Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Leina la Modimo—Tsela e le Dirisiwang ka Yone Le se Le se Kayang

Leina la Modimo—Tsela e le Dirisiwang ka Yone Le se Le se Kayang

Pesalema 83:18 (19) e ranotswe jang mo Baebeleng ya gago? Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo e ranola temana eno jaana: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Dithanolo tse dingwe di le mmalwa le tsone di e ranola ka tsela e e tshwanang le eno. Le fa go ntse jalo, dithanolo tse dingwe tse dintsi tsone ga di dirise leina Jehofa, mme di le emisetsa ka direto tse di tshwanang le “Morena” kgotsa “Wa Bosakhutleng.” Go tshwanetse ga dirisiwa lefoko lefe mo temaneng eno? A go tshwanetse ga dirisiwa sereto kgotsa leina Jehofa?

Leina la Modimo ka ditlhaka tsa Sehebera

Temana eno e bua ke leina. Mo Sehebereng sa ntlhantlha se bontsi jwa Baebele e kwadilweng ka sone, go tlhaga leina la Modimo ka namana fano. Le kwadiwa jaana ka ditlhaka tsa Sehebera, יהוה (YHWH). Ka Setswana, tsela e e tlwaelegileng e leina leo le ranolwang ka yone ke “Jehofa.” A leina leno le tlhaga mo temaneng e le nngwe fela ya Baebele? Nnyaa. Mo mekwalong ya ntlhantlha ya Dikwalo tsa Sehebera, le tlhaga mo e ka nnang makgetlo a le 7 000!

Leina la Modimo le botlhokwa go le kana kang? Akanya ka thapelo ya sekao ya ga Jesu Keresete. E simolola jaana: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9) Moragonyana, Jesu o ne a rapela Modimo a re: “Rara, galaletsa leina la gago.” Modimo o ne a araba a le kwa legodimong a re: “Ke le galaleditse e bile ke tla le galaletsa gape.” (Johane 12:28) Ga go pelaelo gore leina la Modimo le botlhokwa fela thata. Ke ka ntlha yang he fa baranodi bangwe ba sa dirise leina leno mo dithanolong tsa bone mme ba le emisetsa ka direto?

Go lebega go na le mabaka a le mabedi a konokono. La ntlha, ba le bantsi ba re leina leno ga le a tshwanela go dirisiwa ka gonne tsela e le neng le bidiwa ka yone kwa tshimologong ga e itsiwe gompieno. Sehebera sa bogologolo se ne se se na ditumanosi. Ka jalo, ga go na ope gompieno yo o itseng gore YHWH o ne a bidiwa jang mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele. Le fa go ntse jalo, a seno se tshwanetse sa re thibela go dirisa leina la Modimo? Mo metlheng ya  go kwalwa ga Baebele, leina Jesu le ka tswa le ne le bidiwa Yeshua kgotsa gongwe Yehoshua—ga go na ope yo o itseng gore tota le ne le bidiwa jang. Le fa go ntse jalo, batho mo lefatsheng lotlhe gompieno ba dirisa ditsela tse di farologaneng tsa go bitsa leina Jesu, ba le bitsa ka tsela e batho ba puo ya bone ba tlwaetseng go le bitsa ka yone. Go sa itse gore le ne le bidiwa jang mo lekgolong la ntlha la dingwaga ga go ba thibele go le dirisa. Ka tsela e e tshwanang, fa go ne go ka direga gore o tseye loeto go ya kwa nageng nngwe e sele, o ka nna wa fitlhela gore leina la gago le bidiwa ka tsela e e farologaneng fela thata mo puong e nngwe. Ka jalo, go sa itse gore leina la Modimo le ne le bidiwa jang mo nakong ya bogologolo ga go a tshwanela go dira gore re se ka ra le dirisa.

Lebaka la bobedi la go bo leina la Modimo le ntshitswe mo Baebeleng le amana le tlwaelo ya bogologolo ya Bajuda. Ba le bantsi ba bone ba dumela gore leina la Modimo ga le a tshwanela go bidiwa le ka motlha. Go bonala tumelo eno e amana le molao o o mo Baebeleng o ba sa o diriseng sentle, o o reng: “O se ka wa dirisa leina la ga Jehofa Modimo wa gago ka tsela e e se nang mosola, gonne Jehofa ga a kitla a tlhoka go otlhaya yo o dirisang leina la gagwe ka tsela e e se nang mosola.”—Ekesodo 20:7.

