Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BORARO

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?

Boikaelelo Jwa Modimo ke Eng ka Lefatshe?
  • Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka batho?

  • Modimo o ile a latofadiwa ka eng?

  • Mo isagweng, botshelo bo tla bo bo ntse jang mo lefatsheng?

1. Boikaelelo jwa Modimo ke eng ka lefatshe?

BOIKAELELO jwa Modimo ka lefatshe bo itumedisa tota. Jehofa o batla gore lefatshe le tlale ka batho ba ba itumetseng le ba ba itekanetseng sentle. Baebele ya re “Modimo a jala tshingwana mo Edene” mme a “dira gore go mele . . . setlhare sengwe le sengwe se se eletsegang mo ponong ya motho e bile se le molemo go ka nna dijo.” Fa Modimo a sena go bopa monna wa ntlha e bong Adame le mosadi wa gagwe Efa, o ne a ba baya mo legaeng leo le lentle mme a ba raya a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” (Genesise 1:28; 2:8, 9, 15) Ka jalo boikaelelo jwa Modimo e ne e le gore batho ba nne le bana, ba atolose melelwane ya tshimo ya legae leo mo lefatsheng ka bophara, le go tlhokomela diphologolo.

2. (a) Re itse jang gore boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe bo tla diragadiwa? (b) Baebele ya reng ka go tshelela ruri ga batho?

2 A o akanya gore boikaelelo jwa ga Jehofa Modimo jwa gore batho ba nne mo lefatsheng la paradaise bo tla tsamaya bo diragadiwa? Modimo o bolela jaana: “Ke bo buile mme ke tla bo diragatsa.” (Isaia 46:9-11; 55:11) Ee, ruri Modimo o tla diragatsa se a se ikaeletseng! A re o ne a se ka a ‘bopela lefatshe lefela, mme o le bopetse go nniwa.’ (Isaia 45:18) Modimo o ne a batla gore go tshele batho ba ba ntseng jang mo lefatsheng? Mme o ne a batla gore ba tshele mo go lone lobaka lo lo kana kang? Baebele e araba jaana: “Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba  tla aga mo go lone ka bosakhutleng.”Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4.

3. Ke maemo afe a a hutsafatsang a a leng teng mo lefatsheng, mme seno se tsosa dipotso dife?

3 O a kgona go bona gore seno ga se ise se direge. Gone jaanong batho ba sa ntse ba lwala e bile ba a swa; gape ba a lwa e bile ba a bolaana. Go raya gore go na le sengwe se se phoso. Gone ke boammaaruri gore Modimo o ne a sa ikaelela gore lefatshe le nne ka tsela e re le bonang le ntse ka yone gompieno. Matsapa di a tsere kae? Ke ka ntlha yang fa boikaelelo jwa Modimo bo ise bo diragadiwe? Ga go na buka epe ya hisitori e e kwadilweng ke batho e e ka re bolelelang karabo ka gonne bothata bo simolotse kwa legodimong.

KWA MMABA A TSWANG TENG

4, 5. (a) Ke mang yo tota a neng a bua le Efa a dirisa noga? (b) Go ka tla jang gore motho yo o ikanyegang yo o kileng a bo a na le seriti a fetoge legodu?

4 Buka ya ntlha ya Baebele e re bolelela ka moganetsi wa Modimo yo o neng a tla mo tshimong ya Edene. O tlhalosiwa e le “noga,” mme e ne e se noga fela e re e tlwaetseng. Buka ya bofelo ya Baebele e mo tlhalosa e le noga “e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” Gape o bidiwa “noga ya kwa tshimologong.” (Genesise 3:1; Tshenolo 12:9) Moengele yo o maatla yono, kgotsa setshedi se se sa bonaleng seno sa semoya, se ne sa dirisa noga gore e bue le Efa, fela jaaka motho yo o setswerere a ka dira gore go bonale e kete lentswe la gagwe le tswa mo mpoping. Ga go pelaelo gore motho yono wa semoya o ne a le teng fa Modimo a ne a bopa lefatshe gore batho ba tle go nna mo go lone.—Jobe 38:4, 7.

