Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 11

“A Lenyalo le Tlotlege”

“A Lenyalo le Tlotlege”

“Ipele le mosadi wa bosha jwa gago.” —DIANE 5:18.

1, 2. Re tlile go tlotla ka potso efe, mme ka ntlha yang?

A O NYETSE kana o nyetswe? Fa e le gore go ntse jalo, a o itumetse mo lenyalong kana o na le mathata a a masisi a lenyalo? A wena le molekane wa gago ga lo tlhole lo atamalane jaaka pele? A o itshokile fela mo lenyalong mme go se monate? Fa e le gore o mo boemong joo, o ka tswa o utlwisiwa botlhoko ke gore lorato lo wena le molekane wa gago lo kileng lwa bo lo ratana ka lone jaanong lo tsidifetse. Ka gonne o le Mokeresete, o tshwanetse wa bo o ka rata gore lenyalo la gago le galaletse Jehofa, Modimo yo o mo ratang. Ka jalo, boemo jo o leng mo go jone bo ka tswa bo go tshwenya e bile bo go utlwisa botlhoko. Fa e le gore go ntse jalo, tsweetswee o se ka wa itlhoboga.

2 Gompieno, go na le banyalani ba Bakeresete ba ba kileng ba bo ba le mo manyalong a a neng a tshwere fela ka tlhale, a se na boitumelo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba bona ditsela tsa go nonotsha manyalo a bone. Le wena o ka kgona go itumela mo lenyalong la gago. O ka dira seo jang?

GO ATAMALANA LE MODIMO LE GO ATAMALANA LE MOLEKANE WA GAGO

3, 4. Banyalani ba ka atamalana jang fa ba ntse ba leka go atamalana le Modimo? Tshwantsha.

3 Fa wena le molekane wa gago lo ntse lo leka go atamalana le Modimo, le lona lo tla atamalana. Seo se ka direga jang? Sekaseka setshwantsho seno: Akanya ka thaba e e sephara kwa tlase mme e le tshesane kwa setlhoeng. Monna o eme kwa tlase fa mhapheng wa thaba go ela kafa bokone mme mosadi ene o eme kafa letlhakoreng le lengwe la thaba, kwa tlase fa mhapheng o o kafa borwa. Boobabedi ba simolola go palamelela thaba. Fa ba sa ntse ba le kwa tlase ga thaba, go na le sekgala se segolo fa gare ga bone. Mme fa ba ntse ba palamelela ba ya kwa godimo go ela kwa setlhoeng sa thaba, sekgala se se fa gare ga bone se ntse se fokotsega. Setshwantsho seno se re ruta thuto efe e e kgothatsang?

4 Maiteko a o a dirang go direla Jehofa ka botlalo a ka bapisiwa le matsapa a o a tsayang fa o palama thaba. Ka gonne o rata Jehofa, o setse o leka ka natla go palama thaba ka tsela ya tshwantshetso. Le fa go ntse jalo, fa e le gore wena le molekane wa gago ga lo tlhole lo atamalane jaaka pele, seo se ka raya gore lo palama thaba mo matlhakoreng a a sa tshwaneng. Mme go diregang fa lo ntse lo palamelela? Ee gone, kwa tshimologong go ka nna le sekgala se segolo fa gare ga lona. Le fa go ntse jalo, fa lo ntse lo dira maiteko a go atamalana le Modimo—lo palamelela kwa godimo ga thaba—wena le molekane wa gago lo tla atamalana. Eleruri go atamalana le Modimo go tla dira gore o atamalane le molekane wa gago. Mme tota o ka dira seo jang?

Fa lo dirisa kitso ya Baebele, e ka kgona go nonotsha lenyalo la lona

5. (a) Tsela e nngwe ya go atamalana le Jehofa le molekane wa gago wa lenyalo ke efe? (b) Jehofa o leba lenyalo jang?

5 Tsela e nngwe ya botlhokwa e wena le molekane wa gago lo ka palamelelang ka yone ka tsela ya tshwantshetso, ke ka go tsaya tsia kgakololo e e mo Lefokong la Modimo malebana le lenyalo. (Pesalema 25:4; Isaia 48:17, 18) Ka jalo, sekaseka kgakololo nngwe e e neng ya newa ke moaposetoloi Paulo. O ne a re: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe.” (Bahebera 13:4) Seno se kaya eng? Go ‘tlotlega’ go raya gore sengwe se tseelwa kwa godimo e bile se tlhwatlhwakgolo. Mme Jehofa o leba lenyalo fela jalo—o le tseela kwa godimo e bile o le tsaya le le tlhwatlhwakgolo.

