Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 3

Rata ba Modimo a ba Ratang

Rata ba Modimo a ba Ratang

“Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale.”—DIANE 13:20.

1-3. (a) Ke boammaaruri bofe jo Baebele e bo tlhalosang? (b) Re ka tlhopha jang ditsala tse di tla re tlhotlheletsang go dira se se molemo?

KA TSELA nngwe, batho ba tshwana le dipontšhe; ba kgona go monya sengwe le sengwe se se ba dikologileng. Go motlhofo thata go latela—tota le fa re sa lemoge—mekgwa, ditekanyetso le botho jwa batho ba re tlwaelaneng thata le bone.

2 Baebele e bua boammaaruri jo bo se nang bana ba phefo fa e re: “Yo o tsamayang le batho ba ba botlhale o tla nna botlhale, mme yo o dirisanang le dimatla dilo ga di na go mo tsamaela sentle.” (Diane 13:20) Seane seno ga se bue fela ka go kopana le batho ka sewelo. Mafoko a a reng “tsamayang le” a fa motho kgopolo ya go tsalana le batho ka metlha. * Buka nngwe e e tlhalosang Baebele fa e akgela ka temana eno ya re: “Go tsamaya le motho go kaya gore o a mo rata le gore o atamalane thata le ene.” A ga o dumele gore re rata go etsa batho ba re ba ratang? Ee, ka gonne go tsalana thata le batho ba re ba ratang, go ka re tlhotlheletsa thata—ka tsela e e molemo kgotsa e e bosula.

3 Go botlhokwa gore re batle ditsala tse di tla re tlhotlheletsang go dira se se molemo gore re tswelele re le mo loratong lwa Modimo. Re ka dira seo jang? Fa re bua ka tlhamalalo, re ka dira jalo ka go rata batho ba Modimo a ba ratang, re dira gore ditsala tsa gagwe e nne ditsala tsa rona. Akanya ka gone. Tota re ka bona kae ditsala tse di molemo fa e se tse di nang le dinonofo tse Jehofa a di batlang mo ditsaleng tsa gagwe? Jaanong, a re sekasekeng mofuta wa batho ba ba ratiwang ke Modimo. Fa re akanya ka tsela e Jehofa a lebang dilo ka yone, re tla kgona go tlhopha ditsala tse di tla re tlhotlheletsang ka tsela e e molemo.

BATHO BA MODIMO A BA RATANG

4. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a na le tshwanelo ya go tlhopha ditsala tsa gagwe ka kelotlhoko, mme ke eng fa Jehofa a ne a bitsa Aborahame “tsala ya me”?

4 Fa Jehofa a tlhopha ditsala, o di tlhopha ka kelotlhoko. A ga a na tshwanelo ya go dira jalo? Aitsane, ke Morena Molaodimogolo wa lobopo, mme go tsalana le ene ke tshiamelo e e seng kana ka sepe. Ka jalo, ke bomang ba a ba tlhophang go nna ditsala tsa gagwe? Jehofa o atamalana thata le ba ba mo ikanyang le ba ba dumelang mo go ene ka botlalo. Ka sekai, akanya ka tlhogo ya lotso Aborahame, monna yo o neng a itsege ka tumelo ya gagwe e e tlhomologileng. Ga go na teko epe ya tumelo e e fetang ya gore rre a kopiwe go ntsha morwawe setlhabelo. * Le fa go ntse jalo, “ga tshwana le fa [Aborahame] a ne a isitse Isake tshupelo,” a dumela ka botlalo “gore Modimo o ne a kgona go mo tsosa le eleng mo baswing.” (Bahebera 11:17-19) Ka gonne Aborahame o ne a bontsha tumelo le go nna kutlo ka tsela e e ntseng jalo, Jehofa ka lorato o ne a mmitsa “tsala ya me.”—Isaia 41:8; Jakobe 2:21-23.

