Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA LESOMESUPA

Atamela Modimo ka Thapelo

Atamela Modimo ka Thapelo
  • Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rapela Modimo?

  • Re tshwanetse go dira eng gore Modimo a utlwe dithapelo tsa rona?

  • Modimo o araba jang dithapelo tsa rona?

“Modiri wa legodimo le lefatshe” o iketleeleditse go utlwa dithapelo tsa rona

1, 2. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go leba thapelo e le tshiamelo e kgolo, mme ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itse se Baebele e se rutang ka yone?

LEFATSHE le lennye tota fa le bapisiwa le lebopo lotlhe. Tota e bile, mo go Jehofa, e leng “Modiri wa legodimo le lefatshe,” ditšhaba tsa batho di tshwana fela le lerothodi la metsi a a tswang mo kgamelong. (Pesalema 115:15; Isaia 40:15) Le fa go ntse jalo Baebele ya re: “Jehofa o gaufi le botlhe ba ba mmitsang, le botlhe ba ba mmitsang ka boammaaruri. O tla diragatsa keletso ya ba ba mmoifang, e bile o tla utlwa go goa ga bone ba kopa thuso.” (Pesalema 145:18, 19) A ko o akanye fela gore seo se kaya eng! Mmopi mothatayotlhe o gaufi le rona mme o tla re utlwa fa re ‘mmitsa ka boammaaruri.’ Seo, ke tshiamelo e e seng kana ka sepe!

2 Le fa go ntse jalo, fa re batla gore Jehofa a reetse dithapelo tsa rona, re tshwanetse go mo rapela ka tsela e a e amogelang. Re tla dira seno jang fa re sa tlhaloganye se Baebele e se rutang ka thapelo? Go botlhokwa gore re itse se Dikwalo di se buang ka kgang eno, ka gonne thapelo e re thusa go atamalana le Jehofa.

KE KA NTLHA YANG FA RE TSHWANETSE GO RAPELA JEHOFA?

3. Lebaka lengwe le le botlhokwa la go bo re tshwanetse go rapela Jehofa ke lefe?

3 Lebaka lengwe le le botlhokwa la go bo re tshwanetse go  rapela Jehofa ke ka gonne o re kgothaletsa go dira jalo. Lefoko la gagwe le re kgothatsa jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Eleruri, ga re kitla re batla go tlhokomologa thulaganyo eno ya bopelonomi e re e diretsweng ke Mmusi yo Mogolo wa lobopo!

4. Go rapela Jehofa ka metlha go nonotsha jang kamano ya rona le ene?

4 Lebaka le lengwe la go rapela ke gore go rapela Jehofa ka metlha ke tsela e re ka nonotshang kamano ya rona le ene ka yone. Batho ba e leng ditsala tsa boammaaruri ga ba buisane fa fela mongwe wa bone a tlhoka sengwe mo go yo mongwe. Go na le moo, ditsala tse di ratanang di a kgatlhegelana, mme botsala jwa bone bo a nonofa fa ba ntse ba bulelana mafatlha, ba tlotla ka dilo tse di ba tshwenyang le go tlhalosetsana maikutlo a bone. Go ntse fela jalo le ka kamano ya rona le Jehofa Modimo. Buka eno e go thusitse go ithuta go le gontsi ka se Baebele e se rutang ka Jehofa, botho jwa gagwe le ka maikaelelo a gagwe. O mo itse sentle jaaka motho wa mmatota. Thapelo e go naya tshono ya gore o bulele Rraago wa selegodimo mafatlha.  Fa o dira jalo, seno se dira gore o atamalane gaufi le Jehofa.—Jakobe 4:8.

GO LEBELETSWE ENG MO GO RONA?

5. Ke eng se se bontshang gore Jehofa ga a reetse dithapelo tsotlhe?

5 A Jehofa o reetsa dithapelo tsotlhe? Ela tlhoko gore o ne a raya Baiseraele ba batsuolodi a reng mo metlheng ya ga moporofeti Isaia: “Le fa lo dira dithapelo tse dintsi, ga ke a reetsa; diatla tsa lona di tletse tshololo ya madi.” (Isaia 1:15) Ka jalo, go na le dilo dingwe tse re ka nnang ra di dira tse di ka dirang gore Modimo a se ka a reetsa dithapelo tsa rona. Ka jalo, gore Modimo a utlwe dithapelo tsa rona a bo a di arabe, go na le dilo dingwe tse go lebeletsweng gore re di dire.

