Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 46

A Lefatshe le Tla Fedisiwa ka Morwalela Gape?

A Lefatshe le Tla Fedisiwa ka Morwalela Gape?

A O KILE wa utlwa mongwe a bua ka bokhutlo jwa lefatshe?— Gompieno batho ba le bantsi ba bua ka jone. Batho bangwe ba akanya gore lefatshe le tla fedisiwa ka ntwa e mo go yone batho ba dirisang dibomo tsa nuklea. A o akanya gore Modimo o tla letla batho gore ba senye lefatshe leno la rona le lentle?—

Jaaka fa re ithutile, Baebele e bua ka bokhutlo jwa lefatshe. Ya re: “Lefatshe le a feta.” (1 Johane 2:17) A o akanya gore fa go twe lefatshe le tla fedisiwa go tewa gore go tla fedisiwa polanete eno?— Nnyaa, Baebele ya re Modimo o dirile lefatshe ‘gore le nniwe,’ ee, gore batho ba nne mo go lone le go le itumelela. (Isaia 45:18) Pesalema 37:29 ya re: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” Ke gone ka moo Baebele e bolelang gape gore lefatshe le tla nnela ruri.—Pesalema 104:5; Moreri 1:4.

Ka jalo, fa e le gore go fedisiwa ga lefatshe ga se go fedisiwa ga polanete eno, jaanong go kaya eng?— Re ka bona karabo fa re sekaseka ka kelotlhoko se se neng sa direga mo metlheng ya ga Noa. Baebele ya re: ‘Lefatshe la nako eo le ne la senngwa . . . fa le ne le nna le Morwalela.’—2 Petere 3:6.

A go na le batho ba ba neng ba falola fa lefatshe le ne le fedisiwa ka Morwalela mo motlheng wa ga Noa?— Baebele ya re Modimo o ne a “boloka Noa, moreri wa tshiamo, a babalesegile le ba bangwe ba le supa fa a ne a tlisa morwalela mo lefatsheng la baikepi.”—2 Petere 2:5.

Lefatshe le le neng la senngwa mo nakong ya ga Noa e ne e le eng?

Ka jalo, lefatshe le le neng la fedisiwa ka nako eo ke eng? A go ne ga fedisiwa polanete kgotsa ga fedisiwa batho ba ba bosula?— Baebele ya re e ne e le ‘lefatshe la baikepi.’ Mme ela tlhoko gore Noa o bidiwa “moreri.” O akanya gore o ne a rera ka eng?— Noa o ne a itsise batho ka bokhutlo jwa “lefatshe la nako eo.”

Fa Jesu a ne a bua ka Morwalela, o ne a bolelela barutwa ba gagwe ka se batho ba neng ba se dira pelenyana fela ga bokhutlo bo tla. O ne a ba raya a re: “Mo malatsing ao pele ga morwalela, [batho ba ne] baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.” Go tswa foo Jesu o ne a re batho ba ne ba tla itshwara fela jalo pele ga bokhutlo jwa lefatshe leno.—Mathaio 24:37-39.

Mafoko a ga Jesu a bontsha gore re ka ithuta sengwe mo go se batho ba neng ba se dira pele ga Morwalela. A o sa ntse o gakologelwa gore Kgaolo 10 ya buka eno ya re batho bao ba ile ba dira eng?— Banna bangwe ba teng ba ne ba kgerisa batho ba bangwe e bile ba ba itaya. Jesu a re ba bangwe bone ba ne ba se ka ba reetsa fa Modimo a romela Noa go ba rerela.

Ka jalo letsatsi lengwe Jehofa o ne a bolelela Noa gore o tlile go senya batho ba ba bosula ka Morwalela. Metsi a ne a tla khurumetsa lefatshe lotlhe, le dithaba tota. Jehofa o ne a laela Noa gore a age araka e kgolo. E ne e tshwana le lebokoso le legolo le leleele, jaaka o ka bona fa o bula mo setshwantshong se se mo go tsebe 238.

Modimo o ne a laela Noa go aga araka e kgolo e e kgonang go tsenya ene le lelapa la gagwe le diphologolo tse dintsi gore ba falole. Noa le lelapa la gagwe ba ne ba dira ka natla. Ba ne ba kgaola ditlhare tse dikgolo, ba dirisa dikgong tsa tsone go aga araka. Seno se ne sa ba tsaya dingwaga tse dintsi ka gonne araka e ne e le kgolo thata.

A o gakologelwa gore ke eng gape se Noa a neng a se dira mo dingwageng tse a neng a ntse a aga araka ka tsone?— O ne a rera, a bolelela batho ka Morwalela o o neng o tla. A go na le batho ba ba neng ba mo reetsa? Nnyaa, ke lelapa la gagwe fela le le neng la mo reetsa. Batho ba bangwe ba ne ba sa itshwenye, ba itirela dilo tsa bone. A o gakologelwa gore Jesu o ne a re ba ne ba dira eng?— Ba ne ba ja, ba nwa e bile ba nyala. Ba ne ba sa itseye e le batho ba ba bosula, e bile ga ba a ka ba ipha nako ya go reetsa Noa. A re bone gore go ne ga direga eng ka bone.