5. Jehofa o leba jang batho ba ba mo ikobelang ka go rata?

5 Jehofa o tsaya go ikoba go le botlhokwa fela thata. O rata batho ba ba ikemiseditseng gore le fa go ka nna jang ba tla nna ba ikanyega mo go ene. (Bala 2 Samuele 22:26) Jaaka re bone mo Kgaolo 1 ya buka eno, Jehofa o itumedisiwa thata ke batho ba ba tlhophang go mo ikobela ka go rata. Diane 3:32 ya re: “O atamalane thata le bathokgami.” Jehofa o laletsa batho ba ba lekang ka natla go dira se a se batlang ka bopelonomi a re: Ba ka nna balalediwa mo “mogopeng” wa gagwe—ba amogelwa go tla go mo obamela le go mo rapela nako nngwe le nngwe.—Pesalema 15:1-5.

6. Re ka bontsha jang gore re rata Jesu, mme Jehofa o ikutlwa jang ka batho ba ba ratang Morwawe?

6 Jehofa o rata batho ba ba ratang Jesu, Morwawe yo o tsetsweng a le esi. Jesu o ne a re: “Fa motho a nthata, o tla boloka lefoko la me, mme Rre o tla mo rata, mme re tla tla mo go ene re bo re nna le ene.” (Johane 14:23) Re ka bontsha jang gore re rata Jesu? Seo re ka se dira ka go boloka ditaelo tsa gagwe, go akaretsa le thomo ya go rera dikgang tse di molemo le go dira barutwa. (Mathaio 28:19, 20; Johane 14:15, 21) Gape re bontsha gore re rata Jesu fa re ‘latela dikgato tsa gagwe gaufiufi,’ re leka ka bojotlhe go mo etsa ka se re se buang le ka ditiro tsa rona go ya kafa re ka kgonang ka teng jaaka re le batho ba ba sa itekanelang. (1 Petere 2:21) Jehofa o itumedisiwa ke maiteko a a dirwang ke batho ba lorato lo ba ratang Morwawe ka lone lo ba tlhotlheletsang go latela dikgato tsa ga Jesu.

7. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go tsalana le ditsala tsa ga Jehofa?

7 Dingwe tsa dinonofo tse Jehofa a di batlang mo ditsaleng tsa gagwe ke gore di nne le tumelo, di ikanyege, di nne kutlo mme di rate Jesu le melao ya gagwe. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A ditsala tsa me tse di gaufiufi di na le dinonofo tseno? A ke dirile gore ditsala tsa ga Jehofa e nne ditsala tsa me?’ Go botlhale go dira jalo. Batho ba ba nang le dinonofo tsa bomodimo e bile ba rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi ka tlhoafalo, ba ka re tlhotlheletsa ka tsela e e molemo gore re tshelele boikemisetso jwa rona jwa go itumedisa Modimo.—Bona lebokose la setlhogo se se reng “ Tsala e e Molemo Ke e E Ntseng Jang?

GO ITHUTA MO SEKAING SE SE MO BAEBELENG

8. Ke eng se se go kgatlhang ka botsala (a) jwa ga Naomi le Ruthe? (b) jwa Bahebera ba basha ba bararo? (c) jwa ga Paulo le Timotheo?

8 Baebele e na le dikai di le dintsi tsa batho ba ba neng ba solegelwa molemo ka ntlha ya go tlhopha ditsala tse di molemo. O ka bala ka botsala jwa ga Naomi le ngwetsi ya gagwe, Ruthe, ka Bahebera ba basha ba babotlana ba ba neng ba nna ditsala tse di atamalaneng thata kwa Babelona, le ka botsala jwa ga Paulo le Timotheo. (Ruthe 1:16; Daniele 3:17, 18; 1 Bakorintha 4:17; Bafilipi 2:20-22) Le fa go ntse jalo, a re tlotleng ka sekai se sengwe se se tlhomologileng: botsala jwa ga Dafide le Jonathane.

9, 10. Ke eng se se neng se dira gore Jonathane le Dafide ba nne ditsala?