6. Gore Modimo a reetse dithapelo tsa rona, selo sa konokono se go lebeletsweng gore re se dire ke sefe, mme re ka se dira jang?

6 Selo sa konokono se se lebeletsweng mo go rona ke gore re bontshe tumelo. (Mareko 11:24) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Kwantle ga tumelo ga go kgonege go . . . itumedisa [Modimo] sentle, gonne yo o atamelang Modimo o tshwanetse go dumela gore o gone le gore o nna moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) Go nna le tumelo ya boammaaruri ga go reye fela go itse gore Modimo o teng le gore o utlwa dithapelo tsa rona a bo a di araba. Re supa tumelo ka ditiro. Tsela e re tshelang ka yone letsatsi le letsatsi e tshwanetse go bontsha sentle gore re na le tumelo.—Jakobe 2:26.

7. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go bontsha tlotlo fa re bua le Jehofa ka thapelo? (b) Fa re rapela Modimo, re ka bontsha jang gore re ikokobeditse le gore re bua le ene go tswa pelong?

7 Gape, Jehofa o lebeletse gore ba ba buang le ene ka thapelo ba dire jalo ka boikokobetso le go tswa pelong. A ga re a tshwanela go ikokobetsa fa re bua le Jehofa? Fa batho ba na le tshono ya go bua le kgosi kgotsa poresidente, gantsi ba bua le ene ka boikokobetso, ba bontsha gore ba tlotla boemo jwa gagwe jo bo kwa godimo. A bo re tshwanetse go ikokobetsa thata jang ne fa re bua le Jehofa! (Pesalema 138:6) Tota e bile, ke ene “Modimo Mothatayotlhe.” (Genesise 17:1) Fa re rapela Modimo, mokgwa  o re buang le ene ka one o tshwanetse go bontsha gore ka boikokobetso re lemoga boemo jwa rona fa bo bapisiwa le jwa gagwe. Boikokobetso jo bo ntseng jalo bo tla re tlhotlheletsa gore gape re mo rapele go tswa pelong, dithapelo tsa rona e se seomodiro fela, re boaboeletsa mafoko a le mangwe fela mo go tsone.—Mathaio 6:7, 8.

8. Re ka dira dilo jang tumalanong le dithapelo tsa rona?

8 Selo se sengwe gape se se lebeletsweng mo go rona gore Modimo a utlwe dithapelo tsa rona ke go dira dilo tumalanong le dithapelo tseo. Jehofa o lebeletse gore re lwele go dira dilo tumalanong le dithapelo tsa rona. Ka sekai, fa re rapela re re “Re fe gompieno senkgwe sa rona sa letsatsi leno,” re tshwanetse go dira ka natla mo tirong le fa e le efe e re e dirang. (Mathaio 6:11; 2 Bathesalonika 3:10) Fa re rapelela thuso ya gore re kgone go fenya bokoa bongwe jo re nang le jone, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re tswe mo maemong lefa e le afe a a ka re gogelang mo thaelong. (Bakolosa 3:5) Mo godimo ga dilo tseno tse go lebeletsweng gore re di dire, go na le dipotso dingwe ka thapelo tse re tshwanetseng go di araba.

GO ARABA DIPOTSO DINGWE KA THAPELO

9. Re tshwanetse go rapela mang, mme re tsena ka mang?

9 Re tshwanetse go rapela mang? Jesu o ne a ruta balatedi ba gagwe go rapela “Rraarona yo o kwa magodimong.” (Mathaio 6:9) Seno se raya gore re tshwanetse go rapela Jehofa Modimo fela. Le fa go ntse jalo, Jehofa o batla gore re tlotle boemo jwa Morwawe yo o tsetsweng a le esi e bong Jesu Keresete. Jaaka re ithutile mo Kgaolong ya 5, Jesu o ne a romelwa mo lefatsheng gore a tle go nna thekololo gore a re golole mo boleong le mo losong. (Johane 3:16; Baroma 5:12) Ke Moperesiti yo Mogolo yo o tlhomilweng e bile gape ke Moatlhodi. (Johane 5:22; Bahebera 6:20) Ka jalo, Dikwalo di re laela gore re rapele ka Jesu. Ene ka boene o ne a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Gore dithapelo tsa rona di utlwiwe, re tshwanetse go rapela Jehofa fela mme re tsena ka Morwawe.

