Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BONÈ

Jesu Keresete ke Mang?

Jesu Keresete ke Mang?
  • Seabe se se kgethegileng sa ga Jesu ke sefe?

  • O tswa kae?

  • E ne e le motho yo o ntseng jang?

1, 2. (a) Ke ka ntlha yang fa go itse motho mongwe yo o tumileng go sa reye gore tota o mo itse ka botlalo? (b) Ke eng se batho ba sa se tlhaloganyeng ka Jesu?

GO NA le batho ba le bantsi ba ba tumileng mo lefatsheng. Bangwe ba bone ba itsege thata mo lefelong la bone le mo nageng ya bone. Bangwe ba itsewe lefatshe ka bophara. Le fa go ntse jalo, go itse fela leina la motho yo o tumileng ga go reye gore tota o a mo itse. Seno ga se reye gore o itse sengwe le sengwe ka botshelo jwa gagwe le gore ke motho yo o ntseng jang.

2 Batho mo lefatsheng lotlhe ba kile ba utlwa sengwe ka Jesu Keresete le mororo a ile a tshela mo lefatsheng dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, ba le bantsi ga ba tlhaloganye sentle gore tota Jesu e ne e le mang. Bangwe ba re e ne e le monna yo o siameng. Ba bangwe ba re e ne e le moporofeti. Mme ba bangwe bone ba dumela gore Jesu ke Modimo le gore o tshwanetse go obamelwa. A mme gone o tshwanetse go obamelwa?

3. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o itse boammaaruri ka Jesu?

3 Go botlhokwa gore o itse boammaaruri ka Jesu. Ka ntlha yang? Ka gonne Baebele ya re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ee, go itse boammaaruri ka Jehofa Modimo le ka Jesu Keresete go ka dira gore o bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise. (Johane 14:6) Mo godimo ga moo, Jesu o re tlhomela sekao se se molemo sa kafa re tshwanetseng  go tshela le go tshwara batho ba bangwe ka gone. (Johane 13:34, 35) Mo kgaolong ya ntlha ya buka eno, re ile ra tlotla ka dithuto tsa boammaaruri ka Modimo. Jaanong, mma re bone gore Baebele e ruta eng ka Jesu Keresete.

MESIA YO O SOLOFEDITSWENG

4. Sereto se se reng “Mesia” le se se reng “Keresete” di bolela eng?

4 Bogologolo pele Jesu a tsholwa, Baebele e ne ya bolelela pele ka go tla ga yo Modimo a neng a tla mo roma gore a nne Mesia, kgotsa Keresete. Sereto se se reng “Mesia” (se se tswang mo lefokong la Sehebera) le “Keresete” (se se tswang mo lefokong la Segerika), tsoopedi di kaya “Motlodiwa.” Yo o solofeditsweng yono o ne a tla tlodiwa, ke gore, Modimo o ne a  tla mo naya boemo bongwe jo bo kgethegileng. Mo dikgaolong tse di kwa pele tsa buka eno, re tla ithuta go le gontsi ka boemo jo bo botlhokwa jo Mesia a nang le jone mo go diragadiweng ga ditsholofetso tsa Modimo. Gape, re tla ithuta ka masego a Jesu a ka re tlisetsang one le e leng gone jaanong. Le fa go ntse jalo, ga go pelaelo gore pele Jesu a tsholwa, batho ba le bantsi ba ne ba ipotsa go re, ‘Ke mang yo e tla nnang Mesia?’

5. Ke eng se se amanang le Jesu se barutwa ba gagwe ba neng ba tlhatswegile pelo ka botlalo ka sone?

5 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., barutwa ba ga Jesu wa Nasaretha ba ne ba tlhatswegile pelo ka botlalo gore e ne e le ene Mesia yo o neng a boleletswe pele. (Johane 1:41) Mongwe wa barutwa e bong Simone Petere, o ne a raya Jesu ka tlhamalalo fela a re: “O Keresete.” (Mathaio 16:16) Le fa go ntse jalo, barutwa bao ba ne ba ka itse jang gore tota Jesu e ne e le ene Mesia yo o solofeditsweng—mme le rona re ka itse jang?

