Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOROBEDI

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?

Bogosi Jwa Modimo ke Eng?
  • Baebele e re bolelela eng ka Bogosi jwa Modimo?

  • Bogosi jwa Modimo bo tlile go dira eng?

  • Bogosi jono bo tla dira leng gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng?

1. Re tlile go tlotla ka thapelo efe e e tumileng?

DIMILIONE tsa batho mo lefatsheng ka bophara di tlwaelane le thapelo e ba le bantsi ba e bitsang thapelo ya Rara wa Rona, kgotsa Thapelo ya Morena. Dipolelo tse pedi tseno di raya thapelo e e tumileng e Jesu Keresete ka boene a neng a e dirisa e le thapelo ya sekao. Eno ke thapelo e e nang le dintlha tse di botlhokwa, mme go sekaseka dilo tsa ntlha tse tharo tse di kopiwang mo go yone go tla go thusa go ithuta go le gontsi ka se tota Baebele e se rutang.

2. Ke dilo dife tse tharo tse Jesu a neng a ruta barutwa ba gagwe go di rapelela?

2 Kwa tshimologong ya thapelo eno ya sekao, Jesu o ne a laela bareetsi ba gagwe a re: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe. A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’” (Mathaio 6:9-13) Dilo tse tharo tse di kopiwang tseno di kaya eng?

3. Ke eng se re tlhokang go se itse ka Bogosi jwa Modimo?

3 Re setse re ithutile go le gontsi ka leina la Modimo, e bong Jehofa. Mme re tlotlile ka thato ya Modimo go ya bokgakaleng jo bo rileng—se a se dirileng le se a sa ntseng a tlile go se direla batho. Jaanong, Jesu o ne a bua ka eng fa a ne a re re rapele re re: “A bogosi jwa gago bo tle”? Bogosi jwa Modimo ke eng? Go  tla ga jone go tla itshepisa leina la Modimo jang? Mme go tla ga Bogosi go amana jang le go dirwa ga thato ya Modimo?

SE BOGOSI JWA MODIMO E LENG SONE

4. Bogosi jwa Modimo ke eng, mme Kgosi ya jone ke mang?

4 Bogosi jwa Modimo ke puso e e tlhomilweng ke Jehofa Modimo e go busang Kgosi e e tlhophilweng ke ene mo go jone. Kgosi ya Bogosi jwa Modimo ke mang? Ke Jesu Keresete. Jesu ke Kgosi e e fetang babusi ba bangwe botlhe ba batho mme o bidiwa “Kgosi ya ba ba busang e le dikgosi le Morena wa ba ba busang e le barena.” (1 Timotheo 6:15) O na le maatla a go dira molemo go gaisa mmusi ope fela wa motho, go gaisa le e leng babusi ba ba ka tswang ba le molemolemo.

5. Bogosi jwa Modimo bo busa bo le kae, mme bo busa eng?

5 Bogosi jwa Modimo bo tla busa go tswa kae? Jesu o kae gone jaanong? O tla gakologelwa gore o ne wa ithuta gore o ne a bolaelwa mo koteng ya tlhokofatso, morago ga moo a tsosiwa mo baswing. Ka bonako fela morago ga moo, o ne a tlhatlogela kwa legodimong. (Ditiro 2:33) Ka jalo, ke teng koo Bogosi jwa Modimo bo leng teng—kwa legodimong. Ke gone ka moo Baebeleng e bo bitsang “bogosi . . . jwa selegodimo.” (2 Timotheo 4:18) Le mororo Bogosi jwa Modimo bo le kwa legodimong, bo tla busa lefatshe.—Tshenolo 11:15.

6, 7. Ke eng se se dirang gore Jesu a nne Kgosi e e sa tshwaneng le epe e nngwe?

6 Ke eng se se dirang gore Jesu e nne Kgosi e e sa tshwaneng le epe e nngwe? Lengwe la mabaka ke gore ga a kitla a swa. Fa Baebele e bapisa Jesu le dikgosi tsa batho, e mmitsa “ene a le esi yo o nang le bosasweng, yo o nnang mo leseding le le ka se kang la atamelwa.” (1 Timotheo 6:16) Seno se raya gore dilo tsotlhe tse di molemo tse Jesu a di dirang di tla nnela ruri. Mme o tla dira dilo tse dikgolo le gone di le molemo.

