Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 45

Bogosi Jwa Modimo ke Eng? Kafa re ka Bontshang ka Teng Gore re Batla bo Tle

Bogosi Jwa Modimo ke Eng? Kafa re ka Bontshang ka Teng Gore re Batla bo Tle

A O ITSE thapelo e Jesu a ileng a e ruta balatedi ba gagwe?— Fa o sa e itse, re ka e bala mmogo mo Baebeleng mo go Mathaio 6:9-13. Thapelo eo e batho ba le bantsi ba e bitsang Thapelo ya Morena, e na le mafoko ano: “A bogosi jwa gago bo tle.” A o itse gore Bogosi Jwa Modimo ke eng?—

Kgosi ke mmusi wa naga. Mme puso ya gagwe e bidiwa bogosi. Mo dinageng dingwe moeteledipele wa puso o bidiwa poresidente. Mmusi wa puso ya Modimo o bidiwa eng?— Kgosi. Ke gone ka moo puso ya Modimo e bidiwang Bogosi.

A o itse gore Jehofa Modimo o tlhophile mang go nna Kgosi ya puso ya gagwe?— Morwawe, e bong Jesu Keresete. Ke ka ntlha yang fa Jesu e le mmusi yo o botoka go feta mmusi ope fela o batho ba ka mo tlhophang?— Ke ka gonne Jesu o rata Rraagwe e bong Jehofa tota. Ka jalo, ka metlha o dira se se siameng.

Dingwaga di le dintsi pele Jesu a tsholwa kwa Bethelehema, Baebele e ne ya bua ka botsalo jwa gagwe mme ya re o ne a tla nna Mmusi yo o tlhophilweng ke Modimo. A re bale ka seno mo go Isaia 9:6, 7 go tswa mo thanolong ya Baebele E E Boitshepo. Ya re: “Gonne ngwana re mo tsaletswe, ngwana wa mosimane re mo neilwe, mme puso e tlaa nna mo leruding la gagwe; leina la gagwe le tlaa bidiwa . . . Kgosana ya Kagiso. Ga go tota ga puso ya gagwe, le ga kagiso ga go ketla go nna le bokhutlo.”—Mokwalo o o sekameng ke wa rona.

A o itse gore ke ka ntlha yang fa Mmusi wa Bogosi Jwa Modimo a bidiwa “Kgosana”?— Kgosana eno ke morwa kgosi. Jesu ke Morwa Kgosi e Kgolo, Jehofa. Mme gape Jehofa o dirile Jesu Kgosi ya puso ya gagwe, e e tla busang lefatshe ka dingwaga di le sekete. (Tshenolo 20:6) Fa Jesu a sena go kolobediwa, o ne a simolola “go rera a re: ‘Ikwatlhayeng, gonne bogosi jwa magodimo bo atametse.’”—Mathaio 4:17.

O akanya gore ke eng fa Jesu a ne a re Bogosi bo atametse?— Ka gonne Kgosi ya jone, e moragonyana e neng e tla ya go busa kwa legodimong, e ne e tshela le bone! Ke gone ka moo Jesu a neng a raya batho a re: “Bogosi jwa Modimo bo mo gare ga lona.” (Luke 17:21) A o ne o ka se rate gore Kgosi eno e e tlhophilweng ke Jehofa e nne gaufi le wena mo o ka kgonang go e tshwara?—

A o ka mpolelela gore ke tiro efe e e botlhokwa e Jesu a neng a tletse go e dira mo lefatsheng?— Jesu o ne a araba potso eno a re: “Le kwa metseng e mengwe ke tshwanetse go bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo, ka gonne ke ne ka romelwa ka ntlha ya seno.” (Luke 4:43) Jesu o ne a itse gore o ne a ka se dire tiro eno yotlhe ya go rera ka boene fela. Ka jalo, o akanya gore o ne a dira eng?—

Jesu o ne a tletse go dira tiro efe mo lefatsheng?

Jesu o ne a tsamaya le batho bangwe a bo a ba bontsha kafa ba tshwanetseng go dira tiro ya go rera ka teng. Batho ba ntlha ba a neng a ba thapisa ke ba le 12 ba a neng a ba tlhopha go nna baaposetoloi. (Mathaio 10:5, 7) Mme gone, a baaposetoloi e ne e le bone fela ba Jesu a neng a ba thapisa go dira tiro eno? Nnyaa, Baebele ya re Jesu o ne a thapisa le batho ba bangwe ba bantsi go rera. Moragonyana, o ne a romela barutwa ba bangwe ba le 70 ka bobedi le bobedi go tsamaela kwa pele ga gagwe. Mme ba ne ba ruta batho eng?— Jesu o ile a re: “Lo tswelele lo ba bolelela lo re, ‘Bogosi jwa Modimo bo lo atametse.’” (Luke 10:9) Ka jalo batho ba ne ba ithuta ka puso ya Modimo.

Bogologolo kwa Iseraele, dikgosi tse disha di ne di tle di tsene mo motseng di palame eselana gore batho ba di bone. Jaanong ke sone se Jesu a se dirang fa a etela Jerusalema la bofelo. Jesu o tlile go nna Mmusi wa Bogosi Jwa Modimo. A batho ba batla gore e nne Kgosi ya bone?—

Fa a ntse a palame eselana eo, boidiidi bo simolola go ala diaparo tsa bone tsa ka fa ntle mo tseleng fa pele ga gagwe. Ba bangwe ba kgaola dikala tsa ditlhare ba bo ba di baya mo tseleng. Ka go dira jalo ba bontsha gore ba batla gore Jesu e nne Kgosi ya bone. Ba goa ba re: “Go sego Yo o tlang e le Kgosi ka leina la ga Jehofa!” Mme ga se batho botlhe ba ba itumelelang seno. Tota e bile, baeteledipele bangwe ba bodumedi ba raya Jesu ba re, ‘Bolelela barutwa ba gago gore ba didimale.’—Luke 19:28-40.

