Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA LESOMETHATARO

Ema o Nitame mo Kobamelong ya Boammaaruri

Ema o Nitame mo Kobamelong ya Boammaaruri
  • Baebele e ruta eng ka go dirisa ditshwantsho?

  • Bakeresete ba leba jang malatsi a a ketekwang a bodumedi?

  • O ka tlhalosetsa ba bangwe jang ka bodumedi jwa gago kwantle ga go ba kgopisa?

1, 2. O tshwanetse go ipotsa potso efe fa o sena go kgaogana le bodumedi jwa maaka, mme o akanya gore ke ka ntlha yang fa seno se le botlhokwa?

A RE re o ile wa lemoga gore tikologo yotlhe e o nnang mo go yone e leswafaditswe ka tsela nngwe. Go na le mongwe yo o ntseng a latlhela dilo tse di botlhole mo lefelong la gaeno mme lo sa mmone, mme jaanong dilo tseno di tsenya botshelo jwa lona mo kotsing. O ne o tla dira eng? Ga go pelaelo gore o ne o tla fuduga mo lefelong leo fa o ne o ka kgona. Mme fa o sena go fuduga, o sa ntse o tla tshwanelwa ke go araba potso eno e e botlhokwa, ‘A ga ke a tsenwa ke botlhole?’

2 Go ntse fela jalo le ka bodumedi jwa maaka. Baebele e bontsha gore kobamelo e ntseng jalo e leswafaditswe ke dithuto tse di leswe le ditlwaelo tsa yone. (2 Bakorintha 6:17) Ke gone ka moo go leng botlhokwa gore o tswe mo go “Babelona o Mogolo,” e leng bodumedi jotlhe jwa maaka. (Tshenolo 18:2, 4) A o dirile jalo? Re a go akgola fa e le gore o setse o dirile jalo. Mme go dira jalo ga se fela kgang ya go kgaogana le bodumedi jwa maaka. Fa o sena go dira jalo, o tshwanetse go ipotsa go re, ‘A ke sa ntse ke na le matshwao mangwe a bodumedi jwa maaka?’ A ko o akanye ka dikai tse di latelang.

 DITSHWANTSHO LE GO OBAMELA BAGOLOGOLWANE

3. (a) Baebele ya reng ka go dirisa ditshwantsho, mme ke ka ntlha yang fa bangwe ba ka nna ba go fitlhela go le thata go di leba ka tsela e Modimo a di lebang ka yone? (b) O tshwanetse go dira eng ka dilo tse o nang le tsone tse di amanang le kobamelo ya maaka?

3 Batho bangwe ba feditse dingwaga di le dintsi ba na le ditshwantsho tsa bodumedi mo matlong a bone. A le wena o na le tsone? Fa e le gore o na le tsone, o ka nna wa akanya gore ga go a tlwaelega kgotsa gore ga go a siama go rapela Modimo o sa di dirise. E bile o ka tswa o sa batle go kgaogana le dingwe tsa tsone. Mme Modimo ke ene a tlhalosang gore o tshwanetse a obamelwa jang, e bile Baebele e ruta gore ga a batle gore re dirise ditshwantsho. (Ekesodo 20:4, 5; Pesalema 115:4-8; Isaia 42:8; 1 Johane 5:21) Ka jalo, o ka ema o nitame mo kobamelong ya boammaaruri ka go senya dilo dipe fela tse o nang le tsone tse di amanang le kobamelo ya maaka. Leka go di leba ka tsela e Jehofa a di lebang ka yone—jaaka dilo tse di “makgapha.”—Duteronome 27:15.

4. (a) Re itse jang gore go obamela bagologolwane ga go na mosola? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ile a iletsa batho ba gagwe go nna le seabe mo ditirong le fa e le dife fela tsa bodimona?

4 Kobamelo ya bagologolwane le yone e atile mo ditumelong di le dintsi tsa maaka. Pele bangwe ba ithuta Baebele, ba ne ba  dumela gore baswi ba a ikutlwa mme ba kwa lefelong lengwe le le sa bonaleng le gore ba ka kgona go thusa batshedi kana go ba gobatsa. Gongwe le wena o ne o tle o dire dilo di le dintsi go leka go itumedisa bagologolwane ba gago ba ba suleng. Mme jaaka o ithutile mo Kgaolong ya 6 ya buka eno, ga go na gope kwa baswi ba tshelang gone. Ka jalo, go leka go bua le bone ga go na go thusa ka sepe. Melaetsa epe fela e go bonalang e kete e tswa kwa mothong mongwe yo o suleng yo re neng re mo rata thata tota e tswa kwa madimoneng. Ka jalo, Jehofa o ne a iletsa Baiseraele go leka go bua le baswi kgotsa go nna le seabe mo ditirong tsa bodimona jwa mofuta ope fela.—Duteronome 18:10-12.