7 A ko o akanye ka boporofeti jono jwa Baebele jo bo buang ka Jesu: “Moya wa ga Jehofa o tla nna mo go ene, moya wa botlhale le wa go tlhaloganya, moya wa kgakololo le wa thata, moya wa kitso le wa go boifa Jehofa; mme o tla ipelela go boifa  Jehofa. Mme ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe. O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, mme o tla naya ba ba pelonolo ba lefatshe kgalemelo ka thokgamo.” (Isaia 11:2-4) Mafoko ano a bontsha gore Jesu o ne a tla nna Kgosi e e siameng le e e utlwelang batho ba ba mo lefatsheng botlhoko. A o ka rata go busiwa ke motho yo o ntseng jalo?

8. Ke bomang ba ba tla busang le Jesu?

8 Ntlha e nngwe ke eno gape ka Bogosi jwa Modimo: Jesu ga a na go busa a le esi. Go tla nna le ba ba busang le ene. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a raya Timotheo a re: “Fa re tswelela re itshoka, gape re tla busa mmogo jaaka dikgosi.” (2 Timotheo 2:12) Ee, Paulo, Timotheo le ba bangwe ba ba ikanyegang ba ba tlhophilweng ke Modimo ba tla busa le Jesu mo Bogosing jwa selegodimo. Ke ba le kae ba ba tla nnang le tshiamelo eo?

9. Jesu o tla busa le batho ba le kae, mme Modimo o simolotse leng go ba tlhopha?

9 Jaaka go tlhalositswe mo Kgaolong ya 7 ya buka eno, moaposetoloi Johane o ne a bontshiwa ponatshegelo e mo go yone a neng a bona “Kwana [Jesu Keresete] e eme mo Thabeng ya Siona [boemo jwa gagwe jwa segosi kwa legodimong], mme a na le ba ba dikete di le lekgolo masome a manè le bonè ba kwadilwe leina la gagwe le leina la ga Rraagwe mo diphatleng tsa bone.” Ba ba 144 000 bao ke bomang? Johane ka boene o re bolelela jaana: “Bano ke bone ba ba nnang ba sala Kwana morago go sa kgathalesege gore o ya kae. Bano ba ne ba rekwa mo bathong e le mabutswapele a Modimo le a Kwana.” (Tshenolo 14:1, 4) Ee, ke ba ba setseng Jesu Keresete morago ka boikanyegi ba segolobogolo ba tlhophetsweng go ya go busa le ene kwa legodimong. Fa ba sena go tsosiwa go ya go tshela kwa legodimong, “ba tla busa lefatshe e le dikgosi” ba na le Jesu. (Tshenolo 5:10) Fa e sa le ka nako ya baaposetoloi, Modimo o ntse a tlhopha Bakeresete ba ba ikanyegang gore a tlatse palo ya ba ba 144 000.

10. Ke ka ntlha yang fa e le thulaganyo e e lorato gore Jesu le ba ba 144-000 ba buse batho?

 10 Go rulaganyetsa gore Jesu le ba ba 144 000 ba buse batho ke go bontsha lorato e le tota. Ka gonne Jesu o a itse gore go ntse jang go nna motho le go boga. Paulo o ne a re Jesu “ga se yo o ka se kang a re utlwela botlhoko ka makoa a rona, mme ke yo o lekilweng ka ditsela tsotlhe jaaka rona, mme a se na boleo.” (Bahebera 4:15; 5:8) Ba ba busang mmogo le ene le bone e kile ya nna batho ba ba neng ba boga mme ba itshoka. Mo godimo ga moo, ba ile ba lwantshana le bosaitekanelang jwa bone le go itshokela malwetse a mefuta e le mentsi. Ga go pelaelo gore ba tla tlhaloganya mathata a batho ba lebaneng le one!

BOGOSI JWA MODIMO BO TLA DIRA ENG?

11. Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ba rapelele eng ka thato ya Modimo?