6. Tshwantsha kafa Jehofa a thusitseng batho ba ba ikanyegang ka gone gore ba kgone go lemoga Mesia.

6 Baporofeti ba Modimo ba ba tshetseng pele ga ga Jesu ba ne ba bolelela pele dilo di le dintsi ka Mesia. Dilo tseno di ne di tla thusa batho ba bangwe go mo lemoga. Re ka nna ra tshwantsha seno jaana: A re tseye gore gongwe o kopilwe gore o ye kwa lefelong le le tlhanaselang le dibese di emang mo go lone kgotsa kwa go emang diterena gone kgotsa kwa boemafofaneng go ya go tsaya mongwe yo o iseng o ke o kopane le ene pele. A go ne go se kitla go thusa gore mongwe a go neye dintlha dingwe tse di rileng ka motho yoo? Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o ne a dirisa baporofeti ba ba umakiwang mo Baebeleng go tlhalosa dintlha ka botlalo tse di malebana le gore Mesia o ne a tla dira eng le gore o ne a tla diragalelwa ke eng. Go diragadiwa ga dipolelelopele tseno tse dintsi go ne go tla thusa batho ba ba ikanyegang go mo lemoga sentle.

7. Ke dipolelelopele dife tse pedi tse di buang ka Jesu tse di neng tsa diragadiwa?

7 Akanya ka dikai di ka nna pedi fela. Sa ntlha, dingwaga tse di fetang 700 pelenyana, moporofeti Mika o ne a bolelela pele gore Yo o Solofeditsweng o ne a tla tsholelwa kwa Bethelehema,  e leng torotswana e e mo nageng ya Juda. (Mika 5:2) Tota Jesu o ne a tsholelwa kae? Mo go yone toropo eo! (Mathaio 2:1, 3-9) Sa bobedi, boporofeti jo bo kwadilweng mo go Daniele 9:25 bo ne jwa umaka ngwaga o Mesia a neng a tlile go tlhaga ka one makgolokgolo a dingwaga pele bo diragadiwa, e leng ka ngwaga wa 29 C.E. * Go diragadiwa ga dipolelelopele tseno mmogo le tse dingwe go supa gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng.

Fa Jesu a ne a kolobediwa, o ne a nna Mesia kgotsa Keresete

8, 9. Fa Jesu a ne a kolobediwa, ke bosupi bofe jo bo neng jwa bonala sentle jwa gore e ne e le Mesia?

8 Bosupi jo bongwe jo bo oketsegileng jo bo bontshang gore Jesu e ne e le Mesia bo ne jwa bonala sentle fa ngwaga wa 29 C.E. o ne o tloga o fela. Oo ke one ngwaga o Jesu a neng a ya kwa go Johane Mokolobetsi ka one gore a kolobediwe mo Nokeng ya Joredane. Jehofa o ne a solofeditse Johane sesupo se a neng a tla lemoga Mesia ka sone. Johane o ne a bona sesupo seo fa Jesu a ne a kolobediwa. Baebele ya re seno ke se se neng sa direga: “Fa Jesu a sena go kolobediwa ka yone nako eo a tlhatloga a tswa mo metsing; mme, bona! magodimo a bulega, mme a bona moya wa Modimo o tla mo go ene o fologa jaaka lephoi. Bona! Gape, ga nna lentswe le tswa kwa magodimong le le neng le re: ‘Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.’” (Mathaio 3:16, 17) Fa Johane a sena go bona le go utlwa se se neng sa direga, o ne a sa belaele gore Jesu o ne a romilwe ke Modimo. (Johane 1:32-34) Ka nako ya fa moya wa Modimo, kgotsa maatla a gagwe a a dirang, a ne a tshololelwa mo go ene mo letsatsing leo, Jesu o ne a nna Mesia, kgotsa Keresete, ene yo o tlhomilweng gore a nne Moeteledipele le Kgosi.—Isaia 55:4.

9 Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele le bosupi jo Jehofa Modimo ka boene a neng a bo ntsha di bontsha sentle gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. Mme Baebele e araba dipotso tse dingwe gape tse pedi tse di botlhokwa ka Jesu Keresete: O tswa kae mme e ne e le motho yo o ntseng jang?

 JESU O TSWA KAE?

10. Baebele e ruta eng ka go nna gone ga ga Jesu pele a tla mo lefatsheng?

10 Baebele e ruta gore Jesu o ne a nna kwa legodimong pele a tla mo lefatsheng. Mika o ne a porofeta gore Mesia o ne a tla tsholelwa kwa Bethelehema a ba a bolela gore ke “yo o simologileng mo metlheng ya bogologolo.” (Mika 5:2) Jesu o ile a bua makgetlo a le mantsi gore o ne a nna kwa legodimong pele a tsholwa jaaka motho. (Johane 3:13; 6:38, 62; 17:4, 5) Fa a ne a le sebopiwa sa semoya kwa legodimong, Jesu o ne a na le kamano e e kgethegileng le Jehofa.