Ke ka ntlha yang fa batho ba sa tlhole ba batla gore Jesu e nne Kgosi ya bone?

Malatsi a le matlhano moragonyana Jesu o a tshwarwa a bo a isiwa kwa ntlong ya segosi kwa go mmusi Ponto Pilato. Baba ba ga Jesu ba re Jesu o ipitsa kgosi le gore o kgatlhanong le puso ya Roma. Ka jalo Pilato o botsa Jesu ka seno. Jesu o bolelela Pilato gore ga a leke go menola puso. O mo raya a re: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.”—Johane 18:36.

Go tswa foo Pilato o tswela kwa ntle a bo a raya batho a re ga a bone Jesu molato. Mme jaanong batho ga ba batle gore Jesu e nne Kgosi ya bone. Ga ba batle gore a gololwe. (Johane 18:37-40) Fa Pilato a sena go bua le Jesu gape, o sala a se na pelaelo gore Jesu ga a na molato. Ka jalo, Pilato o bua jaana fa a sena go ntshetsa Jesu kwa ntle la bofelo: “Bonang! Kgosi ya lona!” Mme batho ba goa ba re: “Mo tlose! Mo tlose! Mmapole!”

Pilato o botsa jaana: “A ke bapole kgosi ya lona?” Baperesiti ba bagolo ba araba ba re: “Ga re na kgosi epe fa e se Kaesare.” Akanya fela! Baperesiti bao ba ba bosula ba ile ba kgona go dira gore batho ba nne kgatlhanong le Jesu!—Johane 19:1-16.

Le gompieno go ntse fela jalo. Tota batho ba le bantsi ga ba batle gore Jesu e nne Kgosi ya bone. Ba ka nna ba re ba dumela mo Modimong, mme ga ba batle gore Modimo kgotsa Keresete a ba bolelele gore ba dire eng. Ba batla go busiwa ke dipuso tsa lefatshe.

Go tweng ka rona? Fa re ithuta ka Bogosi Jwa Modimo le ka dilo tse di molemo tse bo tla di dirang, seo se dira gore re ikutlwe jang ka Modimo?— Re a mo rata, ga ke re?— Ka jalo re ka bontsha jang gore re rata Modimo le gore re batla go busiwa ke Bogosi jwa gagwe?—

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kolobediwa, mme Modimo o ne a bontsha jang gore o mo amogetse?

Re ka bontsha Modimo tsela e re ikutlwang ka yone ka go latela sekao sa ga Jesu. Mme Jesu o ne a dira eng go bontsha gore o rata Jehofa?— Jesu o ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” (Johane 8:29) Ee, Jesu o ne a tletse go ‘dira thato ya Modimo’ mo lefatsheng le go “wetsa tiro ya gagwe.” (Bahebera 10:7; Johane 4:34) Akanya ka se Jesu a neng a se dira pele ga a simolola tiro ya gagwe ya go rera.

Jesu o ne a ya kwa go Johane Mokolobetsi kwa Nokeng ya Joredane. Fa ba sena go tsena mo metsing, Johane o ne a tsenya mmele otlhe wa ga Jesu mo metsing a bo a mo ntsha. A o itse gore ke ka ntlha yang fa Johane a ne a kolobetsa Jesu?—

Re ka bua kae le batho ba bangwe ka Bogosi Jwa Modimo?

Jesu o ne a kopa Johane gore a mo kolobetse. Mme re itse jang gore Modimo o ne a batla gore Jesu a kolobediwe?— Re itse seno ka gonne fa Jesu a tswa mo metsing, o ne a utlwa lentswe la Modimo go tswa kwa legodimong le re: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.” Modimo o ne a ba a dira gore moya wa gagwe o o boitshepo o fologele mo go Jesu o tshwana le lephoi. Ka jalo fa Jesu a kolobediwa, o ne a bontsha gore o batla go direla Jehofa botshelo jotlhe jwa gagwe, ee, ka bosakhutlheng.—Mareko 1:9-11.

Gone jaanong o sa ntse o gola. Mme o tlile go dira eng moragonyana mo botshelong?— A o tla tshwana le Jesu mme o kolobediwe?— O tshwanetse go mo etsa, ka gonne Baebele ya re o go tlogeletse ‘sekao gore o latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.’ (1 Petere 2:21) Fa o ka kolobediwa, o tla bo o bontsha gore ruri o batla go busiwa ke Bogosi Jwa Modimo. Mme go kolobediwa ga se sone fela selo se se tlhokegang.

Re tshwanetse go dira dilo tsotlhe tse Jesu a re rutileng tsone. Jesu o ile a re ga re a tshwanela go nna “karolo ya lefatshe.” A re tla bo re mo utlwa fa re dira dilo tse di ratwang ke batho ba lefatshe leno? Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ne ba sa dire dilo tse di dirwang ke batho ba lefatshe. (Johane 17:14) Go na le moo ba ne ba dira eng?— Ba ne ba bua le batho ba bangwe ka Bogosi Jwa Modimo. Tiro eo e ne e le botlhokwa thata mo botshelong jwa bone. A le rona re ka dira tiro eo?— Ee, e bile re tla e dira fa e le gore tota re bua go tswa pelong fa re rapelela Bogosi Jwa Modimo gore bo tle.

Tsweetswee leba ditemana tseno tse dingwe tse di re bolelelang se re ka se dirang go bontsha gore re batla gore Bogosi Jwa Modimo bo tle: Mathaio 6:24-33; 24:14; 1 Johane 2:15-17; le 5:3.