Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 27

Modimo wa Gago ke Mang?

Modimo wa Gago ke Mang?

KE KA ntlha yang fa potso e e reng, Modimo wa gago ke mang? e le botlhokwa?— Ke ka gonne batho ba obamela medimo e mentsi. (1 Bakorintha 8:5) Fa moaposetoloi Paulo a ne a newa maatla ke Jehofa gore a fodise monna yo o neng a ise a ko a tsamaye, batho ba ne ba goeletsa jaana: “Jaanong medimo e tshwana le batho e bile e fologetse mo go rona!” Batho ba ne ba batla go obamela Paulo le tsala ya gagwe Barenabase. Ba ne ba bitsa Paulo ba re Heremese mme Barenabase ba re Seuse, a e neng e le maina a medimo ya maaka.

Mme Paulo le Barenabase ba ne ba sa letle batho gore ba ba obamele. Ba ne ba tlolela mo boidiiding mme ba re: ‘Tlogelang dilo tseno tsa lefela lo ye Modimong yo o tshelang.’ (Ditiro 14:8-15) “Modimo yo o tshelang,” yo o bopileng dilo tsotlhe, ke mang?— Ee, ke Jehofa, “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Jesu o ne a bitsa Jehofa a re “Modimo yo o esi wa boammaaruri.” Ka jalo, ke mang yo o tshwanetseng go obamelwa a le nosi?— Ke Jehofa fela!—Pesalema 83:18; Johane 17:3; Tshenolo 4:11.

Ke ka ntlha yang fa Paulo le Barenabase ba ne ba gana gore batho ba ba obamele?

Batho ba bantsi ba obamela medimo e sele, ga ba obamele “Modimo yo o esi wa boammaaruri.” Gantsi ba obamela dilo tse di dirilweng ka legong, leje kgotsa tshipi. (Ekesodo 32:4-7; Lefitiko 26:1; Isaia 44:14-17) Banna le basadi ba ba tumileng le bone ka dinako tse dingwe ba bidiwa medimo le megaka. A go siame go ba galaletsa?—

Fa Saulo a sena go nna moaposetoloi Paulo, o ne a kwala jaana: ‘Modimo wa tsamaiso eno ya dilo o foufaditse megopolo ya ba ba sa dumeleng.’ (2 Bakorintha 4:4) Modimo yono ke mang?— Ee, ke Satane Diabolo! Satane o kgonne go dira gore batho ba obamele batho ba bangwe ba le bantsi le dilo dingwe.

Fa Satane a ne a leka go dira gore Jesu a mo obamele, Jesu o ne a raya Satane a reng?— “Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.” (Mathaio 4:10) Ka jalo Jesu o ne a bontsha sentle gore go tshwanetse ga obamelwa Jehofa fela. A re bale ka makawana mangwe a a neng a itse seno. Maina a bone ke Shaderake, Meshake le Abedenego.

Makawana ano a Bahebera e ne e le maloko a setšhaba sa Modimo sa Iseraele mme ba ne ba isitswe botshwarwa kwa Babelona. Kgosi ya koo e e bidiwang Nebukadenesare e ne e dirile setshwantsho se segolo thata sa gouta. Tsatsi lengwe o ne a laela gore fa mmino o lela, mongwe le mongwe a obamele setshwantsho seo. O ne a tlhagisa jaana: ‘Le fa e le mang yo o sa weleng fa fatshe a se obamela o tla latlhelwa mo leubelong le le tukang.’ O ka bo o dirileng?—

Ke ka ntlha yang fa banna bano ba gana go obamela setshwantsho?

Ka tlwaelo, Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba dira sengwe le sengwe se kgosi e neng e se laela. Mme ba ne ba gana go obamela setshwantsho. A o itse gore ke eng ba ne ba gana?— Ke ka gonne molao wa Modimo wa re: ‘O se ka wa nna le medimo epe e sele kwantle ga me. O se ka wa itirela setshwantsho se se setilweng mme wa se obamela.’ (Ekesodo 20:3-5) Ka jalo Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba utlwa molao wa ga Jehofa e seng taelo ya kgosi.

