Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 36

Ke Bomang ba ba Tlileng go Tsosiwa? Ba Tlile go Nna Kae?

Ke Bomang ba ba Tlileng go Tsosiwa? Ba Tlile go Nna Kae?

MO DIKGAOLONG tse pedi tse di fetileng, re badile ka batho ba le kae ba ba neng ba tsosiwa?— Ba le batlhano. Bana ba ne ba le ba kae?— Ba ne ba le bararo. Wa bonè ke lekawana. O akanya gore seno se bontsha eng?—

Se bontsha gore Modimo o rata bana. Mme o tla tsosa le ba bangwe ba bantsi. A Modimo o tlile go tsosa fela batho ba ba neng ba dira dilo tse di molemo?— Gongwe re akanya jalo. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba ne ba ise ba ithute boammaaruri ka Jehofa Modimo le ka Morwawe. Ka jalo ba ne ba dira dilo tse di bosula ka gonne ba ne ba rutilwe dilo tse di phoso. A o akanya gore Jehofa o tla tsosa batho ba ba ntseng jalo?—

Baebele ya re: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Ke ka ntlha yang fa batho ba ba neng ba sa siama, kana ba ba neng ba sa dire dilo tse di siameng, ba tla tsosiwa?— Ke ka gonne ba ne ba ise ba ithute ka Jehofa le ka se a batlang gore batho ba se dire.

Ke ka ntlha yang fa Modimo a tla tsosa bangwe ba ba neng ba dira dilo tse di sa siamang?

O akanya gore batho ba tla tsosiwa leng?— Akanya ka nako ya fa Lasaro a ne a swa mme Jesu a solofetsa kgaitsadie, e bong Maratha jaana: “Kgaitsadio o tla tsoga.” Maratha a araba ka go re: “Ke a itse gore o tla tsoga mo tsogong ya baswi ka letsatsi la bofelo.” (Johane 11:23, 24) Maratha o ne a raya eng fa a ne a re Lasaro o ne a tla tsoga “ka letsatsi la bofelo”?—

Paradaise e Jesu a bolelelang monna yono ka yone e kae?

Maratha o ne a kile a utlwa ka tsholofetso eno ya ga Jesu: ‘Botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla tswa.’ (Johane 5:28, 29) Ka jalo, “letsatsi la bofelo,” ke nako ya fa batho botlhe ba Modimo a ba gakologelwang ba tla bong ba tsosiwa ka yone. Letsatsi leno ga se letsatsi la diura tse 24. Le tla bo le le boleele jwa dingwaga di le sekete. Baebele ya re mo letsatsing leo, ‘Modimo o tla atlhola batho ba lefatshe.’ Batho ba a ba atlholang ba tla akaretsa ba ba tsositsweng.—Ditiro 17:31; 2 Petere 3:8.

Akanya fela gore letsatsi leno le tla itumedisa jang! Ka letsatsi leno le le boleele jwa dingwaga tse di sekete, dimilione tsa batho ba ba suleng di tla tsosiwa. Jesu o bitsa lefelo le ba tla tsosediwang mo go lone a re ke Paradaise. A re bone gore Paradaise e tla nna kae le gore go tla bo go ntse jang teng.

Mo e ka nnang diura di le tharo pele ga Jesu a swela mo thupeng ya tlhokofatso, o bua ka Paradaise le monna yo o neng a bapotswe go bapa le ene. Monna yoo o ne a bolaelwa melato e a neng a e dirile. Mme fa sekebekwa seo se leba Jesu e bile se utlwa se se neng se buiwa ka Ene, se ne sa simolola go dumela mo go Jesu. Ka jalo sekebekwa seo sa re: “O nkgakologelwe fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Jesu o araba jaana: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna mo Paradaiseng.”—Luke 23:42, 43.

Fa re bala ka Paradaise, re tshwanetse go akanya ka eng?

Jesu o raya eng fa a rialo? Paradaise e kwa kae?— Akanya ka gone. Paradaise e ne e le kae kwa tshimologong?— Gakologelwa, Modimo o ne a naya monna wa ntlha, Adame, le mosadi wa gagwe paradaise gore ba nne mo go yone gone mo lefatsheng. E ne e bidiwa tshimo ya Edene. Go ne go na le diphologolo mo tshingwaneng eo, mme di ne di sa gobatse ope. E bile go ne go na le ditlhare tse dintsi tsa maungo a a monate, mmogo le noka e kgolo. E ne e le lefelo le le molemo thata go nna mo go lone!—Genesise 2:8-10.

