Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGAOLO YA LESOMEROBEDI

Kolobetso le Kamano ya Gago le Modimo

Kolobetso le Kamano ya Gago le Modimo
  • Kolobetso ya Bakeresete e dirwa jang?

  • Ke dikgato dife tse o tshwanetseng go di tsaya gore o tshwanelegele kolobetso?

  • Motho o ineela jang mo Modimong?

  • Lebaka le le botlhokwa la go kolobediwa ke lefe?

1. Ke ka ntlha yang fa monna mongwe yo e neng e le modiredi mo ntlong ya segosi ya Ethiopia a ne a kopa go kolobediwa?

“BONA! Bodiba jwa metsi; ke eng se se nthibelang go kolobediwa?” Potso eo e ne ya bodiwa ke monna mongwe yo e neng e le modiredi mo ntlong ya segosi ya Ethiopia mo lekgolong la ntlha la dingwaga. Mokeresete mongwe yo o bidiwang Filipo,  o ne a sa tswa go mo neela bosupi jwa gore Jesu e ne e le Mesia yo o solofeditsweng. E re ka monna yono wa Moethiopia a ne a amilwe pelo ke se a neng a se ithutile mo Dikwalong, o ne a tsaya kgato. O ne a bontsha gore o batla go kolobediwa!—Ditiro 8:26-36.

2. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go akanyetsa kgang ya kolobetso ka tlhoafalo?

2 Fa o ithutile dikgaolo tsa ntlha tsa buka eno le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ka nna wa ikutlwa o siametse go ka botsa o re, ‘Ke eng se se nthibelang go kolobediwa?’ Gone jaanong o setse o ithutile ka tsholofetso e e mo Baebeleng ya botshelo jo bo sa khutleng mo Paradaiseng. (Luke 23:43; Tshenolo 21:3, 4) Gape o ithutile boammaaruri ka boemo jwa baswi le ka tsholofelo ya tsogo. (Moreri 9:5; Johane 5:28, 29) Go ka direga gore o ntse o tla dipokanong tsa phuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa mme o iponetse ka bowena kafa ba dirang dilo ka teng tumalanong le bodumedi jwa boammaaruri. (Johane 13:35) E bile se se botlhokwa le go feta ke gore gongwe o simolotse go nna le kamano le Jehofa Modimo.

3. (a) Jesu o ne a naya balatedi ba gagwe taelo efe? (b) Go kolobediwa mo metsing go dirwa jang?

3 O ka bontsha jang gore o batla go direla Modimo? Jesu o ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse.” (Mathaio 28:19) Jesu ka boene o ile a tlhoma sekao ka go kolobediwa mo metsing. O ne a sa kgatshiwe ka metsi, e bile o ne a se ka a tshelwa metsinyana fela mo tlhogong. (Mathaio 3:16) Lefoko “kolobetsa” le tswa mo lefokong la Segerika le le rayang “ina.” Ka jalo, seno se raya gore Bakeresete ba kolobediwa ka go inwa, kgotsa go tsenngwa gotlhelele mo teng ga metsi.

4. Go kolobediwa mo metsing go supa eng?

4 Botlhe ba ba batlang go nna le kamano le Jehofa Modimo ba tshwanetse go kolobediwa mo metsing. Kolobetso e bontsha phatlalatsa gore o eletsa go direla Modimo. E bontsha gore o itumelela go dira thato ya ga Jehofa. (Pesalema 40:7, 8) Le fa go ntse jalo, go na le dikgato dingwe tse di rileng tse o tshwanetseng go di tsaya gore o tshwanelegele kolobetso.

 O TSHWANETSE GO NNA LE KITSO LE TUMELO

5. (a) Ke kgato efe ya ntlha e o tshwanetseng go e tsaya gore o tshwanelegele kolobetso? (b) Ke ka ntlha yang fa dipokano tsa Bokeresete di le botlhokwa?