10. Ke ka ntlha yang fa go sa lebelelwa gore re eme ka mokgwa mongwe o o kgethegileng fa re rapela?

 10 A re tshwanetse go ema ka mokgwa mongwe o o kgethegileng fa re rapela? Nnyaa. Jehofa ga a lebelela gore diatla tsa rona kgotsa mmele wa rona o nne ka tsela nngwe e e kgethegileng fa re rapela. Baebele e ruta gore go siame go ema ka tsela le fa e ka nna efe fela fa re rapela. Seno se akaretsa go nna, go inama, go khubama le go ema. (1 Ditiragalo 17:16; Nehemia 8:6; Daniele 6:10; Mareko 11:25) Selo se tota se leng botlhokwa ke boemo jwa pelo ya rona, e seng go ema ka tsela nngwe e e kgethegileng e e tla bonwang ke ba bangwe. Tota e bile, re ka nna ra rapelela mo pelong gongwe le gongwe fela kwa re leng teng fa re ntse re dira ditiro tsa rona tsa letsatsi le letsatsi kgotsa fa re lebane le maemo mangwe a tshoganyetso. Jehofa o utlwa dithapelo tse di ntseng jalo le fa ba re nang le bone ba ka tswa ba sa lemoge gore re ntse re rapela.—Nehemia 2:1-6.

11. Ke dilo dife tsa botho tse go tshwanelang gore re ka rapela ka tsone?

11 Ke eng se re ka se rapelelang? Baebele e tlhalosa jaana: “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, [Jehofa] o a re utlwa.” (1 Johane 5:14) Ka jalo, re ka rapelela sengwe le sengwe fela se se dumalanang le thato ya Modimo. A Modimo o a rata fa re mo rapela ka mathata a rona a botho? Ee! Go rapela Jehofa go ka tshwana fela le go buisana le tsala nngwe ya rona e re atamalaneng thata le yone. Re ka kgona go bua le Modimo re phothulogile, ‘re tshololela pelo ya rona’ fa pele ga gagwe. (Pesalema 62:8) Go molemo gore re kope moya o o boitshepo, ka gonne o tla re thusa go dira se se siameng. (Luke 11:13) Gape, re ka mo kopa gore a re kaele gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng le gore a re neye nonofo ya gore re kgone go lebana le maemo mangwe a a boima. (Jakobe 1:5) Fa re leofile, re tshwanetse go kopa boitshwarelo ka setlhabelo sa ga Keresete. (Baefeso 1:3, 7) Gone ke boammaaruri gore ga re a tshwanela go rapela fela ka dilo tsa rona tsa botho. Re tshwanetse go dira gore dithapelo tsa rona di akaretse le batho ba bangwe—ba malapa a rona le badumedi ka rona.—Ditiro 12:5; Bakolosa 4:12.

12. Re ka dira jang gore dilo tse di amanang le Rraarona wa selegodimo e nne tsone di tlang pele mo dithapelong tsa rona?

 12 Dilo tse di amanang le Jehofa Modimo di tshwanetse go tla pele mo dithapelong tsa rona. Re na le mabaka a a utlwalang a go mmaka go tswa pelong le go mo lebogela dilo tsotlhe tse di molemo tse a re direlang tsone. (1 Ditiragalo 29:10-13) Mo thapelong ya sekao, e e kwadilweng mo go Mathaio 6:9-13, Jesu o ne a re ruta go rapelela gore leina la Modimo le itshepisiwe, ke go re, le tsewe le le boitshepo. Morago ga moo a re re rapelele gore Bogosi jwa Modimo bo tle le gore thato ya gagwe e dirwe mo lefatsheng jaaka kwa legodimong. Fa Jesu a sena go umaka dilo tse di botlhokwa tseno tse di amanang le Jehofa, ke gone jaanong a simololang go umaka mathata a botho. Ka tsela e e tshwanang, fa re dira gore Modimo a tle pele mo dithapelong tsa rona, re a bo re bontsha gore ga re tshwenyege fela ka dilo tse di re amang.