9 Baebele ya re fa Dafide a sena go bolaya Goliathe, “moya wa ga Jonathane wa bofagana le moya wa ga Dafide, mme Jonathane a simolola go mo rata jaaka moya wa gagwe ka esi.” (1 Samuele 18:1) Ba ne ba simolola jalo go nna ditsala tse di atamalaneng thata le fa ba ne ba fetana ka dingwaga tse dintsi, mme ba ne ba tswelela e le ditsala go fitlha Jonathane a swa kwa botlhabanelong. * (2 Samuele 1:26) Lebaka le le neng le dira gore ditsala tseno tse pedi di atamalane thata jalo e ne e le lefe?

10 Se se neng se dira gore Dafide le Jonathane ba utlwane thata jalo ke ka gonne ba ne ba rata Modimo e bile ba eletsa thata go nna ba ikanyega mo go ene. Banna bano ba ne ba tshwana ka gore boobabedi ba ne ba rata go itumedisa Modimo. Mongwe le mongwe wa bone o ne a bontsha dinonofo tse di neng di dira gore a ratwe ke yo mongwe. Kwantle ga pelaelo, Jonathane o ne a kgatlhiwa ke bopelokgale le tlhoafalo ya lekawana leno le le neng la femela leina la ga Jehofa ka bopelokgale. Ga go pelaelo gore Dafide o ne a tlotla monna yono yo mogolwane yo o neng a tshegetsa dithulaganyo tsa ga Jehofa ka boikanyegi e bile a baya dilo tse Dafide a neng a di tlhoka kwa pele ga tsa gagwe. Ka sekai, akanya ka se se neng sa direga fa Dafide a ne a kgobegile marapo thata, e le motshabi kwa nageng ka gonne a tshaba bogale jwa ga Kgosi Saulo yo o boikepo, e bong rraagwe Jonathane. Jonathane o ne a bontsha boikanyegi jo bogolo mme a tsaya matsapa a “ya kwa go Dafide . . . gore a nonotshe seatla sa gagwe mo Modimong.” (1 Samuele 23:16) Akanya fela kafa Dafide a neng a ikutlwa ka gone fa motho yo e neng e le tsala ya gagwe e e rategang a ne a tla a bo a mo thusa le go mo kgothatsa! *

11. O ithuta eng ka botsala mo sekaing sa ga Jonathane le Dafide?

11 Re ithuta eng mo sekaing sa ga Jonathane le Dafide? Thuto ya botlhokwa ke gore selo se segolo se ditsala di tshwanetseng go tshwana ka sone ke go nna le mekgwa e e laolwang ke kamano ya bone le Modimo. Fa re atamalana le batho ba ba dumelang se re se dumelang, ba ba nang le mekgwa ya boitsholo e e tshwanang le ya rona le ba ba ratang go nna ba ikanyega mo Modimong, re ka tlotla mmogo, ra bolelelana maikutlo le maitemogelo a a re kgothatsang le go re nonotsha. (Bala Baroma 1:11, 12) Mo baobameding ka rona re ka bona ditsala tse di ntseng jalo tse di kgatlhegelang dilo tsa semoya. Le fa go ntse jalo, a seno se raya gore mongwe le mongwe yo o tlang dipokanong kwa Holong ya Bogosi ke tsala e e molemo? Nnyaa, ga go reye jalo.

KAFA RE TLHOPHANG DITSALA TSA RONA KA GONE

12, 13. (a) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna kelotlhoko tota le fa re tlhopha ditsala mo gare ga Bakeresete? (b) Ke mathata afe a diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga di neng tsa lebana le one, mme seo se ne sa dira gore Paulo a ntshe ditlhagiso dife tse di gagametseng?

12 Tota le mo phuthegong, re tshwanetse go tlhopha ditsala tse di tla re thusang go nonotsha kamano ya rona le Modimo. A seno se tshwanetse go re gakgamatsa? Nnyaa. Fela jaaka maungo mangwe mo setlhareng a ka tsaya nako go butswa, le Bakeresete bangwe mo phuthegong ba ka tsaya lobaka lo loleele go gola semoyeng. Ka jalo, mo phuthegong nngwe le nngwe, go na le Bakeresete ba ba godileng semoyeng ka ditsela tse di farologaneng. (Bahebera 5:12–6:3) Gone mme, re bontsha bopelotelele le lorato mo bathong ba basha kgotsa ba ba bokoa, ka go bo re batla go ba thusa go gola semoyeng.—Baroma 14:1; 15:1.

