Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 14

Ikanyege mo Dilong Tsotlhe

Ikanyege mo Dilong Tsotlhe

“Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—BAHEBERA 13:18.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a itumela fa a bona re leka go ikanyega? Naya sekai.

MMÈ mongwe o tswa mo lebenkeleng a na le mosimanyana wa gagwe. Ka tshoganyetso, mosimanyana o a ema, a lebega a tshogile. O tshotse setshamekisiwa se sennye se a se tsereng mo lebenkeleng. O lebetse go se busetsa fa a se tsereng teng kgotsa go kopa mmaagwe gore a se mo rekele. Ka kutlobotlhoko, o lelela mmaagwe gore a mo thuse. Mmaagwe o a mo gomotsa a bo a boela le ene mo lebenkeleng gore a buse setshamekisiwa a bo a kope maitshwarelo. Fa mosimanyana a ntse a dira jalo, mmaagwe o itumela thata e bile o ikutlwa a le motlotlo ka morwawe. Ka ntlha yang?

2 Batsadi ba itumela thata fa ba bona gore bana ba bone ba lemoga kafa go ikanyega go leng botlhokwa ka teng. Mme Rraarona yo o kwa legodimong, “Modimo wa boammaaruri,” le ene o ikutlwa jalo. (Pesalema 31:5) Fa a re bona re ntse re gola semoyeng, o itumelela go bona re leka go ikanyega. E re ka re batla go mo itumedisa le go nna re le mo loratong lwa gagwe, re na le maikutlo a a tshwanang le a ga moaposetoloi Paulo fa a ne a re: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) A re sekasekeng maemo a le manè mo botshelong a ka dinako dingwe re ka nnang ra fitlhela go se motlhofo go ikanyega mo go one. Go tswa foo re tla tlotla kafa re ka solegelwang molemo ka teng fa re ikanyega.

GO IPONA KA TSELA E TOTA RE NTSENG KA YONE

3-5. (a) Lefoko la Modimo le re tlhagisa jang malebana le kafa go itsietsa go leng kotsi ka teng? (b) Ke eng se se tla re thusang gore re ipone ka tsela e tota re ntseng ka yone?

3 Bothata jo bogolo jo re lebanang le jone ke go ipona ka tsela e tota re ntseng ka yone. E re ka re sa itekanela, go motlhofo gore re itsietse. Ka sekai, Jesu o ne a bolelela Bakeresete ba kwa Laodikia gore ba ne ba itsieditse ka go akanya gore ba humile mme tota ba ‘humanegile, ba foufetse e bile ba sa ikatega’ semoyeng—ba le mo seemong se se tlhomolang pelo eleruri. (Tshenolo 3:17) Go itsietsa ga bone go ne go dira fela gore seemo sa bone se nnele maswe kwa pele.

4 Gape o ka nna wa gakologelwa gore morutwa Jakobe o ne a tlhagisa jaana: “Fa motho mongwe a ipona a le moobamedi kafa mokgweng le fa go ntse jalo a sa laole loleme lwa gagwe, mme a tswelela a tsietsa pelo ya gagwe, mofuta wa kobamelo wa motho yono ga o na mosola.” (Jakobe 1:26) Fa re ka akanya gore re ka dirisa loleme lwa rona ka tsela e e sa tshwanelang mme re bo re ntse re obamela Jehofa ka tsela e a e amogelang, re tla bo re itsietsa fela. Kobamelo ya rona mo go Jehofa e tla bo e se na mosola, e le lefela fela. Ke eng se se ka dirang gore re se ka ra ikutlwisa botlhoko jalo?

5 Mo ditemaneng tse di tlang pele fela ga Jakobe 1:26, Jakobe o tshwantsha boammaaruri jwa lefoko la Modimo le seipone. O re gakolola gore re tlhodumele mo molaong o o itekanetseng wa Modimo mme re dire diphetogo tse di tlhokegang. (Bala Jakobe 1:23-25.) Baebele e ka re thusa gore re ipone ka tsela e tota re ntseng ka yone mme re bone se re tlhokang go se dira go tokafatsa dilo. (Dikhutsafalo 3:40; Hagai 1:5) Gape re ka rapela Jehofa re mo kopa gore a re tlhatlhobe, a re thuse go bona le go baakanya makoa ape a a masisi a re nang le one. (Pesalema 139:23, 24) Go sa ikanyege ke bokoa jo bo fitlhegileng, mme re tshwanetse go bo leba ka tsela e Rraarona yo o kwa legodimong a bo lebang ka yone. Diane 3:32 ya re: “Motho yo o tsietsang ke selo se se makgapha mo go Jehofa, mme O atamalane thata le bathokgami.” Jehofa a ka re thusa gore re ikutlwe ka tsela e ene a ikutlwang ka yone re bo re itebe jaaka ene a re leba. Gakologelwa gore Paulo o ne a re: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi.” Gone jaanong re dira diphoso, mme re eletsa ka pelo yotlhe e bile re leka ka tlhoafalo gore re ikanyege.

