Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 8

Modimo o Rata Batho ba ba Phepa

Modimo o Rata Batho ba ba Phepa

“Mo go yo o nnang a le phepa o tla itshupa o le phepa.”—PESALEMA 18:26.

1-3. (a) Ke ka ntlha yang fa mmè a tlhomamisa gore morwawe o phepa? (b) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a batla gore baobamedi ba gagwe ba nne phepa, mme ke eng se se re tlhotlheletsang gore re batle go nna re le phepa?

MMÈ o baakanya mosimanyana wa gagwe gore a ye kwa lefelong lengwe. O tlhomamisa gore mosimanyana yono o tlhapile le gore diaparo tsa gagwe di phepa. Mmè o itse gore go botlhokwa thata gore ngwana a nne a le phepa gore a tle a nne le botsogo jo bo siameng. Gape o lemoga gore tsela e morwawe a lebegang ka yone e bontsha gore o na le batsadi ba mofuta mang.

2 Jehofa, Rraarona yo o kwa legodimong, o batla gore batlhanka ba gagwe ba nne phepa. Lefoko la gagwe la re: “Mo go yo o nnang a le phepa o tla itshupa o le phepa.” * (Pesalema 18:26) Jehofa o a re rata; o itse gore go nna re le phepa go tla re solegela molemo thata. Gape o lebeletse gore boitshwaro jwa rona re le Basupi ba gagwe bo dire gore batho ba bangwe ba bue sentle ka ene. Eleruri, fa re nna re le phepa e bile re itshwere sentle seo se tla tlisetsa Jehofa le leina la gagwe le le boitshepo kgalalelo, e seng kgobo.—Esekiele 36:22; bala 1 Petere 2:12.

3 E re ka re itse gore Modimo o rata batho ba ba phepa re tlhotlheletsega gore re nne re le phepa. Re batla gore tsela e re tshelang ka yone e mo galaletse ka gonne re a mo rata. Gape re batla go tswelela re le mo loratong lwa gagwe. Ka jalo, a re sekasekeng lebaka la go bo re tshwanetse go nna phepa, se go nna phepa go se kayang le kafa re ka ipolokang ka gone re le phepa. Go sekaseka dilo jalo go ka re thusa go bona gore a go na le mo re tlhokang go tokafatsa gone.

KE KA NTLHA YANG FA RE TSHWANETSE GO NNA RE LE PHEPA?

4, 5. (a) Lebaka la konokono la go bo re tshwanetse go nna re le phepa ke lefe? (b) Bophepa jwa ga Jehofa bo bonwa jang mo popong ya gagwe e e bonalang?

4 Nngwe ya ditsela tse Jehofa a re kaelang ka tsone ke ka go re tlhomela sekao. Ka jalo Lefoko la gagwe le re kgothaletsa go ‘nna baetsi ba Modimo.’ (Baefeso 5:1) Lebaka la konokono la go bo re tshwanetse go nna re le phepa ke leno: Jehofa, Modimo yo re mo obamelang, o phepa, o itshekile e bile o boitshepo ka ditsela tsotlhe.—Bala Lefitiko 11:44, 45.

5 Bophepa jwa ga Jehofa, fela jaaka dinonofo le ditsela tsa gagwe tse dintsi, bo bonwa mo popong ya gagwe e e bonalang. (Baroma 1:20) Lefatshe le ne le diretswe gore e nne legae le le phepa la batho. Jehofa o dirile medikologo ya tlholego e e phepafatsang moya o re o hemang le metsi. Megare mengwe e fetola leswe gore e nne dilo tse di seng kotsi. Baitsesaense ba dirisitse dingwe tsa ditshedi tseno tse dinnye thata go phepafatsa mo oli e tshologetseng gone le go phepafatsa mefuta e mengwe ya kgotlelo e e bakilweng ke bogagapa le bopelotshetlha jwa batho. Ga go pelaelo gore “Modiri wa lefatshe” o tsaya bophepa bo le botlhokwa. (Jeremia 10:12) Le rona re tshwanetse go bo tsaya bo le botlhokwa.

