Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Boammaaruri ka Rara, Morwa le Moya o o Boitshepo

Boammaaruri ka Rara, Morwa le Moya o o Boitshepo

BATHO ba ba dumelang thuto ya Tharonngwe ba bolela gore Modimo ke batho ba le bararo—Rara, Morwa le Moya o o Boitshepo. Ba bolela gore batho ba bararo bano ba a lekana, mongwe le mongwe  wa bone ke mothata yotlhe e bile ka boraro jwa bone ga ba na tshimologo. Ka jalo, go ya ka thuto eno ya Tharonngwe, Rara ke Modimo, Morwa ke Modimo le Moya o o Boitshepo ke Modimo, mme Modimo a ntse a le mongwe fela.

Batho ba le bantsi ba ba dumelang Tharonngwe ba tlhalosa gore ga ba kgone go tlhalosa thuto eno. Le fa go ntse jalo, ba ka nna ba bo ba dumela gore gone e a rutwa mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa go ela tlhoko gore lefoko “Tharonngwe” ga le tlhage gotlhelele mo Baebeleng. A mme kgopolo ya Tharonngwe yone e teng mo Baebeleng? Go araba potso eno, mma re lebe temana e batho ba ba dumelang thuto eno ya Tharonngwe ba ratang go e nopola go leka go tshegetsa kgopolo eno.

“LEFOKO E NE E LE MODIMO”

Johane 1:1 e tlhalosa jaana: “E rile mo tshimologong Lefoko a bo a ntse a le yo, mme Lefoko a bo a ntse a na le Modimo, mme Lefoko ya bo e le ene Modimo.” (Baebele e e Boitshepo) Moragonyana mo go yone kgaolo eno, moaposetoloi Johane o bontsha sentle gore “Lefoko” yono ke Jesu. (Johane 1:14) Le fa go ntse jalo, e re ka Lefoko a bidiwa Modimo, bangwe ba swetsa ka go re, Morwa le Rara ba tshwanetse ba bo ba le karolo ya Modimo a le mongwe fela.

Gakologelwa gore temana eno ya Baebele e simolotse pele e kwadilwe ka Segerika. Moragonyana, baranodi ba ile ba ranolela mokwalo wa Segerika mo dipuong tse dingwe. Le fa go ntse jalo, baranodi ba le bantsi ba Baebele ga ba ka ba dirisa polelo e e reng “Lefoko e ne e le Modimo.” Ka ntlha yang? Morago ga go sekaseka Segerika sa Baebele, baranodi bano ba ile ba konela ka gore polelo e e reng “Lefoko e ne e le Modimo” e tshwanetse go ranolwa ka tsela e e farologaneng. Jang? Leba dikai di le mmalwa tse di latelang: “Logos [Lefoko] e ne e le motho wa bomodimo.” (A New Translation of the Bible) “Lefoko e ne e le modimo.” (The New Testament in an Improved Version) “Lefoko o ne a na le Modimo e bile a tshwana le ene.” (The Translator’s New Testament ) Go ya ka dithanolo tseno, Lefoko ga se Modimo ka boene. * Go na le moo, ka ntlha ya boemo jwa gagwe jo bo fetang jwa dibopiwa tsotlhe tse dingwe tsa ga Jehofa, Lefoko o bidiwa “modimo.” Mo kgannyeng eno, lefoko “modimo” le kaya “yo o nonofileng.”

 BATLA DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Batho ba le bantsi ga ba itse Segerika sa Baebele. Ka jalo, o ka itse jang gore tota moaposetoloi Johane o ne a raya goreng? Akanya ka sekai seno: Morutabana kwa sekolong o tlhalosetsa baithuti thuto nngwe e e rileng. Morago ga moo, baithuti ba e tlhaloganya ka ditsela tse di sa tshwaneng. Baithuti bano ba ka rarabolola bothata joo jang? Ba ka nna ba kopa morutabana gore a ba neye tshedimosetso e e oketsegileng. Ga go pelaelo gore go batla dintlha tse di oketsegileng go tla ba thusa go e tlhaloganya botoka. Ka tsela e e tshwanang, gore re tlhaloganye bokao jwa Johane 1:1, o ka leba mo Efangeleng ya ga Johane go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka boemo jwa ga Jesu. Go ithuta dintlha tse di oketsegileng mo kgannyeng eno go tla go thusa gore o bone karabo e e siameng.

