Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOROBONGWE

A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?

A re Tshela “mo Metlheng ya Bofelo”?
  • Ke ditiragalo dife mo motlheng wa rona tse Baebele e neng ya di bolelela pele?

  • Lefoko la Modimo la re batho ba tla bo ba ntse jang “mo metlheng ya bofelo”?

  • Baebele e bolelela pele dilo dife tse di molemo ‘ka metlha ya bofelo’?

1. Ke kae koo re ka ithutang ka isagwe teng?

A O KILE wa leba dikgang mo thelebisheneng mme wa ipotsa go re, ‘Tota go direga eng mo lefatsheng leno?’ Ditiragalo tsa masetlapelo di direga ka tshoganyetso e bile go sa lebelelwa mo e leng gore ga go na motho ope yo o ka kgonang go bolelela pele gore go tla direga eng ka moso. (Jakobe 4:14) Le fa go ntse jalo, Jehofa ene o a itse gore go tlile go direga eng mo isagweng. (Isaia 46:10) Mo nakong ya bogologolo, Lefoko la gagwe e leng Baebele le ne la se ka la bolelela pele fela ka dilo tse di bosula tse di diregang mo motlheng wa rona mme gape le ne la bolelela pele le ka dilo tse di molemo tse di tla diregang mo bogautshwaneng.

2, 3. Barutwa ba ne ba botsa Jesu potso efe, mme o ne a ba araba jang?

2 Jesu Keresete o ne a bua ka Bogosi jwa Modimo, jo bo tla fedisang boikepo le go dira gore lefatshe e nne paradaise. (Luke 4:43) Batho ba ne ba batla go itse gore Bogosi jono bo tla tla leng. Tota e bile, barutwa ba ga Jesu ba ne ba mmotsa ba re: “Sesupo e tla nna eng sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo?” (Mathaio 24:3) Fa Jesu a ba araba, o ne a ba raya a re Jehofa Modimo ke ene fela a itseng gore tota bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo bo tla tla leng. (Mathaio 24: 36) Mme Jesu o ne a bolelela pele dilo tse di neng di tla direga mo lefatsheng pele fela ga fa Bogosi bo tlisetsa batho kagiso ya mmatota le tshireletsego. Se a neng a se bolelela pele se a direga jaanong!

3 Pele ga fa re sekaseka bosupi jo bo bontshang gore re tshela mo nakong ya “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo,” a re tlotle ka bokhutshwane ka ntwa e go se nang motho ope yo o ileng a e bona. E ne ya lwelwa kwa lefelong le le sa bonaleng la semoya, mme ditlamorago tsa yone di a re ama.

NTWA KWA LEGODIMONG

4, 5. (a) Go ne ga direga eng kwa legodimong ka bonako fela fa Jesu a sena go tlhongwa go nna Kgosi? (b) Go ya ka Tshenolo 12:12, ditlamorago tsa ntwa ya kwa legodimong e ne e tlile go nna dife?

4 Kgaolo e e fetileng ya buka eno e ile ya tlhalosa gore Jesu Keresete o ne a nna Kgosi kwa legodimong ka ngwaga wa 1914. (Daniele 7:13, 14) Jesu o ne a tsaya kgato ka bonako fela fa a sena go tlhomiwa mo Bogosing. Baebele ya re, “Ga tsoga ntwa kwa legodimong: Mikaele [leina le lengwe la ga Jesu] le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela [Satane Diabolo], le kgogela le baengele ba yone ba tlhabana.” * Satane le baengele ba gagwe ba ba boikepo, e leng madimona a gagwe, ba ne ba fenngwa mo ntweng eo mme ba ntshiwa kwa legodimong ba latlhelwa mo lefatsheng. Bomorwa Modimo ba ba ikanyegang ba semoya ba ne ba itumelela go bo Satane le madimona a gagwe ba ntshitswe kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, batho bone ba ne ba se kitla ba itumela jalo. Go na le moo, Baebele e ne ya bolelela pele jaana: “A bo go latlhega lefatshe . . . ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.”—Tshenolo 12:7, 9, 12.