13. Dikwalo di supa eng ka boleele jwa dithapelo tse Modimo a di amogelang?

13 Dithapelo tsa rona di tshwanetse go nna boleele jo bo kae? Baebele ga e tlhalose gore dithapelo tsa rona tsa botho kgotsa tse di rapelwang phatlalatsa di tshwanetse go nna boleele jo bo kae. E ka nna ya nna thapelo e khutshwane pele go jewa kgotsa thapelo e telele e mo go yone motho a bolelelang Jehofa mathata otlhe a gagwe. (1 Samuele 1:12, 15) Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a kgala batho ba ba itirang jaaka e kete ke basiami ba ba neng ba rapela dithapelo tse di telele ba batla gore ba bonwe ke batho. (Luke 20:46, 47) Dithapelo tse di ntseng jalo ga di kgatlhe Jehofa. Se se botlhokwa ke gore re rapele go tswa pelong. Ka jalo, dithapelo tse Modimo a di amogelang di ka nna ditelele kgotsa tsa nna dikhutshwane go ikaegile ka maemo le gore go rapelelwa eng.

Thapelo ya gago e ka utlwiwa ka nako nngwe le nngwe

14. Baebele e raya jang fa e re re ‘rapele re sa kgaotse,’ mme ke eng se se re kgothatsang mo ntlheng eno?

14 Re tshwanetse go rapela gantsi go le kana kang? Baebele e re kgothaletsa gore re ‘rapele re sa kgaotse,’ ‘re nnele ruri mo thapelong.’ (Mathaio 26:41; Baroma 12:12; 1 Bathesalonika 5:17) Nnyaa, mafoko ano ga a reye gore re fetse letsatsi lotlhe re ntse  re rapela Jehofa. Go na le moo, Baebele e re kgothaletsa gore re rapele ka metlha, re se ka ra kgaotsa go lebogela Jehofa dilo tse di molemo tse a re direlang tsone re bo re mo kope gore a re kaele, a re gomotse le go re nonotsha. A ga go kgothatse go itse gore Jehofa ga a laela gore dithapelo tsa rona di tshwanetse go nna boleele jo bo kae kgotsa gore re mo rapele gantsi go le kana kang? Fa e le gore tota re anaanela tshiamelo eno ya thapelo, re tla bona ditshono di le dintsi tsa go rapela Rraarona wa selegodimo.

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go re “Amen” kwa bokhutlong jwa thapelo ya botho kgotsa thapelo e e rapelwang phatlalatsa?

15 Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go re “Amen” kwa bokhutlong jwa thapelo? Lefoko “amen” le raya gore “ke boammaaruri,” kgotsa “a go nne jalo.” Dikai dingwe mo Dikwalong di bontsha gore re tshwanetse go re “Amen” kwa bokhutlong jwa dithapelo tsa rona tsa botho kgotsa mo dithapelong tse di rapelwang phatlalatsa. (1 Ditiragalo 16:36; Pesalema 41:13) Fa re re “Amen” kwa bokhutlong jwa thapelo ya rona, re a bo re bontsha gore mafoko a re neng re a bua e ne e le a a tswang pelong. Fa re re “Amen”—mo pelong kgotsa re buela kwa ntle—kwa bokhutlong jwa thapelo e e rapelwang phatlalatsa, re a bo re bontsha gore re dumalana le se se neng se buiwa.—1 Bakorintha 14:16.

KAFA MODIMO A ARABANG DITHAPELO TSA RONA KA GONE

16. Re ka nna le tsholofelo efe ka thapelo?

16 A tota Jehofa o araba dithapelo? Ee, o a di araba! Re na le mabaka a a utlwalang a go nna le tsholofelo ya gore “Moutlwi wa thapelo” o araba dithapelo tse di tswang pelong tsa dimilionemilione tsa batho. (Pesalema 65:2) Jehofa a ka araba dithapelo tsa rona ka ditsela tse di farologaneng.

17. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Modimo o dirisa baengele ba gagwe le batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng go araba dithapelo tsa rona?

