Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA LESOMENNGWE

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letleletse Pogo?

Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letleletse Pogo?
  • A Modimo ke ene a dirang gore batho ba boge mo lefatsheng?

  • Go ne ga tsosiwa ditatofatso dife kwa tshimong ya Edene?

  • Modimo o tlile go fedisa jang ditlamorago tsa go boga ga batho?

1, 2. Ke dilo tsa mofuta ofe tse di bogisang batho gompieno, mme seno se dira gore ba le bantsi ba ipotse dipotso dife?

MORAGO ga ntwa e e matlhomahibidu kwa nageng nngwe e e kgautlhantsweng ke ntwa, diketekete tsa basadi le bana ba ba se nang molato ba ba neng ba bolailwe ba ne ba fitlhwa botlhe fela mo lebitleng le le lengwe le legolo le go neng go tlhomilwe difapaano go le dikologa. Sefapaano sengwe le sengwe se ne se kwadilwe potso e e reng: “Goreng?” Gantsi batho ba botsa potso eno fa ba utlwile botlhoko thata. Ba ipotsa potso eno ba hutsafetse fa ntwa, masetlapelo, bolwetse kgotsa bokebekwa bo ba amoga botshelo jwa mongwe yo ba mo ratang thata. Gape ba ipotsa yone fa masetlapelo mangwe a ka senya ntlo ya bone kgotsa fa a ba tlisetsa pogo e e seng kana ka sepe. Ba batla go itse gore ke ka ntlha yang fa ba welwa ke masetlapelo a a ntseng jalo.

2 Ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo? Fa e le gore Jehofa Modimo o na le maatla go feta batho botlhe, o lorato, o botlhale e bile o tshiamo, ke ka ntlha yang fa lefatshe le tletse letlhoo le tshiamololo? A wena o kile wa ipotsa dipotso tseno?

3, 4. (a) Ke eng se se bontshang gore ga go molato ope ka go botsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo? (b) Jehofa o ikutlwa jang ka boikepo le go boga?

3 A go phoso go botsa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse  pogo? Bangwe ba akanya gore go botsa potso e e ntseng jalo go raya gore ga ba na tumelo kgotsa gore ga ba tlotle Modimo. Le fa go ntse jalo, fa o bala Baebele, o tla fitlhela gore batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba boifa Modimo le bone ba ne ba botsa dipotso tse di tshwanang le tseno. Ka sekai, moporofeti Habakuke o ne a botsa Jehofa a re: “Ke ka ntlha yang fa o dira gore ke bone se se utlwisang botlhoko, mme o nnela go leba a e leng matshwenyego fela? Le gone ke ka ntlha yang fa thopo le thubakanyo di le fa pele ga me, mme ke ka ntlha yang fa go nna le komano, e bile ke ka ntlha yang fa go tsoga kgogakgogano?”—Habakuke 1:3.

Jehofa o tla fedisa pogo yotlhe

4 A Jehofa o ne a omanya moporofeti Habakuke yo o ikanyegang ka ntlha ya go botsa dipotso tse di ntseng jalo? Nnyaa. Go na le moo, Modimo o ne a dira gore mafoko ano a Habakuke a neng a a bua go tswa pelong a kwalwe mo Baebeleng e e tlhotlheleditsweng. Gape, Modimo o ile a mo thusa gore a tlhaloganye dilo sentle le gore a nonotshe tumelo ya gagwe. Jehofa o batla go dira se se tshwanang le ka wena. Gakologelwa gore Baebele e ruta gore ‘o a go kgathalela.’ (1 Petere 5:7) Modimo o tlhoile boikepo le pogo e e bakwang ke jone go feta kafa batho bone ba bo tlhoileng ka gone. (Isaia 55:8, 9) Jaanong, ke ka ntlha yang fa go na le pogo e e kana kana mo lefatsheng?

 KE KA NTLHA YANG FA GO NA LE POGO E E KANA KANA?