6, 7. Molao wa ga Moshe o ne wa gatelela jang gore batho ba ba neng ba obamela Jehofa ba ne ba tshwanetse go nna phepa?

6 Lebaka le lengwe la go bo re tshwanetse go nna re le phepa ke gore Jehofa, Mmusimogolo wa rona, o batla gore baobamedi ba gagwe ba nne phepa. Go ya ka Molao o Jehofa a neng a o neile Baiseraele, bophepa le kobamelo di ne di amana thata. Molao o ne o re ka Letsatsi la Tetlanyo, moperesiti yo mogolo o ne a tshwanetse go tlhapa gabedi e seng gangwe fela. (Lefitiko 16:4, 23, 24) Baperesiti ba ne ba tshwanetse go tlhapa diatla le maoto pele ba ntshetsa Jehofa ditlhabelo. (Ekesodo 30:17-21; 2 Ditiragalo 4:6) Molao o ne wa umaka dilo di ka nna 70 tse di ka dirang gore motho a se ka a nna phepa kgotsa a itshekologe. Fa Moiseraele a ne a sa ntse a itshekologile, o ne a sa tshwanela go nna le seabe sepe mo kobamelong—mo maemong mangwe, o ne a ka atlholelwa loso fa a ka dira jalo. (Lefitiko 15:31) Motho ope yo o neng a gana go iitshekisa ka tsela e e batlegang, mo go neng go akaretsa go tlhapa mmele le go tlhatswa diaparo tsa gagwe, o ne a tshwanetse gore a “kgaolwe mo gare ga phuthego.”—Dipalo 19:17-20.

7 Le fa gone re se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, o re thusa go lemoga tsela e Modimo a lebang dilo ka yone. Eleruri, Molao o ne o gatelela gore batho ba ba neng ba obamela Modimo ba ne ba tshwanetse go nna phepa. Jehofa ga a fetoga. (Malaki 3:6) A ka se amogele kobamelo ya rona ntle le fa e le ‘phepa e bile e sa leswafala.’ (Jakobe 1:27) Ka jalo re tshwanetse go itse se a batlang gore re se dire mo kgannyeng eno.

SE GO NNA PHEPA MO MATLHONG A MODIMO GO SE KAYANG

8. Jehofa o lebeletse gore re nne re le phepa mo dikarolong dife?

8 Mo Baebeleng, bophepa ga bo reye go nna phepa mo mmeleng fela. Go nna phepa mo matlhong a Modimo go ama dikarolo tsotlhe tsa botshelo jwa rona. Jehofa o lebeletse gore re nne phepa mo dikarolong tse nnè tsa konokono—mo semoyeng, mo boitsholong, mo mogopolong le mo mmeleng. A re sekasekeng gore karolo nngwe le nngwe e akaretsang.

9, 10. Go raya eng go nna re le phepa semoyeng mme Bakeresete ba boammaaruri ba tila eng?

9 Go nna phepa semoyeng. Fa re bua ka tlhamalalo, go nna phepa semoyeng go raya gore re se ka ra tlhakanya kobamelo ya boammaaruri le ya maaka. Fa Baiseraele ba ne ba tswa kwa Babelona ba boela kwa Jerusalema, ba ne ba tshwanetse go ikobela kgakololo eno e e tlhotlheleditsweng: “Tswang koo, lo se ka lwa ama sepe se se seng phepa; . . . ipolokeng lo le phepa.” (Isaia 52:11) Lebaka le legolo le le neng le dira gore Baiseraele ba boele gae e ne e le gore ba ye go tsosolosa kobamelo ya ga Jehofa. Kobamelo eo e ne e tshwanetse go nna phepa—e sa kgotlelwa ke dithuto, mekgwa le dingwao dipe tsa bodumedi jwa Babelona tse di tlontlololang Modimo.

