Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA BOLESOME

Dibopiwa Tsa Semoya—Kafa di re Amang ka Gone

Dibopiwa Tsa Semoya—Kafa di re Amang ka Gone
  • A baengele ba thusa batho?

  • Meya e e boikepo e amile batho jang?

  • A re tshwanetse go boifa meya e e boikepo?

1. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra batla go ithuta ka baengele?

GO ITSE motho mongwe gantsi go akaretsa le go ithuta sengwe ka lelapa le a tswang mo go lone. Ka tsela e e tshwanang, go itse Jehofa Modimo go akaretsa go itse lelapa la gagwe la baengele sentle. Baebele e bitsa baengele e re ke “bomorwa Modimo.” (Jobe 38:7) Ka jalo, ba na le maikarabelo afe mo go diragadiweng ga maikaelelo a Modimo? A ba amile hisitori ya batho ka tsela nngwe? A baengele ba ama botshelo jwa gago? Fa e le gore go ntse jalo, ba bo ama jang?

2. Baengele ba tswa kae, mme ba kae ka palo?

2 Baebele e umaka baengele makgetlo a le mantsintsi. Mma re sekaseke mangwe a makgetlo ano gore re ithute go le gontsinyana ka baengele. Baengele ba tswa kae? Bakolosa 1:16 ya re: “Dilo tsotlhe tse dingwe di ne tsa bopiwa ka ene [Jesu Keresete] kwa magodimong le mo lefatsheng.” Ka jalo, sengwe le sengwe sa dibopiwa tsotlhe tsa semoya tse di bidiwang baengele se ne sa bopiwa ke Jehofa Modimo a dirisa Morwawe wa leitibolo. Baengele ba kae ka palo? Baebele e bontsha gore go ne ga bopiwa ba le dimilione di le makgolokgolo, mme botlhe fela ba na le maatla.—Pesalema 103:20. *

3. Jobe 38:4-7 e re bolelela eng ka baengele?

3 Lefoko la Modimo, e bong Baebele, le re bolelela gore fa lefatshe  le ne le theiwa, “bomorwa Modimo botlhe ba ne ba simolola go goa ba baka.” (Jobe 38:4-7) Seno se raya gore baengele ba nnile gone bogologolo pele go bopiwa batho, tota le pele go bopiwa lefatshe. Gape, temana nngwe ya Baebele e bontsha gore baengele ba na le maikutlo, ka gonne e a re ba ne ba “goa mmogo ka boipelo.” Ela tlhoko gore “bomorwa Modimo botlhe” ba ne ba itumela mmogo. Ka nako eo, baengele botlhe e ne e sa ntse e le karolo ya lelapa le le utlwanang le le direlang Jehofa Modimo.

GO TSHEGEDIWA LE GO SIRELEDIWA KE BAENGELE

4. Baebele e bontsha jang gore baengele ba ba ikanyegang ba kgatlhegela dilo tse di dirwang ke batho?

4 Go tloga fela ka nako ya fa dibopiwa tseno tse di ikanyegang tsa semoya di sena go bona go bopiwa ga batho ba ntlha, di ile tsa kgatlhegela thata go gola ga lelapa la batho le go diragadiwa ga maikaelelo a Modimo. (Diane 8:30, 31; 1 Petere 1:11, 12) Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, baengele ba ile ba lemoga gore batho ba le bantsi ba ile ba tlogela go direla Mmopi wa bone yo o lorato. Ga go pelaelo gore seno se ile sa hutsafatsa baengele bano ba ba ikanyegang. Kafa letlhakoreng le lengwe, tota le fa motho a le mongwe fela a boela kwa go Jehofa, “go tsoga boipelo mo baengeleng.” (Luke 15:10) E re ka baengele ba amega thata jalo ka batho ba ba direlang Modimo, ga go gakgamatse go bo Jehofa a ile a dirisa baengele gangwe le gape go nonotsha batlhanka ba ba ikanyegang ba gagwe mo lefatsheng le go ba sireletsa. (Bahebera 1:7, 14) Akanya ka dikai dingwe.