5 O setse o simolotse go tsaya kgato ya ntlha. Jang? Ka go anya kitso ka Jehofa Modimo le Jesu Keresete, gongwe ka go nna le thulaganyo e o e latelang ya go ithuta Baebele. (Johane 17:3) Mme o sa ntse o tshwanelwa ke go ithuta go le gontsi. Bakeresete ba batla go ‘tladiwa ka kitso ya boammaaruri ya thato ya Modimo.’ (Bakolosa 1:9) Go nna teng kwa dipokanong tsa phuthego tsa Basupi ba ga Jehofa go tla go thusa thata gore o nne le kitso eo. Go botlhokwa gore o nne teng kwa dipokanong tseo. (Bahebera 10:24, 25) Go nna teng kwa dipokanong ka metlha go tla go thusa gore o oketse kitso ya gago ka Modimo.

Go nna le kitso ya boammaaruri ya Lefoko la Modimo ke kgato e e botlhokwa e e dirang gore motho a tshwanelegele kolobetso

6. O tshwanetse go nna le kitso e e kana kang ya Baebele gore o tshwanelegele kolobetso?

6 Ke boammaaruri gore ga o tlhoke go itse sengwe le sengwe mo Baebeleng gore o tshwanelegele kolobetso. Monna yole yo e neng e le modiredi mo ntlong ya segosi ya Ethiopia o ne a na le kitsonyana, mme o ne a tlhoka go thusiwa gore a tlhaloganye dikarolo dingwe tse di rileng tsa Dikwalo. (Ditiro 8:30, 31) Ka tsela e e tshwanang, le wena o sa ntse o tshwanelwa ke go ithuta go le gontsi. Tota e bile, ga o kitla o bo o fetsa go ithuta ka Modimo. (Moreri 3:11) Le fa go ntse jalo, pele o kolobediwa, o tshwanetse go itse dithuto tsa motheo tsa Baebele le go di dumela. (Bahebera 5:12) Dithuto tseo di akaretsa boammaaruri ka boemo jwa baswi le kafa leina la Modimo le Bogosi jwa gagwe di leng botlhokwa ka gone.

7. Go ithuta Baebele go tshwanetse ga go ama jang?

7 Le fa go ntse jalo, kitso e le yosi fela ga e a lekana, ka gonne “kwantle ga tumelo ga go kgonege go . . . itumedisa [Modimo] sentle.” (Bahebera 11:6) Baebele e re bolelela gore fa batho bangwe kwa motseng wa Korintha wa bogologolo ba ne ba utlwa molaetsa o Bakeresete ba neng ba o rera, ba ne “ba simolola go dumela ba bo ba kolobediwa.” (Ditiro 18:8) Ka tsela e e tshwanang,  go ithuta Baebele go tshwanetse ga dira gore o nne le tumelo ya gore ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. Thuto ya Baebele e tshwanetse go go thusa go nna le tumelo mo ditsholofetsong tsa Modimo le mo maatleng a a bolokang a setlhabelo sa ga Jesu.—Joshua 23:14; Ditiro 4:12; 2 Timotheo 3:16, 17.

GO BOLELELA BA BANGWE BOAMMAARURI JWA BAEBELE

8. Ke eng se se tla go tlhotlheletsang gore o bolelele ba bangwe ka se o se ithutileng?

8 Fa tumelo e ntse e gola mo pelong ya gago, o tla go fitlhela go le thata go didimala fela ka se o se ithutileng. (Jeremia 20:9) O tla tlhotlheletsega fela thata go bua la ba bangwe ka Modimo le maikaelelo a gagwe.—2 Bakorintha 4:13.

Tumelo e tshwanetse go go tlhotlheletsa gore o bolelele ba bangwe ka tumelo ya gago

9, 10. (a) Ke bomang ba o ka simololang ka bone go ba bolelela boammaaruri jwa Baebele? (b) O tshwanetse go dira eng fa o batla go nna le seabe mo tirong ya go rera e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa?