10 Gompieno, rona Bakeresete ba boammaaruri re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra kgotlelwa ke kobamelo ya maaka. (Bala 1 Bakorintha 10:21.) Go botlhokwa gore re ikele tlhoko mo ntlheng eno, ka gonne tlhotlheletso ya bodumedi jwa maaka e aname thata. Mo dinageng di le dintsi, dingwao, ditiro le meetlo mengwe e amana le dithuto tsa bodumedi jwa maaka, tse di jaaka kgopolo ya gore go na le sengwe mo go rona se se tswelelang se tshela fa re sena go swa. (Moreri 9:5, 6, 10) Bakeresete ba boammaaruri ba tila dingwao tse di amanang le ditumelo tsa bodumedi jwa maaka. * Ga re kitla re letla batho ba bangwe gore ba re gatelele go tlola melao ya Baebele e e malebana le kobamelo e e phepa.—Ditiro 5:29.

11. Go nna phepa mo boitsholong go akaretsa eng, mme ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne re le phepa mo boitsholong?

11 Go nna phepa mo boitsholong. Go nna re le phepa mo boitsholong go akaretsa go tila boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo jwa mofuta mongwe le mongwe fela. (Bala Baefeso 5:5.) Go botlhokwa gore re nne re le phepa mo boitsholong. Jaaka re tla bona mo kgaolong e e latelang ya buka eno, re tshwanetse go ‘tshaba kgokafalo’ gore re tswelele re le mo loratong lwa Modimo. Bagokafadi ba ba sa ikwatlhayeng “ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10, 18) Mo matlhong a Modimo, batho ba ba ntseng jalo ke bangwe ba batho ba ba “ferosang sebete ka ntlha ya leswe la bone.” Fa ba sa nne phepa mo boitsholong, “kabelo ya bone e tla nna . . . loso lwa bobedi.”—Tshenolo 21:8.

12, 13. Se motho a se akanyang se amana jang le se a se dirang, mme re ka nna re le phepa jang mo mogopolong?

12 Go nna phepa mo mogopolong. Fa motho a akanya ka dilo o feleletsa a di dira. Fa re letla dikakanyo tse di sa siamang di nwelelela mo megopolong le mo dipelong tsa rona, go ise go ye kae re tla dira ditiro tse di seng phepa. (Mathaio 5:28; 15:18-20) Mme fa re tlatsa megopolo ya rona ka dikakanyo tse di itshekileng, tse di phepa, re ka tlhotlheletsega go nna re na le boitsholo jo bo phepa. (Bala Bafilipi 4:8.) Re ka dira jang gore re nne re le phepa mo mogopolong? Tsela nngwe e re ka dirang seno ka yone ke gore re tile mofuta mongwe le mongwe wa boitlosobodutu jo bo ka kgotlelang tsela e re akanyang ka yone. * Mo godimo ga moo, re ka tlatsa megopolo ya rona ka dikakanyo tse di phepa ka go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha.—Pesalema 19:8, 9.

13 Gore re tswelele re le mo loratong lwa Modimo, go botlhokwa gore re nne re le phepa semoyeng, mo boitsholong le mo mogopolong. Go nna phepa ka ditsela tseno go tlhalosiwa ka botlalo mo dikgaolong tse dingwe tsa buka eno. Jaanong a re sekasekeng karolo ya bonè—go nna phepa mo mmeleng.

RE KA NNA RE LE PHEPA JANG MO MMELENG?