“Modimo wa me o ne a romela moengele wa gagwe mme a tswala molomo wa ditau.”—Daniele 6:22

5. Re bona dikai dife mo Baebeleng tsa go engwa nokeng ke baengele?

5 Baengele ba babedi ba ne ba thusa monna yo o siameng e bong Lote le bomorwadie go falola tshenyego ya metse e e boikepo ya Sodoma le Gomora ka go ba ntsha mo metseng eo. (Genesise 19:15, 16) Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, moporofeti Daniele o ne a latlhelwa mo mongobong wa ditau, mme di ne tsa se ka tsa mo gobatsa, mme o ne a re: “Modimo wa me o ne a romela moengele wa gagwe mme a tswala molomo wa ditau.” (Daniele 6:22) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., moengele o ne a golola moaposetoloi Petere mo  kgolegelong. (Ditiro 12:6-11) Gape, baengele ba ne ba ema Jesu nokeng fa a ne a simolola bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng. (Mareko 1:13) Mme fa Jesu a ne a tloga a swa, moengele o ne a bonala kwa go ene mme “a mo nonotsha.” (Luke 22:43) A bo seno se tshwanetse sa bo se ile sa gomotsa Jesu jang ne mo dinakong tseo tse di neng di le botlhokwa thata mo botshelong jwa gagwe!

6. (a) Baengele ba sireletsa batho ba Modimo jang gompieno? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife?

6 Gompieno, baengele ga ba tlhole ba iponatsa mo bathong ba Modimo ba ba mo lefatsheng. Le mororo batho ba sa kgone go bona baengele ba ba maatla ba Modimo, baengele bano ba sa ntse ba sireletsa batho ba gagwe, bogolo jang mo dilong tse di ka ba gobatsang semoyeng. Baebele ya re: “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.” (Pesalema 34:7) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go gomodiwa thata ke mafoko ao? Ka gonne go na le meya e e boikepo e e kotsi e e batlang go re gobatsa! Ke meya efe eo? E tswa kae? E leka jang go re gobatsa? Go bona dikarabo tsa dipotso tseno, mma re sekaseke sengwe se se neng sa direga kwa tshimologong ya hisitori ya batho.

DIBOPIWA TSA SEMOYA TSE E LENG BABA BA RONA

7. Satane o ne a atlega go le kana kang mo go faposeng batho gore ba se ka ba direla Modimo?

7 Jaaka re ithutile mo Kgaolong ya 3 ya buka eno, mongwe wa baengele o ne a nna le keletso ya go busa mme a tlhanogela Modimo. Moragonyana moengele yono o ne a nna Satane Diabolo. (Tshenolo 12:9) Morago ga makgolo a le 16 a dingwaga fa Satane a sena go tsietsa Efa, o ne a kgona go faposa mo e batlang e nna batho botlhe gore ba se ka ba direla Modimo kwantle ga ba le mmalwa fela ba ba neng ba ikanyega, ba ba jaaka Abele, Enoke le Noa.—Bahebera 11:4, 5, 7.

8. (a) Go ne ga tla jang gore baengele bangwe e nne madimona? (b) Madimona a ne a tshwanelwa ke go dira eng gore a falole Morwalela wa motlha wa ga Noa?

8 Mo motlheng wa ga Noa, baengele ba bangwe ba ne ba tlhanogela Jehofa. Ba ne ba tlogela bonno jwa bone mo lelapeng  la Modimo la kwa legodimong, ba tla mo lefatsheng mme ba ikapesa mebele ya nama. Ka ntlha yang? Re bala jaana mo go Genesise 6:2: “Bomorwa Modimo wa boammaaruri ba simolola go bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle; mme ba itseela basadi, e leng, botlhe ba ba neng ba ba tlhopha.” Mme Jehofa Modimo o ne a se ka a letla ditiro tseno tsa baengele le go tsietsa ga bone batho gore go tswelele. O ne a tlisa morwalela mo lefatsheng lotlhe o o neng wa senya batho botlhe ba ba boikepo mme a boloka fela batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. (Genesise 7:17, 23) Ka jalo, baengele ba batsuolodi, kgotsa madimona, a ne a patelesega go apola mebele ya bone ya nama gore a boele kwa legodimong go ya go nna dibopiwa tsa semoya. A  ne a tlhophile go nna kafa letlhakoreng la ga Diabolo, mme ene a nna “mmusi wa madimona.”—Mathaio 9:34.