5 Tsweetswee, ela tlhoko gore ditlamorago tsa ntwa eno ya kwa legodimong e ne e tlile go nna dife. E re ka Satane a tuka bogale, o ne a tlile go tlisetsa lefatshe tatlhego, kgotsa matshwenyego. Jaaka fa o tlile go bona, gone jaanong jaana re tshela mo  motlheng wa matshwenyego ao. Mme e tla nna matshwenyego a nakwana fela—a “lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” Tota le ene Satane o a itse ka gone. Baebele e bitsa lobaka lono lwa nako e re ke ‘metlha ya bofelo.’ (2 Timotheo 3:1) Go re itumedisa tota go itse gore go ise go ye kae, Modimo o tla fedisa tlhotlheletso yotlhe ya ga Diabolo mo lefatsheng! Mma re sekaseke dilo dingwe tse di boleletsweng pele mo Baebeleng tse di diregang gone jaanong. Dilo tseno di re naya bosupi jwa gore re tshela mo metlheng ya bofelo le gore Bogosi jwa Modimo bo tla tloga bo tlisetsa ba ba ratang Jehofa masego a a nnetseng ruri. Sa ntlha, mma re sekaseke dikarolo di le nnè tsa sesupo se Jesu a neng a re se tla bontsha gore re tshela mo motlheng oo.

DITIRAGALO TSE DIKGOLO TSA METLHA YA BOFELO

6, 7. Mafoko a ga Jesu a a kaga dintwa le ditlhaelo tsa dijo a diragadiwa jang gompieno?

6 “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi.” (Mathaio 24:7) Batho ba le dimilionemilione ba ile ba bolawa mo dintweng mo lekgolong le le fetileng la dingwaga. Mokwalahisitori mongwe wa kwa Boritane o ne a kwala jaana: “Lekgolo la bo20 la dingwaga le nnile le tshololo e kgolo thata ya madi go feta a mangwe mo hisitoring. . . . E ne e le lekgolo la dingwaga la dintwa tse di sa kgaotseng, le le neng le na le dinakonyana tse di rileng fela tsa fa go ne go se na ntwa mo mafelong mangwe.” Pego  ya Worldwatch Institute e tlhalosa jaana: “Palo ya batho ba ba ileng ba amiwa ke dintwa mo lekgolong la [bo20] la dingwaga e menagane gararo go feta ya dintwa tsotlhe tse di lolweng go simolola ka lekgolo la ntlha la dingwaga AD go fitlha ka 1899.” Fa e sa le ka 1914 go sule batho ba ba fetang dimilione di le 100 ka ntlha ya dintwa tseno. Le fa gone re itse botlhoko jwa go swelwa ke motho a le mongwe fela yo re mo ratang ka ntlha ya ntwa, ga re ka ke ra kgona go tlhaloganya botlhoko jo bo utlwiwang ke dimilionemilione tsa batho ba beng ka ba bone ba bolailweng ke ntwa.

7 “Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.” (Mathaio 24:7) Babatlisisi ba bolela gore selekanyo se dijo di tlhagisiwang ka sone se oketsegile thata mo dingwageng di le 30 tse di fetileng. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba sa ntse ba tlhaelwa ke dijo ka gonne ba se na madi a go di reka kgotsa a go reka setsha se ba ka lemang mo go sone. Kwa dinageng tse di tlhabologang, batho ba ba fetang bilione ba tshwanelwa ke go tshela ka madi a mannye thata ka letsatsi. Bontsi jwa bone bo tshelela fela mo tlaleng. World Health Organization e fopholetsa gore bana ba ba fetang dimilione di le dikete tse tlhano ba a swa ngwaga le ngwaga ka ntlha ya phepelotlase.

8, 9. Ke eng se se bontshang gore boporofeti jwa ga Jesu ka dithoromo tsa lefatshe le malwetse a leroborobo bo boammaaruri?

8 “Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo.” (Luke 21:11) Go ya ka U.S.  Geological Survey, ka ngwaga go lebeletswe gore go nne le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo di ka nna 19. Dithoromo tseno di maatla thata jaana mo di ka senyang dikago le go phatlola lefatshe. Mme ka kakaretso ngwaga le ngwaga, go nnile le dithoromo tsa lefatshe tse di maatla thata go ka senya dikago gotlhelele. Dipego dingwe di bontsha gore fa e sa le go tloga ka 1900, dithoromo tsa lefatshe di bolaile batho ba feta dimilione di le pedi. Motswedi mongwe wa tshedimoseto o tlhalosa jaana: “Kgatelopele e e neng ya dirwa mo go tsa botegeniki e fokoditse palo ya dintsho go sekae fela.”

9 “Go tla nna le . . . malwetse a leroborobo.” (Luke 21:11) Le fa go ka tswa go dirilwe kgatelopele e e kana kang mo go tsa kalafi, batho ba bolawa ke malwetse a bogologolo le a masha. Pego nngwe e bolela gore malwetse a le 20 a a tlwaelegileng—a a akaretsang bolwetse jwa thiibi, malaria le kholera—a ile a anama thata mo dingwageng tsa bosheng jaana, mme mangwe a one go nna thata go a alafa ka diokobatsi. Tota e bile, go tlhagile malwetse a masha a le 30. Mangwe a one ga a na kalafi e bile a a bolaya.