5 Le fa go ntse jalo, e re ka dilo tsotlhe tse Jehofa a di bopileng di itekanetse, ke mang yo o dirileng “Diabolo” yono, ene “Satane” yono? Karabo e e motlhofo fela ke go re, mongwe wa bana ba ba maatla ba semoya ba Modimo o ne a iphetola go nna Satane. Seno se diregile jang? Motho yo o kileng a bo a na le seriti e bile a ikanyega a ka fetoga go nna legodu. Seo se direga jang? Motho yono a ka nna a itetla go nna le keletso e e sa siamang. Fa a nna a akanya ka yone, keletso eo e ka nna ya gola. Mme fa  tshono e tlhaga, a ka nna a diragatsa keletso eo e e sa siamang ya se a ntseng a akanya ka sone.—Jakobe 1:13-15.

6. Go tlile jang gore morwa yo o maatla wa semoya wa Modimo a fetoge Satane Diabolo?

6 Seno ke sone se se neng sa diragalela Satane Diabolo. Go bonala a ile a utlwa fa Modimo a ne a bolelela Adame le Efa gore ba nne le bana mme ba tlatse lefatshe ka bone. (Genesise 1:27, 28) Go bonala Satane a ile a ipolelela go re, ‘Batho bano botlhe ba ka obamela nna go na le gore ba obamele Modimo!’ Ka jalo, keletso eno e e sa siamang e ile ya gola mo pelong ya gagwe. Kgabagare, o ile a tsaya kgato ya go tsietsa Efa ka go mmolelela maaka ka Modimo. (Genesise 3:1-5) Ka jalo, o ne a fetoga “Diabolo,” mo go rayang “Yo o Senyang ba Bangwe Leina.” Mme mo godimo ga moo, o ne a fetoga “Satane,” mo go rayang “Moganetsi.”

7. (a) Ke ka ntlha yang fa Adame le Efa ba ile ba swa? (b) Ke ka ntlha yang fa bana botlhe ba ga Adame ba tsofala e bile ba swa?

7 Ka go dirisa maaka le tsietso, Satane Diabolo o ile a dira gore Adame le Efa ba se ka ba utlwa Modimo. (Genesise 2:17; 3:6) Seno se ne sa felela ka gore kgabagare ba swe, fela jaaka Modimo a ne a rile ba tla swa fa ba sa mo utlwe. (Genesise 3:17-19) E re ka Adame a ile a latlhegelwa ke boitekanelo jwa gagwe fa a ne a leofa, bana botlhe ba gagwe ba ile ba rua boleo mo go ene. (Baroma 5:12) Boemo jwa bone bo ka tshwantshiwa le jwa pane e e dirisediwang go baka senkgwe. Fa pane e bobetsegile golo gongwe, go direga eng ka senkgwe sengwe le sengwe se se dirilweng ka pane eno? Le sone se tla tswa se bobetsegile. Ka tsela e e tshwanang, motho mongwe le mongwe o ruile bosaitekanelang mo go Adame, kgotsa re ka re o “bobetsegile.” Ke gone ka moo batho botlhe ba tsofalang ba bo ba swa.—Baroma 3:23.

8, 9. (a) Go bonala Satane a ile a latofatsa Modimo ka eng? (b) Ke ka ntlha yang fa Modimo a se kile a fedisa batsuolodi bao ka yone nako eo?

8 Fa Satane a ne a dira gore Adame le Efa ba leofele Modimo, tota o ne a dira gore ba mo tsuologele. O ne a sa rate tsela e Jehofa a busang ka yone. Tota re ka re, Satane o ne a re: ‘Modimo ke mmusi yo o bosula. O bua maaka e bile ga a batle go naya babusiwa ba gagwe sepe se se molemo. Batho ga ba tlhoke go busiwa  ke Modimo. Ba ka kgona go itirela tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. E bile ba ka tshela botoka fa ba busiwa ke nna.’ Modimo o ne a tla lebana jang le tatofatso eo e e mo tlontlololang? Bangwe ba akanya gore Modimo a ka bo a ile a bolaya batsuolodi bao ka yone nako eo. A mme go dira jalo go ka bo go ile ga re thusa go bona gore a tatofatso eno ya ga Satane e boammaaruri kgotsa jang? A go ka bo go ile ga supa gore Modimo o busa ka tsela e e siameng?