9. (a) Go ne ga direga eng ka madimona fa a ne a boela kwa legodimong? (b) Re tlile go sekaseka eng malebana le madimona?

9 Fa baengele ba ba neng ba se ka ba ikobela molao wa Modimo ba ne ba boela kwa legodimong, ba ne ba se ka ba letlwa go tsena, fela jaaka Satane mmusi wa bone. (2 Petere 2:4) E re ka gone jaanong ba sa tlhole ba kgona go ikapesa mebele ya batho, ba sa ntse ba tlhotlheletsa batho ka tsela e e maswe thata. Tota e bile, Satane ‘o tsietsa lefatshe lotlhe le le nang le banni’ a thusiwa ke madimona ano. (Tshenolo 12:9; 1 Johane 5:19) Jang? Madimona a dirisa thata maano mangwe a gantsi a kgonang go tsietsa batho ka one. (2 Bakorintha 2:11) Mma re sekaseke mangwe a maano ano.

KAFA MADIMONA A TSIETSANG KA GONE

10. Bodimona ke eng?

10 Madimona a tsietsa batho ka go dirisa bodimona. Bodimona ke go inaakanya le madimona ka tlhamalalo le ka go dirisana le batho ba ba dirisanang le one. Baebele e kgala bodimona e bile e a re tlhagisa gore re se ka ra amana ka gope le jone. (Bagalatia 5:19-21) Madimona a dirisa bodimona go re tshwara fela jaaka motho a dirisa serai go tshwara ditlhapi. Motho yo o tshwarang ditlhapi o dirisa dirai tsa mefuta e e farologaneng go tshwara ditlhapi tsa mefuta e e farologaneng. Ka tsela e e tshwanang, meya e e boikepo e dirisa bodimona jwa mefuta e e farologaneng go tlhotlheletsa batho ba mefuta yotlhe.

11. Boitseanape ke eng, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bo tila?

11 Mofuta o mongwe wa serai se madimona a se dirisang ke boitseanape. Boitseanape ke eng? Ke go leka go batlisisa ka isagwe kgotsa ka sengwe se motho a sa itseng sepe ka sone. Mefuta mengwe ya boitseanape ke tepodinaledi, dikarata tse di dirisediwang go bonela dilo pele, go latlha bola, go leba metlhala ya seatla le go batla ditshupo tsa masaitseweng tse di bolelelang isagwe pele kgotsa go dirisa ditoro. Le mororo batho ba le bantsi ba akanya gore go dirisa boitseanape go itshiametse fela, Baebele e bontsha gore go bolelela isagwe pele le meya e e boikepo di dirisana mmogo. Ka sekai, Ditiro 16:16-18 e umaka “ledimona la  boitseanape” le le neng la dira gore mosetsana mongwe a kgone go dira “tiro ya go bolelela pele.” Mme o ne a se ka a tlhola a kgona go dira jalo fa ledimona le sena go ntshiwa mo go ene.

Madimona a tsietsa batho ka ditsela tse di farologaneng

12. Ke ka ntlha yang fa go leka go bua le baswi go le kotsi?

12 Tsela e nngwe e madimona a tsietsang batho ka yone ke go ba tlhotlheletsa gore ba bue le baswi. Batho ba ba mo khutsafalong ka ntlha ya loso lwa mongwe yo ba mo ratang gantsi ba tsiediwa ke dikgopolo tse di seng boammaaruri ka batho ba ba suleng. Motho mongwe yo o buang le meya e e bosula a ka naya batho tshedimosetso nngwe e e rileng kgotsa a ka kgona go bua le bone ka lentswe le e keteng ke la motho yoo yo o suleng. Ka ntlha ya moo, batho ba le bantsi ba dumela gore tota baswi ba a tshela le gore go ikgolaganya le bone go ka thusa batshedi go itshokela bohutsana jwa bone. Mme gone “kgomotso” epe fela e e ntseng jalo ga e boammaaruri e bile e kotsi. Ka ntlha yang? Ka gonne madimona a kgona go etsa lentswe la motho yo o suleng e bile a naya batho ba ba buang le meya e e bosula tshedimosetso ka motho yo o suleng. (1 Samuele 28:3-19) Mo godimo ga moo, jaaka re ithutile mo Kgaolong ya 6, batho ba ba suleng ga ba tlhole ba le teng. (Pesalema 115:17) Ka jalo, “ope  yo o botsang baswi” o tsieditswe ke meya e e boikepo e bile ga a dire thato ya Modimo. (Duteronome 18:10, 11; Isaia 8:19) Ka jalo, ikele tlhoko gore o se ka wa tshwarwa ke serai seno se se kotsi sa madimona.