5. O ka dira eng fa e le gore mo nakong e e fetileng o ne o dirisa ditshwantsho kgotsa o obamela bagologolwane?

5 O ka dira eng fa e le gore mo nakong e e fetileng o ne o dirisa ditshwantsho kgotsa o obamela bagologolwane? Bala ditemana dingwe tsa Baebele o bo o tlhatlhanye ka tsone tse di bontshang kafa Modimo a lebang dilo tseno ka gone. Rapela Jehofa letsatsi le letsatsi o mmolelele ka keletso e o nang le yone ya go batla go ema o nitame mo kobamelong ya boammaaruri, mme o mo kope gore a go thuse go akanya ka tsela e a akanyang ka yone.—Isaia 55:9.

BAKERESETE BA BOGOLOGOLO BA NE BA SA KETEKE KERESEMOSE

6, 7. (a) Gatwe go ketekwa eng ka Keresemose, mme a balatedi ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba e keteka? (b) Meletlo ya malatsi a botsalo e ne e amana le eng mo motlheng wa barutwa ba pele ba ga Jesu?

6 Kobamelo ya motho e ka leswafadiwa ke bodumedi jwa maaka fa e le gore mo go jone go ketekwa malatsi a a rategang thata a bodumedi. Ka sekai, akanya ka Keresemose. Ga twe Keresemose ke letsatsi la go keteka botsalo jwa ga Jesu Keresete, mme mo e ka nnang bodumedi bongwe le bongwe jo bo ipolelang gore ke jwa Bokeresete bo a e keteka. Le fa go ntse jalo, ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore barutwa ba ga Jesu ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba keteka letsatsi leo. Buka ya setlhogo se se reng Sacred Origins of Profound Things e tlhalosa jaana: “Dingwaga di le makgolo a mabedi morago ga botsalo jwa ga Keresete, ga go na ope yo o neng a itse gore o tsetswe leng, e bile ke batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba itshwenya ka go batla go itse letsatsi le a tsetsweng ka lone.”

 7 Tota le fa barutwa ba ga Jesu ba ka bo ba ne ba itse gore o tsetswe ka letsatsi lefe, ba ne ba se kitla ba le keteka. Ka ntlha yang? Ka gonne jaaka fa The World Book Encyclopedia e tlhalosa, Bakeresete ba pele “ba ne ba leba go ketekwa ga letsatsi lepe la botsalo e le ngwao ya boheitane.” Meletlo e mebedi fela ya botsalo e e umakiwang mo Baebeleng ke ya babusi ba babedi ba ba neng ba sa obamele Jehofa. (Genesise 40:20; Mareko 6:21) Gape, meletlo ya botsalo e ne e ketekwa go tlotla medingwana ya boheitane. Ka sekai, ka May 24, Baroma ba ne ba keteka botsalo jwa modingwana yo o bidiwang Diana. Mo letsatsing le le latelang, ba ne ba keteka botsalo jwa modimo wa letsatsi e bong Apollo. Ka gone, meletlo ya botsalo e ne e le ya boheitane, e seng ya Bokeresete.

8. Tlhalosa gore moletlo wa letsatsi la botsalo o amana jang le go dumela mo botlhoding.

8 Go na le lebaka le lengwe gape la go bo Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa keteke botsalo jwa ga Jesu. Ga go pelaelo gore barutwa ba gagwe ba ne ba itse gore meletlo ya malatsi a botsalo e ne e amana le go dumela mo botlhoding. Ka sekai, Bagerika le Baroma ba le bantsi ba metlha ya bogologolo ba ne ba dumela gore fa motho a tsalwa, go ne go na le moya mongwe o o neng o mo okama o bo o mo sireletsa botshelo jotlhe jwa gagwe. Buka ya The Lore of Birthdays ya re “moya ono o ne o amana ka tsela nngwe e e gakgamatsang le modimo mongwe yo o tsetsweng ka lone letsatsi le motho yoo a tsalwang ka lone.” Ga go pelaelo gore Jehofa o ne a se kitla a itumelela mokete ope fela o o neng o tla golaganya botsalo jwa ga Jesu le botlhodi. (Isaia 65:11, 12) Ka jalo, go tlile jang gore batho ba le bantsi ba keteke Keresemose?