11 Fa Jesu a ne a re barutwa ba gagwe ba rapelele Bogosi jwa Modimo gore bo tle, gape o ne a re ba rapelele gore thato ya Modimo e dirwe “mo lefatsheng.” Modimo o kwa legodimong, mme thato ya gagwe ga e bolo go nna e dirwa teng ke baengele ba ba ikanyegang. Le fa go ntse jalo, mo Kgaolong ya 3 ya buka eno, re ne ra ithuta gore moengele mongwe yo o boikepo o ne a tlogela go dira thato ya Modimo mme a dira gore Adame le Efa ba leofe. Mo Kgaolong ya 10, re tla ithuta go le gontsi ka se Baebele e se rutang ka moengele yo o boikepo yono, yo re mo itseng e le Satane Diabolo. Satane le baengele ba e leng dibopiwa tsa semoya tse di neng tsa tlhopha go mo sala morago—tse di bidiwang madimona—ba ne ba letlwa go nna kwa legodimong nakonyana. Ka jalo, ga se botlhe kwa legodimong ba ba neng ba dira thato ya Modimo. Seo se ne se tla fetoga fa Bogosi jwa Modimo bo simolola go busa. Kgosi e e neng e sa tswa go tlhomiwa e leng Jesu Keresete, o ne a tshwanetse go lwa le Satane.—Tshenolo 12:7-9.

12. Tshenolo 12:10 e tlhalosa ditiragalo dife tse pedi tse di botlhokwa?

12 Mafoko a a latelang a boporofeti a tlhalosa se se neng se tla direga: “Ka utlwa lentswe le le kwa godimo kwa legodimong  le re: ‘Jaanong go tlile poloko le maatla le bogosi tsa Modimo wa rona le taolo ya ga Keresete wa gagwe, ka gonne molatofatsi wa bakaulengwe ba rona [Satane] o piriganyeditswe kwa tlase, yo o ba latofatsang bosigo le motshegare fa pele ga Modimo wa rona!’” (Tshenolo 12:10) A o etse tlhoko ditiragalo tse pedi tse di botlhokwa thata tse di tlhalosiwang mo temaneng eo ya Baebele? Sa ntlha, Bogosi jwa Modimo jo go busang Jesu Keresete mo go jone bo simolola go busa. Sa bobedi, Satane o ntshiwa kwa legodimong a bo a latlhelwa mo lefatsheng.

13. Diphelelo tsa go ntshiwa ga ga Satane kwa legodimong e ne ya nna dife?

13 Ditiragalo tse pedi tseo di ile tsa felela jang? Re bala jaana ka se se neng sa direga kwa legodimong: “Ka lebaka leno itumeleng, lona magodimo le lona ba lo agileng mo go one!” (Tshenolo 12:12) Ee, baengele ba ba ikanyegang kwa legodimong ba a itumela ka gonne fa Satane le madimona a gagwe ba seyo, mongwe le mongwe mo legodimong o kgona go ikanyega mo go Jehofa Modimo. Go na le kagiso e e feletseng e e nnetseng ruri le kutlwano. Thato ya Modimo e a dirwa jaanong kwa legodimong.

Go ntshiwa ga ga Satane le badimona ba gagwe kwa legodimong go tliseditse lefatshe mathata. Mathata ao a tla fela mo bogautshwaneng

14. Ke eng se se diregang ka ntlha ya go bo Satane a latlhetswe mo lefatsheng?

14 Mme go tweng ka lefatshe? Baebele ya re: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” (Tshenolo 12:12) Satane o galefetse go bo a ntshitswe kwa legodimong e bile a saletswe ke lobaka lo lo khutshwane fela lwa nako. Bogale jwa gagwe bo dira gore a tlisetse lefatshe matshwenyego kgotsa ‘tatlhego.’ Mo kgaolong e e latelang, re tla ithuta go le gontsi ka ‘tatlhego’ eo. Mme fa re sa ntse re akantse ka seo, re ka nna ra ipotsa go re, Bogosi bo ka dira jang gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng?

