloko la setlhopha sengwe sa bodumedi sa Bajuda ba ba bidiwang Bafarasai. Bafarasai ba na le Lefoko la Modimo, mme ba tlhokomela thata dithuto tsa bangwe ba baeteledipele ba bone ba bodumedi. Seno se dira gore Saulo a dire dilo tse di bosula.

Fa Setefane a ne a tshwarwa kwa Jerusalema, Saulo o teng. Setefane o isiwa kwa kgotlatshekelo, kwa bangwe ba baatlhodi ba teng e leng Bafarasai. Le fa go buiwa dilo tse dintsi tse di bosula ka Setefane, ga a tshoge. O nna pelokgale mme o rerela baatlhodi bao ka Jehofa Modimo le ka Jesu.

Mme baatlhodi bao ga ba rate se ba se utlwang. Ba setse ba itse dilo tse dintsi ka Jesu. Tota e bile, ba ne ba sa tswa go dira gore Jesu a bolawe! Mme morago ga moo, Jehofa o ne a busetsa Jesu kwa legodimong. Mme go na le gore ba fetole ditsela tsa bone, baatlhodi bano ba lwantsha barutwa ba ga Jesu.

Baatlhodi ba tshwara Setefane ba bo ba mo isa kwa ntle ga motse. Ba a mo itaya, ba mo digela fa fatshe mme ba mo kgobotletsa ka maje. Mme jaaka o ka bona mo setshwantshong, Saulo o eme foo a lebile. O akanya gore go siame gore Setefane a bolawe.

Ke ka ntlha yang fa Saulo a akanya gore go siame gore Setefane a bolawe?

A o itse gore ke ka ntlha yang fa Saulo a ne a akanya jalo?— Saulo e ne e le Mofarasai botshelo jotlhe jwa gagwe, mme o ne a dumela gore dithuto tsa Bafarasai di siame. O ne a tsaya banna bao e le dikao, ka jalo o ne a ba etsa.—Ditiro 7:54-60.

Saulo o dirang fa Setefane a sena go bolawa?— O leka go bolaya barutwa botlhe ba ga Jesu! O tsena mo magaeng a bone mme o gogela banna le basadi kwa ntle. Go tswa foo o dira gore ba tsenngwe mo kgolegelong. Bontsi jwa barutwa ba tshwanelwa ke go tswa mo Jerusalema, mme ga ba tlogele go rera ka Jesu.—Ditiro 8:1-4.

Seno se dira gore Saulo a tlhoe barutwa ba ga Jesu le go feta. Ka jalo o ya kwa Moperesiting yo Mogolo, e bong Kaiafase mme o newa tetla ya go tshwara Bakeresete mo motseng wa Damaseko. Saulo o batla go ba tlisa kwa Jerusalema e le magolegwa gore ba ye go otlhaiwa. Mme fa a le mo tseleng go ya Damaseko, go diragala sengwe se se gakgamatsang.

Ke mang yo o buang le Saulo, mme o roma Saulo gore a ye go dirang?

Go phatsima lesedi go tswa kwa legodimong, mme go na le lentswe le le reng: “Saulo, Saulo, o mpogisetsang?” Ke Jesu yo o buang a le kwa legodimong! Lesedi leo le phatsima thata mo e leng gore le foufatsa Saulo, mme batho ba ba nang le Saulo ba mo isa Damaseko.

Malatsi a le mararo morago ga moo Jesu o bonala ka ponatshegelo mo mongweng wa barutwa ba gagwe yo o bidiwang Ananiase. Jesu o raya Ananiase a re a etele Saulo, gore a ye go mo foufolola le gore a ye go bua le ene. Fa Ananiase a bua le Saulo, o amogela boammaaruri ka Jesu. O simolola go bona gape. Botshelo jwa gagwe jotlhe bo a fetoga, mme o nna motlhanka yo o ikanyegang wa Modimo.—Ditiro 9:1-22.

A jaanong o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa Saulo a ne a dira dilo tse di bosula?— Ke ka gonne a ne a rutilwe dilo tse di sa siamang. O ne a latela batho ba ba neng ba sa ikanyege mo Modimong. E bile e ne e le leloko la setlhopha sa batho ba ba neng ba tseela dithuto tsa batho kwa godimo go feta tsa Lefoko la Modimo. Mme ke ka ntlha yang fa Saulo a fetola botshelo jwa gagwe mme a simolola go dira dilo tse di siameng, le fa Bafarasai ba bangwe ba tswelela go lwantshana le Modimo?— Ke ka gonne tota Saulo ga a tlhoa boammaaruri. Ka jalo fa a rutiwa boammaaruri, o ikemisetsa go bo latela.