TSHIMOLOGO YA KERESEMOSE

9. Go tlile jang gore December 25 e lejwe e le letsatsi la go keteka botsalo jwa ga Jesu?

9 Batho ba simolotse go keteka botsalo jwa ga Jesu ka December 25 makgolo a le mmalwa a dingwaga morago ga fa Jesu a sena go tshela mo lefatsheng. Mme leo ga se lone letsatsi le Jesu a tsetsweng ka lone, ka gonne go bonala a tsetswe ka October. * Ka jalo,  ke ka ntlha yang fa go ne ga tlhophiwa letsatsi la December 25? Ga go pelaelo gore bangwe ba moragonyana ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba “eletsa gore letlha leo le tsamaisane le letlha la moletlo wa Baroma wa boheitane wa go keteka ‘botsalo jwa letsatsi le le ka se kang la fenngwa.’” (The New Encyclopædia Britannica) Mo nakong ya mariga, fa letsatsi le ne le lebega le le bokoa, baheitane ba ne ba tshwara meletlo ya go dira gore letsatsi leno le le neng le ba thuthafatsa le go ba naya lesedi le boe kwa le ileng gone. Go ne ga akanngwa gore December 25 ke lone letlha le letsatsi le neng le boa ka lone. Baeteledipele ba bodumedi ba ne ba leka go sokolola baheitane bano ka go amogela moletlo ono ba bo ba dira gore o lebege e kete ke wa “Bokeresete.” *

10. Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba ne ba sa keteke Keresemose mo metlheng ya bogologolo?

10 Keresemose e simologile bogologolo mo boheitaneng. E re ka Keresemose e sa thewa mo Dikwalong, e ne ya thibelwa kwa Engelane le kwa dinageng dingwe tse di neng di laolwa ke Amerika mo lekgolong la bo 17 la dingwaga. E bile, motho ope fela yo o neng a sa ye tirong ka letsatsi la Keresemose o ne a otlhaiwa ka go duedisiwa madi a a rileng. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, e ne ya simolola go tuma gape mme ga nna le malatsi a mangwe gape a masha a a ketekwang. Keresemose e ne ya boa gape ya nna letsatsi le legolo le le ketekwang, mme e sa ntse e le letsatsi le legolo jalo le mo dinageng di le dintsi. Mme e re ka Keresemose e amana le bodumedi jwa maaka, batho ba ba batlang go itumedisa Modimo ga ba e keteke e bile ga ba keteke letsatsi lepe le  lengwe le go ketekwa ga lone simologileng mo kobamelong ya boheitane. *

A KGANG YA GORE MALATSI ANO A A KETEKWANG A SIMOLOGILE JANG E BOTLHOKWA?

11. Ke ke ntlha yang fa batho bangwe ba keteka malatsi mangwe, mme ke eng se re tshwanetseng go amega thata ka sone?

11 Batho bangwe ba a dumela gore malatsi a a jaaka Keresemose a simologile mo boheitaneng mme ba sa ntse ba akanya gore ga go phoso go a keteka. Tota e bile, batho ba le bantsi ga ba akanye ka kobamelo ya maaka fa ba keteka malatsi mangwe. Dinako tseno gape di naya malapa tshono ya go atamalana. A eno ke tsela e le wena o akanyang ka yone? Fa e le gore o akanya jalo, ga go pelaelo gore go rata lelapa, e seng bodumedi jwa maaka, ke gone go dirang gore go nne thata gore o eme o nitame mo kobamelong ya boammaaruri. Tlhomamisega gore Jehofa, ene yo o simolotseng lelapa, o batla gore o nne le kamano e e molemo le ba losika lwa gago. (Baefeso 3:14, 15) Mme o ka kgona go nonotsha kamano e e ntseng jalo ka ditsela tse di amogelwang ke Modimo. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka sengwe se re tshwanetseng go amega thata ka sone: “Nnang lo tlhomamise se se amogelesegang mo Moreneng.”—Baefeso 5:10.

A o tla ja semonamone se o se setseng mo lefelong le le leswe?

