Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?

Mikaele Moengele yo Mogolo ke Mang?

SEBOPIWA sa semoya se se bidiwang Mikaele ga se umakiwe gantsi mo Baebeleng. Le fa go ntse jalo, fa se umakiwa golo gongwe, se a bo se tshwaregile ka tiro nngwe e e rileng. Mo bukeng ya Daniele, Mikaele o lwa le baengele ba ba boikepo; mo lekwalong la Jude, o ngangisana le Satane; mme mo go Tshenolo, o lwa le Diabolo le madimona a gagwe. Ka go sireletsa bobusi jwa ga Jehofa le go lwantsha baba ba Modimo, Mikaele o tshelela se se kaiwang ke leina la gagwe—“Ke Mang yo o Tshwanang le Modimo?” Mme gone Mikaele ke mang?

Ka dinako tse dingwe, batho ba nna le maina a le mmalwa. Ka sekai, leina le lengwe la ga Jakobe e bong tlhogo ya lotso ke Iseraele, mme le lengwe la ga moaposetoloi Petere ke Simone. (Genesise 49:1, 2; Mathaio 10:2) Ka tsela e e tshwanang, Baebele e supa gore Mikaele ke leina le lengwe la ga Jesu Keresete la pele a tla go tshela mo lefatsheng le morago ga moo. Mma re sekaseke mabaka mangwe a Dikwalo a a dirileng gore re fitlhelele tshwetso eno.

Moengele yo Mogolo. Lefoko la Modimo le bua ka Mikaele “moengele yo mogolo.” (Jude 9) Mafoko a a reng ‘moengele yo mogolo’ mo Baebeleng a tlhaga mo bongweng fela, ga a ke a tlhaga a le mo bontsing, jaaka ‘baengele ba bagolo.’ Seno se raya gore go na le moengele a le mongwe fela yo e leng ‘moengele yo mogolo.’ Mo godimo ga moo, Jesu ke ene fela a amanngwang le ditiro tse di dirwang ke moengele yo mogolo. Bathesalonika wa Ntlha 4:16 e tlhalosa jaana ka Morena Jesu Keresete yo o tsositsweng mo baswing: “Morena ka boene o tla fologa kwa legodimong ka  mokgosi wa taelo, ka lentswe la moengele yo mogolo.” Ka jalo, lentswe la ga Jesu le tlhalosiwa e le la moengele yo mogolo. Ka jalo, temana eno e raya gore Jesu ka boene ke Mikaele moengele yo mogolo.

Moeteledipele wa Mophato wa Masole. Baebele e tlhalosa gore “Mikaele le baengele ba gagwe ba tlhabana le kgogela . . . le baengele ba yone.” (Tshenolo 12:7) Ka jalo, Mikaele ke Moeteledipele wa mophato wa masole a baengele ba ba ikanyegang. Gape, Tshenolo e tlhalosa Jesu e re ke Moeteledipele wa mophato wa masole a baengele ba ba ikanyegang. (Tshenolo 19:14-16) Mme moaposetoloi Paulo o ne a umaka ka mo go kgethegileng “Morena Jesu” le “baengele ba gagwe ba ba maatla.” (2 Bathesalonika 1:7) Ka jalo, Baebele e bua ka Mikaele le “baengele ba gagwe” le Jesu le “baengele ba gagwe.” (Mathaio 13:41; 16:27; 24:31; 1 Petere 3:22) E re ka go se na gope mo Lefoko la Modimo le supang gone gore go na le mephato e mebedi ya baengele ba ba ikanyegang kwa legodimong—o mongwe e le o o eteletsweng pele ke Mikaele mme o mongwe one o eteletswe pele ke Jesu—go a utlwala go swetsa ka go re Mikaele ga se ope fa e se Jesu Keresete kwa legodimong. *

^ ser. 1 Tshedimosetso e nngwe gape e e bontshang gore leina Mikaele le raya Morwa Modimo e fitlhelwa mo kgatisong ya Bolumo 2, ditsebe 393-4, tsa Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.