Kgosi e ne e galefile thata, mme e ne ya dira gore Bahebera ba bararo ba babotlana ba tlisiwe kwa go ene. O ne a botsa a re: ‘A ruri go ntse jalo gore ga lo direle medimo ya me? Ke tla lo naya sebaka se sengwe sa gore lo dire jalo. Jaanong fa lo utlwa mmino, lo wele fa fatshe lo obamele setshwantsho se ke se dirileng. Fa lo sa se obamele, lo tla latlhelwa mo leubelong le le tukang. Mme ke mang modimo yoo yo o ka lo gololang mo diatleng tsa me?’

Makawana ano a ne a tla dirang? Wena o ne o ka dirang?— Ba ne ba raya kgosi ba re: ‘Modimo wa rona yo re mo direlang o tla kgona go re golola. Mme le fa a sa re golole, ga re na go direla medimo ya gago. Ga re na go obamela setshwantsho sa gago sa gouta.’

Kgosi e ne e galefile thata. E ne ya laela jaana: ‘Gotetsang leubelo ga supa go feta kafa go neng go tlwaetswe go le gotetsa ka teng!’ Go tswa foo o ne a raya banna ba ba nonofileng a re ba bofe Shaderake, Meshake le Abedenego mme ba ba latlhele mo leubelong! Leubelo leo le ne le fisa mo e leng gore banna bao ba kgosi ba ne ba bolawa ke dikgabo tsa teng! Go ne ga diragalang ka Bahebera ba bararo?

Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba wela mo gare ga molelo. Mme go tswa foo ba ne ba tsoga! Ba ne ba sa sha. Ba ne ba sa tlhole ba bofilwe. Seo se ka kgonega jang?— Kgosi e ne ya leba mo leubelong, mme ya tshosiwa ke se e neng ya se bona. O ne a botsa jaana: ‘A ga re a latlhela banna ba le bararo mo molelong?’ Batlhanka ba gagwe ba ne ba araba ba re: “Ee, kgosi.”

Jehofa o ne a boloka batlhanka ba gagwe jang mo leubelong la molelo?

Mme kgosi e ne ya re: ‘Bonang! Ke bona banna ba le banè ba tsamayatsamaya mo molelong, mme molelo ga o ba fise.’ A o itse gore motho wa bonè e ne e le mang?— E ne e le moengele wa ga Jehofa. O ne a sireletsa Bahebera ba bararo gore ba se ka ba sha.

Fa kgosi e bona seno e ne ya atamela kgoro ya leubelo mme ya re: “Shaderake, Meshake le Abedenego, lona batlhanka ba Modimo Mogodimodimo, tswang lo tle kwano!” Fa ba tswa, mongwe le mongwe o ne a kgona go bona gore ba ne ba sa sha. E bile ba ne ba sa nkge molelo. Go tswa foo kgosi e ne ya re: ‘A go bakwe Modimo wa ga Shaderake, Meshake le Abedenego yo o rometseng moengele go boloka batlhanka ba gagwe, ka gonne ba ne ba ka se obamele modimo ope kwantle ga Modimo wa bone.’—Daniele, kgaolo 3.

Batho ba obamela ditshwantsho dife gompieno?

Re ka ithuta sengwe mo go se se diragetseng ka nako eo. Le gompieno batho ba itirela ditshwantsho gore ba di obamele. The Encyclopedia Americana ya re: “Folaga, fela jaaka sefapaano, e boitshepo.” Ditshwantsho di ka dirwa ka logong, leje, tshipi kgotsa letsela. Barutwa ba bogologolo ba ga Jesu ba ne ba ka se obamele mmusimogolo wa Roma, se rahisitori Daniel P. Mannix a reng se ka tshwantshiwa le “go gana go dumedisa folaga kgotsa go ikana.”

A o akanya gore Modimo o a kgathala fa setshwantsho sa bodumedi se dirilwe ka letsela, logong, leje kgotsa tshipi?— A go tla bo go siame gore motlhanka wa ga Jehofa a obamele setshwantsho se se ntseng jalo?— Shaderake, Meshake le Abedenego ba ne ba ka se dire jalo, mme Jehofa o ne a itumelela se ba se dirileng. O ka etsa jang sekao sa bone?—

Batho ba ba direlang Jehofa ba ka se obamele motho ope o sele kgotsa selo sepe se sengwe. Bala gore go kwadilweng ka seno mo go Joshua 24:14, 15, 19-22; Isaia 42:8; 1 Johane 5:21; le Tshenolo 19:10.