13 Ka dinako tse dingwe, go ka nna le boemo bongwe mo phuthegong jo bo tlhokang gore re ele tlhoko gore re na le ditsala tsa mofuta mang. Batho bangwe ba ka itshwara ka tsela e e sa tshwanelang. Ba bangwe ba ka simolola go nna le moya wa go ngongorega. Diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. di ne tsa lebana le mathata a a tshwanang. Le fa bontsi jwa maloko a phuthego ba ne ba ikanyega, batho bangwe ba ne ba sa itshware sentle. Ka gonne bangwe mo phuthegong ya kwa Korintha ba ne ba sa dumalane le dithuto dingwe tsa Bokeresete, moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa phuthego jaana: “Lo se ka lwa tsiediwa. Go itlwaelanya le ba ba bosula go senya mekgwa e e molemo.” (1 Bakorintha 15:12, 33) Paulo o ne a tlhagisa Timotheo gore tota le mo gare ga Bakeresete go ka ne go na le bangwe ba ba sa itshwareng sentle. Timotheo o ne a bolelelwa gore a ikgaoganye le batho ba ba ntseng jalo, a se ka a tsalana le bone.—Bala 2 Timotheo 2:20-22.

14. Re ka dirisa jang molaomotheo o o neng wa dira gore Paulo a ntshe ditlhagiso tseo?

14 Re ka dirisa jang molaomotheo o o neng wa dira gore Paulo a ntshe ditlhagiso tseo? Ka go tila go tsalana le ope—mo teng ga phuthego kgotsa kwa ntle ga yone—yo o ka neng a na le tlhotlheletso e e sa siamang. (2 Bathesalonika 3:6, 7, 14) Re tshwanetse go sireletsa bomoya jwa rona. Gakologelwa gore fela jaaka sepontšhe, re monya mekgwa ya ditsala tsa rona tse re atamalaneng le tsone. Fela jaaka re sa kgone go tsenya sepontšhe mo metsing a a nang le botšarara re bo re lebelela gore se monye metsi fela, ka tsela e e tshwanang re ka se tsalane le batho ba ba re tlhotlheletsang ka tsela e e sa siamang re bo re lebelela go monya sengwe se se molemo mo go bone.—1 Bakorintha 5:6.

O ka bona ditsala tse di molemo mo baobameding ka rona

15. Ke eng se o ka se dirang go bona ditsala tse di godileng semoyeng mo phuthegong?

15 Se se itumedisang ke gore go ka kgonega go bona ditsala tse di molemo mo baobameding ka rona. (Pesalema 133:1) O ka bona jang ditsala tse di ratang dilo tsa semoya mo phuthegong? Fa o ntse o lwela go nna le dinonofo le mekgwa ya bomodimo, ruri batho ba bangwe ba ba tshwanang le wena ba tla atamalana le wena. Gape o ka nna wa tshwanelwa ke go tsaya dikgato dingwe go nna le ditsala tse disha. (Bona lebokose la setlhogo se se reng “ Kafa re Neng ra Nna le Ditsala Tse di Molemo ka Gone.”) Batla ba ba bontshang dinonofo tse o batlang go nna le tsone. Reetsa kgakololo ya Baebele ya go ‘pitlologa,’ o batle ditsala tsa badumedika wena le fa e ka tswa e le ba lotso, setšhaba kgotsa setso se sele. (2 Bakorintha 6:13; bala 1 Petere 2:17.) O se ka wa tsalana fela le ba ba lekanang le wena ka dingwaga. Gakologelwa gore Jonathane o ne a le mogolo thata mo go Dafide. Batho ba le bantsi ba ba godileng ba ka nna ditsala tse di molemo ka gonne ba na le boitemogelo e bile ba le botlhale.

