Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 44

Re Tshwanetse go Nna le Ditsala Tse di Ratang Modimo

Re Tshwanetse go Nna le Ditsala Tse di Ratang Modimo

DITSALA ke batho ba re ratang go tlotla le bone le ba re fetsang nako e ntsi re na le bone. Mme go botlhokwa gore re nne le ditsala tse di siameng. O akanya gore ke mang yo e ka nnang tsala ya rona e kgolo?— Ee, ke Jehofa Modimo.

A ruri re ka nna ditsala tsa Modimo?— Baebele ya re Aborahame, monna yo o tshetseng dingwaga di le dintsi tse di fetileng, e ne e le “tsala ya ga Jehofa.” (Jakobe 2:23) A o itse gore ke ka ntlha yang fa e ne e le tsala ya ga Jehofa?— Baebele ya re Aborahame o ne a utlwa Modimo. O ne a mo utlwa tota le fa go ne go le thata go dira se a neng a kopiwa go se dira. Ka jalo, fa re batla go nna ditsala tsa ga Jehofa, re tshwanetse go dira dilo tse di mo itumedisang fela jaaka Aborahame le jaaka Morutisi yo Mogolo a ile a dira ka metlha.—Genesise 22:1-14; Johane 8:28, 29; Bahebera 11:8, 17-19.

Ke ka ntlha yang fa Aborahame e ne e le “tsala ya ga Jehofa”?

Jesu o ile a raya baaposetoloi ba gagwe a re: “Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang.” (Johane 15:14) E re ka sengwe le sengwe se Jesu a neng a se bolelela batho se ne se tswa kwa go Jehofa, o ne a raya gore ditsala tsa gagwe ke batho ba ba dirang dilo tse Modimo a ba laelang tsone. Ee, ditsala tsotlhe tsa ga Jesu di ne di rata Modimo.

Dingwe tsa ditsala tse dikgolo tsa Morutisi yo Mogolo e ne e le baaposetoloi ba gagwe, ba o ka bonang ditshwantsho tsa bone mo tsebeng 75 ya buka eno. Ba ne ba tsamaya le ene ba mo thusa go dira tiro ya go rera. Jesu o ne a fetsa nako e ntsi a na le banna bano. Ba ne ba ja mmogo. Ba ne ba tlotla mmogo ka Modimo. E bile ba dira le dilo tse dingwe mmogo. Mme Jesu o ne a na le ditsala tse dingwe tse dintsi. O ne a tlhola a nna le bone mme ba ne ba itumelela go nna mmogo.

Lelapa lengwe le Jesu a neng a rata go le etela le ne le nna mo motsaneng wa Bethani, gaufi le motse o mogolo wa Jerusalema. A o a ba gakologelwa?— E ne e le Marea le Maratha le kgaitsadiabone e bong Lasaro. Jesu o ne a re Lasaro ke tsala ya gagwe. (Johane 11:1, 5, 11) O ne a rata lelapa leno mme a itumelela go nna le bone ka gonne ba ne ba rata Jehofa e bile ba Mo direla.

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhola a etela lelapa leno fa a ya Jerusalema? A o itse maina a bone?

Seno ga se reye gore Jesu o ne a se pelonomi mo bathong ba ba neng ba sa direle Modimo. O ne a le pelonomi le mo go bone. E bile o ne a ba etela kwa magaeng a bone a ja le bone. Seno se ne sa dira gore batho bangwe ba re Jesu ke “tsala ya bakgethisi le baleofi.” (Mathaio 11:19) Mme gone, Jesu o ne a sa etele batho bano ka gonne a rata tsela e ba neng ba tshela ka yone. O ne a ba etela gore a tlotle le bone ka Jehofa. O ne a leka go ba thusa gore ba tlogele go dira dilo tse di bosula mme ba direle Modimo.

Ke ka ntlha yang fa Sakaio a palame setlhare seno?

Seno se ne sa direga letsatsi lengwe kwa motseng wa Jeriko. Jesu o ne a feta mo motseng oo a ya Jerusalema. Go ne go na le boidiidi jwa batho, mme mo gare ga bone go ne go na le monna mongwe yo o bidiwang Sakaio. O ne a batla go bona Jesu. Sakaio o ne a le mokhutshwane, mme o ne a sa kgone go bona ka gonne go ne go na le batho ba le bantsi ba ba neng ba mo sirile. Ka jalo o ne a tabogela kwa pele a bo a palama setlhare gore a kgone go bona Jesu sentle fa a feta.

