Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA LESOMETHARO

Tsela e Modimo a Lebang Botshelo ka Yone

Tsela e Modimo a Lebang Botshelo ka Yone
  • Modimo o leba botshelo jang?

  • Modimo o leba jang go senya mpa?

  • Re bontsha jang gore re tlotla botshelo?

1. Ke mang yo o bopileng dilo tsotlhe tse di tshelang?

“JEHOFA ke Modimo ka boammaaruri. Ke Modimo yo o tshelang,” go ne ga bolela jalo moporofeti Jeremia. (Jeremia 10:10) Mo godimo ga moo, Jehofa Modimo ke Mmopi wa dilo tsotlhe tse di tshelang. Dibopiwa tsa legodimo di mmaka jaana: “O bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” (Tshenolo 4:11) Kgosi Dafide o ne a bolela jaana mo pineng ya pako e a neng a e opelela Modimo: “O na le motswedi wa botshelo.” (Pesalema 36:9) Seno se raya gore botshelo ke mpho e e tswang kwa Modimong.

2. Modimo o dirile eng go re thusa go tswelela re tshela?

2 Gape, Jehofa ke ene a dirang gore re tswelele re tshela. (Ditiro 17:28) Ke ene a re nayang dijo tse re di jang, metsi a re a nwang, moya o re o hemang le lefatshe le re nnang mo go lone. (Ditiro 14:15-17) Jehofa o dirile seno ka tsela e e dirang gore botshelo bo nne monate. Mme gore re itumelele botshelo ka botlalo, re tshwanetse go ithuta melao ya Modimo le go e ikobela.—Isaia 48:17, 18.

GO BONTSHA GORE RE TLOTLA BOTSHELO

3. Modimo o ne a leba jang go bolawa ga ga Abele?

3 Modimo o batla gore re tlotle botshelo—jwa rona le jwa ba bangwe. Ka sekai, mo motlheng wa ga Adame le Efa, morwa wa bone e bong Kaine o ne a galefela monnawe e bong Abele fela thata. Jehofa o ne a tlhagisa Kaine gore bogale jwa gagwe bo ne bo ka felela ka gore a dire boleo jo bo masisi. Kaine o ile a tlhokomologa tlhagiso eo. O ne ‘a tlhasela Abele monnawe mme a mmolaya.’  (Genesise 4:3-8) Jehofa o ne a otlhaela Kaine go bolaya monnawe.—Genesise 4:9-11.

4. Mo Molaong wa ga Moshe, Modimo o ne a gatelela jang tsela e e tshwanetseng ya go leba botshelo?

4 Diketekete tsa dingwaga moragonyana, Jehofa o ne a naya batho ba Iseraele melao go ba thusa gore ba mo direle ka tsela e a e amogelang. E re ka ba ne ba newa melao eno ka moporofeti Moshe, ka dinako tse dingwe e bidiwa Molao wa ga Moshe. Karolo nngwe ya Molao wa ga Moshe e ne e re: “O se ka wa bolaya motho.” (Duteronome 5:17) Seno se ne se bontsha Baiseraele gore Modimo o tsaya botshelo jwa motho bo le botlhokwa le gore batho le bone ba tshwanetse go tsaya botshelo jwa ba bangwe bo le botlhokwa.

5. Re tshwanetse go leba go senya mpa jang?

5 Go tweng ka botshelo jwa ngwana yo a iseng a tsalwe? Go ya ka Molao wa ga Moshe, go ne go sa siama go bolaya ngwana yo a neng a sa ntse a le mo popelong ya ga mmaagwe. Ee, tota le botshelo jwa ngwana yo a iseng a tsalwe bo botlhokwa thata mo go Jehofa. (Ekesodo 21:22, 23; Pesalema 127:3) Seno se raya gore go senya mpa ga go a siama.

6. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tlhoa batho ba bangwe?