5. Ka dinako tse dingwe, batho ba newa mabaka afe a go boga ga batho, mme Baebele yone e ruta eng?

5 Batho ba ditumelo tse di farologaneng ba ile ba ya kwa baeteledipeleng ba bone ba bodumedi le kwa baruting go ya go ba botsa gore ke ka ntlha yang fa go na le pogo e e kana kana. Gantsi ba araba ka gore go boga ke thato ya Modimo le gore o sa le a laotse gale gore dilo tseno di tla direga, go akaretsa le ditiragalo tsa masetlapelo. Bangwe ba bolelelwa gore ditsela tsa Modimo ga di ka ke tsa tlhaloganngwa kgotsa gore ke ene a dirang gore batho ba swe—le bana tota—gore ba ye go nna le ene kwa legodimong. Le fa go ntse jalo, jaaka fa o ithutile, le ka motlha Jehofa Modimo ga a ke a dira gore batho ba diragalelwe ke dilo tse di bosula. Baebele ya re: “A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!”—Jobe 34:10.

6. Ke ka ntlha yang fa batho ba le bantsi ba dira phoso ya go pega Modimo molato wa pogo e e leng teng mo lefatsheng?

6 A o a itse gore ke ka ntlha yang fa batho ba dira phoso ya go pega Modimo molato wa pogo e e kana kana e e mo lefatsheng? Gantsi ba pega Modimo Mothatayotlhe molato ka gonne ba akanya gore ke ene mmusi wa mmatota wa lefatshe leno. Ga ba itse boammaaruri jo bo motlhofo le jo bo leng botlhokwa jo Baebele e bo rutang. Wena o ithutile boammaaruri joo mo Kgaolong ya 3 ya buka eno. Mmusi wa mmatota wa lefatshe leno ke Satane Diabolo.

7, 8. (a) Lefatshe le bontsha jang botho jwa mmusi wa lone? (b) Go sa itekanelang ga batho le “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele” di nna le seabe jang mo go direng gore batho ba boge?

7 Baebele e bolela jaana ka tlhamalalo: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Fa o akanya ka kgang eno, a ga o bone go ntse jalo? Lefatshe leno le bontsha botho jwa sebopiwa sengwe se se sa bonaleng sa semoya se se “tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” (Tshenolo 12:9) Satane o tletse letlhoo, ke motsietsi e bile o setlhogo. Ka jalo, lefatshe le le leng kafa tlase ga tlhotlheletso ya gagwe le tletse letlhoo, tsietso le bosetlhogo. Leno ke lengwe la mabaka a go bo go na le pogo e e kana kana.

8 Lebaka la bobedi la go bo go tletse pogo e e kana kana ke  gore, jaaka go tlhalositswe mo Kgaolong ya 3, batho ga ba a itekanela e bile ba na le boleo fa e sa le go tloga fela ka botsuolodi jwa kwa tshimong ya Edene. Batho ba ba nang le boleo ba rata go lwela go busa, mme seno se felela ka dintwa, kgatelelo le go boga ga batho. (Moreri 4:1; 8:9) Lebaka la boraro la pogo eno ke “motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Mo lefatsheng leno le le sa busiweng ke Jehofa yo o sireletsang, batho ba ka nna ba boga e le ka go bo ba le mo lefelong le le kotsi ka nako e e sa tshwanelang.

9. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o na le lebaka le le molemo la go letlelela pogo gore e tswelele?

9 Go a gomotsa go itse gore Modimo ga se ene a dirang gore batho ba boge. Ga se ene a dirang gore go nne le dintwa, bokebekwa, kgatelelo kgotsa masetlapelo a tlholego a a dirang gore batho ba boge. Le fa go ntse jalo, re batla go itse gore, Ke ka ntlha yang fa Jehofa a letleletse pogo eno yotlhe? Fa e le gore ke Mothatayotlhe, o na le maatla a go e emisa. Jaanong, ke ka ntlha yang fa a sa dire jalo? Modimo yo o lorato yo re ithutileng ka ene o tshwanetse a bo a na le lebaka le le molemo.—1 Johane 4:8.