13. Batho ba le bantsi ba ba kileng ba bo ba dirisana le madimona ba kgonne go dira eng?

13 Meya e e boikepo ga e tsietse batho fela mme gape e a ba tshosa. Gompieno, Satane le madimona a gagwe ba a itse gore ba saletswe ke “lobaka lo lokhutshwane lwa nako” pele ba thibelwa gore ba se ka ba kgona go tswelela pele ka tiro ya bone, mme jaanong ba galefile go feta pele. (Tshenolo 12:12, 17) Le fa go ntse jalo, batho ba le diketekete ba ba kileng ba bo ba boifa meya e e ntseng jalo e e boikepo ba kgonne go kgaogana le yone. Ba kgonne jang? Ke eng se motho yo o setseng a dirisana le madimona a ka se dirang?

KAFA RE KA EMELANANG LE MEYA E E BOIKEPO KA GONE

14. Fela jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba kwa Efeso, re ka kgaogana jang le meya e e bosula?

14 Baebele e a re bolelela gore re ka emelana jang le meya e e boikepo le gore re ka kgaogana jang le yone. Akanya ka sekai sa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba nna kwa motseng wa Efeso. Bangwe ba bone ba ne ba dirisana le madimona pele e nna Bakeresete. Ba ne ba dira eng fa ba ne ba swetsa ka gore ba kgaogane le bodimona? Baebele ya re: “Ba le bantsi thata ba bao ba neng ba dira ditiro tsa maselamose ba ne ba phutha dibuka tsa bone ba bo ba di ja ka molelo fa pele ga mongwe le mongwe.” (Ditiro 19:19) Ka go senya dibuka tsa bone tse di buang ka maselamose, Bakeresete bao ba basha ba ne ba tlhomela ba ba batlang go emelana le meya e e boikepo sekao gompieno. Batho ba ba batlang go direla Jehofa ba tshwanetse go kgaogana le dilo tsotlhe tse di amanang le bodimona. Dilo tseno di akaretsa dibuka, dimakasine, dibidio, dikarata tsa ditshwantsho tsa bodimona le mmino o o gatisitsweng o o rotloetsang batho go dirisana le meya e e bosula le go dira gore e nne e e gogelang le e e kgatlhang. Gape, seno se akaretsa le go itsenya maseka mangwe kgotsa go ipofa ka dilo dingwe ka  tumelo ya gore di tla re sireletsa gore re se ka ra diragalelwa ke sepe se se bosula.—1 Bakorintha 10:21.

15. Re tshwanetse go dira eng gore re kgone go emelana le mephato ya meya e e boikepo?

15 Dingwaga di le mmalwa morago ga gore Bakeresete ba Efeso ba senye dibuka tsa bone tsa maselamose, moaposetoloi Paulo o ne a ba kwalela a re: “Re lwa, . . . le mephato ya meya e e boikepo.” (Baefeso 6:12) Madimona a ne a ise a tlogele go ba tshwenya. A ne a sa ntse a leka go ba fenya. Ka jalo, ke eng gape se Bakeresete bao ba neng ba tshwanelwa ke go se dira? Paulo o ne a re: “Mo godimo ga dilo tsotlhe, tsayang thebe e kgolo ya tumelo, e lo tla kgonang go tima dibetsa tsotlhe tse di konopiwang tse di fisang tsa yo o boikepo [Satane] ka yone.” (Baefeso 6:16) Fa thebe ya rona ya tumelo e nonofile, re tla kgona go emelana le mephato ya meya e e boikepo.—Mathaio 17:20.