6 Go tlotla botshelo go akaretsa go leba batho ba bangwe ka tsela e e siameng. Baebele ya re: “Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolai, mme lo a itse gore ga go na mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.” (1 Johane 3:15) Fa e le gore re batla go bona botshelo jo bo sa khutleng, ga re a tshwanela go tlhoa batho ba bangwe gotlhelele, ka gonne letlhoo ke lone le gantsi le bakang thubakanyo. (1 Johane 3:11, 12) Go botlhokwa gore re ithute go ratana.

7. Ke mekgwa efe e e bontshang go sa tlotle botshelo?

7 Go tweng ka go tlotla botshelo jwa rona ka namana? Gantsi batho ga ba batle go swa, le fa go ntse jalo ba bangwe ba ipaya mo kotsing ya go swa ka ntlha ya ditiro dingwe tsa go ijesa menate. Ka sekai, batho ba le bantsi ba goga motsoko, matekwane kgotsa ba dirisa diokobatsi fela gore ba itlose bodutu. Dilo tse di ntseng jalo di senya mmele e bile gantsi di bolaya batho ba ba di dirisang. Motho yo o dirisang dilo tseno ga a lebe botshelo bo le boitshepo. Ditiro tse di ntseng jalo ga di phepa mo matlhong a Modimo.  (Baroma 6:19; 12:1; 2 Bakorintha 7:1) Re tshwanetse go tlogela mekgwa e e ntseng jalo gore re tle re kgone go direla Modimo ka tsela e a e amogelang. Le fa go ka tswa go se motlhofo go dira jalo, Jehofa a ka re naya thuso e re e tlhokang. E bile o anaanela maiteko a re a dirang a go bontsha gore re leba botshelo jwa rona e le mpho e e tlhwatlhwakgolo e e tswang kwa go ene.

8. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ela tlhoko gore re tshela ka tsela e e sireletsegileng ka dinako tsotlhe?

8 Fa e le gore re tlotla botshelo, re tla ela tlhoko gore re tshela ka tsela e e sireletsegileng ka dinako tsotlhe. Ga re kitla re nna botlhaswa ka botshelo jwa rona e bile ga re kitla re bo tsenya mo kotsing fela ka ntlha ya go bo re batla go ijesa monate. Re tla ela tlhoko gore re se ka ra kgweetsa dikoloi tsa rona botlhaswa le gore re se ka ra tsenela metshameko e e tletseng thubakanyo kgotsa e e kotsi. (Pesalema 11:5) Molao wa Modimo o o neng o neetswe Iseraele wa bogologolo o ne o re: “Fa go direga gore o age ntlo e ntšha [e e nang le borulelo jo bo sephaphathi], o direle borulelo jwa gago lobotana lo lo thekeletsang [kgotsa lobotana lo lo khutshwane], gore o se ka wa tlisetsa ntlo ya gago molato wa madi ka gonne mongwe yo o wang a ka nna a wa mo go yone.” (Duteronome 22:8) Go dumalana le molaomotheo ono, ela tlhoko gore dilo tse di tshwanang le ditepisi mo ntlong ya gago di mo boemong jo bo siameng gore ope a se ka a kgopiwa, a wa mme a bo a gobala thata. Fa o na le koloi, ela tlhoko gore ga e kotsi fa o e kgweetsa. O se ka wa letla ntlo kgotsa koloi ya gago e nna kotsi mo go wena kgotsa mo go ba bangwe.

9. Fa e le gore re tlotla botshelo, re tla tshwara diphologolo jang?

9 Go tweng ka botshelo jwa diphologolo? Le jone bo boitshepo thata mo Mmoping. Modimo o letla gore diphologolo di bolawe gore di jewe le go dira diaparo ka matlalo a tsone kgotsa gore di se ka tsa tlhagisetsa batho kotsi. (Genesise 3:21; 9:3; Ekesodo 21:28) Le fa go ntse jalo, ga go a siama go tshwara diphologolo ka tsela e e setlhogo kgotsa go itlosa bodutu ka go di bolaya e bile fa re dira jalo, seno se tla bo se bontsha gore ga re tseye botshelo bo le boitshepo gotlhelele.—Diane 12:10.