GO TSOGA KGANG NNGWE E E BOTLHOKWA

10. Satane o ne a ntsha ditatofatso dife mme jang?

10 Go bona gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse pogo, re tshwanetse go akanya ka nako ya fa go boga go ne go simolola. Go ne ga tsoga potso nngwe e e botlhokwa fa Satane a ne a dira gore Adame le Efa ba se ka ba ikobela Jehofa. Satane o ne a sa belaele gore Jehofa o na le maatla. Tota Satane le ene, o a itse gore maatla a ga Jehofa a ka se ka a lekanngwa le ape. Go na le moo, Satane o ne a tsosa kgang ka tshwanelo ya go busa ya ga Jehofa. Fa Satane a ne a re Modimo ke moaki yo o sa batleng go naya batho ba a ba busang sepe se se molemo, o ne a latofatsa Jehofa ka la go re ke mmusi yo o bosula. (Genesise 3:2-5) Satane o ne a raya gore batho ba ka kgona go tshela botoka ba sa busiwe ke Modimo. Ka go dira jalo, o ne a tlhasela bolaodi jwa ga Jehofa, tshwanelo ya gagwe ya go busa.

11. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a se kile a bolaya batsuolodi ka yone nako eo kwa Edene?

11 Adame le Efa ba ne ba tsuologela Jehofa. Go ntse jaaka e kete  ba ne ba re: ‘Ga re batle gore Jehofa e nne Mmusi wa rona. Re ka kgona go itirela tshwetso ya gore ke eng se se siameng le se se sa siamang.’ Jehofa o ne a tla rarabolola kgang eo jang? O ne a tla kgona jang go ruta dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tse di botlhale gore batsuolodi bano ba ne ba le phoso le gore tsela ya gagwe ke yone e e neng e le molemo go di gaisa tsotlhe? Mongwe o ne a ka nna a re Modimo a ka bo a ile a bolaya batsuolodi bano mme a simolola dilo sesha. Mme Jehofa o ne a tlhalositse gore o ne a ikaeletse go tlatsa lefatshe ka bana ba ga Adame le Efa, e bile o ne a batla gore ba tshele mo lefatsheng la paradaise. (Genesise 1:28) Ka metlha, Jehofa o diragatsa maikaelelo a gagwe. (Isaia 55:10, 11) Mo godimo ga moo, go bolaya batsuolodi bano kwa Edene go ne go se kitla go araba kgwetlho e e neng e tsositswe malebana le tshwanelo ya ga Jehofa ya go busa.

12, 13. Dira sekai se se bontshang gore ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a letla Satane go nna mmusi wa lefatshe leno le gore ke ka ntlha yang fa Modimo a ile a letla batho gore ba ipuse.

12 Mma re dire sekai. A re re morutabana o bolelela baithuti ba gagwe kafa ba ka bonang karabo ya palo nngwe e e thata ka gone. Moithuti mongwe yo o botlhale mme e le motsuolodi o bolela gore morutabana ga a rarabolole palo eo sentle. Motsuolodi yono o dira gore ba bangwe ba dumele gore morutabana ga  a kgone go rarabolola palo eo mme o gatelela gore ene o itse tsela e e botoka thata ya go e rarabolola. Baithuti bangwe ba simolola go akanya gore o bua boammaaruri, mme le bone ba simolola go nna batsuolodi. Morutabana o tshwanetse go dira eng? Fa a ka leleka batsuolodi mo tlelaseng, baithuti ba bangwe botlhe ba tla akanya eng? A ga ba kitla ba dumela gore moithuti ka bone le ba ba ileng ba dumalana le ene tota ba bua boammaaruri? Baithuti ba bangwe botlhe mo tlelaseng ba ka nna ba se ka ba tlhola ba tlotla morutabana, ba akanya gore o tshaba go bontshiwa diphoso. Mme a re re morutabana o letla motsuolodi yono go bontsha botlhe ba ba mo tlelaseng gore ene o ne a tla rarabolola palo eno jang.

A moithuti o tshwanelega go gaisa morutabana wa gagwe?

13 Jehofa o dirile se se tshwanang le se se dirwang ke morutabana yono. Gakologelwa gore batsuolodi ba kwa Edene e ne e se bone fela ba ba neng ba tsuologa. Baengele ba le dimilione ba ne ba bogetse. (Jobe 38:7; Daniele 7:10) Tsela e Jehofa a neng a tla rarabolola botsuolodi jono ka yone e ne e tla ama thata baengele bao botlhe mme kgabagare le dibopiwa tsotlhe tsa gagwe tse di botlhale. Ka jalo, Jehofa o ne a dira eng? O ne a letla Satane gore a bontshe gore ene o ne a tla busa batho jang. Gape, Modimo o ile a letla batho gore ba ipuse ba kaelwa ke Satane.

