Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba sa Dirise Sefapaano mo Kobamelong

Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba sa Dirise Sefapaano mo Kobamelong

DIMILIONEMILIONE tsa batho di rata sefapaano e bile di a se tlotla. The Encyclopædia Britannica e bitsa sefapaano e re ke “selo sa konokono se se bontshang gore kereke ke ya Bokeresete.” Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ga ba dirise sefapaano mo kobamelong. Ka ntlha yang?

Lebaka la botlhokwa ke gore Jesu Keresete ga a swela mo sefapaanong. Lefoko la Segerika le gantsi le ranolwang ka go re “sefapaano”  ke stau·ros′. Le raya fela “pale e e tlhamaletseng kgotsa kota.” The Companion Bible e bolela jaana: “Lefoko [Stau·ros′] ga go na mo le rayang magong a mabedi a a fapaantsweng ka tsela epe fela. . . . Ga go na sepe mo Segerikeng sa [Tesetamente e Ntšha] se se bontshang gore go ne go dirisitswe magong a mabedi a a fapaantsweng.”

Mo ditemaneng di le mmalwa, bakwadi ba Baebele ba dirisa lefoko le lengwe fa ba bua ka selo se Jesu a neng a bolaelwa mo go sone. Ke lefoko la Segerika e leng xy′lon. (Ditiro 5:30; 10:39; 13:29; Bagalatia 3:13; 1 Petere 2:24) Lefoko leno le raya fela “legong” kgotsa “letlhokwa, molamu kgotsa setlhare.”

Buka e e bidiwang Das Kreuz und die Kreuzigung (Sefapaano le go Bapolwa) e e kwadilweng ke Hermann Fulda e bolela jaana fa e tlhalosa lebaka la go bo gantsi go ne go dirisiwa kota fela e e tlhamaletseng go bolaela batho mo go yone: “Ditlhare di ne di sa fitlhelwe gongwe le gongwe mo mafelong a a neng a tlhophiwa gore go bolaelwe batho mo go one. Ka jalo, go ne go tsewa mosipuri fela o bo o tlhomelwa fa fatshe. Dinokwane di ne di bofelelwa kgotsa di kokotelwa mo go one gantsi diatla tsa tsone di isitswe kwa godimo, dinao di lepeletse.”

Le fa go ntse jalo, bosupi jo bo tlhatswang pelo thata bo tswa mo Lefokong la Modimo. Moaposetoloi Paulo a re: “Keresete o ne a re golola ka theko mo phutsong ya Molao ka go nna phutso mo boemong jwa rona, ka gonne go kwadilwe ga twe: ‘Go hutsegile motho mongwe le mongwe yo o pegilweng mo koteng [“setlhare,” King James Version].’” (Bagalatia 3:13) Paulo fano o nopola Duteronome 21:22, 23, e e buang fela ka kota, e seng ka sefapaano. E re ka go bolawa ga motho jalo go ne go raya gore o ‘hutsegile,’ go ne go se kitla go tshwanela gore Bakeresete ba kgabise matlo a bone ka ditshwantsho tsa go bapolwa ga ga Jesu.

Ga go na sepe se se bontshang gore dingwaga di le 300 tsa ntlha morago ga loso lwa ga Keresete, batho ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba ne ba dirisa sefapaano mo kobamelong. Le fa go ntse jalo, mo lekgolong la bonè la dingwaga, Mmusimogolo wa moheitane e bong Constantine o ne a sokologela mo Bokereseteng jwa botlhanogi mme a rotloetsa gore batho ba dirise sefapaano go bontsha gore ke Bakeresete tota. Le fa maikaelelo a ga Constantine e ka tswa e ne e le afe, sefapaano se ne se sa amane ka gope le Jesu Keresete. Boammaaruri ke gore sefapaano se simologile kwa boheitaneng. New Catholic Encyclopedia e bolela jaana: “Sefapaano se a fitlhelwa mo dinakong tsa pele ga motlha wa Bokeresete le mo dinageng tse e seng  tsa Bokeresete.” Dibuka dingwe tse di farologaneng di amanya sefapaano le go obamela dilo tsa tlholego le dingwao tsa boheitane tsa tlhakanelodikobo.

Ke ka ntlha yang he fa batho ba ile ba rotloediwa go dirisa setshwantsho seno sa boheitane? Go bonala e ne e le go dira gore go nne motlhofo gore baheitane ba amogele se se neng se bidiwa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, Baebele e kgala go obamelwa ga setshwantsho sepe fela sa boheitane. (2 Bakorintha 6:14-18) Gape, Dikwalo di iletsa go obamelwa ga mefuta yotlhe ya kobamelo ya medingwana. (Ekesodo 20:4, 5; 1 Bakorintha 10:14) Ka jalo, go a utlwala go bo Bakeresete ba sa dirise sefapaano mo kobamelong. *

^ ser. 1 Go bona motlotlo o o oketsegileng ka sefapaano, bona ditsebe 351-355 tsa buka ya Go Fetolana ka Dikwalo, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.