Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

1914—Ngwaga o o Botlhokwa Thata mo Boporofeting Jwa Baebele

1914—Ngwaga o o Botlhokwa Thata mo Boporofeting Jwa Baebele

MASOMESOME a dingwaga pele ga 1914, baithuti ba Baebele ba ne ba tlhalosa gore ditiragalo dingwe tse di botlhokwa di ne di tlile go direga ka ngwaga oo. E ne e le ditiragalo dife tseo, mme ke bosupi bofe jo bo bontshang gore 1914 e ne e le ngwaga o o botlhokwa jalo?

Jaaka go kwadilwe mo go Luke 21:24, Jesu o ne a re: “Jerusalema o tla gatakwa ke ditšhaba, go fitlha dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba [“metlha ya Baditšhaba,” King James Version] di fela.” Jerusalema e ne e le motsemoshate wa Bajuda—lefelo le dikgosi tse di tswang mo ntlong segosi ya ga Kgosi Dafide di neng di busa mo go  lone. (Pesalema 48:1, 2) Le fa go ntse jalo, dikgosi tseno di ne di na le sengwe se se neng se dira gore di se ka tsa tshwana le babusi ba bangwe. Di ne di ntse mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa” e le baemedi ba Modimo ka boene. (1 Ditiragalo 29:23) Ka jalo, Jerusalema e ne e tshwantshetsa puso ya ga Jehofa.

Le fa go ntse jalo, puso ya Modimo e ne ya simolola leng go “gatakwa ke ditšhaba” mme seno se ne sa direga jang? Seno se ne sa direga ka 607 B.C.E. fa Jerusalema e ne e fenngwa ke Bababelona. Go ne go sa tlhole go na le ope yo o neng a ntse mo “setulong sa bogosi sa ga Jehofa,” mme puso ya dikgosi tsa losika lwa ga Dafide e ne ya kgaosediwa. (2 Dikgosi 25:1-26) A go ‘gatakwa’ gono go ne go tla tswelela ka bosakhutleng? Nnyaa, ka gonne boporofeti jwa ga Esekiele bo ne jwa bolela jaana ka kgosi ya bofelo ya Jerusalema, e bong Sedekia: “Tlosa sethathelela tlhogo, o tsholetse serwalo. . . . Ga e kitla e nna sa ga ope go fitlhela go tla yo o nang le tshwanelo e e kafa molaong, mme ke tla mo se naya.” (Esekiele 21:26, 27) Keresete Jesu ke ene yo o nang le “tshwanelo e e kafa molaong” ya go rwala serwalo  sa bogosi sa ga Dafide. (Luke 1:32, 33) Ka jalo, go “gatakwa” gono go ne go tla khutla fa Jesu a nna Kgosi.

Tiragalo e e botlhokwa eo e ne e tlile go direga leng? Jesu o ne a bontsha gore Baditšhaba ba ne ba tla busa ka lobaka lo lo rileng lwa nako. Pego e e mo go Daniele kgaolo 4 e re naya karabo ya gore e ne e tlile go nna lobaka lo lo kae. E re bolelela ka toro ya boporofeti e e neng ya lorwa ke Kgosi Nebukadenesare wa Babelona. O ne a bona setlhare se segolo se se neng sa rengwa. Thito ya sone e ne e sa kgone go gola ka gonne e ne e bofilwe ke tshipi le kgotlho. Moengele o ne a bolela jaana: “A o fetwe ke metlha e supa.”Daniele 4:10-16.

Mo Baebeleng, ka dinako tse dingwe ditlhare di dirisediwa go tshwantshetsa puso. (Esekiele 17:22-24; 31:2-5) Ka jalo, go rengwa ga setlhare seno sa tshwantshetso go emela kafa puso ya Modimo, e mo go yone go neng go busa dikgosi tsa Jerusalema, e neng e tla kgaosediwa ka gone. Le fa go ntse jalo, ponatshegelo eno e ne e bontsha gore ‘go gatakwa ga Jerusalema’ e ne e tla nna ga nakwana fela—lobaka lwa “metlha e supa.” Ke lobaka lo lo kana kang loo?

Tshenolo 12:6, 14 e bontsha gore metlha e le meraro le halofo e lekana le “sekete makgolo a mabedi le masome a marataro.” Ka jalo, “metlha e supa” yone e tla lekana le lobaka loo gabedi, kgotsa malatsi a le 2 520. Mme gone Baditšhaba ga ba ka ba tlogela go ‘gataka’ bolaodi jwa Modimo fa malatsi a le 2 520 morago ga go wa ga Jerusalema a sena go wela. Ka jalo, go bonala boporofeti jono bo akaretsa nako e telele thata. Go ya ka Dipalo 14:34 le Esekiele 4:6, e e buang ka gore “letsatsi le emela ngwaga,” “metlha e supa” e tla akaretsa dingwaga di le 2 520.

Dingwaga di le 2 520 di simolotse ka October 607 B.C.E. ka nako ya fa Jerusalema e ne e fenngwa ke Bababelona mme dikgosi tsa losika lwa ga Dafide di bo di tlosiwa mo setulong sa bogosi. Nako eo e khutlile ka October 1914. Ka nako eo, “dinako tse di tlhomilweng tsa ditšhaba” di ne tsa khutla, mme Jesu Keresete o ne a tlhomiwa go nna Kgosi ya selegodimo ya Modimo. *Pesalema 2:1-6; Daniele 7:13, 14.

 Fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele, ditiragalo tse di tshosang mo lefatsheng—e leng ntwa, tlala, dithoromo tsa lefatshe, dikgogodi tsa bolwetse—di ne di tla tshwaya “go nna gone” ga gagwe e le Kgosi ya selegodimo. (Mathaio 24:3-8; Luke 21:11) Ditiragalo tseno di re naya bosupi jo bo nonofileng jwa gore ngwaga wa 1914 eleruri ke ngwaga o Bogosi jwa selegodimo jwa Modimo bo tlhomilweng ka one e bile ke one ngwaga o ‘metlha ya bofelo’ ya tsamaiso e e boikepo eno ya dilo ya gone jaanong e simologileng ka one.—2 Timotheo 3:1-5.

^ ser. 4 Go simolola ka October 607 B.C.E. go fitlha ka October 1 B.C.E. ke dingwaga di le 606. E re ka go se na ngwaga 0, go simolola ka October 1 B.C.E. go fitlha ka October 1914 C.E. ke dingwaga di le 1 914. Fa re tlhakanya dingwaga di le 606 le dingwaga di le 1 914, re bona dingwaga di le 2 520. Go bona tshedimosetso e e buang ka go wa ga Jerusalema ka 607 B.C.E., bona setlhogo se se reng “Chronology” mo kgatisong ya Insight on the Scriptures, le Go Fetolana ka Dikwalo ditsebe 271-3 tse di gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.