FA GO TSOGA MATHATA

16, 17. Fa moobamedi ka rona a re kgopisa ka tsela nngwe, ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tlogela phuthego?

16 Ka dinako dingwe mathata a ka nna a tsoga ka ntlha ya gore batho ba na le botho jo bo sa tshwaneng e bile ba godile ka ditsela tse di farologaneng. Modumedi ka rona a ka nna a bua kgotsa a dira sengwe se se re utlwisang botlhoko. (Diane 12:18) Ka dinako tse dingwe mathata a gakadiwa ke gore batho ba na le botho jo bo sa tshwaneng, a gakadiwa ke dikgotlhang kgotsa go sa bone dilo ka tsela e e tshwanang. A re tla kgopisiwa ke mathata ao re bo re tlogela phuthego? Ga re na go dira jalo fa re rata Jehofa tota e bile re rata ba a ba ratang.

17 Jaaka Jehofa e le Mmopi wa rona le Motlamedi wa Botshelo, o tshwanelwa ke gore re mo rate le go ineela mo go ene ka tsela e e feletseng. (Tshenolo 4:11) Gape, phuthego e a e dirisang e tlhoka gore re e tshegetse ka boikanyegi. (Bahebera 13:17) Ka jalo, fa moobamedi ka rona a re kgopisa kgotsa a re swabisa ka tsela nngwe, ga re kitla re tlogela phuthego e le gore re bontshe gore ga re a itumela. Tota re ka dira seo jang? Jehofa ga se ene yo o re kgopisitseng. Go rata Jehofa go ka se dire gore re mo furalele mmogo le batho ba gagwe!—Bala Pesalema 119:165.

18. (a) Re ka dira eng gore go nne le kagiso mo phuthegong? (b) Go tlhopha go itshwarela, fa go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo, go lere melemo efe?

18 Go rata baobamedi ka rona go re tlhotlheletsa go dira gore go nne le kagiso mo phuthegong. Jehofa ga a lebelela gore batho ba ba mo ratang ba se ka ba dira diphoso, mme le rona ga re a tshwanela go lebelela seo. Lorato lo re thusa go tlhokomologa diphoso tse e seng tsa sepe, lo re thusa go gakologelwa gore rotlhe ga re a itekanela mme re dira diphoso. (Diane 17:9; 1 Petere 4:8) Lorato lo re thusa go tswelela ‘re itshwarelana re gololesegile.’ (Bakolosa 3:13) Ga se ka metlha go leng motlhofo go dirisa kgakololo eno. Fa re letla maikutlo a a sa siamang go re fekeetsa, re ka nna ra sekamela mo go nneng ka sekgopi, gongwe re akanya gore go galefa ga rona go utlwisa motho yo o re foseditseng botlhoko. Mme tota, go boloka sekgopi go kotsi mo go rona. Go tlhopha go itshwarela motho yo o re foseditseng, fa go na le lebaka le le utlwalang la go dira jalo, go lere masego a mantsi. (Luke 17:3, 4) Go re naya kagiso ya mogopolo, go dira gore go nne le kagiso mo phuthegong mme sa botlhokwa le go feta, go sireletsa kamano ya rona le Jehofa.—Mathaio 6:14, 15; Baroma 14:19.

NAKO YA GO KGAOTSA BOTSALA

19. Ke maemo afe a a ka nnang gone a a dirang gore go tlhokege gore re kgaotse go tsalana le mongwe?

19 Ka dinako tse dingwe, re kopiwa go kgaotsa go tsalana le mongwe yo e neng e le leloko la phuthego. Boemo jono bo nna gone fa motho yo o sa ikwatlhayeng yo o tlolang molao wa Modimo a kgaolwa kgotsa a itatola tumelo ka go ruta dithuto tsa maaka kgotsa a itomolola mo phuthegong. Lefoko la Modimo le re bolelela ka tlhamalalo gore re “tlogele go ikopanya” le batho ba ba ntseng jalo. * (Bala 1 Bakorintha 5:11-13; 2 Johane 9-11) Gone go ka nna boima go tlogela go dirisana le motho yo gongwe e neng e le tsala ya rona kgotsa e le wa losika. A re tla ema re nitame, ka jalo re bontsha gore re ikanya Jehofa le melao ya gagwe e e siameng mo dilong tsotlhe? Gakologelwa gore Jehofa o batla gore re mo ikanye le go mo utlwa.