 9 Tsela e e siameng e Jehofa a dirisang tshiamiso ya gagwe e e itekanetseng ka yone e ne e ka se ka ya mo letla gore a bolaye batsuolodi bao ka yone nako eo. O ne a swetsa ka gore go fete nako gore tatofatso ya ga Satane e itshupe ka tsela e e kgotsofatsang gore e boammaaruri go le kana kang le go supa gore Diabolo ke moaki. Ka jalo, Modimo o ile a dira tshwetso ya gore a letle batho gore ba nne le nako ya go ipusa ba tlhotlhelediwa ke Satane. Kgaolo ya 11 ya buka eno, e tla re bolelela gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a dira jalo le gore ke ka ntlha yang fa a ile a letla gore go fete nako e ntsi jaana pele a ka rarabolola dikgang tseno. Mme gone jaanong, re tshwanetse go akanya ka ntlha eno: A go ne go siame gore Adame le Efa ba dumele Satane, yo a neng a ise a ke a ba direle sepe se se molemo? A go ne go siame gore ba dumele gore Jehofa, yo o neng a ba neile sengwe le sengwe se ba neng ba na le sone, ke moaki yo o setlhogo? Wena o ka bo o ile wa dira eng?

10. O ka tshegetsa jang letlhakore la ga Jehofa gore o arabe kgwetlho ya ga Satane?

10 Go molemo gore re akanye ka dipotso tseno ka gonne mongwe le mongwe wa rona o lebane le dikgwetlho tse di ntseng jalo gompieno. Ee, o na le tshono ya go tshegetsa letlhakore la ga Jehofa gore go bonale gore tatofatso ya ga Satane e boammaaruri go le kana kang. O ka kgona go tsaya Jehofa e le Mmusi wa gago le go bontsha gore Satane ke moaki. (Pesalema 73:28; Diane 27:11) Go utlwisa botlhoko go bona gore ke batho ba le mmalwa fela mo dibilioneng tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba ba dirang tshwetso e e ntseng jalo. Seno se tsosa potso e e botlhokwa e e reng, A tota Baebele e ruta gore Satane ke ene a busang lefatshe leno?

KE MANG YO O BUSANG LEFATSHE LENO?

Satane o ne a ka solofetsa Jesu magosi otlhe a lefatshe jang fa e ka bo e se a gagwe?

11, 12. (a) Go raelwa ga ga Jesu go bontsha jang gore Satane ke mmusi wa lefatshe leno? (b) Ke eng gape se se bontshang gore Satane ke mmusi wa lefatshe leno?

11 Le ka motlha Jesu ga a ise a ko a belaele gore Satane ke ene mmusi wa lefatshe leno. Nako nngwe Satane o ne a dirisa tsela nngwe e e gakgamatsang go bontsha Jesu “magosi otlhe a  lefatshe le kgalalelo ya one.” Morago ga moo Satane o ne a solofetsa Jesu a re: “Dilo tseno tsotlhe ke tla di go naya fa o ka wela fa fatshe mme wa nkobamela.” (Mathaio 4:8, 9; Luke 4:5, 6) A ko o akanye ka seno. A Satane o ka bo a raetse Jesu ka magosi ano fa magosi ano e ne e se a gagwe? Jesu o ne a se ka a ganela gore dipuso tseno tsotlhe tsa lefatshe e ne e le tsa ga Satane. Eleruri, Jesu a ka bo a ile a dira jalo fa Satane e ka bo e se ene mmusi wa magosi ano.