O TLHOTLHELEDIWA KE GO RATA JEHOFA GO TSWA PELONG

6. Ditemana tse di dikologileng kgakololo e Paulo a neng a e naya malebana le lenyalo di bontsha eng, mme ke eng fa go le botlhokwa gore motho a nne a gakologetswe seo?

6 Ka gonne wena le molekane wa gago lo batlhanka ba Modimo, lo setse lo itse gore lenyalo le tlhwatlhwakgolo, tota e bile le boitshepo. Jehofa ke ene a simolotseng thulaganyo ya lenyalo. (Bala Mathaio 19:4-6.) Le fa go ntse jalo, fa e le gore wena le molekane wa gago lo na le mathata a lenyalo gone jaanong, go itse gore lenyalo le a tlotlega ga se gone fela go ka lo tlhotlheletsang gore lo tshwarane ka lorato le tlotlo. Ka jalo, ke eng se se tla lo tlhotlheletsang gore lo tshwarane jalo? Ela tlhoko kafa Paulo a neng a tlhalosa kgang eno ya go bontsha tlotlo ka gone. Ga a ka a re, “lenyalo le a tlotlega”; mme o rile, “a lenyalo le tlotlege.” Paulo o ne a sa akgele fela ka se se diregang; o ne a kgothatsa. * Go nna o gakologetswe pharologanyo eo go ka go kgothatsa gore o tsosolose tsela e o tlotlang molekane wa gago ka yone. Seo se ka direga jang?

7. (a) Re ikobela ditaelo dife tsa Dikwalo, mme ka ntlha yang? (b) Go nna kutlo go na le matswela afe a a molemo?

7 A ko o akanye ka nakwana kafa o lebang ditaelo tse dingwe tsa Dikwalo ka gone, jaaka taelo ya go dira barutwa kgotsa kgothatso ya gore re kopane mme re obamele mmogo. (Mathaio 28:19; Bahebera 10:24, 25) Gone ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe go ikobela ditaelo tseo go ka nna thata. Batho ba o ba rerelang ba ka nna ba se ka ba amogela molaetsa, kgotsa tiro ya gago ya boitshediso e ka tswa e go lapisa thata mo e leng gore o thatafalelwa ke go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Le fa go ntse jalo, o tswelela o rera molaetsa wa Bogosi, e bile o tswelela o nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ga go na ope yo o ka go thibelang go dira jalo—le fa e le Satane tota! Ka ntlha yang? Ka gonne tsela e o ratang Jehofa ka yone go tswa pelong e go tlhotlheletsa go ikobela ditaelo tsa gagwe. (1 Johane 5:3) Seo se ka nna le matswela afe a a molemo? Go nna le seabe mo tirong ya go rera le go nna gone kwa dipokanong go dira gore o nne le kagiso ya mogopolo mme o itumele thata ka gonne o itse gore o dira thato ya Modimo. Mme fa o ikutlwa jalo, o boa o nna le nonofo gape. (Nehemia 8:10) Re ithutang mo go seno?

8, 9. (a) Ke eng se se ka re tlhotlheletsang go ikobela kgothatso ya go dira gore lenyalo le tlotlege, mme ka ntlha yang? (b) Re tlile go sekaseka dintlha dife tse pedi?

8 Fela jaaka lorato lo logolo lo o ratang Modimo ka lone lo go tlhotlheletsa gore le fa o lebana le mathata o ikobele ditaelo tsa go rera le go kopanela mmogo le baobamedi ka wena, ka tsela e e tshwanang lorato lo o ratang Jehofa ka lone lo ka go tlhotlheletsa go ikobela kgothatso ya Dikwalo ya go dira gore “lenyalo [la gago] le tlotlege,” le fa go dira jalo go ka lebega go le thata. (Bahebera 13:4; Pesalema 18:29; Moreri 5:4) Gape, fela jaaka Modimo a segofatsa maiteko a o a dirang go rera le go kopanela mmogo le baobamedi ka wena, Jehofa o tla bona gore o tsaya matsapa go dira gore lenyalo la gago le tlotlege e bile o tla go segofatsa.—1 Bathesalonika 1:3; Bahebera 6:10.