14. Ke ka ntlha yang fa bophepa e se kgang ya motho ka esi?

14 Go nna phepa go akaretsa go boloka mebele le tikologo ya rona e le phepa. A go nna o le phepa jalo ke kgang ya gago o le esi e e sa ameng motho ope o sele? Ruri baobamedi ba ga Jehofa ba ka se lebe dilo jalo. Jaaka go setse go umakilwe, Jehofa o batla gore re nne phepa ka gonne go dira jalo go re solegela molemo e bile go dira gore batho ba bue sentle ka ene. Akanya ka sekai se se umakilweng kwa tshimologong. Fa o bona ngwana yo o nnang a le leswe kgotsa a sa apara diaparo tse di phepa, seo se dira gore o ipotse gore batsadi ba gagwe ke batho ba mofuta mang, a ga go jalo? Ga re batle gore tsela e re lebegang ka yone kgotsa e re tshelang ka yone e tlise kgobo mo go Rraarona yo o kwa legodimong kgotsa e dire gore batho ba se ka ba reetsa molaetsa o re o rerang. Lefoko la Modimo la re: “Ka tsela epe ga re neye lebaka lepe la go kgopisa, gore bodiredi jwa rona bo se ka jwa bonwa molato; mme ka tsela nngwe le nngwe re itshupa re le badiredi ba Modimo.” (2 Bakorintha 6:3, 4) Ka jalo, re ka dira jang gore re nne re le phepa?

15, 16. Mekgwa e e siameng ya go nna phepa e akaretsa eng, mme diaparo tsa rona di tshwanetse go lebega jang?

15 Go nna phepa mo mmeleng le tsela e re lebegang ka yone. Le fa ditso le maemo a botshelo a farologana go ya ka dinaga, gantsi re a bo re na le sesepa le metsi a a lekaneng gore re tlhape ka metlha le go tlhomamisa gore rona le bana ba rona re phepa. Mekgwa e e siameng ya go nna phepa e akaretsa go tlhapa diatla ka sesepa le metsi pele ga re ja kgotsa re tshwara dijo, fa re sena go dirisa ntlwana ya boithomelo, le fa re sena go tsetolola ngwana. Go tlhapa diatla ka sesepa le metsi go ka thibela malwetse e bile go ka boloka matshelo. Go ka thibela go anama ga megare e e kotsi, mme seo se ka thusa batho gore ba se ka ba tshwarwa ke malwetse a letshololo. Mo dinageng tse bontsi jwa matlo a se nang diphaepe tse di tsamaisang leswe la matlwana a boithomelo, gongwe leswe leo le ka katelwa, fela jaaka go ne go dirwa kwa Iseraele wa bogologolo.—Duteronome 23:12, 13.

16 Diaparo tsa rona le tsone di tshwanetse go tlhatswiwa ka metlha gore di nne phepa mme di lebege sentle. Ga go tlhokege gore diaparo tsa Mokeresete e nne tsa tlhwatlhwa e e kwa godimo kgotsa e nne tse di mo fesheneng, mme di tshwanetse go nna phepa le go lebega sentle. (Bala 1 Timotheo 2:9, 10.) Gongwe le gongwe kwa re leng teng, re batla gore tsela e re lebegang ka yone e “kgabise thuto ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo.”—Tito 2:10.

17. Ke ka ntlha yang fa legae la rona le tikologo di tshwanetse go nna phepa le go lebega sentle?

17 Legae la rona le tikologo. Legae la rona e ka tswa e se la manobonobo, mme le tshwanetse go nna phepa le go lebega sentle go ya kafa maemo a rona a re letlang ka gone. Ka tsela e e tshwanang, fa re dirisa koloi go ya kwa dipokanong le kwa bodireding jwa tshimo, re ka dira bojotlhe jwa rona go e boloka e le phepa, mo teng le kafa ntle. A re se lebaleng gore legae le le phepa le tikologo ka botsone di neela bosupi. Tota e bile, re ruta batho gore Jehofa ke Modimo yo o phepa, mme o tla “senya ba ba senyang lefatshe,” le gore Bogosi jwa gagwe bo tla tloga bo fetola lefatshe le re nnang mo go lone go nna paradaise. (Tshenolo 11:18; Luke 23:43) Ruri re batla gore tsela e legae la rona mmogo le e dilo tse re nang le tsone di lebegang ka yone e bontshe ba bangwe gore le gone jaanong re itlwaetsa mekgwa ya go nna phepa e e tla bong e tshwanela mo lefatsheng le lesha le le tlang.