BATHO BA METLHA YA BOFELO

10. Ke mekgwa efe e o bonang batho ba na le yone gompieno e e boleletsweng pele mo go 2 Timotheo 3:1-5?

10 Mo godimo ga go tlhalosa ditiragalo dingwe tse di diregang mo lefatsheng, Baebele e ile ya bolelela pele gore go fetoga ga batho le gone go tla bontsha gore  re tshela mo metlheng ya bofelo. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore batho ka kakaretso ba tla nna jang. Re bala jaana mo go 2 Timotheo 3:1-5: “Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” Paulo o ne a re batho ba tla nna

  • baithati

  • barati ba madi

  • ba ba sa utlweng batsadi

  • ba ba sa ikanyegeng

  • ba ba se nang lorato lwa tlholego

  • ba ba se nang boikgapo

  • ba ba bogale bo tshabegang

  • barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo

  • ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone

11. Pesalema 92:7 e tlhalosa jang se se tla diragalelang baikepi?

11 A batho ba ntse jalo mo lefelong le o nnang mo go lone? Ba tshwanetse ba bo ba ntse jalo. Batho ba ba nang le mekgwa e e ntseng jalo e e maswe ba fitlhelwa gongwe le gongwe. Seno se bontsha gore go ise go ye kae, Modimo o tla tsaya kgato, ka gonne Baebele ya re: “Fa baikepi ba tlhoga jaaka dimela le botlhe ba ba dirang se se utlwisang botlhoko ba tlhagisa dithunya, ke gore ba tle ba nyelediwe ka bosaengkae.”—Pesalema 92:7.

 DITIRAGALO TSE DI ITUMEDISANG!

12, 13. “Kitso ya boammaaruri” e ne ya ntsifala jang mo ‘motlheng ono wa bofelo’?

12 Eleruri metlha ya bofelo e tletse ka matshwenyego fela jaaka Baebele e ne ya bolelela pele. Le fa go ntse jalo, mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego, baobamedi ba ga Jehofa bone ba diragalelwa ke dilo tse di itumedisang.

13 “Kitso ya boammaaruri e tla nna ntsi,” go ne ga bolelela pele jalo buka ya Baebele ya Daniele. Seno se ne se tla direga leng? Ka “motlha wa bokhutlo.” (Daniele 12:4) Segolo jang fa e sa le ka 1914, Jehofa o thusitse batho ba tota ba batlang go mo direla gore ba tlhaloganye Baebele botoka. Ba ile ba tlhaloganya botoka dithuto tsa Baebele tse di buang ka leina la Modimo le maikaelelo a gagwe, setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu Keresete, boemo jwa baswi le tsogo ya baswi. Mo godimo ga moo, baobamedi ba ga Jehofa ba ile ba ithuta go tshela botshelo jwa bone ka tsela e e tla ba solegelang molemo le go tlisetsa Modimo pako. Gape, ba tlhalogantse sentle seabe se Bogosi jwa Modimo bo nang le sone le kafa bo tlileng go baakanya dilo ka gone mo lefatsheng. Ba dira eng ka kitso eno? Potso eo e re tlisa mo boporofeting jo bongwe gape jo bo diragadiwang mo metlheng eno ya bofelo.

“Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni.”—Mathaio 24:14

14. Dikgang tse di molemo tsa Bogosi di rerwa go le kana kang gompieno, mme di rerwa ke bomang?

14 “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni,” go ne ga bolela jalo Jesu Keresete mo boporofeting jwa gagwe jo bo buang ka “bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo.” (Mathaio 24:3, 14) Mo lefatsheng lotlhe, dikgang tse di molemo tsa Bogosi—tse di tlhalosang gore Bogosi ke eng, bo tla dira eng le gore re ka bona jang masego a jone—di ntse di rerwa mo dinageng tse di fetang 230 le ka dipuo tse di fetang 400. Dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa di rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhoafalo. Ba tswa mo “merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” (Tshenolo 7:9) Basupi ba tshwarela batho ba le dimilionemilione ba ba batlang go ithuta Baebele, dithuto tsa legae tsa Baebele mahala. Ruri boporofeti jono bo diragaditswe ka tsela e e kgatlhang tota, segolobogolo fa  e sa le Jesu a bolelela pele gore Bakeresete ba boammaaruri ba “tla nna ba ba tlhoilweng ke batho botlhe”!—Luke 21:17.