Molao ono o iletsa go dirisiwa ga leina la Modimo ka tsela e e sa tshwanelang. A mme gone o iletsa go dirisa leina la Modimo ka tlotlo? Nnyaa. Bakwadi ba Dikwalo tsa Sehebera (“Tesetamente ya Bogologolo”) botlhe fela e ne e le banna ba ba ikanyegang ba ba neng ba tshela go ya ka Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele ba bogologolo. Le fa go ntse jalo, bone ba ne ba dirisa leina la Modimo gangwe le gape. Ka sekai, ba ne ba le dirisa mo dipesalemeng tse dintsi tse boidiidi jwa baobamedi ba neng ba di opelela kwa godimo. Jehofa Modimo o ne a ba a laela baobamedi ba gagwe gore ba bitse leina la gagwe, mme ba ba mo ikobelang ba ne ba dira jalo. (Joele 2:32; Ditiro 2:21) Ka jalo, Bakeresete gompieno ga ba okaoke go dirisa leina la Modimo ka tlotlo, fela jaaka go se na pelaelo gore Jesu le ene o ne a le dirisa.—Johane 17:26.

Baranodi ba Baebele ba dira phoso e masisi tota ka go emisetsa leina la Modimo ka direto. Ba dira gore go nne jaaka e kete Modimo o kgakala le batho le gore ga se motho, kgante Baebele yone e kgothaletsa batho gore ba lwele go “atamalana thata le Jehofa.” (Pesalema 25:14) Akanya ka tsala ya gago e o atamalaneng thata le yone. O ne o ka re lo atamalane go le kana kang o sa itse leina la gagwe? Ka tsela e e tshwanang, fa batho ba sa itse leina la Modimo, e bong Jehofa,  tota ba ka kgona jang go atamalana le ene? Mo godimo ga moo, fa batho ba sa dirise leina la Modimo, gape ga ba ne ba itse dilo tse dintlentle tse leina leno le di kayang. Leina la Modimo la kaya eng?

Modimo ka boene o ne a tlhalosetsa motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang e bong Moshe se leina la gagwe le se kayang. E ne ya re fa Moshe a botsa ka leina la Modimo, Jehofa a mo araba a re: “Ke tla nna se ke tla nnang sone.” (Ekesodo 3:14) Thanolo ya ga Rotherham e ranola mafoko ao jaana: “Ke tla nna se ke batlang go nna sone.” Ka jalo, Jehofa o kgona go nna sengwe le sengwe fela se se tlhokegang gore a kgone go diragatsa maikaelelo a gagwe.

A re re gongwe o kgona go nna sengwe le sengwe fela se o batlang go nna sone. Ke eng se o neng o tla se direla ditsala tsa gago? Fa mongwe wa bone a ne a ka lwala thata, o ne o tla nna ngaka e e nang le bokgoni o bo o mo fodisa. Fa yo mongwe wa bone a ne a ka nna le mathata a madi, o ne o tla nna mohumi o bo o mo thusa. Mme boammaaruri ke gore ga o kgone go nna dilo tseno tsotlhe. Ga go na ope wa rona yo o ka kgonang go dira jalo. Fa o ntse o ithuta Baebele, o tla gakgamala go bona gore Jehofa o kgona go nna le fa e ka nna eng fela gore a kgone go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. E bile go a mo itumedisa go kgona go dirisa maatla a a nang le one go thusa batho ba ba mo ratang. (2 Ditiragalo 16:9) Batho ba ba sa itseng leina la ga Jehofa ga ba itse dikarolo tse dintle tseno tsa botho jwa gagwe.

Ga go pelaelo gore leina Jehofa le tshwanetse la bo le le teng mo Baebeleng. Go itse bokao jwa lone le go le dirisa ka kgololesego mo kobamelong ke dilo tse dikgolo tse di re thusang go atamalana gaufi thata le Rraarona wa selegodimo, e bong Jehofa. *

^ ser. 3 Go bona tshedimosetso e nngwe gape ka leina la Modimo, bokao jwa lone le mabaka a go bo le tshwanetse go dirisiwa mo kobamelong, bona boroutšhara jwa Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.