Go nna phepa go akaretsa go boloka mebele le tikologo ya rona e le phepa

18. Re ka bontsha jang gore re tlotla Holo ya rona ya Bogosi?

18 Lefelo la rona la kobamelo. Tsela e re ratang Jehofa ka yone e re tlhotlheletsa gore re tlotle Holo ya rona ya Bogosi, e e leng lefelo la kobamelo ya boammaaruri. Fa batho ba ba sa tswang go kgatlhega ba tla kwa holong, re batla gore ba kgatlhiwe ke lefelo le re kopanelang mo go lone. Re tshwanetse go phepafatsa holo ka metlha le go e tlhokomela go tlhomamisa gore e nna e lebega sentle. Re bontsha gore re tlotla Holo ya rona ya Bogosi ka go dira se re ka se kgonang go e boloka e le mo maemong a a siameng. Ke tshiamelo go ithaopela go dirisa nako ya rona go thusa go phepafatsa le go ‘mamatlela le go baakanya’ lefelo la rona la kobamelo. (2 Ditiragalo 34:10) Re tla dira jalo le fa re kopanetse mo Holong ya Dikopano kgotsa mo lefelong le lengwe le re tshwarelang dikopano tse dinnye kgotsa tse dikgolo mo go lone.

GO TILA MEKGWA LE DITLWAELO TSE DI LESWAFATSANG

19. E le gore re nne re le phepa mo mmeleng, re tshwanetse go tila eng mme Baebele e re thusa jang mo go seno?

19 E le gore re nne re le phepa mo mmeleng, re tshwanetse go tila mekgwa le ditlwaelo tse di leswafatsang tse di jaaka go goga, go nwa bobe le go dirisa diokobatsi tse di tshwakgolang mme re di dirisa ka mabaka a e seng a kalafi, kgotsa go dirisa diokobatsi tse di amang tlhaloganyo. Baebele ga e umake ka tlhamalalo mekgwa le ditlwaelo tsotlhe tse di seng phepa le tse di makgapha tse di anameng gompieno, mme e na le melaometheo e e re thusang go lemoga kafa Jehofa a tshwanetseng a bo a ikutlwa ka gone ka dilo tseno. Ka gonne re itse kafa Jehofa a lebang dilo ka gone, tsela e re mo ratang ka yone e re tlhotlheletsa go dira dilo tse a di amogelang. A re sekasekeng melaometheo e le metlhano ya Dikwalo.

20, 21. Jehofa o batla gore re tlogele mekgwa efe, mme re na le lebaka lefe le le utlwalang la go ikobela taelo eo?

20 “E re ka re na le ditsholofetso tseno, baratwa, a re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Jehofa o batla gore re tlogele mekgwa e e leswafatsang mebele ya rona le e e senyang moya wa rona, ke gore maikutlo a a tlhotlheletsang mogopolo wa rona. Ka jalo re tshwanetse go tila go dirisa dilo tse di tshwakgolang tse di itsegeng di le kotsi mo mmeleng le mo tlhaloganyong.

21 Baebele e re naya lebaka le le utlwalang la go bo re tshwanetse go ‘intlafatsa leswe lengwe le lengwe.’ Ela tlhoko gore 2 Bakorintha 7:1 e simolola ka go re: “E re ka re na le ditsholofetso tseno.” Ditsholofetso dife? Jaaka go umakilwe mo ditemaneng tse di tlang pele ga eo, Jehofa o solofetsa jaana: “Ke tla lo amogela. Ke tla nna rraalona.” (2 Bakorintha 6:17, 18) Akanya fela: Jehofa o solofetsa gore o tla go tlhokomela e bile o tla go rata fela jaaka rre a tlhokomela e bile a rata morwawe kgotsa morwadie. Mme Jehofa o tla diragatsa ditsholofetso tseno fa fela o ka tila dilo tse di leswafatsang “nama le moya.” Ruri e tla bo e le boeleele gore o letle mekgwa kgotsa ditlwaelo dipe tse di makgapha gore di dire gore o se ka wa nna le kamano e e molemo le Jehofa!