11. Baebele e bontsha jang gore Jesu ke Morwa yo o rategang thata wa ga Jehofa?

11 Jesu ke Morwa yo o rategang thata wa ga Jehofa—mme ka lebaka le le utlwalang. O bidiwa “leitibolo la popo yotlhe,” ka gonne ke ene wa ntlhantlha go bopiwa ke Modimo. * (Bakolosa 1:15) Go na le sengwe gape se se dirang gore Morwa yono e nne yo o rategang thata. Ke ‘Morwa yo o tsetsweng a le esi.’ (Johane 3:16) Seno se raya gore Jesu ke ene fela yo Modimo a neng a mmopa ka tlhamalalo. Gape, Jesu ke ene fela yo Modimo a neng a mo dirisa fa a ne a bopa dilo tsotlhe tse dingwe. (Bakolosa 1:16) Jesu gape o bidiwa “Lefoko.” (Johane 1:14) Seno se raya gore e ne e le mmueledi wa Modimo, mme ga go pelaelo gore o ne a fetisetsa melaetsa le ditaelo tsa ga Rraagwe mo baneng ba bangwe ba ga Rraagwe, ba semoya le ba batho.

12. Re itse jang gore Morwa wa leitibolo ga a lekane le Modimo?

12 A Morwa yono wa leitibolo o lekana le Modimo, jaaka fa bangwe ba dumela gore ba a lekana? Baebele ga e rute jalo. Jaaka re bone mo serapeng se se fetileng, Morwa o ne a bopiwa. Ka jalo ga go pelaelo gore o na le tshimologo, fa Jehofa Modimo ene a se na tshimologo kgotsa bokhutlo. (Pesalema 90:2) Morwa yono yo o tsetsweng a le esi ga a ise a ko a ikakanye a lekana le Rraagwe. Baebele e ruta ka tlhamalalo gore Rara o mogolo mo go Morwa. (Johane 14:28; 1 Bakorintha 11:3) Jehofa ke ene fela  “Modimo Mothatayotlhe.” (Genesise 17:1) Ka jalo, ga go na ope yo o lekanang le ene. *

13. Baebele e kaya eng fa e bitsa Morwa e re ke “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng”?

13 Jehofa le Morwawe wa leitibolo ba feditse dingwaga di le dibilione ba le mmogo—bogologolo pele ga go bopiwa lefatshe le magodimo a a tletseng dinaledi. A bo ba tshwanetse ba bo ba ne ba ratana thata jang ne! (Johane 3:35; 14:31) Morwa yo o rategang yono o ne a tshwana le Rraagwe. Ke gone ka moo Baebele e bitsang Morwa yono e re ke “setshwano sa Modimo yo o sa bonaleng.” (Bakolosa 1:15) Ee, fela jaaka ngwana wa mosimane a ka tshwana thata le rraagwe ka ditsela di le dintsi, Morwa yono wa selegodimo le ene o ne a na le dinonofo tsa ga Rraagwe le botho jwa gagwe.

14. Go ne ga tla jang gore Morwa yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa a tsalwe jaaka motho?

14 Morwa wa ga Jehofa yo o tsetsweng a le esi o ne a dumela go tswa kwa legodimong mme a tla mo lefatsheng go tla go tshela jaaka motho. Mme o ka nna wa ipotsa go re, ‘Go ne ga tla jang gore sebopiwa sa semoya se tle go tsalwa jaaka motho?’ Gore seno se direge, Jehofa o ne a dira kgakgamatso. O ne a fetisetsa botshelo jwa Morwawe wa leitibolo go tswa kwa legodimong mme a bo tsenya mo popelong ya kgarebane ya Mojuda e bong Marea. Ga go monna ope yo o neng a nna le seabe mo go tsalweng ga gagwe. Ka jalo, Marea o ne a tsala morwa yo o itekanetseng mme a mmitsa Jesu.—Luke 1:30-35.

JESU E NE E LE MOTHO YO O NTSENG JANG?

15. Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore Jesu o dira gore re itse Jehofa botoka?