15. Thato ya Modimo ke eng ka lefatshe?

15 Sa ntlha, gakologelwa gore thato ya Modimo ke eng ka lefatshe. O ithutile ka yone mo Kgaolong ya 3. Kwa Edene, Modimo  o ne a bontsha gore thato ya gagwe ke gore lefatshe leno le tlale ka batho ba ba siameng ba ba sa sweng. Satane o ne a dira gore Adame le Efa ba leofe, mme seno se ile sa ama go diragadiwa ga thato ya Modimo mo lefatsheng mme le fa go ntse jalo ga se a ka sa fetola maikaelelo a Modimo ka lefatshe. Jehofa o sa ntse a ikaeletse gore ‘basiami ba rue lefatshe, mme ba age mo go lone ka bosakhutleng.’ (Pesalema 37:29) Mme Bogosi jwa Modimo bo tla diragatsa seo. Jang?

16, 17. Daniele 2:44 e re bolelela eng ka Bogosi jwa Modimo?

16 Akanya ka boporofeti jo bo mo go Daniele 2:44. Bo balega jaana: “Mo metlheng ya dikgosi tseo Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe, mme bo tla ema ka bosakhutleng.” Seno se re bolelela eng ka Bogosi jwa Modimo?

17 Sa ntlha, se re bolelela gore Bogosi jwa Modimo bo ne bo tshwanetse go tlhomiwa “mo metlheng ya dikgosi tseo,” kgotsa fa magosi a mangwe a sa ntse a busa. Sa bobedi, se re bolelela gore Bogosi jono bo tla ema ka bosakhutleng. Ga bo kitla bo fenngwa le fa e le go tseelwa sebaka ke bogosi jo bongwe. Sa boraro, re a lemoga gore go tla nna le ntwa fa gare ga Bogosi jwa Modimo le magosi a lefatshe leno. Go tla fenya Bogosi jwa Modimo. Kwa bokhutlong, e tla bo e le jone fela bogosi jo bo busang batho. Ka nako eo, batho ba tla ipelela Bogosi jo bo a gaisang otlhe jo ba iseng ba ko ba bo bone.

18. Ntwa ya bofelo fa gare ga Bogosi jwa Modimo le dipuso tsa lefatshe leno e bidiwa eng?

18 Baebele e re bolelela go le gontsi ka ntwa eo ya bofelo fa gare ga Bogosi jwa Modimo le magosi a lefatshe leno. Ka sekai, e re ruta gore fa bokhutlo bo ntse bo atamela, meya e e boikepo e tla anamisa maaka go tsietsa ‘dikgosi tsa lefatshe lotlhe le le nang le banni.’ Ka ntlha yang? ‘Go phuthela [dikgosi tseno] kwa ntweng ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe.’ Dikgosi tsa lefatshe di tla phuthelwa mmogo “kwa lefelong le le bidiwang Hara-Magedona ka Sehebera.” (Tshenolo 16:14,  16) Ka ntlha ya se se buiwang mo ditemaneng tse pedi tseo, ntwa ya bofelo fa gare ga dipuso tsa batho le Bogosi jwa Modimo e bidiwa ntwa ya Hara-Magedona, kgotsa Aramagedona.

19, 20. Ke eng se se dirang gore thato ya Modimo e se ka ya dirwa mo lefatsheng gone jaanong?

19 Bogosi jwa Modimo bo tla fitlhelela eng ka nako ya Aramagedona? A ko o akanye gape gore thato ya Modimo ke eng ka lefatshe. Jehofa Modimo o ikaeletse gore lefatshe le tladiwe ka batho ba ba itekanetseng ba ba siameng ba ba mo direlang mo Paradaiseng. Ke eng se se dirang gore go se ka ga nna jalo gone jaanong? Sa ntlha, re batho ba ba nang le boleo, re a lwala e bile re a swa. Le fa go ntse jalo, mo Kgaolong ya 5, re ithutile gore Jesu o ne a re swela gore re kgone go tshelela ruri. Ga go pelaelo gore o gakologelwa mafoko a a mo Efangeleng ya ga Johane, a a reng: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

20 Bothata jo bongwe ke gore batho ba le bantsi ba dira dilo tse di bosula. Ba bua maaka, ba a tsietsa e bile ga ba itshware sentle. Ga ba batle go dira thato ya Modimo. Batho ba ba dirang dilo tse di boikepo ba tla senngwa ka nako ya ntwa ya Modimo ya Aramagedona. (Pesalema 37:10) Lebaka le lengwe la go bo thato ya Modimo e sa dirwe mo lefatsheng ke gore dipuso ga di kgothaletse batho go e dira. Dipuso di le dintsi di ba kgothaletsa go dira se se bosula, di setlhogo kgotsa di tletse ditiro tsa boferefere. Baebele e bua fela ka tlhamalalo e re: ‘Motho o laotse motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.’—Moreri 8:9.