9 Ka jalo, o ka dira jang gore lenyalo la gago le tlotlege? O tshwanetse go tila go dira dilo tse di tla thubang lenyalo la gago. Mme gape o tshwanetse go dira dilo dingwe tse di tla nonotshang lenyalo la gago.

TILA GO BUA LE GO ITSHWARA KA TSELA E E TLONTLOLOLANG LENYALO

10, 11. (a) Ke boitshwaro jwa mofuta mang jo bo tlontlololang lenyalo? (b) O tshwanetse go botsa molekane wa gago potso efe?

10 Nako nngwe mosadi mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Ke rapela Jehofa gore a nthuse go itshoka.” Gore a itshokele eng? O ne a re: “Monna wa me o ntlhaba ka mafoko. Nka tswa ke se na mabadi kafa ntle, mme mafoko a gagwe a a nnang a ntshotla ka one, a a jaaka, ‘O morwalo!’ le ‘Ga o na mosola!’ a mphatlotse pelo.” Mosadi yono o bua ka sengwe se se masisi thata—puo e e kgobang mo lenyalong.

11 A bo go hutsafatsa jang fa balekane ba lenyalo mo malapeng a Bakeresete ba tlhabana ka mafoko, mme ka go dira jalo ba utlwisana botlhoko mo maikutlong ka tsela e e tseneletseng! Ruri lenyalo le mo go lone balekane ba tlhabanang ka mafoko jalo ga le tlotlege. Wena dilo di tsamaya jang mo lenyalong la gago? Tsela e nngwe ya go bona karabo ya potso eno ke ka go botsa molekane wa gago ka boikokobetso o re, “Tsela e ke buang le wena ka yone e go ama jang?” Fa e le gore molekane wa gago a re gantsi mafoko a gago a mo utlwisa botlhoko thata mo maikutlong, o tshwanetse go ikemisetsa go tokafatsa tsela e o buang le ene ka yone.—Bagalatia 5:15; bala Baefeso 4:31.

12. Go ka direga jang gore Modimo a tseye kobamelo ya motho e se na mosola?

12 O nne o gakologetswe gore tsela e o dirisang loleme lwa gago ka yone mo lenyalong e ama kamano ya gago le Jehofa. Baebele ya re: “Fa motho mongwe a ipona a le moobamedi kafa mokgweng le fa go ntse jalo a sa laole loleme lwa gagwe, mme a tswelela a tsietsa pelo ya gagwe, mofuta wa kobamelo wa motho yono ga o na mosola.” (Jakobe 1:26) Tsela e o buang ka yone e amana thata le kobamelo ya gago. Baebele ga e dumalane le kgang ya gore se motho a se dirang kwa gae ga se re sepe fa fela a ipolela gore o direla Modimo. Tsweetswee, o se ka wa itsietsa. Eno ke kgang e e masisi. (Bala 1 Petere 3:7.) O ka tswa o na le bokgoni e bile o tlhoafetse mo kobamelong, mme fa o tlhaba molekane wa gago ka boomo ka mafoko, o tlontlolola thulaganyo ya lenyalo mme Modimo a ka tsaya kobamelo ya gago e se na mosola.

13. Motho a ka utlwisa molekane wa gagwe wa lenyalo botlhoko jang mo maikutlong?

13 Gape balekane ba lenyalo ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba utlwisana botlhoko mo maikutlong ka ditsela tse dingwe. Sekaseka dikai tseno tse pedi: Kgaitsadi mongwe yo o sa nyalwang yo o nang le bana o founela monna wa Mokeresete yo o nyetseng kgapetsakgapetsa gore a kope kgakololo, mme ba bua sebaka se seleele; mokaulengwe mongwe yo o sa nyalang wa Mokeresete o dirisa nako e ntsi beke le beke a bereka le kgaitsadi yo o nyetsweng wa Mokeresete mo tirelong ya tshimo. Mokaulengwe yo o nyetseng le kgaitsadi yo o nyetsweng ba go buiwang ka bone mo dikaing tseno ba ka tswa ba se na maikaelelo ape a a sa siamang; mme le fa go ntse jalo, tsela e ba itshwarang ka yone e ama balekane ba bone ba lenyalo jang? Mosadi mongwe yo o nyetsweng yo o neng a lebane le boemo jo bo ntseng jalo o ne a re: “Go nkutlwisa botlhoko go bona monna wa me a dirisa nako e ntsi jaana a na le kgaitsadi yo mongwe mo phuthegong e bile a tlwaelane le ene ka tsela e e feteletseng. Go dira gore ke ikutlwe ke se motho wa sepe.”

