Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Jesu Keresete—Mesia yo o Solofeditsweng

Jesu Keresete—Mesia yo o Solofeditsweng

GO RE thusa go lemoga gore Mesia ke mang, Jehofa Modimo o ile a tlhotlheletsa baporofeti ba le bantsi mo Baebeleng go kwala dintlha tse di amanang le botsalo, bodiredi le loso lwa Mogolodi yono yo o solofeditsweng. Dipolelelopele tseno tsotlhe di ne tsa diragadiwa mo  go Jesu Keresete. Di opa kgomo lonaka ka tsela e e gakgamatsang e bile di tlhalosa dilo fela jaaka di ne di tla direga. Ka sekai, mma re sekaseke dipolelelopele di le mmalwa tse di neng di bolelela pele ditiragalo tse di amanang le go tsalwa ga ga Mesia le nako ya fa a ne a sa ntse a le ngwana.

 Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele gore Mesia o ne a tla tswa mo losikeng lwa ga Kgosi Dafide. (Isaia 9:7) Eleruri, Jesu o ne a tsalwa mo losikeng lwa ga Dafide.—Mathaio 1:1, 6-17.

Mika, e leng moporofeti yo mongwe wa Modimo, o ne a bolelela pele gore ngwana yono o ne kgabagare a tlile go nna mmusi le gore o ne a tla tsalelwa kwa “Bethelehema Eferatha.” (Mika 5:2) Ka nako ya fa Jesu a tsalwa, go ne go na le metse e le mebedi kwa Iseraele e e neng e bidiwa Bethelehema. O mongwe o ne o le gaufi le Nasaretha kwa kgaolong e e kwa bokone jwa naga, mme o mongwe o le gaufi le Jerusalema kwa Juda. Bethelehema e e neng e le gaufi le Jerusalema e kile ya bo e bidiwa Eferatha. Jesu o tsaletswe kwa motseng oo, fela jaaka go ne go boletswe mo boporofeting!—Mathaio 2:1.

Boporofeti jo bongwe jwa Baebele bo ne jwa bolelela pele gore Morwa Modimo o ne a tla bidiwa ‘a ntshiwa kwa Egepeto.’ Fa Jesu a ne a sa ntse a le ngwana, o ne a isiwa kwa Egepeto. O ne a busediwa teng morago ga loso lwa ga Herode, e le go diragatsa boporofeti.—Hosea 11:1; Mathaio 2:15.

Mo  tšhateng e e mo tsebeng ya 200, ditemana tse di kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Boporofeti” di na le dintlha tse di buang ka Mesia. Tsweetswee bapisa ditemana tseo le ditemana tse di tlhomagantsweng kafa tlase ga setlhogwana se se reng “Tiragatso.” Go dira jalo go tla dira gore o bone gore Lefoko la Modimo le bua boammaaruri mme go tla nonotsha tumelo ya gago.

Fa o ntse o sekaseka ditemana tseno, gakologelwa gore ditemana tsa boporofeti di ne tsa kwalwa makgolokgolo a dingwaga pele Jesu a tsalwa. Jesu o ne a bolela jaana: “Dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo molaong wa ga Moshe le mo Baporofeting le Dipesalema ka ga me di tshwanetse go diragala.” (Luke 24:44) Di ne tsa diragadiwa ka botlalo, fela jaaka le wena o kgona go iponela mo Baebeleng ya gago!