17 Jehofa o araba dithapelo ka go dirisa baengele le batlhanka ba gagwe ba ba mo lefatsheng. (Bahebera 1:13, 14) Go na le maitemogelo a le mantsi a batho ba ba neng ba rapela Modimo  gore a ba thuse go tlhaloganya Baebele mme ka bonako morago ga moo ba bo ba etelwa ke mongwe wa batlhanka ba ga Jehofa. Maitemogelo a a ntseng jalo a re naya bosupi jwa gore baengele ba kaela tiro ya go rera ka Bogosi. (Tshenolo 14:6) Jehofa a ka nna a araba dithapelo tsa rona tsa go kopa thuso, ka go tlhotlheletsa Mokeresete mongwe gore a re thuse.—Diane 12:25; Jakobe 2:16.

Jehofa a ka araba dithapelo tsa rona ka go tlhotlheletsa Mokeresete mongwe gore a re thuse

18. Jehofa o dirisa jang moya wa gagwe o o boitshepo le Lefoko la gagwe go araba dithapelo tsa batlhanka ba gagwe?

18 Gape, Jehofa Modimo o dirisa moya wa gagwe o o  boitshepo le Lefoko la gagwe e leng Baebele, go araba dithapelo tsa batlhanka ba gagwe. Dithapelo tsa rona tse mo go tsone re mo kopang gore a re thuse go lebana le diteko, a ka nna a di araba ka go re kaela le go re nonotsha ka moya wa gagwe o o boitshepo. (2 Bakorintha 4:7) Gantsi fa re rapela Jehofa gore a re kaele, o araba dithapelo tsa rona ka go dira gore re bone thuso ya gagwe mo Baebeleng, gore re kgone go dira ditshwetso tse di siameng. Fa re ntse re ithuta Baebele re le nosi kgotsa re bala dikgatiso dingwe tsa Bokeresete tse di tshwanang le buka eno, re ka nna ra kopana le ditemana dingwe tse di ka re thusang. Fa re le kwa dipokanong tsa Bokeresete, go ka direga gore go tlotliwe ka dintlha dingwe tsa Dikwalo kgotsa go ka direga gore mogolwane mongwe yo o amegang mo phuthegong, a bue sengwe se se ka re thusang.—Bagalatia 6:1.

19. Re tshwanetse go gakologelwa eng fa ka dinako tse dingwe go lebega e kete dithapelo tsa rona ga di arabiwe?

19 Fa go lebega e kete Jehofa o diega go araba dithapelo tsa rona, seno ga se reye gore gongwe ke ka go bo a sa kgone go di araba. Go na le moo, re tshwanetse go gakologelwa gore Jehofa o araba dithapelo go ya ka thato ya gagwe le ka nako ya gagwe. O itse se re se tlhokang e bile o itse kafa a ka re tlhokomelang ka gone go feta kafa rona re itseng ka gone. Gantsi o re letla gore re ‘nne re kope, re nne re senke re bo re nne re kokote.’ (Luke 11: 5-10) Go kgaratlha ka tsela e e ntseng jalo go bontsha Modimo gore re mo kopa ka tlhoafalo le gore tumelo ya rona ke ya boammaaruri. Mo godimo ga moo, Jehofa a ka nna a araba dithapelo tsa rona ka tsela e re ka nnang ra se ka ra e lemoga. Ka sekai, a ka nna a araba thapelo ya rona ya go kopa thuso mo tekong nngwe, e seng ka go tlosa bothata jo re nang le jone, mme ka go re naya nonofo ya gore re kgone go bo itshokela.—Bafilipi 4:13.

20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go dirisa tshiamelo e e molemolemo ya thapelo ka tsela e e siameng?

20 A bo re leboga jang ne go bo Mmopi wa lebopo le legolo leno a le gaufi le botlhe ba ba mmitsang ka thapelo ka tsela e e tshwanetseng! (Pesalema 145:18) E kete re ka dirisa tshiamelo e e molemolemo eno ya thapelo ka tsela e e siameng. Fa re dira jalo, re tla nna le tsholofelo e e itumedisang ya go atamalana gaufi thata le Jehofa, Moutlwi wa thapelo.