GO TLOTLA MADI

10. Modimo o ne a bontsha jang gore go na le tsela e botshelo le madi di amanang ka yone?

10 Fa Kaine a sena go bolaya monnawe e bong Abele, Jehofa o ne  a mo raya a re: “Madi a ga monnao a goela kwa go nna go tswa mo mmung.” (Genesise 4:10) Fa Modimo a ne a bua ka madi a ga Abele, o ne a bua ka botshelo jwa gagwe. Kaine o ne a fedisitse botshelo jwa ga Abele, mme o ne a tshwanetse go otlhaelwa seo. Go ne go ntse jaaka e kete madi, kgotsa botshelo jwa ga Abele, bo ne bo goela kwa go Jehofa gore a bo atlholele. Morago ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, go ne ga bontshiwa gape kafa botshelo le madi di amanang ka gone. Pele ga Morwalela, batho ba ne ba ja maungo fela, merogo, dijo tsa ditlhaka le manoko. Mme morago ga Morwalela, Jehofa o ne a raya Noa le bomorwawe a re: “Phologolo nngwe le nngwe e e tsamayang e e tshelang e ka nna ya nna dijo tsa lona. Jaaka go ntse ka dimela tse di tala, ke di lo naya tsotlhe.” Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a ba beela thibelo e e reng: “Fela nama e e nang le moya wa yone [kgotsa botshelo]—madi a yone—lo se ka lwa e ja.” (Genesise 1:29; 9:3, 4) Go bonala sentle gore mo go Jehofa, botshelo jwa setshedi le madi a sone di amana fela thata.

11. Modimo o ne a iletsa eng ka madi go tloga fela mo motlheng wa ga Noa?

11 Re bontsha gore re tlotla madi ka go se a je. Mo Molaong wa ga Moshe o Jehofa a neng a o naya Baiseraele, o ne a ba laela a re: “Fa e le motho ope . . . yo e reng fa a tsoma a ba a tshwara phologolo ya naga kgotsa nonyane e e ka jewang, foo a a tsholole madi a yone a a bipe ka lorole . . . ke ne ka raya bomorwa Iseraele ka re: ‘Lo se ka lwa ja madi a nama ya mofuta ope fela.’” (Lefitiko 17:13, 14) Taelo ya Modimo ya gore madi a phologolo a se ka a jewa, e la ntlha e neng ya newa Noa dingwaga di ka nna 800 pelenyana, e ne e sa ntse e dira. Go ne go ka se ka ga tsoga dipotso malebana le gore Jehofa o ne a leba jang kgang eno ya madi: Batlhanka ba gagwe ba ne ba ka ja nama ya phologolo mme e seng madi a yone. Ba ne ba tshwanetse go tshololela madi a yone mo mmung—mo go neng go tshwana le gore ba ne ba busetsa botshelo jwa phologolo eo kwa Modimong.

12. Ke taolo efe ka madi e e sa ntseng e dira le gompieno e moya o o boitshepo o neng wa e ntsha mo lekgolong la ntlha la dingwaga?

12 Bakeresete ba neilwe taelo e e tshwanang le eo gompieno. Baaposetoloi le banna ba bangwe ba ba neng ba eteletse balatedi ba ga Jesu pele mo lekgolong la ntlha la dingwaga ba ne ba kopana  mmogo go tla go dira tshwetso ya gore ke ditaelo dife tse di neng di tshwanetse go ikobelwa ke botlhe mo phuthegong ya Bokeresete. Ba ne ba dira tshwetso e e latelang: “Moya o o boitshepo le rona ka borona re bone go le molemo go se lo okeletse mokgweleo o mongwe, fa e se dilo tseno tse di tlhokegang, go nna lo ithiba mo dilong tse di isediwang medingwana ditlhabelo le mo mading le mo dilong tse di kgamilweng [go sa tshololwa madi a phologolo] le mo kgokafalong.” (Ditiro 15:28, 29; 21:25) Ka jalo, re tshwanetse go ‘nna re ithibile mo mading.’ Mo matlhong a Modimo, go dira jalo go botlhokwa fela jaaka go ithiba mo kobamelong ya medingwana le mo boitsholong jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo.