WENA O TLA DIRA ENG?

15. (a) A o a dumela gore re tshela mo metlheng ya bofelo, mme ka ntlha yang? (b) “Bokhutlo” bo tla ama jang ba ba ganetsang Jehofa le ba ba ikobelang puso ya Bogosi jwa Modimo?

15 E re ka go diragadiwa dipolelelo pele di le dintsi jaana tsa Baebele gompieno, a ga o dumele gore re tshela mo metlheng ya bofelo? Fa dikgang tse di molemo di tla bo di rerilwe go ya bokgakaleng jo Jehofa a tla bong a kgotsofetse ka jone, ga go na pelaelo gore “bokhutlo” bo tla tla. (Mathaio 24:14) “Bokhutlo” ke nako e ka yone Modimo a tla tlosang boikepo mo lefatsheng. Jehofa o tla dirisa Jesu le baengele ba ba maatla go senya botlhe ba ba mo ganetsang ka boomo. (2 Bathesalonika 1:6-9) Satane le madimona a gagwe ga ba kitla ba tlhola ba tsietsa ditšhaba. Morago ga moo, Bogosi jwa Modimo bo tla tlisetsa botlhe ba ba ikobelang puso ya jone e e siameng masego a magolo.—Tshenolo 20:1-3; 21:3-5.

16. Go tla bo go le botlhale gore o dire eng?

16 E re ka bokhutlo jwa tsamaiso ya ga Satane bo le gaufi, re tshwanetse go ipotsa potso e e reng, ‘Ke tshwanetse go bo ke dira eng?’ Go botlhale gore re tswelele re ithuta go le gontsi ka Jehofa le gore ke eng se a batlang re se dira. (Johane 17:3) Nna moithuti yo o tlhoafetseng wa Baebele. Itlwaetse go kopanela ka metlha le ba bangwe ba ba batlang go dira thato ya ga Jehofa. (Bahebera 10:24, 25) Amogela kitso e ntsi e Jehofa Modimo a e nayang batho lefatshe ka bophara, mme o dire diphetogo tse di tlhokegang mo botshelong jwa gago gore o tle o amogelwe ke Modimo.—Jakobe 4:8.

17. Ke ka ntlha yang fa go senngwa ga baikepi go tlile go tlela batho ka tshoganyetso?

17 Jesu o ne a bolelela pele gore batho ba le bantsi ba tla tlhokomologa bosupi jo bo bontshang gore re tshela mo metlheng ya bofelo. Baikepi ba tlile go senngwa ka tshoganyetso e bile go sa lebelelwa. Fela jaaka legodu bosigo, tshenyego eno e tla tlela batho ba le bantsi ka tshoganyetso. (1 Bathesalonika 5:2) Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Fela jaaka malatsi a ga Noa a ne a ntse, go  nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo. Gonne fela jaaka ba ne ba ntse mo malatsing ao pele ga morwalela, baa ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe, go nna gone ga Morwa motho go tla nna jalo.”—Mathaio 24:37-39.

18. Re tshwanetse go tsaya tsia tlhagiso efe ya ga Jesu?

18 Ka ntlha ya moo, Jesu o ne a raya bareetsi ba gagwe a re: “Itlhokomeleng gore dipelo tsa lona di se ka le ka motlha tsa imelwa ke go ja mo go feteletseng le ke go nwa bobe le ke ditlhobaelo tsa botshelo, mme ka tshoganyetso letsatsi leo la lo wela ka ponyo ya leitlho jaaka seru. Gonne le tla tlela botlhe ba ba nnang mo godimo ga lefatshe lotlhe. Jaanong, nnang lo tsogile, lo dira mokokotlelo ka nako yotlhe gore lo tle lo atlege mo go faloleng dilo tseno tsotlhe tse di laoletsweng go diragala, le go ema [ka kamogelo] fa pele ga Morwa motho.” (Luke 21:34-36) Go botlhale go tsaya mafoko ano a ga Jesu tsia. Ka ntlha yang? Ka gonne ba ba amogelwang ke Jehofa Modimo le ke “Morwa motho,” e leng Jesu Keresete, ba na le tsholofelo ya go falola bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo ya ga Satane le ya go tshelela ruri mo lefatsheng le lesha le le gaufi thata!—Johane 3:16; 2 Petere 3:13.

^ ser. 4 Go bona tshedimosetso e e tlhalosang gore Mikaele ke leina le lengwe la ga Jesu Keresete, bona Dintlha Tse di Oketsegileng, ditsebe 218-19.