21. Bogosi bo tla dira jang gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng?

21 Morago ga Aramagedona, batho ba tla busiwa ke puso e le nngwe fela, e leng Bogosi jwa Modimo. Bogosi joo bo tla dira gore thato ya Modimo e dirwe le go tlisa masego a a molemolemo. Ka sekai, bo tla fedisa Satane le madimona a gagwe. (Tshenolo 20:1-3) Maatla a setlhabelo sa ga Jesu a tla dirisiwa gore batho ba ba ikanyegang ba se ka ba tlhola ba lwala le fa e  le go swa. Go na le moo, ba tla kgona go tshelela ruri fa Bogosi joo bo busa. (Tshenolo 22:1-3) Lefatshe le tla dirwa paradaise. Ka jalo, Bogosi bo tla dira gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng, e bile bo tla itshepisa leina la Modimo. Seno se bolela eng? Se bolela gore kgabagare, mongwe le mongwe yo o tla bong a tshela fa Bogosi jwa Modimo bo busa o tla tlotla leina la ga Jehofa.

BOGOSI JWA MODIMO BO TLA TSAYA KGATO LENG?

22. Re itse jang gore Bogosi jwa Modimo bo ne jwa se ka jwa tla fa Jesu a ne a le mo lefatsheng kgotsa ka bonako fela fa a sena go tsosiwa mo baswing?

22 Fa Jesu a ne a bolelela barutwa ba gagwe gore ba rapele ba re, “A bogosi jwa gago bo tle,” go ne go bonala sentle gore Bogosi bo ne bo ise bo tle ka nako eo. A bo ne jwa tla fa Jesu a ne a tlhatlogela kwa legodimong? Nnyaa, ka gonne Petere le Paulo ba ne ba re fa Jesu a sena go tsosiwa, boporofeti jo bo mo go Pesalema 110:1 bo ne jwa diragadiwa mo go ene, jo bo reng: “Jehofa o raya Morena wa me a re: ‘Nna kafa seatleng sa me sa moja go fitlha ke baya baba ba gago gore e nne sebeo sa dinao tsa gago.’” (Ditiro 2:32-35; Bahebera 10:12, 13) O ne a tshwanelwa ke gore a lete lobakanyana.

Fa Bogosi jwa Modimo bo busa, thato ya gagwe e tla dirwa mo lefatsheng jaaka e dirwa kwa legodimong

23. (a) Bogosi jwa Modimo bo simolotse leng go busa? (b) Re tla tlotla ka eng mo kgaolong e e latelang?

23 O ne a tshwanetse go leta lobaka lo lokae? Mo lekgolong la bo19 le la bo20 la dingwaga, baithuti ba ba tlhoafetseng ba Baebele ba ile ba bala dipalo mme ba lemoga gore lobaka lwa go leta ga gagwe lo ne lo tlile go khutla ka 1914. (Malebana le letlha leno,  leba Dintlha Tse di Oketsegileng, ditsebe 215-18.) Ditiragalo tsa lefatshe tse di neng tsa simolola ka 1914 di ne tsa tlhomamisa gore baithuti bano ba ba tlhoafetseng ba Baebele ba ne ba opile kgomo lonaka. Go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele go bontsha gore ka 1914, Keresete o ne a nna Kgosi mme Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo jwa simolola go busa. Ka jalo, re tshela mo ‘lobakeng lo lokhutshwane lwa nako’ lo lo saletseng Satane. (Tshenolo 12:12; Pesalema 110:2) Gape, re ka bua re sa okaoke gore go ise go ye kae, Bogosi jwa Modimo bo tla tsaya kgato ya go dira gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng. A dikgang tseno ga di go itumedise? A o a di dumela? Kgaolo e e latelang e tla go thusa go bona gore eleruri Baebele e ruta dilo tseno.