Fa ngaka e go laetse gore o se ka wa nwa bojalwa, a o tla itlhaba lomao go bo tsenya mo mmeleng wa gago ka ditshika?

13. Tlhalosa sekai se se bontshang gore go ithiba mo mading gape go akaretsa le go se tshelwe madi.

13 A taelo ya go ithiba mo mading e akaretsa le go ithiba mo go tshelweng madi? Ee. Ka sekai: A re re ngaka e go laela gore o se ka wa nwa bojalwa. A seno se tla bo se raya gore le fa o sa bo nwe, o ka nna wa itlhaba lomao wa bo tsenya mo mmeleng wa gago ka ditshika? Nnyaa! Ka tsela e e tshwanang, go ithiba mo mading go raya gore re se ka ra a tsenya mo mmeleng wa rona ka tsela epe fela. Ka jalo, taelo ya go ithiba mo mading e raya gore re se ka ra letla ope go re tshela madi ka go a tsenya mo mmeleng wa rona ka ditshika.

14, 15. Fa dingaka di re molwetse o tshwanetse go tshelwa madi, o tla tsibogela seo jang mme ka ntlha yang?

14 Go tweng fa e le gore Mokeresete o gobetse thata kgotsa o tlhoka go dirwa karo nngwe e e masisi? A re re gongwe dingaka di mo raya di re o tshwanetse go tshelwa madi, go seng jalo o tla swa. Gone ke boammaaruri gore Mokeresete ga a kitla a batla go swa. E re ka a tla bo a batla go boloka mpho e e molemo ya botshelo e a e neilweng ke Modimo, o tla amogela kalafi ya mofuta mongwe o sele e go sa dirisiweng madi mo go yone. O tla rata gore dingaka di mo alafe fa e le gore di kgona go dira jalo mme di mo neye melemo mengwe mo boemong jwa go mo tshela madi.

15 A Mokeresete a ka tlola molao wa Modimo fela gore a tswelele a tshela lobakanyana mo tsamaisong eno ya dilo? Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o batlang go boloka moya wa gagwe [kgotsa botshelo] o tla mo latlhegela; mme le fa e le mang yo o latlhegelwang ke moya wa gagwe ka ntlha ya me o tla o bona.” (Mathaio  16:25) Ga re batle go swa. Mme fa re ka leka go boloka botshelo jwa rona jwa gone jaanong ka go tlola molao wa Modimo, re tla bo re ipaya mo kotsing ya go latlhegelwa ke botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, go molemo gore re ikanye molao o o siameng wa Modimo, ka tsholofelo e e feletseng ya gore le fa re ka swa re bolawa ke sepe fela, Moneibotshelo wa rona o tla re gakologelwa ka nako ya tsogo ya baswi a bo a re busetsa mpho eo e e molemo ya botshelo.—Johane 5:28, 29; Bahebera 11:6.

16. Batlhanka ba Modimo ba ititeile sehuba ka botlalo gore ba tla dira eng malebana le madi?

16 Gompieno, batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo ba ititeile sehuba ka botlalo gore ba tla ikobela taelo ya gagwe e e malebana le madi. Ga ba kitla ba ja madi le fa a ka tswa a le mo sebopegong sefe. E bile ga ba kitla ba itetla go alafiwa ka madi. * Ba tlhomamisegile sentle gore Motlhodi wa madi o a itse gore ke eng se se ka ba solegelang molemo. A wena o a dumela gore go ntse jalo?

TSELA E LE YOSI FELA E MADI A TSHWANETSENG GO DIRISIWA KA YONE

17. Kwa Iseraele wa bogologolo, tsela e le nngwe fela e Jehofa Modimo a neng a e amogela e madi a neng a tshwanetse go dirisiwa ka yone e ne e le efe?