12 Gone ke boammaaruri gore Jehofa ke Modimo Mothatayotlhe, Mmopi wa lobopo le lentle ka tsela e e gakgamatsang. (Tshenolo 4:11) Le fa go ntse jalo, ga go na gope mo Baebeleng mo go tweng Jehofa Modimo kgotsa Jesu Keresete ke mmusi wa lefatshe leno. Tota e bile, Jesu o ne a bitsa Satane a re ke “mmusi wa lefatshe leno.” (Johane 12:31; 14:30; 16:11) Gape, Baebele e bitsa Satane Diabolo e re ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” (2 Bakorintha 4:3, 4) Moaposetoloi wa Mokeresete e bong Johane o ne a kwala jaana ka moganetsi yono, kgotsa ene Satane yono: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.”—1 Johane 5:19.

KAFA LEFATSHE LA GA SATANE LE TLILENG GO FEDISIWA KA GONE

13. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka lefatshe le lesha?

13 Lefatshe le nna kotsi le go feta fa dingwaga di ntse di kgabaganya. Le tletse ka masole a a ratang ntwa, boradipolotiki ba ba sa ikanyegeng, baeteledipele ba bodumedi ba baitimokanyi le dikebekwa tse di setlhogo. Lefatshe lotlhe le senyegile mo le ka se kang la baakanngwa. Baebele e senola gore nako e atametse e Modimo a tlileng go senya lefatshe le le boikepo ka yone ka ntwa ya gagwe ya Aramagedona. Lefatshe le le boikepo leno le tla tseelwa sebaka ke lefatshe le lesha la tshiamo.—Tshenolo 16:14-16.

14. Modimo o tlhophile mang go nna Mmusi wa Bogosi jwa Gagwe, mme seno se ne sa bolelelwa pele jang?

14 Jehofa Modimo o ne a tlhopha Jesu Keresete gore a nne Mmusi wa Bogosi jwa Gagwe jwa selegodimo. Bogologolo tala, Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “Re tsaletswe ngwana, re neilwe  ngwana wa mosimane; mme go busa e le kgosana go tla nna mo legetleng la gagwe. Mme o tla tewa leina go twe . . . Kgosana ya Kagiso. Letlotlo la go busa e le kgosana le kagiso ga di kitla di fela.” (Isaia 9:6, 7) Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapelela puso eno ba re: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Jaaka fa re tla bona moragonyana mo bukeng eno, Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo nyeletsa magosi otlhe a lefatshe leno, mme bo tla a tseela sebaka otlhe fela. (Daniele 2:44) Mme morago ga moo, Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa lefatshe la paradaise.

LEFATSHE LE LESHA LE ATAMETSE!

15. “Lefatshe le lesha” ke eng?

15 Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13; Isaia 65:17) Ka dinako tse dingwe, fa Baebele e bua ka “lefatshe,” e a bo e raya batho ba ba nnang mo lefatsheng. (Genesise 11:1) Ka jalo “lefatshe le lesha” ke setšhaba sa batho ba ba amogelwang ke Modimo.

16. Batho ba Modimo a ba amogelang ba tla bona mpho efe e e molemolemo e e tswang kwa go ene, mme re tshwanetse go dira eng gore re e amogele?

16 Jesu o ne a solofetsa gore mo lefatsheng le lesha le le tlang, batho ba Modimo a ba amogelang ba tla amogela mpho ya “botshelo jo bo sa khutleng.” (Mareko 10:30) Tsweetswee bula Baebele ya gago mo go Johane 3:16 le mo go Johane 17:3, mme o bale gore Jesu o rile re dire eng gore re bone botshelo jo bo sa khutleng. Jaanong, sekaseka Baebele go bona masego a a tla bonwang ke ba ba tshwanelegelang go bona mpho e e molemolemo eo e e tswang kwa Modimong mo lefatsheng le le tlang la Paradaise.

17, 18. Re ka tlhomamisega jang gore lefatshe lotlhe le tla nna le kagiso le polokesego?

17 Boikepo, ntwa, bokebekwa le bothubaki di tla bo di sa tlhole di le gone. “Moikepi o tla bo a sa tlhole a le teng . . . mme ba ba  pelonolo ba tla rua lefatshe.” (Pesalema 37:10, 11) Kagiso e tla nna teng ka gonne ‘Modimo o tla dira gore dintwa di kgaotse go ya kwa ntlheng ya lefatshe.’ (Pesalema 46:9; Isaia 2:4) Morago ga moo “mosiami o tla tlhoga, le letlotlo la kagiso go fitlha ngwedi e sa tlhole e le teng”—seo se raya gore kagiso e tla nna teng ka bosakhutleng!—Pesalema 72:7.