9 O ka nna wa simolola ka botlhale go bolelela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele ka go bua le ba losika, ditsala, baagelani le ba o berekang le bone. Fa nako e ntse e tsamaya, o tla rata go nna le seabe mo tirong ya go rera e e dirwang ke Basupi ba ga Jehofa. Fa o simolola go nna le keletso e e ntseng jalo, o se ka wa tshaba go bolelela Mosupi yo o go rutang Baebele. Fa go bonala o tshwanelegela go ya bodireding jwa phatlalatsa, go tla dirwa dithulaganyo tsa gore wena le yo a go rutang lo kopane le bagolwane ba babedi ba phuthego.

10 Seno se tla go thusa gore o tlwaelane botoka le bagolwane bangwe ba Bakeresete ba ba disang letsomane la Modimo. (Ditiro 20:28; 1 Petere 5:2, 3) Fa bagolwane bano ba bona gore o tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele le gore o a di dumela, o tshela tumalanong le melaometheo ya Modimo le gore tota o batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, ba tla go itsise gore o a tshwanelega go ka ya bodireding jwa phatlalatsa o le mmoledi yo o sa kolobediwang wa dikgang tse di molemo.

11. Ke diphetogo dife tse bangwe ba ka nnang ba tshwanelwa ke go di dira pele ba tshwanelegela go ya bodireding jwa phatlalatsa?

 11 Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa tshwanelwa ke go dira diphetogo dingwe mo botshelong jwa gago le go tlogela mekgwa mengwe gore o tshwanelegele go ya bodireding jwa phatlalatsa. Seno se ka nna sa akaretsa go tlogela mekgwa mengwe e o ntseng o e fitlhile. Ka jalo, pele o kopa go nna mmoledi yo o sa kolobediwang, o tshwanetse wa bo o tlogetse maleo ape a a masisi a o ka latofadiwang ka one, jaaka boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, botagwa le go dirisa diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang.—1 Bakorintha 6:9, 10; Bagalatia 5:19-21.

GO IKWATLHAYA LE GO SOKOLOGA

12. Ke ka ntlha yang fa go ikwatlhaya go le botlhokwa?

12 Go na le dikgato tse dingwe gape tse o tshwanetseng go di tsaya pele o ka tshwanelegela kolobetso. Moaposetoloi Petere o ile a re: “Ikwatlhayeng, lo bo lo sokologe gore maleo a lona a phimolwe.” (Ditiro 3:19) Go ikwatlhaya go raya go swabela sengwe se o se dirileng. Go ikwatlhaya go botlhokwa thata fa e le gore motho o ntse a tshela botshelo jwa boitsholo jo bo maswe, mme gape, go botlhokwa gore motho a ikwatlhaye tota le fa a ntse a tshela botshelo jo bo itshiametseng fela. Ka ntlha yang? Ka gonne batho botlhe ba leofile e bile ba tlhoka gore Modimo a ba itshwarele. (Baroma 3:23; 5:12) Pele o ithuta Baebele, o ne o sa itse gore thato ya Modimo ke eng. Ka jalo, a go ka direga gore o bo o ne o tshela ka botlalo tumalanong le thato ya gagwe? Ka jalo, go botlhokwa gore o ikwatlhaye.

13. Go sokologa go kaya eng?

13 Morago ga go ikwatlhaya, motho o tshwanetse go sokologa. Seno ga se reye fela go swabela se o se dirileng. O tshwanetse go kgaogana gotlhelele le botshelo jo o neng o bo tshela mo nakong e e fetileng o bo o ititeye sehuba gore go tloga jaanong o tlile go dira se se siameng. Go ikwatlhaya le go sokologa ke dikgato tse o tshwanetseng go di tsaya pele o kolobediwa.

 GO INEELA

14. Ke kgato efe e e botlhokwa e o tshwanetseng go e tsaya pele o kolobediwa?

14 Go na le kgato e nngwe gape e e botlhokwa e o tshwanetseng go e tsaya pele o kolobediwa. O tshwanetse go ineela mo go Jehofa Modimo.