17 Molao wa ga Moshe o ne wa gatelela tsela e le nngwe fela e e tshwanetseng e madi a ka dirisiwang ka yone. Jehofa o ne a ntsha taelo e e latelang malebana le tsela e a  neng a batla Baiseraele ba mo obamela ka yone: “Moya [kgotsa botshelo] wa nama o mo mading, mme nna ka bonna ke a lo beetse mo sebesong gore lo direle meya ya lona tetlanyo, ka gonne madi ke one a dirang tetlanyo.” (Lefitiko 17:11) Fa Baiseraele ba leofa, ba ne ba ka bona boitshwarelo ka go isa phologolo tshupelo ba bo ba kgatsa madinyana mangwe a yone mo sebesong kwa motlaaganeng kgotsa moragonyana kwa tempeleng ya Modimo. Eno e ne e le yone fela tsela e madi a neng a tshwanetse go dirisiwa ka yone fa go ne go dirwa ditlhabelo tse di ntseng jalo.

18. Go tshololwa ga madi a ga Jesu go ka re tlisetsa melemo le masego afe?

18 Bakeresete ba boammaaruri ga ba tlhole ba le kafa tlase ga Molao wa ga Moshe mme ka jalo ga ba ntshe ditlhabelo ka diphologolo ba bo ba kgatsha madi a diphologolo tseo mo sebesong. (Bahebera 10:1) Le fa go ntse jalo, go dirisiwa ga madi mo sebesong mo metlheng eo ya Iseraele wa bogologolo go ne go tshwantshetsa setlhabelo se se molemolemo sa Morwa Modimo, e bong Jesu Keresete. Jaaka fa re ithutile mo Kgaolong ya 5 ya buka  eno, Jesu o ne a re ntshetsa botshelo jwa gagwe ka go dira gore madi a gagwe a tshololwe gore e nne setlhabelo. Morago ga moo o ne a tlhatlogela kwa legodimong mme a fitlha a naya Modimo gangwe fela boleng jwa madi a gagwe a a tsholotsweng. (Bahebera 9:11, 12) Seno se ne sa dira gore re bone boitshwarelo jwa maleo mme sa re bulela tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. (Mathaio 20:28; Johane 3:16) Go dirisiwa ga madi ka tsela e e ntseng jalo go ile ga nna mosola tota! (1 Petere 1:18, 19) Re ka kgona go bolokwa fa fela re dumela mo setlhabelong sa madi a a tsholotsweng a ga Jesu.

O ka bontsha jang gore o tlotla botshelo le madi?

19. Re tshwanetse go dira eng gore re nne “phepa mo mading a batho botlhe”?

19 Re leboga Jehofa Modimo fela thata ka ntlha ya mpho eno ya botshelo e a re neileng yone! A seo ga se a tshwanela go re rotloetsa gore re bolelele ba bangwe ka tshono e ba nang le yone ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ka go dumela mo setlhabelong sa ga Jesu? Go amega ka matshelo a batho ba bangwe go tla re tlhotlheletsa gore re dire jalo ka tlhagafalo le ka tlhoafalo. (Esekiele 3:17-21) Fa re diragatsa boikarabelo jono ka tlhoafalo, re tla kgona go bua jaana jaaka go ile ga bua moaposetoloi Paulo: “Ke phepa mo mading a batho botlhe, gonne ga ke a ithiba go lo bolelela boikaelelo jotlhe jwa Modimo.” (Ditiro 20:26, 27) Go bolelela batho ka Modimo le ka maikaelelo a gagwe ke tsela e e molemolemo e re bontshang ka yone gore re tlotla botshelo le madi fela thata.

^ ser. 16 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya se se ka dirwang mo boemong jwa go tshelwa madi, bona tsebe 13-17 ya boroutšhara jwa setlhogo se se reng Madi A Ka Boloka Botshelo jwa Gago Jang? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.