14. (a) Genesise 2:24 e tlhalosa maikarabelo afe a lenyalo? (b) Re tshwanetse go ipotsa potso efe?

14 Go a utlwala go bo mosadi yono le ba bangwe ba ba mo boemong jo bo tshwanang mo manyalong a bone ba ka utlwisiwa botlhoko ke seno. Balekane ba bone ba tlhokomologa taelo ya Modimo ya konokono malebana le lenyalo: ‘Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe.’ (Genesise 2:24) Ke boammaaruri gore batho ba ba nyetseng kana ba ba nyetsweng ba ntse ba tlotla batsadi ba bone; le fa go ntse jalo, thulaganyo ya Modimo ke gore balekane ba bone ba lenyalo e nne bone ba tlang pele. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba rata badumedi mmogo le bone fela thata; mme balekane ba bone ba lenyalo e tshwanetse go nna bone ba tlang pele. Ka jalo, fa Bakeresete ba ba nyetseng kana ba ba nyetsweng ba dirisa nako e ntsi thata ba na le badumedi mmogo le bone kana ba tlwaelana le bone ka tsela e e feteletseng, segolobogolo fa e le ba bong bo sele, seno se ka baka mathata mo lenyalong. A seno e ka tswa e le sone se se bakang mathata mo lenyalong la gago? Ipotse jaana, ‘A tota ke ipha nako e e lekaneng ke na le molekane wa me, ke mo naya tlhokomelo, e bile ke mmontsha lorato jaaka ke tshwanetse?’

15. Go ya ka Mathaio 5:28, ke eng fa Bakeresete ba ba mo lenyalong ba tshwanetse go tila go tlwaelana ka tsela e e sa tshwanelang le mongwe wa bong bo sele?

15 Mo godimo ga moo, fa Bakeresete ba ba mo lenyalong ba tlwaelana ka tsela e e sa tshwanelang le batho ba bong bo sele ba ba sa nyalanang le bone, ba itsenya mo kotsing. Go utlwisa botlhoko gore Bakeresete bangwe ba ba nyetseng kana ba ba nyetsweng ba ile ba simolola go ratana le motho mongwe wa bong bo sele yo ba neng ba tlwaelane thata le ene. (Mathaio 5:28) Mme go ratana ga bone go ile ga felela ka gore ba itshware ka tsela e e tlontlololang lenyalo le go feta. Ela tlhoko se moaposetoloi Paulo a neng a se bua ka kgang eno.

“BOLAO JWA LENYALO BO NNE BO SA LESWAFALA”

16. Paulo o naya taelo efe malebana le lenyalo?

16 Fela fa Paulo a sena go naya kgothatso ya gore “lenyalo le tlotlege,” o ne a tlhagisa jaana: “[A] bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala, gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.” (Bahebera 13:4) Paulo o ne a dirisa mafoko a a reng “bolao jwa lenyalo” go kaya tlhakanelodikobo. Tlhakanelodikobo ga e a “leswafala,” kana e phepa, fela fa batho ba ba tlhakanelang dikobo e le banyalani. Ka jalo, Bakeresete ba tsaya tsia mafoko ano a a tlhotlheleditsweng: “Ipele le mosadi wa bosha jwa gago.”—Diane 5:18.

17. (a) Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba sa tshwanela go tlhotlhelediwa ke tsela e batho ba bantsi mo lefatsheng ba lebang boaka ka yone? (b) Re ka latela jang sekao sa ga Jobe?