15 Se Jesu a neng a se bua le se a neng a se dira fa a ne a le mo lefatsheng se re thusa go mo itse sentle. Mo godimo ga moo, Jesu o dira gore re itse Jehofa botoka. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Gakologelwa gore Morwa yono ke setshwano se se  feletseng sa ga Rraagwe. Ke gone ka moo Jesu a neng a raya mongwe wa barutwa ba gagwe a re: “Yo o mponeng o bone le Rara.” (Johane 14:9) Dibuka tse nnè tsa Baebele tse di bidiwang Diefangele—Mathaio, Mareko, Luke le Johane—di re bolelela go le gontsi ka botshelo jwa ga Jesu Keresete, se a neng a se dira le botho jwa gagwe.

16. Molaetsa wa konokono wa ga Jesu e ne e le ofe, mme dithuto tsa gagwe di ne di tswa kwa go mang?

16 Jesu o ne a itsege e le “Moruti.” (Johane 1:38; 13:13) O ne a ruta batho eng? Molaetsa wa gagwe wa konokono e ne e le wa “dikgang tse di molemo tsa bogosi”—ke gore, Bogosi jwa Modimo, e leng puso ya selegodimo e e tla busang lefatshe lotlhe le go tlisetsa batho ba ba kutlo masego a a nnelang ruri. (Mathaio 4:23) Molaetsa ono o ne o tswa kwa go mang? Jesu ka boene o ne a re: “Se ke se rutang ga se sa me, mme ke sa yo o nthomileng,” e leng Jehofa. (Johane 7:16) Jesu o ne a itse gore Rraagwe o ne a batla gore batho ba utlwe dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Mo Kgaolong ya 8, re tla ithuta go le gontsi ka Bogosi jwa Modimo le se bo tla se dirang.

17. Jesu o ne a ruta kae, mme ke ka ntlha yang fa a ne a tsaya matsapa a a kalo go ruta batho?

17 Jesu o ne a ruta kae? Gongwe le gongwe kwa a neng a fitlhela go na le batho gone—mo mafelong a selegae le mo ditoropong, mo metseng, mo marekisetsong le mo magaeng a bone. Jesu o ne a sa lebelela gore batho ba tle kwa go ene. Ke ene a neng a ya kwa go bone. (Mareko 6:56; Luke 19:5, 6) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tsaya matsapa a a kalo a bo a dirisa nako e ntsi jaana a rera e bile a ruta? Ka gonne e ne e le thato ya Modimo gore a dire jalo. Jesu o ne a dira thato ya ga Rraagwe ka metlha. (Johane 8:28, 29) Mme go ne go na le lebaka le lengwe gape le le neng le dira gore a rere. O ne a tlhomolwa pelo ke boidiidi jwa batho ba ba neng ba tla go mmona. (Mathaio 9:35, 36) Baeteledipele ba bone ba bodumedi, ba ba tshwanetseng go ka bo ba ne ba ba ruta boammaaruri ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe, ba ne ba ba tlhokomologile. Jesu o ne a itse gore batho ba ne ba tlhoka go utlwa molaetsa wa Bogosi fela thata.

18. Ke dinonofo dife tsa ga Jesu tse o bonang di ratega thata?

 18 Jesu o ne a rata batho thata. Ka jalo, ba bangwe ba ne ba mo fitlhela e le motho yo o atamelesegang e bile a le pelonomi. Tota le bana ba ne ba ikutlwa ba gololesegile fa ba na le ene. (Mareko 10:13-16) Jesu o ne a se na tlhaolele. O ne a ila ditiro tsa boferefere le tshiamololo. (Mathaio 21:12, 13) Ka nako ya fa basadi ba ne ba tseelwa kwa tlase mme ba newa ditshiamelo di se kae fela, ene o ne a ba tshwara ka tsela e e nang le seriti. (Johane 4:9, 27) Jesu o ne a le boikokobetso ka tsela ya mmatota. Nako nngwe o ne a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao, e leng tiro e gantsi e neng e dirwa ke motlhanka wa maemo a a kwa tlase.