A o ineetse mo Modimong ka thapelo?

15, 16. Go ineela mo Modimong go kaya eng, mme motho o tlhotlhelediwa ke eng gore a dire jalo?

15 Fa o ineela mo go Jehofa Modimo ka go mo rapela ka tlhoafalo, o mo solofetsa gore o batla go direla ene fela ka bosakhutleng. (Duteronome 6:15) Mme ke ka ntlha yang fa motho a ka batla go dira jalo? A re re monna o simolola go ratana le mosadi mongwe. Fa a ntse a mo ithuta e bile a lemoga dinonofo dingwe tse di molemo tse a nang le tsone, seno se dira gore a mo rate le go feta. Ga go pelaelo gore fa nako e ntse e tsamaya, o tla mo kopa gore ba nyalane. Ee, go mo nyala go tla bo go raya gore o sikara maikarabelo a a oketsegileng. Mme lorato ke lone lo lo mo tlhotlheletsang go tsaya kgato e e botlhokwa eo.

16 Fa o simolola go itse Jehofa le go mo rata, o tlhotlheletsega go mo direla ka botlalo mo kobamelong ya gagwe. Mongwe le mongwe yo o batlang go sala Morwa Modimo, e bong Jesu Keresete, morago o tshwanetse gore a “iitatole.” (Mareko 8:34) Re iitatola ka go tlhomamisa gore dilo tse re di ratang le mekgele e re ipeetseng yone ga di re kgoreletse go ikobela Modimo ka botlalo. Le fa go ntse jalo, pele o kolobediwa, boikaelelo jwa gago jwa konokono mo botshelong e tshwanetse ya nna go dira thato ya ga Jehofa Modimo.—1 Petere 4:2.

GO FENYA POIFO YA GO PALELWA

17. Ke ka ntlha yang fa bangwe ba ka nna ba se ka ba ineela mo Modimong fa ba tshwanetse go dira jalo?

17 Bangwe fa ba tshwanetse go ineela mo go Jehofa ga ba ineele ka gonne ba tshaba go tsaya kgato e e ntseng jalo e e masisi. Ba ka nna ba bo ba tshaba go sikara maikarabelo fa pele ga Modimo a go nna Bakeresete ba ba ineetseng. Ba akanya gore go molemo gore ba se ka ba ineela mo go Jehofa ka gonne ba tshaba gore ba ka nna ba mo swabisa.

18. Ke eng se se ka go tlhotlheletsang gore o ineele mo go Jehofa?

 18 Fa o ntse o ithuta go rata Jehofa, o tla tlhotlheletsega go ineela mo go ene le go dira bojotlhe jwa gago gore o tshelele boineelo joo. (Moreri 5:4) Fa o sena go ineela, ga go pelaelo gore o tla batla go ‘tsamaya kafa go tshwanetseng Jehofa gore o mo itumedise ka botlalo.’ (Bakolosa 1:10) Fa o rata Modimo, ga o kitla o akanya gore go dira thato ya gagwe go thata. Ga go pelaelo gore o tla dumalana le moaposetoloi Johane fa a ne a kwala a re: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”—1 Johane 5:3.

19. Ke ka ntlha yang fa o sa tshwanela go tshaba go ineela mo Modimong?

19 Ga o tlhoke gore o bo o itekanetse gore o ineele mo Modimong.  Jehofa o a itse gore o motho yo o bokoa e bile ga a lebelela gore o dire sepe se o ka se kang wa kgona go se dira. (Pesalema 103:14) O batla gore o atlege e bile o tla go tshegetsa le go go thusa. (Isaia 41:10) O ka tlhomamisega gore fa o ikanya Jehofa ka pelo yotlhe ya gago, “o tla tlhamalatsa ditselana tsa gago.”—Diane 3:5, 6.