17 Batho ba ba tlhakanelang dikobo le mongwe yo e seng molekane wa bone wa lenyalo ba bontsha gore ga ba tlotle melao ya Modimo ya boitsholo gotlhelele. Ke boammaaruri gore batho ba bantsi gompieno ba tsaya boaka bo itshiametse fela. Le fa go ntse jalo, tsela e batho ba bangwe ba lebang boaka ka yone ga e a tshwanela go tlhotlheletsa tsela e Bakeresete ba bo lebang ka yone. Ba lemoga gore kwa bofelong, ke “Modimo [yo] o tla atlhola[ng] bagokafadi le baakafadi,” ga se batho. (Bahebera 10:31; 12:29) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba leba kgang eno jaaka Modimo a e leba. (Bala Baroma 12:9.) Gakologelwa gore Jobe, yo e neng e le tlhogo ya lotso o ne a re: “Ke dirile kgolagano le matlho a me.” (Jobe 31:1) Ee, e le gore Bakeresete ba boammaaruri ba tile go tsaya kgato epe fela e e ka gogelang kwa boakeng, ba laola matlho a bone mme ga ba ke ba leba motho wa bong bo sele yo ba sa nyalanang le ene ka go mo eletsa.—Bona setlhogo sa Dintlha Tse di Oketsegileng se se reng, “Se Baebele e se Buang ka Tlhalo le go Kgaogana.”

18. (a) Jehofa o tsaya boaka bo le masisi go le kana kang? (b) Boaka le kobamelo ya medingwana di tshwana jang?

18 Jehofa o tsaya boaka bo le masisi go le kana kang? Molao wa ga Moshe o re thusa go tlhaloganya gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang eno. Kwa Iseraele, boaka le kobamelo ya medingwana e ne e le melato e motho a neng a e otlhaelwa ka go bolawa. (Lefitiko 20:2, 10) A o kgona go bona kafa boaka le kobamelo ya medingwana di tshwanang ka gone? Fa Moiseraele a ne a obamela modingwana o ne a senya kgolagano ya gagwe le Jehofa. Ka tsela e e tshwanang, fa Moiseraele a ne a dira boaka o ne a senya kgolagano ya gagwe le molekane wa gagwe wa lenyalo. Boobabedi ba ne ba dirile ka boferefere. (Ekesodo 19:5, 6; Duteronome 5:9; bala Malaki 2:14.) Ka jalo, Jehofa, Modimo yo o ikanyegang, o ne a ba tsaya ba le molato ka bobedi jwa bone.—Pesalema 33:4.

19. Ke eng se se ka dirang gore motho a ititeye sehuba le go feta gore a se ka a dira boaka, mme ka ntlha yang?

19 Ee gone, Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao wa ga Moshe. Mme fa Bakeresete ba gakologelwa gore kwa Iseraele wa bogologolo boaka bo ne bo tsewa e le boleo jo bo masisi, seo se ka dira gore ba ititeye sehuba le go feta gore ba se ka ba bo dira. Ka ntlha yang? Akanya ka papiso eno: A go ka direga gore o tsene mo kerekeng, o khubame ka mangole mme o rapele fa pele ga setshwantsho? O tla re, ‘Nka se tsoge ke dirile sengwe se se ntseng jalo!’ Mme a o ne o ka raelesega go dira jalo fa o ne o ka solofediwa gore o tla newa madi a mantsi? O tla re, ‘Legoka!’ Ee ruri, le go akanya fela ka go sa ikanyege mo go Jehofa ka go obamela modingwana go ferosa Mokeresete wa boammaaruri sebete. Ka tsela e e tshwanang, Bakeresete ba tshwanetse go ferosiwa sebete le ke go akanya fela ka go sa ikanyege mo Modimong wa bone, Jehofa, le mo molekaneng wa bone wa lenyalo ka go dira boaka—go sa kgathalesege gore ba tlhotlheleditswe ke eng go bo dira. (Pesalema 51:1, 4; Bakolosa 3:5) Ga re batle gore le ka motlha re dire sengwe se se tla itumedisang Satane mme se tlontlolola Jehofa thata mmogo le thulaganyo e e boitshepo ya lenyalo.