16. Re ka nonotsha tumelo ya rona jang?

16 Ka jalo, re ka nonotsha tumelo ya rona jang? Ka go ithuta Baebele. Go nonofa ga lobota go ikaegile thata ka gore motheo wa lone o nonofile go le kana kang. Ka tsela e e tshwanang, go nonofa ga tumelo ya rona go ikaegile thata ka gore motheo wa yone, e leng kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo e bong Baebele, o nonofile go le kana kang. Fa re bala Baebele letsatsi le letsatsi le go e ithuta, tumelo ya rona e tla nonofa. Jaaka lobota lo lo nonofileng, tumelo e e ntseng jalo e tla re sireletsa mo tlhotlheletsong ya meya e e boikepo.—1 Johane 5:5.

17. Ke kgato efe e e botlhokwa e re tshwanetseng go e tsaya gore re kgone go emelana le meya e e boikepo?

17 Bakeresete bao ba kwa Efeso ba ne ba tshwanelwa ke go tsaya kgato efe e nngwe? Ba ne ba tlhoka tshireletsego e e oketsegileng ka gonne ba ne ba nna mo motseng o o tletseng bodimona. Ka jalo Paulo o ne a ba raya a re: ‘Ka mofuta mongwe le mongwe wa thapelo le mokokotlelo lo tswelele lo rapela ka lobaka longwe le longwe.’ (Baefeso 6:18) E re ka le rona re tshela mo lefatsheng le le tletseng bodimona, go botlhokwa thata gore re rapele Jehofa ka tlhoafalo gore a re sireletse gore re kgone go emelana le meya e e boikepo. Gone ke boammaaruri gore re tshwanetse go dirisa leina la ga Jehofa fa re rapela. (Diane 18:10)  Ka jalo, re tshwanetse go nna re rapela Modimo gore a re “golole mo go yo o boikepo” e bong Satane Diabolo. (Mathaio 6:13) Jehofa o tla araba dithapelo tse di ntseng jalo tse di dirwang ka tlhoafalo.—Pesalema 145:19.

18, 19. (a) Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore re tla fenya mo ntweng ya rona kgatlhanong le meya e e boikepo? (b) Kgaolo e e latelang e tla araba potso efe?

18 Meya e e boikepo e kotsi, mme ga re a tshwanela go e boifa fa re emelana le Diabolo le go atamalana le Modimo ka go dira thato ya Gagwe. (Jakobe 4:7, 8) Maatla a meya e e boikepo e nang le one a lekanyeditswe. E ne ya otlhaiwa mo motlheng wa ga Noa, mme e tlile go atlholwa la bofelo mo isagweng. (Jude 6) Gape, gakologelwa gore baengele ba ba maatla ba ga Jehofa le bone ba a re sireletsa. (2 Dikgosi 6:15-17) Baengele bao ba kgatlhegela thata go re bona re atlega mo go emelaneng le meya e e boikepo. Re ka nna ra re baengele ba ba siameng bano ba a re rotloetsa. Ka jalo, a re nneng gaufi thata le Jehofa le lelapa la gagwe la dibopiwa tse di ikanyegang tsa semoya. Gape, a re tileng bodimona jwa mofuta mongwe le mongwe mme ka metlha re diriseng kgakololo ya Lefoko la Modimo. (1 Petere 5:6, 7; 2 Petere 2:9) Fa re dira jalo, re ka tlhomamisega gore re tlile go atlega mo ntweng ya rona kgatlhanong le dibopiwa tsa meya e e boikepo.

19 Mme ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse meya eno e e bosula le boikepo jwa yone gore e bogise batho thata jaana? Kgaolo e e latelang e tla araba potso eo.

^ ser. 2 Tshenolo 5:11 e bua jaana ka baengele ba ba siameng: “Palo ya bone e ne e le dimiriate tsa dimiriate.” Ka jalo Baebele e supa gore go ne ga bopiwa baengele ba le dimilione di le makgolokgolo.