Fa Noa le lelapa la gagwe ba sena go tsena mo arakeng, Jehofa o ne a tswala kgoro. Batho ba ba neng ba le kwa ntle ba ne ba sa dumele le ka nako eo gore Morwalela o ne o tla tla. Mme metsi a ne a simolola go tshologa go tswa mo loaping ba sa lebelela! E ne e se pula e e tlwaelegileng. E ne e le pula e kgolo! Ka bonako fela ke fa metsi a elela, a dira modumo o mogolo. A ne a diga ditlhare tse dikgolo, a kgokolosa mafika a magolo jaaka e kete ke matlapana fela. Mme go ne ga direga eng ka batho ba ba neng ba le kwa ntle ga araka?— Jesu a re: ‘Morwalela o ne wa tla mme wa ba gogola botlhe.’ Batho botlhe ba ba neng ba le kwa ntle ga araka ba ne ba swa. Ka ntlha yang?— Jesu a re ‘ga ba a ka ba tlhokomela.’ Ga ba a ka ba reetsa!—Mathaio 24:39; Genesise 6:5-7.

Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go nna re akantse fela ka go ijesa monate?

Se lebale gore Jesu a re se se diragaletseng batho bao se re ruta sengwe gompieno. Se re ruta eng?— Batho bao ga ba a ka ba senngwa fela ka gonne ba ne ba le bosula mme gape ba ne ba senngwa ka gonne ba ne ba sa iphe nako ya go ithuta ka Modimo le ka se a neng a tlile go se dira. Le rona re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra tshwana le bone, a ga go jalo?—

A o akanya gore Modimo o tla senya lefatshe gape ka morwalela?— Nnyaa, Modimo o solofeditse gore ga a na go dira jalo. O rile: “Ke baya motshe wa me wa godimo mo lerung, mme o tla nna sesupo.” Jehofa o ne a re motshe wa godimo o ne o tla nna sesupo sa gore “metsi ga a kitla a tlhola a nna morwalela gore a senye nama yotlhe.”—Genesise 9:11-17.

Ka jalo re ka dumela re sa belaele gore Modimo ga a kitla a tlhola a senya lefatshe ka morwalela. Mme gone, jaaka fa re bone, Baebele e bua ka bokhutlo jwa lefatshe. Fa Modimo a senya lefatshe, ke bomang ba ba tla falolang?— A e tla nna batho ba ba neng ba amegile ka dilo tsa bone mme ba sa batle go ithuta ka Modimo? A e tla bo e le batho ba ba ntseng ba sa iphe nako ya go ithuta Baebele? O akanyang?—

Re batla go nna bangwe ba batho ba Modimo a tla ba thusang go falola, ga ke re?— A go ne go se kitla go itumedisa fa Modimo a ka thusa lelapa la rona go falola jaaka lelapa la ga Noa?— Fa re batla go falola bokhutlo jwa lefatshe leno, re tshwanetse go itse kafa Modimo a tlileng go senya lefatshe leno ka teng le go dira gore go nne le lefatshe le lesha la tshiamo. A re bone kafa a tlileng go dira seno ka teng.

Baebele e tlhalosa seno mo go Daniele kgaolo 2, temana 44. Temana eno e bua ka nako ya rona fa e re: “Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi [kana, puso] jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.”

A o tlhaloganya seo?— Baebele ya re puso ya Modimo e tlile go senya dipuso tsotlhe tsa lefatshe. Ka ntlha yang?— Ka gonne ga di utlwe Ene yo Modimo a mo dirileng Kgosi. Ene yoo ke mang?— Ke Jesu Keresete!

Jesu Keresete, yo Modimo a mo tlhophileng go nna Kgosi, o tla senya lefatshe ka Haramagedona

Jehofa Modimo ke ene a nang le tshwanelo ya go dira tshwetso ya gore ke puso e e ntseng jang e e tshwanetseng go busa, mme o tlhophile Morwawe, Jesu go nna Kgosi. Mmusi yono yo Modimo a mo tlhophileng e bong Jesu Keresete, o tla tloga a fedisa dipuso tsotlhe tsa lefatshe. Mo go Tshenolo kgaolo 19, temana 11 go ya go 16, Baebele e bua ka ene fa a fedisa dipuso tseno, jaaka fa setshwantsho seno se bontsha. Mo Baebeleng, ntwa ya Modimo e a tla fedisang dipuso tsotlhe tsa lefatshe ka yone, e bidiwa Haramagedona.

Modimo a re Bogosi jwa gagwe bo tla fedisa dipuso tsa batho. A mme o re laela go fedisa dipuso tseno?— Nnyaa, ga a re laele go dira jalo, ka gonne mo Baebeleng Haramagedona e bidiwa ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’ (Tshenolo 16:14, 16) Ee, Haramagedona ke ntwa ya Modimo, mme o dirisa Jesu Keresete go etelela pele masole a kwa legodimong mo ntweng eo. A ntwa ya Haramagedona e gaufi? A re bone gore re ka lemoga seo jang.

A re bale mmogo mo go Diane 2:21, 22; Isaia 26:20, 21; Jeremia 25:31-33; le Mathaio 24:21, 22, go utlwa ka se se tla diregang fa Modimo a tla bo a senya batho botlhe ba ba bosula a bo a dira gore ba ba mo direlang ba falole.