14. Tshwetso e Jehofa a e tsereng ya go letla batho gore ba ipuse e tla lere melemo efe?

14 Morutabana yo go buiwang ka ene mo sekaing seno sa rona o a itse gore motsuolodi yono le baithuti ba ba dumalanang le ene ba phoso. Mme gape o a itse gore go ba naya sebaka sa gore ba leke go ntsha bosupi jwa se ba se buang go tla solegela baithuti botlhe mo tlelaseng molemo. Fa batsuolodi bano ba palelwa ke go rarabolola palo eo, baithuti botlhe ba ba ikanyegang ba tla bona gore morutabana ke ene fela yo o tshwanelegelang go ruta tlelase. Morago ga moo, ba tla tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa morutabana a leleka batsuolodi mo tlelaseng ya gagwe. Ka tsela e e tshwanang, Jehofa o a itse gore batho ba ba dipelo tse di ikanyegang le baengele ba tla solegelwa molemo ke go bona gore Satane le batsuolodi ka ene ba paletswe le gore batho ga ba ka ke ba kgona go ipusa. Fela jaaka Jeremia wa bogologolo, ba tla ithuta boammaaruri jono jo bo botlhokwa: “Ke itse sentle,  tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

KE KA NTLHA YANG FA A LETLELETSE POGO LOBAKA LO LO KANA KANA?

15, 16. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a letlile gore pogo e tswelele lobaka lo lo kana kana? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a se kile a thibela dilo tse di bosula tse di tshwanang le bokebekwa gore di se ka tsa direga?

15 Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa Jehofa a letleletse pogo gore e tswelele lobaka lo lo kana kana? E bile ke ka ntlha yang fa a sa thibele dilo tse di bosula go direga? Ela tlhoko dilo tse pedi tse morutabana yo o mo sekaing seno sa rona a neng a se kitla a di dira. Sa ntlha, o ne a se kitla a thibela moithuti wa motsuolodi go rarabolola palo ka tsela e a reng e rarabololwa ka yone. Sa bobedi, morutabana o ne a se kitla a thusa motsuolodi yono go rarabolola palo ka tsela ya gagwe. Ka tsela e e tshwanang, ela tlhoko dilo tse pedi tse Jehofa a ititeileng sehuba gore ga a kitla a di dira. Sa ntlha, o ne a se ka a thibela Satane le ba ba dumalanang le ene go ntsha bosupi jwa se ba se buang. Go ile ga nna botlhokwa gore go letlwe nakonyana gore e fete. Mo diketeketeng tsa dingwaga tsa hisitori, batho ba ile ba leka mefuta e e farologaneng ya dipuso gore ba leke go ipusa. Batho ba dirile kgatelopele e e rileng mo go tsa saense le mo dilong tse dingwe, mme tshiamololo, lehuma, bokebekwa le ntwa di etegetse. Puso ya motho e itshupile sentle gore e a palelwa.

16 Sa bobedi, Jehofa ga a ka a thusa Satane go busa lefatshe leno. Ka sekai, fa Modimo a ne a ka thibela bokebekwa jo bo maswe gore bo se ka jwa direga, a tota seo se ne se se kitla se raya gore batsuolodi bano ba bua boammaaruri? A Modimo o ne a tla bo a sa dire gore batho ba akanye gore gongwe batho ba ka kgona go ipusa? Fa Jehofa a ne a ka dira jalo, o ne a tla bo a tshegetsa maaka a bone. Le fa go ntse jalo, ‘ga go kgonege gore Modimo a ake.’—Bahebera 6:18.

17, 18. Jehofa o tla dira eng ka ditlamorago tsotlhe tse di bosula tse di bakilweng ke dipuso tsa batho le ke tlhotlheletso ya ga Satane?