Ka sekai, ela tlhoko gore Johane o kwala gape a reng mo kgaolong 1, temana ya 18: “Ga go na motho ope yo o kileng a bona Modimo [Mothatayotlhe] ka nako epe.” Le fa go ntse jalo, batho ba bone Jesu, e leng Morwa, ka gonne Johane a re: “Lefoko [Jesu] a tla a nna nama, mme a aga mo go rona, mme ra bona kgalalelo ya gagwe.” (Johane 1:14, Baebele e e Boitshepo) Ka jalo, go ka tla jang gore Morwa a nne karolo ya Modimo Mothatayotlhe? Gape, Johane o tlhalosa gore Lefoko o ne “a na le Modimo.” Motho a ka nna le motho yo mongwe jang mme gape a ntse a le ene motho yoo? Gape, jaaka go kwadilwe mo go Johane 17:3, Jesu o dira pharologanyo e e bonalang sentle fa gare ga gagwe le Rraagwe wa selegodimo. O bitsa Rraagwe a re ke “Modimo yo o esi wa boammaaruri.” Mme go ela kwa bokhutlong jwa Efangele ya gagwe, Johane o sobokanya kgang eno ka go re: “Tseno di kwadilwe gore lo tle lo dumele gore Jesu ke Keresete Morwa Modimo.” (Johane 20:31) Ela tlhoko gore Jesu o bidiwa Morwa Modimo, e seng Modimo. Tshedimosetso e e oketsegileng eno e e leng mo Efangeleng ya ga Johane e bontsha kafa Johane 1:1 e tshwanetseng go tlhaloganngwa ka gone. Jesu, e leng Lefoko, ke “modimo” ka tlhaloganyo ya gore o na le boemo jo bo kwa godimo mme ga bo lekane le jwa Modimo Mothatayotlhe.

SEKASEKA DINTLHA GO BONA GORE A DI BOAMMAARURI

Akanya gape ka sekai sa morutabana kwa sekolong le baithuti ba gagwe. A re tseye gore go na le bangwe ba ba sa ntseng ba na le dipelaelo, le fa ba sena go utlwa dintlha tse dingwe gape tse morutabana a neng a di dirisa go ba tlhalosetsa. Ke eng se ba ka se dirang? Ba ka kopa morutabana yo mongwe gore a ba tlhalosetse kgang eno go  ya pele. Fa morutabana wa bobedi a tlhalosa thuto eo ka tsela e wa ntlha a e tlhalositseng ka yone, baithuti ba le bantsi ba ka nna ba simolola go tlhatswega pelo. Ka tsela e e tshwanang, fa e le gore ga o tlhomamisege ka se mokwadi wa Baebele e bong Johane a neng a se bua fa a tlhalosa tsela e Jesu le Modimo Mothatayotlhe ba amanang ka yone, o ka nna wa bala buka ya mokwadi yo mongwe gape wa Baebele go bona dintlha tse di oketsegileng. Ka sekai, ela tlhoko gore Mathaio o ne a kwala a reng. O nopola mafoko a ga Jesu fa a ne a bua ka bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, a re: “Ka ga letsatsi leo le ura eo ga go na ope yo o itseng, le fa e le baengele ba magodimo kgotsa Morwa, fa e se Rara fela.” (Mathaio 24:36) Mafoko ano a tlhomamisa jang gore Jesu ga se Modimo Mothatayotlhe?

Jesu a re Rara o itse dilo di le dintsi go feta Morwa. Le fa go ntse jalo, fa e le gore Jesu ke karolo ya Modimo Mothatayotlhe, o ne a tla itse dilo tsotlhe tse Rara a di itseng. Ka jalo, seno se bontsha gore Morwa le Rara ga ba lekane. Le fa go ntse jalo, batho bangwe bone ba re: ‘Jesu o ne a na le matshelo a mabedi. Fano, o ne a bua e le motho.’ Le fa go ka tswa go ne go ntse jalo, go tweng ka moya o o boitshepo? Fa e le gore le one ke karolo ya Modimo a le mongwe fela e leng Rara, ke ka ntlha yang fa Jesu a sa bolele gore le one o itse dilo tse Rara a di itseng?

Fa o ntse o tswelela o ithuta Baebele, o tla tlwaelana le ditemana di le dintsi tsa Baebele tse di buang ka kgang eno. Di re bolelela boammaaruri ka Rara, Morwa le moya o o boitshepo.—Pesalema 90:2; Ditiro 7:55; Bakolosa 1:15.

^ ser. 3 Go bona motlotlo o o tlhalosang Johane 1:1, bona tsebe 24-25 mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya November 1, 2008 o o gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.