12. Tshwantsha gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila ditlwaelo le meletlo e e simologileng mo boheitaneng.

12 Gongwe o akanya gore tshimologo ya malatsi ano a a ketekwang ga e amane ka gope le tsela e a ketekwang ka yone gompieno. A kgang ya gore a simologileng jang e botlhokwa? Ee! Ka sekai: A re re gongwe o bone semonamone se wetse fa go leng leswe gone fa thoko ga tsela. A o ne o tla se sela o bo o se ja? Nnyaa! Semonamone seo se leswe. Fela jaaka sone, malatsi ano a a ketekwang a ka lebega a le monate, mme a simologile mo mafelong a a seng phepa. Gore re kgone go ema re nitame mo kobamelong ya boammaaruri, re tshwanetse go leba dilo ka tsela e moporofeti Isaia a neng a di leba ka yone. O ne a raya baobamedi ba boammaaruri a re: “Lo se ka lwa ama sepe se se seng phepa.”—Isaia 52:11.

 GO DIRISA TEMOGO FA RE DIRISANA LE BATHO BA BANGWE

13. Ke dikgwetlho dife tse o ka nnang wa lebana le tsone fa o sa keteke malatsi mangwe?

13 O ka nna wa tlelwa ke mathata mangwe fa o tlhopha go se keteke malatsi mangwe. Ka sekai, batho ba o berekang le bone ba ka nna ba ipotsa gore ke ka ntlha yang fa o sa keteke malatsi mangwe le bone. Go tweng fa o newa mpho ya Keresemose? A go phoso go e amogela? Go tweng fa molekane wa gago wa lenyalo a sa dumele dilo tse o di dumelang? O tla dira eng go tlhomamisa gore bana ba gago ga ba kgopisiwe ke go bo ba sa keteke malatsi mangwe?

14, 15. Ke eng se o ka se dirang fa mongwe a go dumedisa ka tsela e go dumedisanwang ka yone ka nako ya malatsi a a ketekwang kgotsa fa mongwe a batla go go naya mpho?

14 Go botlhokwa gore o dire dilo ka botlhale gore o kgone go lebana le boemo bongwe le bongwe. Fa motho a go dumedisa ka tsela e go dumedisanwang ka yone ka nako ya malatsi mangwe a a ketekwang, o ka nna wa mo leboga fela. Mme a re re gongwe o dumedisiwa jalo ke mongwe yo o mmonang ka metlha kgotsa yo o berekang le ene. Fa seo se direga, o ka nna wa batla go bua sengwe se se oketsegileng le ene. Mme o dire dilo ka botlhale fa o dira jalo. Baebele e gakolola jaana: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.” (Bakolosa 4:6) Ela tlhoko gore o se ka wa bua le ba bangwe ka tsela e e sa bontsheng tlotlo. Go na le moo, ba tlhalosetse boemo jwa gago ka botlhale. Ba tlhalosetse sentle gore ga o kgatlhanong le go newa dimpho le go ya dikokoanong le ba bangwe mme gone o rata go dira dilo tseno ka dinako tse dingwe.

15 Mme go tweng fa mongwe a batla go go naya mpho? Seno se ikaegile thata ka maemo. Motho yo o go nayang mpho a ka nna a re: “Ke a itse gore ga o keteke letsatsi leno. Le fa go ntse jalo, ke rata fela go go naya mpho eno.” O ka nna wa swetsa ka gore go amogela mpho eo mo maemong a a ntseng jalo ga go tshwane le go keteka letsatsi leo. Gone ke boammaaruri gore fa motho yo o go nayang mpho a sa itse sepe ka bodumedi jwa gago, o ka nna wa mo tlhalosetsa gore ga o keteke malatsi a a tshwanang le ano. Seno se tla mo thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa o  amogela mpho e a go nayang yone mme wena o se kitla o mo naya mpho epe mo malatsing ao. Kafa letlhakoreng le lengwe, go tla bo go se botlhale go amogela mpho mo mothong fa a go naya yone ka boikaelelo jwa go bontsha gore ga wa tlhomama mo go se o se dumelang kgotsa ka boikaelelo jwa gore o tla e amogela ka go bo o e galela.

GO TWENG KA BA LELAPA LA GAGO?