Jesu o ne a rera gongwe le gongwe kwa a neng a fitlhela batho gone

19. Ke sekai sefe se se bontshang gore Jesu o ne a amega thata ka dilo tse ba bangwe ba neng ba di tlhoka?

19 Jesu o ne a amega thata ka dilo tse batho ba neng ba di tlhoka. Seno se ne sa lemotshega sentle fa a ne a dira dikgakgamatso tsa go fodisa batho, a tlhotlhelediwa ke moya wa Modimo. (Mathaio 14:14) Ka sekai, monna mongwe yo o neng a tshwerwe ke lepero o ne a tla kwa go Jesu mme a re: “Fa fela o batla, o ka nntlafatsa.” Jesu o ne a tlhaloganya sentle botlhoko jo monna yono a neng a bo utlwa le go boga ga gagwe. O ne a tlhotlheletsega  go mo tlhomogelo pelo mme a otlolola lebogo la gagwe a ama monna yono, a re: “Ke a batla. Ntlafala.” Mme monna yo o lwalang a fola! (Mareko 1:40-42) A o kgona go akanya kafa monna yoo a tshwanetseng a bo a ile a ikutlwa ka gone?

GO IKANYEGA GO YA BOKHUTLONG

20, 21. Jesu o ne a tlhoma jang sekao sa go ikobela Modimo ka boikanyegi?

20 Jesu o ne a re tlhomela sekao se se molemo thata sa go ikobela Modimo ka boikanyegi. O ne a nna a ntse a ikanyega mo go Rraagwe wa selegodimo le fa a ne a lebana le maemo, dikganetso le dipogo tsa mefuta yotlhe. Jesu o ile a kgona go emelana ka katlego le diteko tsa ga Satane a nitame. (Mathaio 4:1-11) Nako nngwe bangwe ba losika lwa ga Jesu ba ne ba sa dumele mo go ene, e bile ba ne ba re “o latlhegetswe ke tlhaloganyo.” (Mareko 3:21) Mme Jesu o ne a se ka a ba letla go mo tlhotlheletsa; o ne a tswelela fela a ntse a dira tiro e Modimo a neng a e mo neile gore a e dire. Le fa a ne a tlhapadiwa le go gobololwa, Jesu o ne a nna a ikgapile, le ka motlha a sa leke go gobatsa baganetsi ba gagwe.—1 Petere 2:21-23.

 21 Jesu o ne a nna a ntse a ikanyegile go fitlha a swa loso lo lo setlhogo—a bolawa ke baba ba gagwe. (Bafilipi 2:8) Ela tlhoko gore ke dilo dife tse a neng a di itshokela mo letsatsing la gagwe la bofelo mo lefatsheng pele a swa. O ne a tshwarwa, a latofadiwa ke basupi ba maaka, a atlholwa ke baatlhodi ba ba bosula, a jewa ditshego ke digopa tsa batho le go tlhokofadiwa ke masole. Fa a ne a kokotetswe mo koteng, o ne a goa jaana pele fela ga a swa: “Go diragaditswe!” (Johane 19:30) Le fa go ntse jalo, mo letsatsing la boraro fa Jesu a sena go swa, Rraagwe wa selegodimo o ne a mo tsosa mo baswing e le motho wa semoya. (1 Petere 3:18) Dibeke di le mmalwa morago ga moo, a boela kwa legodimong. Fa a le koo, o ne a “nna kafa seatleng sa moja sa Modimo” mme a letela go newa bogosi.—Bahebera 10:12, 13.

22. Jesu o ne a fitlhelela eng ka go nna a ikanyegile go fitlha a swa?

22 Jesu o ne a fitlhelela eng ka go nna a ikanyegile go fitlha a swa? Loso lwa ga Jesu lo re bulela tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise, e leng se se dumalanang le boikaelelo jwa ga Jehofa jwa kwa tshimologong. Mo kgaolong e e latelang, re tla bona gore loso lwa ga Jesu lo dira jang gore seo se kgonege.

^ ser. 7 Go bona tlhaloso ya boporofeti jwa ga Daniele jo bo neng jwa diragadiwa mo go Jesu, bona setlhogo sa Dintlha Tse di Oketsegileng, mo ditsebeng 197-9.

^ ser. 11 Jehofa o bidiwa Rara ka gonne ke ene Mmopi. (Isaia 64:8) E re ka Jesu a bopilwe ke Modimo, o bidiwa Morwa Modimo. Barwa ba bangwe ba semoya mmogo le Adame le bone ba bidiwa bomorwa Modimo ka ntlha ya one mabaka ano.—Jobe 1:6; Luke 3:38.

^ ser. 12 Go bona bosupi jo bo oketsegileng jwa gore Morwa wa leitibolo ga a lekane le Modimo, bona setlhogo sa Dintlha Tse di Oketsegileng, mo ditsebeng 201-4.