Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Modimo O ne A Batla Gore Maemo a Nne Jaana?

A Modimo O ne A Batla Gore Maemo a Nne Jaana?

BALA lekwalodikgang le fa e ka nna lefe fela. Leba thelebishene kgotsa reetsa radio. O tla utlwa dikgang tse di seng kana ka sepe tse di buang ka bokebekwa, ntwa le borukhutlhi! Akanya ka mathata a wena ka bowena o nang le one. Gongwe o utlwisitswe botlhoko ke go lwala kgotsa ke go swelwa ke mongwe. O ka tswa o ikutlwa ka tsela e monna yo o siameng e bong Jobe a neng a ikutlwa ka yone, yo o neng a re o “tletse pogisego.”—Jobe 10:15.

Ipotse jaana:

  • A Modimo o ne a ikaeletse gore nna le batho ba bangwe botlhe re diragalelwe ke dilo tseno?

  • Nka bona kae thuso ya gore ke kgone go lebana le mathata a me?

  • A go na le tsholofelo epe ya gore re tla tsamaya re nna le kagiso mo lefatsheng?

Baebele e araba dipotso tseno ka tsela e e kgotsofatsang.

 BAEBELE E RUTA GORE MODIMO O TLA TLISA DIPHETOGO TSENO MO LEFATSHENG.

  • “O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.”—Tshenolo 21:4

  •  “Setlhotsa se tla palama fela jaaka kgama e tonanyana.”—Isaia 35:6

  • “Matlho a difofu a tla bulwa.”—Isaia 35:5

  • “Botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo . . . ba tla tswa.”—Johane 5:28, 29

  • “Ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24

  • “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng.”—Pesalema 72:16

 SOLEGELWA MELEMO KE SE BAEBELE E SE RUTANG

O se ka wa itlhaganelela go swetsa ka go re se go buiwang ka sone mo ditsebeng tse di fetileng ke go ijesa dijo tsa ditoro fela. Modimo o solofeditse gore o tlile go dira gore maemo ano a nne teng, mme Baebele e tlhalosa gore o tlile go dira seo jang.

Baebele e re solegela molemo ka ditsela dingwe gape tse dintsi. E re bolelela se re ka se dirang gore re itumelele botshelo jo bo kgotsofatsang, tota le e leng gone jaanong. Akanya go sekae ka ditlhobaelo le matshwenyego a o nang le one. Di ka nna tsa akaretsa mathata a tsa madi, mathata a lelapa, mathata a botsogo kgotsa go swelwa ke mongwe. Baebele e ka go thusa go lebana le mathata gompieno, mme e ka go ritibatsa maikutlo ka go araba dipotso tse di jaaka tseno:

  • Ke ka ntlha yang fa re boga?

  • Re ka lebana jang le ditlhobaelo tsa botshelo?

  • Re ka dira jang gore botshelo jwa lelapa la rona e nne jo bo itumedisang le go feta?

  • Go direga eng ka rona fa re swa?

  • A re tla boa gape re bona baratiwa ba rona ba ba suleng?

  • Re ka tlhomamisega jang gore Modimo o tla diragatsa ditsholofetso tsa gagwe tsa mo isagweng?

 Lebaka fela la go bo o bala buka eno le bontsha gore o ka rata go itse gore Baebele e ruta eng. Buka eno e tla go thusa. Ela tlhoko gore dirapa tsa yone di na le dipotso kwa tlase mo tsebeng. Batho ba le dimilionemilione ba ile ba itumelela go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ka go dirisa dipotso le dikarabo. Re solofela gore le wena o tla itumelela go dira jalo. E kete Modimo a ka go segofatsa fa o ntse o itumelela go ithuta se tota Baebele e se rutang!