KAFA O KA NONOTSHANG LENYALO LA GAGO KA GONE

20. Ke eng se se diregileng mo manyalong mangwe? Dira papiso.

20 Mo godimo ga go tila boitshwaro jo bo tlontlololang lenyalo, o ka dira dilo dife gore o tsosolose tsela e o tlotlang molekane wa gago wa lenyalo ka yone? Go araba potso eo, tsaya lenyalo e le ntlo. Go tswa foo, tsaya mafoko a a buiwang ka bopelontle, ditiro tsa bopelonomi le mafoko a mangwe a a bontshang tlotlo a banyalani ba a dirisang fa ba buisana, e le mekgabisa e e ntlafatsang ntlo. Fa lo atamalane, lenyalo la lona le tshwana le ntlo e e nang le mekgabisa ya mebalabala e e dirang gore e nne ntle. Fa lorato lwa lona lo fokotsega, mekgabisa eo e fela ka bonya ka bonya, mme kgabagare lenyalo la lona le sala le tshwana le ntlo e e se nang mekgabisa. Ka gonne o rata go ikobela taelo ya Modimo ya gore “lenyalo le tlotlege,” seo se tla go kgothatsa gore o tokafatse boemo. Tota e bile, sengwe se se tlhwatlhwakgolo le se se tlotlegang se tshwanelwa ke go baakanngwa, kana go tsosolosiwa. O ka dira seo jang? Lefoko la Modimo la re: “Ntlo e tla agiwa ka botlhale, mme e tla tlhomamisiwa thata ka temogo. Mme ka kitso diphaposi tse di kwa teng di tla tladiwa ka dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo le tse dintle tse di rategang.” (Diane 24:3, 4) Akanya kafa mafoko ao a ka dirisiwang ka gone mo lenyalong.

21. O ka nonotsha lenyalo la gago jang ka bonya ka bonya? (Bona lebokose le le reng “ Nka Tokafatsa Lenyalo la me Jang?”)

21 Dingwe tsa ‘dilo tse di tlhwatlhwakgolo’ tse di tletseng mo legaeng le le itumetseng ke dinonofo tse di tshwanang le lorato lwa mmatota, poifomodimo le tumelo e e nonofileng. (Dia. 15:16, 17; 1 Pet. 1:7) Di nonotsha lenyalo. A mme o etse tlhoko kafa diphaposi tse di mo seaneng se se fa godimo di tladitsweng ka dilo tse di tlhwatlhwakgolo ka gone? Di tladitswe “ka kitso.” Ee, fa batho ba dirisa kitso ya Baebele, e ka kgona go fetola tsela e ba akanyang ka yone le go ba tlhotlheletsa go tsosolosa lorato lo ba ratanang ka lone. (Baroma 12:2; Bafilipi 1:9) Ka jalo, nako le nako fa wena le molekane wa gago lo nna fa fatshe mme lo bala ditemana dingwe tsa Baebele tse di amanang le lenyalo, jaaka temana ya letsatsi kana setlhogo sengwe se se theilweng mo Baebeleng se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo kana Tsogang!, go nna jaaka e kete lo sekaseka mokgabisa o montle o o ka kgabisang ntlo ya lona. Fa lorato lo o ratang Jehofa ka lone lo go tlhotlheletsa gore mo lenyalong la gago o dirise kgakololo e lo fetsang go bala ka yone, go nna jaaka e kete o tlisa mokgabisa oo mo ‘diphaposing tse di kwa teng.’ Fa o dira jalo, lorato le boitumelo tse lo kileng lwa bo lo na le tsone mo lenyalong la lona di ka boa.

22. Fa o ntse o tsaya matsapa a go nonotsha lenyalo la gago, o tla kgotsofadiwa ke eng?

22 Ke boammaaruri gore go ka tlhokega nako e ntsi le gore o tseye matsapa go busetsa mongwe le mongwe wa mekgabisa eo mo mannong a yone. Mme fa o dira maiteko a gore o dire seabe sa gago, o tla kgotsofadiwa thata ke go itse gore o ikobela taelo eno ya Baebele: “Mo go bontshaneng tlotlo etelelang pele.” (Baroma 12:10; Pesalema 147:11) Sa botlhokwa le go feta, matsapa a o a tsayang go dira gore lenyalo la gago le tlotlege a tla dira gore o nne o le mo loratong lwa Modimo.

^ ser. 6 Ditemana tse di dikologileng kgang eno di bontsha gore kgakololo ya ga Paulo ka lenyalo ke nngwe ya dikgothatso tse dintsi tse a neng a di naya.—Bahebera 13:1-5.