A o itse gore morago ga moo Saulo o ne a nna mang?— O ne a itsiwe e le moaposetoloi Paulo, moaposetoloi wa ga Jesu. Mme gakologelwa, Paulo o kwadile dibuka di le dintsi tsa Baebele go feta motho le fa e le ope.

Go na le batho ba le bantsi ba ba tshwanang le Saulo ba ba ka fetogang. Mme ga go motlhofo ka gonne go na le mongwe yo o lekang ka thata go dira gore batho ba dire dilo tse di bosula. A o itse gore motho yoo ke mang?— Jesu o buile ka ene fa a ne a bonala mo go Saulo fa Saulo a ne a le mo tseleng a ya Damaseko. Koo Jesu o ne a bua le Saulo a le kwa legodimong mme a re: ‘Ke go roma gore o bule matlho a batho, gore o ba ntshe mo lefifing o ba ise leseding le gore o ba ntshe mo taolong ya ga Satane o ba ise Modimong.’—Ditiro 26:17, 18.

Ee, ke Satane Diabolo yo o lekang go dira gore batho botlhe ba dire dilo tse di bosula. A ka nako e nngwe o fitlhela gore go thata go dira se se siameng?— Rotlhe re go fitlhela go le thata. Satane o dira gore go nne thata. Go na le lebaka le lengwe le le dirang gore ka dinako tse dingwe go nne thata go dira se se siameng. A o itse gore seno se bakwa ke eng?— Ke ka gonne re tshotswe re na le boleo.

Boleo jono ke jone jo ka dinako tse dingwe bo dirang gore go nne motlhofo gore re dire dilo tse di sa siamang go na le gore re dire tse di siameng. Ka jalo, ke eng se re tshwanetseng go se dira?— Ee, re tshwanetse go kgaratlha go dira se se siameng. Fa re dira jalo, re ka tlhomamisega gore Jesu yo o re ratang, o tla re thusa.

Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a rata batho ba ba neng ba dirile dilo tse di bosula mme jaanong ba fetogile. O ne a itse gore go ne go le thata gore ba fetoge. Ka sekai, go ne go na le basadi ba ba neng ba kopanela dikobo le banna ba le bantsi. Seno se ne se sa siama. Baebele e bitsa basadi bano diaka.

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ile a itshwarela mosadi yo o neng a dirile dilo tse di bosula?

Nako nngwe mosadi mongwe wa seaka o ne a utlwa ka Jesu, mme o ne a tla kwa a neng a le gone kwa ntlong ya Mofarasai mongwe. O ne a tshela oli mo dinaong tsa ga Jesu mme a phimola dikeledi tsa gagwe tse di neng di le mo dinaong tsa ga Jesu ka moriri wa gagwe. O ne a ikwatlhaela maleo a gagwe, ka jalo Jesu o ne a mo itshwarela. Mme Mofarasai o ne a sa akanye gore o tshwanetse go itshwarelwa.—Luke 7:36-50.

A o itse gore Jesu o ne a raya bangwe ba Bafarasai a reng?— O ne a ba bolelela jaana: ‘Diaka di tsena pele ga lona mo bogosing jwa Modimo.’ (Mathaio 21:31) Jesu o ne a rialo ka gonne diaka di ne di dumela mo go ene, mme di ne di fetola ditsela tsa tsone tse di maswe. Mme Bafarasai bone ba ne ba direla barutwa ba ga Jesu dilo tse di bosula.

Ka jalo fa Baebele e re bontsha gore dilo tse re di dirang di bosula, re tshwanetse ra ikemisetsa go fetoga. Mme fa re ithuta se Jehofa a batlang gore re se dire, re tshwanetse ra batla go se dira. Fa re dira jalo, Jehofa o tla re rata e bile o tla re naya botshelo jo bo sa khutleng.

Go re thusa gore re tile go dira dilo tse di sa siamang, a re bale Pesalema 119:9-11; Diane 3:5-7; le 12:15.