17 Le fa go ntse jalo, go tweng ka ditlamorago tse di bosula tse di bakilweng ke botsuolodi jono jo bo sa bolong go nna teng jo  bo direlwang Modimo? Go molemo go gakologelwa gore Jehofa ke mothatayotlhe. Ka jalo, a ka kgona go fedisa pogo yotlhe e bile o tlile go dira jalo. Jaaka fa re setse re ithutile, go senngwa ga lefatshe la rona go tla emisiwa mme le tla fetolwa go nna Paradaise. Ditlamorago tsa boleo di tla tlosiwa ka ntlha ya go nna le tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu, mme ditlamorago tsa loso tsone di tla fedisiwa ka tsogo ya baswi. Ka jalo, Modimo o tla dirisa Jesu “go senya ditiro tsa ga Diabolo.” (1 Johane 3:8) Jehofa o tla dira seno sotlhe ka nako e e tshwanetseng. Re itumelela go bo a se kile a tsaya kgato ka bonako, ka gonne bopelotelele jwa gagwe bo re neile tshono ya gore re ithute boammaaruri le go mo direla. (2 Petere 3:9, 10) Mme gape, Modimo o ntse a batlana le baobamedi ba gagwe ba ba ikanyegang le go ba thusa go itshokela pogo epe fela e e ka nnang ya ba tlela mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego.—Johane 4:23; 1 Bakorintha 10:13.

18 Bangwe ba ka nna ba ipotsa ba re, A pogo eno yotlhe e ka bo e ile ya thibelwa fa Modimo a ka bo a ile a bopa Adame le Efa ka tsela e ba neng ba se kitla ba tsuologa ka yone? Go araba potso eo, o tshwanetse go gakologelwa mpho e e molemo e Jehofa a go neileng yone.

O TLA DIRISA JANG MPHO E O E NEILWENG KE MODIMO?

Modimo o tla go thusa go itshokela pogo

19. Jehofa o re neile mpho efe e e molemolemo, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go e anaanela?

19 Jaaka go ile ga umakiwa mo Kgaolong ya 5, batho ba bopilwe ba na le kgololesego ya go itlhophela. A o a lemoga gore eo ke mpho e e molemo go le kana kang? Modimo o dirile diphologolo tse dintsintsi, mme tsone di dira dilo ka tlholego fela. (Diane 30:24) Motho o dirile metšhine e e dirilweng gore e latele taelo nngwe le nngwe e e e newang. A re ne re tla itumela fa Modimo a ka bo a re dirile ka tsela e e ntseng jalo? Nnyaa, re itumelela  go bo re na le kgololesego ya go itirela ditshwetso tsa gore re batla go nna motho wa mofuta ofe, re batla go tshela botshelo jo bo ntseng jang, re batla go nna le ditsala tse di ntseng jang, jalo le jalo. Re batla go nna le kgololesego, e bile Modimo o batla gore re itumelele go nna le yone.

20, 21. Kgololesego e re nang le yone ya go itlhophela, re ka e dirisa jang ka tsela e e molemo, mme ke ka ntlha yang fa re batla go dira jalo?

20 Jehofa ga a rate fa motho a mo direla ka go patelediwa. (2 Bakorintha 9:7) Ka sekai: Ke eng se se ka itumedisang motsadi thata—a ke fa ngwana a mo raya a re “ke a go rata” ka go bo a boleletswe gore a mo reye jalo kgotsa a ke fa a mo raya jalo ka boene fela? Ka jalo potso ke go re, Wena o tla dirisa jang kgololesego ya go itlhophela e Jehofa a go e neileng? Satane, Adame le Efa ga ba a dirisa kgololesego ya bone sentle. Ba ne ba latlha Jehofa Modimo. Wena o tla dira eng?

21 Kgololesego e o nang le yone ya go itlhophela, o ka e dirisa ka tsela e e molemo. O ka nna wa ikopanya le dimilionemilione tsa batho ba ba tlhophileng go ema kafa letlhakoreng la ga Jehofa. Ba itumedisa Modimo ka gonne ba nna le seabe ka tlhagafalo mo go supeng gore Satane ke moaki le gore ke mmusi yo o paletsweng ka tsela e e tlhabisang ditlhong. (Diane 27:11) Le wena o ka dira jalo ka go tlhopha tsela e e siameng ya botshelo. Re tla tlhalosa mo kgaolong e e latelang gore o ka dira seno jang.