16. O ka dira dilo jang ka botlhale fa o dirisana le maemo a a amanang le malatsi a a ketekwang?

16 Go tweng fa ba lelapa la gago ba sa dumele dilo tse o di dumelang? Le teng moo, dira dilo ka botlhale. Ga o tlhoke go ngangisana le ba losika lwa gago ka tlwaelo nngwe le nngwe kgotsa ka moletlo mongwe le mongwe o ba o ketekang. Go na le moo, tlotla tsela e ba lebang dilo ka yone fela jaaka o batla gore le bone ba tlotle tsela e o lebang dilo ka yone. (Mathaio 7:12) Ela tlhoko gore o se ka wa dira sepe se se tla dirang gore o keteke malatsi ano le bone. Mo godimo ga moo, ga o tlhoke go gana le mo dilong tse tota di sa boleleng gore o keteka malatsi ao. Ke boammaaruri gore o tshwanetse gore ka metlha, o dire dilo ka tsela e e tla go tlogelang ka segakolodi se se siameng.—1 Timotheo 1:18, 19.

17. O ka thusa bana ba gago jang gore ba se ka ba kgopisega fa ba bona ba bangwe ba keteka malatsi mangwe?

17 O tla dira eng gore bana ba gago ba se ka ba kgopisiwa ke go bo ba sa keteke malatsi ano a a sa theiwang mo Dikwalong? Seno se tla ikaega thata ka se o se dirang ka dinako tse dingwe tsa ngwaga. Batsadi bangwe ba tlhopha dinako dingwe tse ba abelang bana ba bone dimpho ka tsone. Nngwe ya dimpho tse di molemo go di gaisa tsotlhe e o ka e abelang bana ba gago ke go ipha nako le bone le go ba tlhokomela ka lorato.

DIRA DILO GO DUMALANA LE KOBAMELO YA BOAMMAARURI

Go dira dilo go dumalana le kobamelo ya boammaaruri go dira gore motho a nne le boitumelo jwa mmatota

18. Go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete go ka go thusa jang gore o eme o nitame mo kobamelong ya boammaaruri?

18 Gore o itumedise Modimo, o tshwanetse go tlogela kobamelo ya maaka mme o eme o nitame mo kobamelong ya boammaaruri. Seno se akaretsa eng? Baebele e tlhalosa jaana:  “Mme a re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, jaaka bangwe ba na le mokgwa oo, mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Dipokano tsa Bokeresete ke dinako tse di itumedisang tsa gore o obamele Modimo ka tsela e a e amogelang. (Pesalema 22:22; 122:1) Kwa dipokanong tseo, Bakeresete ba ba ikanyegang ba a ‘kgothatsana.’—Baroma 1:12.

19. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore o bue le ba bangwe ka dilo tse o di ithutileng mo Baebeleng?

19 Tsela e nngwe ya go ema o nitame mo kobamelong ya boammaaruri ke go bua le ba bangwe ka dilo tse o ithutileng tsone fa o ntse o ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa. Ruri batho ba le bantsi ‘ba a fegelwa e bile ba a sonela’ ka ntlha ya dilo tse di boikepo tse di diregang mo lefatsheng gompieno. (Esekiele 9:4) Gongwe o itse batho bangwe ba ba ntseng jalo. Ke ka ntlha yang fa o sa bue le bone ka tsholofelo e o nang le yone ya isagwe, e e theilweng mo Baebeleng? Fa o ntse o kopanela le Bakeresete ba boammaaruri e bile o bua le ba bangwe ka dithuto tsa boammaaruri tsa Baebele tse o di ithutileng, o tla lemoga gore fa nako e ntse e tsamaya, ga o na go eletsa go dira dilo tsa kobamelo ya maaka tse o ntseng o di rata. Tlhomamisega gore o tla itumela tota le gore o tla amogela masego a le mantsi fa o ema o nitame mo kobamelong ya boammaaruri.—Malaki 3:10.

^ ser. 9 Moletlo wa Saturnalia le one o ile wa dira gore go tlhophiwe December 25. Moletlo ono wa go tlotla modimo wa Baroma wa temothuo o ne o ketekwa ka December 17-24. Mo nakong ya moletlo wa Saturnalia, batho ba ne ba ijesa monate le go abelana dimpho.

^ ser. 10 Go bona gore Bakeresete ba boammaaruri ba leba jang malatsi a mangwe a a tumileng a a ketekwang, bona Dintlha Tse di Oketsegileng, ditsebe 222-3.