GO BONTSHA BOINEELO JWA GAGO KA GO KOLOBEDIWA

20. Ke ka ntlha yang fa go ineela mo go Jehofa e se kgang ya gago o le nosi fela?

20 Go akanya ka dilo tse re sa tswang go tlotla ka tsone fano  go ka nna ga go thusa go ineela mo go Jehofa ka thapelo. Mongwe le mongwe yo tota a ratang Modimo o tshwanetse gore gape a ‘dire polelo phatlalatsa ka molomo gore a bone poloko.’ (Baroma 10:10) O ka dira seo jang?

Kolobetso e raya go swa mo tseleng e re neng re tshela ka yone pele morago ga moo re bo re tshelela go dira thato ya Modimo

21, 22. O ka dira jang “polelo ya phatlalatsa” ya tumelo ya gago?

21 Itsise morulaganyi mo setlhopheng sa bagolwane ba phuthego ya gaeno gore o batla go kolobediwa. Mme ene o tla rulaganyetsa gore bagolwane bangwe ba boeletse dipotso di le mmalwa le wena tse di buang ka dithuto tsa motheo tsa Baebele. Fa bagolwane bano ba dumalana gore o a tshwanelega, ba tla go bolelela gore o ka nna wa kolobediwa mo kopanong e e tlang. * Kwa kopanong, gantsi go neelwa puo e e tlhalosang gore kolobetso e kaya eng. Morago ga moo, sebui se tla kopa botlhe ba ba tlileng go kolobediwa gore ba arabe dipotso tse pedi tse di motlhofo e le nngwe ya ditsela tsa go dira “polelo phatlalatsa” ka molomo, ya tumelo ya bone.

22 Kolobetso ke yone e e bontshang phatlalatsa gore o ineetse mo Modimong le gore jaanong o mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Batho ba ba kolobediwang ba tsenngwa gotlhelele mo teng ga metsi go bontsha botlhe gore ba ineetse mo go Jehofa.

SE KOLOBETSO YA GAGO E SE KAYANG

23. Go kolobediwa “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo” go kaya eng?

23 Jesu o ne a re barutwa ba gagwe ba ne ba tla kolobediwa “mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo.” (Mathaio 28:19) Seno se bolela gore motho yo o kolobediwang o amogela bolaodi jwa ga Jehofa Modimo le jwa ga Jesu Keresete. (Pesalema 83:18; Mathaio 28:18) Gape o amogela tsela e moya o o boitshepo, kgotsa maatla a a dirang, o dirang ka yone.—Bagalatia 5:22, 23; 2 Petere 1:21.

24, 25. (a) Kolobetso e tshwantshetsa eng? (b) Ke potso efe e e tshwanetseng go arabiwa?

24 Le fa go ntse jalo, go kolobediwa ga se fela kgang ya go  tsenngwa mo metsing. Go tshwantshetsa sengwe se se botlhokwa thata. Go tsena kafa tlase ga metsi go tshwantshetsa gore o a swa mo tseleng e o neng o tshela ka yone pele. Mme go ntshiwa mo metsing go supa gore jaanong o tshelela go dira thato ya Modimo. Gape, gakologelwa gore ga o a ineela mo tirong epe, mo bathong bape kgotsa mo mokgatlhong mongwe o o rileng, mme o ineetse mo go Jehofa Modimo ka boene. Go ineela le go kolobediwa ga gago go raya gore o simolola go nna le kamano e e gaufi thata le Modimo.—Pesalema 25:14.

25 Kolobetso ga e reye gore jaanong o tlile go bolokwa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Nnang lo direle poloko ya lona ka poifo le go roroma.” (Bafilipi 2:12) Kolobetso ke tshimologo fela. Potso ke gore, O ka dira jang gore o nnele ruri mo loratong lwa Modimo? Kgaolo ya rona ya bofelo e tla araba potso eno.

^ ser. 21 Ka metlha go nna le thulaganyo ya kolobetso mo dikopanong tse dinnye le tse dikgolo tsa ngwaga le ngwaga tsa Basupi ba ga Jehofa.