20, 21. (a) Ke ka ntlha yang fa thulaganyo ya go kgaola e le lorato? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go tlhopha ditsala tsa rona ka botlhale?

20 Ruri thulaganyo ya go kgaola ke thulaganyo e e lorato ya ga Jehofa. Ka tsela efe? Go kgaola moleofi yo o sa ikwatlhayeng go bontsha go rata leina le le boitshepo la ga Jehofa le sotlhe se le se emelang. (1 Petere 1:15, 16) Go kgaola go boloka phuthego e sireletsegile. Maloko a a ikanyegang a phuthego a sirelediwa mo tlhotlheletsong e e sa siamang ya batho ba ba leofang ka boomo, mme ba ka tswelela ka kobamelo ya bone ba itse gore phuthego ke lefelo le le sireletsegileng mo lefatsheng leno le le boikepo. (1 Bakorintha 5:7; Bahebera 12:15, 16) Kotlhao e e gagametseng e bontsha go rata modiraphoso. E ka tswa e le se a se tlhokang gore a itharabologelwe mme a tseye dikgato tse di tlhokegang gore a boele kwa go Jehofa.—Bahebera 12:11.

21 Ga re ka ke ra ganetsa boammaaruri jwa gore ditsala tse re atamalaneng le tsone di ka re tlhotlheletsa thata. Ka jalo go botlhokwa gore re tlhophe ditsala tsa rona ka botlhale. Fa re dira gore ditsala tsa ga Jehofa e nne ditsala tsa rona, le fa re rata ba Modimo a ba ratang, re tla nna le ditsala tse di molemo thata. Se re se ithutang mo go bone se tla re thusa go diragatsa boikemisetso jwa rona jwa go itumedisa Jehofa.

^ ser. 2 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “yo o dirisanang le” gape le ranotswe e le “go tlwaelana” le go “nna molekane le.”—Baatlhodi 14:20; Diane 22:24.

^ ser. 4 Fa Jehofa a ne a kopa Aborahame gore a dire seno, o ne a senola setlhabelo se ene a neng a tla se dira ka go ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi. (Johane 3:16) Mo kgannyeng ya ga Aborahame, Jehofa o ne a tsenelela mme a tlisa phelefu gore e dirwe setlhabelo mo boemong jwa ga Isake.—Genesise 22:1, 2, 9-13.

^ ser. 9 Dafide e ne e le mosha—“mosimanyana fela”—fa a ne a bolaya Goliathe mme o ne a ka nna dingwaga di le 30 ka nako ya loso lwa ga Jonathane. (1 Samuele 17:33; 31:2; 2 Samuele 5:4) Go bonala Jonathane, yo o neng a ka nna dingwaga di le 60 fa a tlhokafala, a ne a feta Dafide ka dingwaga di ka nna 30.

^ ser. 10 Jaaka go kwadilwe mo go 1 Samuele 23:17, Jonathane o ne a bua dilo di le tlhano go kgothatsa Dafide: (1) O ne a kgothatsa Dafide gore a se ka a boifa. (2) O ne a tlhomamisetsa Dafide gore maiteko a ga Saulo a tla itaya sefololetse. (3) O ne a gakolola Dafide gore o ne a tla nna kgosi, fela jaaka Modimo a ne a solofeditse. (4) O ne a solofetsa Dafide gore o ne a tla nna a ikanyega mo go ene. (5) O ne a bolelela Dafide gore tota le Saulo o ne a itse gore ene Jonathane o ne a ikanyega mo go Dafide.

^ ser. 19 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa o ka dirisanang ka gone le batho ba ba kgaotsweng kgotsa ba ba itomolotseng, bona setlhogo se se reng “Kafa re Tshwanetseng go Dirisana le Motho yo o Kgaotsweng ka Gone.”