Fa re bala ka gore sekebekwa seo se tla bo se le kwa Paradaiseng, re tshwanetse go akanya ka lefatshe leno le fetotswe lefelo le lentle gore re nne mo go lone. A Jesu o tla bo a le mo lefatsheng la Paradaise le motho yoo yo e neng e le sekebekwa?— Nnyaa. A o itse gore ke ka ntlha yang fa a tla bo a seyo mo go lone?—

Ka gonne Jesu o tla bo a le kwa legodimong a busa lefatshe la Paradaise e le Kgosi. Ka jalo Jesu o tla bo a na le monna yoo ka tlhaloganyo ya gore o tla mo tsosa mo baswing a bo a mo tlhokomela. Mme ke ka ntlha yang fa Jesu a tla bo a letla motho yono yo e neng e le sekebekwa gore a nne mo Paradaiseng?— A re bone gore a re ka bona karabo ya seno.

Pele ga sekebekwa seo se bua le Jesu, a se ne se itse maikaelelo a Modimo?— Nnyaa, se ne se sa a itse. O ne a dira dilo tse di bosula ka gonne a ne a sa itse boammaaruri ka Modimo. Kwa Paradaiseng o tla rutwa maikaelelo a Modimo. Go tswa foo o tla bulegelwa ke sebaka sa go itshupa gore a ruri o rata Modimo ka go dira thato ya Gagwe.

A batho botlhe ba ba tla tsosiwang ba tla tshela mo Paradaiseng mo lefatsheng?— Nnyaa. A o itse gore ke ka ntlha yang fa e se botlhe?— Ka gonne bangwe ba tla tsosediwa go ya go tshela le Jesu kwa legodimong. Ba tla busa lefatshe la Paradaise le ene e le dikgosi. A re bone gore re itse seo jang.

Bosigo jwa pele ga Jesu a swa, o ne a raya baaposetoloi ba gagwe a re: ‘Mo ntlong ya ga Rre kwa legodimong, go na le manno a le mantsi, mme ke a tsamaya go ya go lo baakanyetsa lefelo.’ Go tswa foo Jesu o ba solofetsa jaana: “Ke tla [tla] gape mme ke tla lo tseela kwa gae kwa go nna, gore kwa ke gone le lona lo nne gone.”—Johane 14:2, 3.

Jesu o ne a ya kae fa a sena go tsosiwa?— Ee, o ne a boela kwa legodimong kwa go Rraagwe. (Johane 17:4, 5) Ka jalo Jesu o solofetsa baaposetoloi ba gagwe le balatedi ba gagwe ba bangwe gore o tla ba tsosa gore ba ye go nna le ene kwa legodimong. Balatedi ba ga Jesu ba tla dirang koo le ene?— Baebele ya re barutwa ba gagwe ba ba tlileng go nna le seabe mo “tsogong ya ntlha” ba tla nna kwa legodimong mme ba buse lefatshe “e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.”—Tshenolo 5:10; 20:6; 2 Timotheo 2:12.

Ke batho ba le ba kae ba ba tla nnang le seabe mo “tsogong ya ntlha” ba bo ba busa le Jesu e le dikgosi?— Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Se boifeng, letsomanyane, ka gonne Rraalona o amogetse go lo naya bogosi.” (Luke 12:32) “Letsomanyane” leno la batho ba ba tsositsweng gore ba buse le Jesu mo Bogosing jwa legodimo, ba na le palo e e rileng. Baebele e bontsha gore ke batho ba le “dikete di le lekgolo masome a manè le bonè” ba ba tla tsosiwang go tswa mo lefatsheng.—Tshenolo 14:1, 3.

Batho ba ba tsositsweng ba tla nna kae, mme ba tla dira eng teng?

Ke batho ba le kae ba ba tla tshelang mo Paradaiseng mo lefatsheng?— Baebele ga e bue. Mme Modimo o ne a bolelela Adame le Efa fa ba ne ba le kwa tshingwaneng ya Edene gore ba nne le bana ba tlale lefatshe. Ba ile ba palelwa ke go dira jalo. Mme Modimo o tla tlhomamisa gore maikaelelo a gagwe a gore lefatshe le tlale ka batho ba ba siameng a diragadiwe.—Genesise 1:28; Isaia 45:18; 55:11.

Akanya fela kafa go tla nnang monate ka teng go nna mo Paradaiseng! Lefatshe lotlhe le tla tshwana le paraka. Le tla bo le tletse ka dinonyane le diphologolo le ditlhare tse dintle le dithunya tsa mefuta yotlhe. Ga go na ope yo o tla nnang le ditlhabi ka gonne a lwala, e bile ga go na ope yo o tla swang. Batho botlhe ba tla nna ditsala. Fa re batla go tshela mo Paradaiseng, re tshwanetse go ipaakanya gone jaanong.

Bala go ya pele ka maikaelelo a Modimo ka lefatshe mo go Diane 2:21, 22; Moreri 1:4; Isaia 2:4; 11:6-9; 35:5, 6; le 65:21-24.