Fa Jesu a feta fa setlhareng seo, o ne a mo leba a bo a re: ‘Itlhaganele o fologe, gonne gompieno ke tla tla go nna mo ntlong ya gago.’ Mme Sakaio e ne e le monna yo o humileng yo o neng a dirile dilo tse di bosula. Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ka batla go ya go etela monna yo o ntseng jalo?—

Jesu o ne a sa mo etele ka gonne a rata tsela e monna yono a neng a tshela ka yone. O ne a ya kwa ntlong ya ga Sakaio gore a bue le ene ka Modimo. O ne a bone kafa monna yono a ileng a dira matsapa ka gone gore a mmone. Ka jalo o ne a itse gore Sakaio o ne a ka nna a mo reetsa. Eno e ne e le nako e e molemo ya gore a tlotle le ene ka tsela e Modimo a batlang batho ba tshela ka yone.

Ke ka ntlha yang fa Jesu a etetse Sakaio, mme Sakaio o solofetsa go dira eng?

Go direga eng morago ga moo?— Sakaio o rata dilo tse Jesu a mo rutang tsone. O ikwatlhaela go bo a ile a tsietsa batho, mme o solofetsa go ba busetsa madi a a ba tsieditseng one. O nna molatedi wa ga Jesu. Morago ga moo e ne ya nna gone Jesu le Sakaio ba nnang ditsala.—Luke 19:1-10.

Fa re etsa sekao sa Morutisi yo Mogolo, a re tla etela batho ba e seng ditsala tsa rona?— Ee. Mme gone ga re ba etele ka gonne re rata tsela e ba tshelang ka yone. E bile re ka se dire dilo tse di sa siamang le bone. Re tla ba etela gore re tlotle le bone ka Modimo.

Mme ditsala tsa rona tse dikgolo ke tsone tse re ratang go fetsa nako e ntsi le tsone. Ditsala tse di siameng e tshwanetse go nna batho ba Modimo a ba ratang. Bangwe ba ka tswa ba sa itse gore Jehofa ke mang. Mme fa ba batla go ithuta ka ene, re ka ba thusa. Mme fa ba setse ba rata Jehofa jaaka rona, ke gone re ka nnang ditsala tsa bone tse dikgolo.

Go na le tsela e nngwe e re ka bonang ka yone gore a motho e ka nna tsala e e molemo. Leba dilo tse a di dirang. A o direla batho ba bangwe bosula a bo a tshega ka gone? Ga go a siama go dira jalo, ga ke re?— A o tlhola a le mo mathateng? Ga re ka ke ra batla go itsenya mo mathateng le ene, ga ke re?— Kgotsa a o dira dilo tse di sa siamang ka boomo a bo a akanya gore o botlhale ka gonne go se na ope yo o mmoneng? Le fa go se na ope yo o mmoneng, Modimo o bone se a se dirileng, a ga go a nna jalo?— A o akanya gore batho ba ba dirang dilo tse di ntseng jalo e ka nna ditsala tse di molemo?—

Tlaa le Baebele ya gago tsweetswee. A re bone gore ya reng ka tsela e ditsala tsa rona di re amang ka yone. A re bale 1 Bakorintha kgaolo 15, temana 33. A o e butse?— Ya re: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” Seno se raya gore fa re fetsa nako le batho ba ba bosula, le rona re ka nna bosula. Mme ditsala tse di molemo le tsone di ka dira gore re nne le mekgwa e e molemo.

Re se ka ra lebala le ka motlha gore Motho yo o botlhokwa go gaisa botlhe mo botshelong jwa rona ke Jehofa. Ga re batle go senya botsala jwa rona le ene, ga ke re?— Ka jalo re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re nne ditsala fela le batho ba ba ratang Modimo.

Re kgona go bona gore go botlhokwa go nna le ditsala tse di siameng mo go Pesalema 119:115; Diane 13:20; 2 Timotheo 2:22; le 1 Johane 2:15.