22-25. Ke melaometheo efe ya Dikwalo e e ka re thusang go tila mekgwa le ditlwaelo tse di seng phepa?

22 “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) Jesu o ne a re taelo eno ke yone e kgolo go di gaisa tsotlhe. (Mathaio 22:38) Jehofa o tshwanelwa ke gore re mo rate jalo. E le gore re mo rate ka pelo yotlhe ya rona, moya otlhe wa rona le mogopolo otlhe wa rona, re tshwanetse go tila mekgwa e e ka khutshwafatsang botshelo jwa rona kgotsa e e ka koafatsang bokgoni jwa rona jwa go akanya jo re bo neilweng ke Modimo.

23 [Jehofa] o naya batho botlhe botshelo le mohemo le dilo tsotlhe.” (Ditiro 17:24, 25) Botshelo ke mpho e e tswang kwa Modimong. Re rata Monei wa mpho eno, ka jalo re batla go e tlotla. Re tila mekgwa kgotsa ditlwaelo dingwe le dingwe tse di kotsi mo botsogong jwa rona, ka go bo re lemoga gore mekgwa eo e bontsha gore ga re tlotle mpho ya botshelo gotlhelele.—Pesalema 36:9.

24 “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Mathaio 22:39) Gantsi mekgwa le ditlwaelo tse di seng phepa ga di ame fela motho yo o di dirang mme di ama le batho ba ba gaufi le ene. Ka sekai, mosi wa motsoko o ka nna kotsi mo bathong ba ba gaufi ba ba sa gogeng. Motho yo o gobatsang batho ba ba gaufi le ene o tlola molao wa Modimo wa gore re rate moagelani wa rona. Gape seo se bontsha gore ga a bue boammaaruri fa a re o rata Modimo.—1 Johane 4:20, 21.

25 ‘Lo nne mo taolong lo bo lo nne kutlo mo dipusong le mo balaoding jaaka babusi.’ (Tito 3:1) Mo dinageng di le dintsi, go tshola diokobatsi dingwe kgotsa go di dirisa ke tlolomolao. Rona Bakeresete ba boammaaruri, ga re tshole diokobatsi tse di seng kafa molaong e bile ga re di dirise.—Baroma 13:1.

26. (a) Re tshwanetse go dira eng gore re tswelele re le mo loratong lwa Modimo? (b) Ke ka ntlha yang fa go nna re le phepa mo matlhong a Modimo e le tsela e e molemolemo ya botshelo?

26 E le gore re tswelele re le mo loratong lwa Modimo, re tshwanetse go nna re le phepa mo dilong tsotlhe e seng mo dilong di le mmalwa fela. Go tlogela mekgwa le ditlwaelo tse di leswafatsang le go nna re sa di dire go ka nna boima, mme re ka go kgona. * Tota e bile, ga go na tsela epe ya botshelo e e molemo go gaisa eo, ka go bo ka metlha Jehofa o re ruta gore re solegelwe molemo. (Bala Isaia 48:17.) Sa botlhokwa le go feta, fa re nna re le phepa re tla kgotsofadiwa ke go itse gore re dira gore batho ba bangwe ba bue sentle ka Modimo yo re mo ratang, mme ka go dira jalo re tla tswelela re le mo loratong lwa gagwe.

^ ser. 2 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “phepa” ga le reye go nna phepa mo mmeleng fela mme gape le raya go nna phepa mo boitsholong le semoyeng.

^ ser. 26 Bona lebokose la setlhogo se se reng “ A ke Lwela go Dira se se Siameng?” le le le fa godimo le le reng “ Mo Modimong Dilo Tsotlhe di a Kgonega.”

^ ser. 67 Leina le fetotswe.