18 Baobamedi ba ga Jehofa ba tla tshela ka polokesego. Mo metlheng ya Baebele, Baiseraele ba ne ba tshela ka polokesego fa fela ba ne ba ikobela Modimo. (Lefitiko 25:18, 19) A bo go tla bo go itumedisa jang ne fa le rona re tla bo re ipelela polokesego e e ntseng jalo mo Paradaiseng!—Isaia 32:18; Mika 4:4.

19. Re itse jang gore go tla nna le letlepu la dijo mo lefatsheng le lesha la Modimo?

19 Ga go kitla go nna le ditlhaelo tsa dijo. Mopesalema o ne a opela a re: “Go tla nna le dijo tsa ditlhaka di le dintsi mo lefatsheng; go tla penologa mo godimo ga dithaba.” (Pesalema 72:16) Jehofa Modimo o tla segofatsa batho ba gagwe ba ba siameng, mme “lefatshe ka bolone ruri le tla ntsha kungo ya lone.”—Pesalema 67:6.

20. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore lefatshe lotlhe le tla fetoga paradaise?

20 Lefatshe lotlhe le tla nna paradaise. Lefatshe le le kileng la bo le sentswe ke baleofi le tla tseelwa sebaka ke magae a mantle a masha le ditshingwana tse dintle. (Isaia 65:21-24; Tshenolo 11:18) Fa nako e ntse e kgabaganya, dikarolo tsa lefatshe tse go setseng go jadilwe ditshingwana dingwe mo go tsone di tla atologa go fitlha lefatshe lotlhe e nna tshimo e ntle e e ungwang e e tshwanang le Edene. Mme Modimo ga a kitla a palelwa ke go ‘bula seatla sa gagwe gore a kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.’—Pesalema 145:16.

21. Ke eng se se bontshang gore go tla nna le kagiso fa gare ga batho le diphologolo?

21 Go tla nna le kagiso fa gare ga batho le diphologolo. Diphologolo tsa naga le diruiwa di tla fula mmogo. Tota le ngwana yo monnye ga a kitla a boifa diphologolo tse gone jaanong di sa ntseng di le kotsi.—Isaia 11:6-9; 65:25.

22. Go tla direga eng ka bolwetse?

 22 Bolwetse bo tla fela. E re ka Jesu e tla bo e le Mmusi mo Bogosing jwa Modimo jwa selegodimo, o tla fodisa batho ba le bantsi thata go feta kafa a neng a dira ka gone fa a ne a sa ntse a le mo lefatsheng. (Mathaio 9:35; Mareko 1:40-42; Johane 5:5-9) Ka nako eo, “ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:24; 35:5, 6.

23. Ke ka ntlha yang fa tsogo ya baswi e tlile go re itumedisa?

23 Batho ba re ba ratang ba ba re tlogetseng ka loso ba tla tsosiwa mo baswing mme ga ba kitla ba tlhola ba swa gape. Botlhe ba ba suleng ba ba leng mo mogopolong wa Modimo ba tla tsosiwa mo baswing. Tota e bile, “go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.”—Ditiro 24:15; Johane 5:28, 29.

24. O ikutlwa jang ka go tshela mo lefatsheng la Paradaise?

24 A bo botlhe ba ba dirang tshwetso ya go ithuta ka Mmopi yo Mogolo wa rona e bong Jehofa Modimo e bile ba batla go mo direla ba letetswe ke isagwe e e molemolemo jang ne! Jesu o ne a bua ka Paradaise e e tlang mo lefatsheng fa a ne a solofetsa modirabosula yo o neng a swela fa thoko ga gagwe a re: “O tla nna le nna mo Paradaiseng.” (Luke 23:43) Go botlhokwa gore re ithute go le gontsi ka Jesu Keresete, ene yo masego ano otlhe a tlileng go diragadiwa ka ene.