BOIKANYEGI MO LELAPENG

Go ikanyega go re thusa go tila boitshwaro jo re ka nnang ra raelesega go bo fitlha

6. Ke ka ntlha yang fa banyalani ba tshwanetse go ikanyega mo balekaneng ba bone, mme ba ka tila dikotsi dife ka go dira jalo?

6 Malapa a Bakeresete a tshwanetse go itsege ka boikanyegi. Ka jalo, monna le mosadi ba tshwanetse go buisana ka boikanyegi e bile ba phuthologile. Mo manyalong a Bakeresete ga go a tshwanela go nna le mekgwa e e utlwisang botlhoko, e e leswe, e e jaaka go bontsha maikutlo a lorato mo mothong yo o sa nyalanang le ene, go ratana ka sephiri le mongwe ka thulaganyo ya khomputara ya Internet, kgotsa go dirisa tshedimosetso e e hepisang ya mofuta ope fela. Bakeresete bangwe ba ba nyetsweng kgotsa ba ba nyetseng ba ile ba dira dilo tseo, ba di fitlhela balekane ba bone ba ba neng ba sa lemoge sepe. Go dira jalo ke go sa ikanyege. Ela tlhoko mafoko ano a ga Kgosi Dafide yo o ikanyegang: “Ga ke a nna le batho ba ba se nang boammaaruri; e bile ga ke tsene le ba ba fitlhang se ba leng sone.” (Pesalema 26:4) Fa e le gore o nyetse kgotsa o nyetswe, le ka motlha o se ka wa dira dilo tse di ka go raelang gore o fitlhele molekane wa gago se tota o leng sone!

7, 8. Ke dikai dife mo Baebeleng tse di ka thusang bana gore ba bone kafa boikanyegi bo leng botlhokwa ka teng?

7 Fa batsadi ba ruta bana ba bone kafa go ikanyega go leng botlhokwa ka teng, go tla bo go le botlhale gore ba dirise dikai tse di mo Baebeleng. Dikai tsa batho ba ba neng ba sa ikanyege ke tsa batho ba ba jaaka Akane, yo o neng a utswa a ba a leka go fitlha bogodu jwa gagwe; Gehasi, yo o neng a bua maaka gore a tle a bone madi; le Judase, yo o neng a utswa a bo a bua maaka ka letlhoo gore a tsenye Jesu mo kotsing.—Joshua 6:17-19; 7:11-25; 2 Dikgosi 5:14-16, 20-27; Mathaio 26:14, 15; Johane 12:6.

8 Mme dikai tsa batho ba ba ikanyegang di akaretsa sa ga Jakobe, yo o neng a rotloetsa bomorwawe gore ba buse madi a ba neng ba a fitlhetse mo dikgetsaneng tsa bone ka gonne a ne a dumela gore a ka tswa a tsentswe moo ka phoso; sa ga Jefetha le morwadie, yo o neng a diragatsa maikano a ga rraagwe le fa go dira jalo go ne go raya gore o tla latlhegelwa ke dilo tse dintsi; le sa ga Jesu, yo ka bopelokgale a neng a ipolela gore ke mang fa pele ga segopa se se mabifi gore boporofeti jo bo boletsweng ka ga gagwe bo diragale le gore ditsala tsa gagwe di sireletsege. (Genesise 43:12; Baatlhodi 11:30-40; Johane 18:3-11) Dikai tseno tse di seng kae di ka bontsha batsadi gore Lefoko la Modimo le na le tshedimosetso e ntsi ya botlhokwa e e ka ba thusang go ruta bana ba bone gore ba rate boikanyegi ba bo ba bo tseye bo le botlhokwa.

9. Batsadi ba tshwanetse go tila eng fa ba batla go tlhomela bana ba bone sekao sa go ikanyega, mme ke ka ntlha yang fa sekao se se ntseng jalo se le botlhokwa?

9 Go ruta bana jalo go rwesa batsadi maikarabelo a botlhokwa. Moaposetoloi Paulo o ne a botsa jaana: “A wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute? Wena, yo o rerang o re ‘O se ka wa utswa,’ a o a utswa?” (Baroma 2:21) Batsadi bangwe ba tlhakanya bana ba bone tlhogo ka go ba ruta gore ba ikanyege mme bone ba sa ikanyege. Ba ka nna ba ipuelela fa ba utswa dilo tse dinnye le go bua mafoko a tota a seng boammaaruri, ba re: “Gone ba ne ba ntse ba itse gore batho ba tla di tsaya” kgotsa “E ne e le maakanyana a a sa reng sepe fela.” Tota bogodu ke bogodu, le fa go ka tswa go utswilwe selo sa boleng jo bo kana kang, mme maaka ke maaka, le fa go ka tswa go builwe ka eng kgotsa e le maaka a a kana kang. * (Bala Luke 16:10.) Bana ba lemoga ka bofefo fa batsadi ba sa dire se ba se buang, mme seo se ka dira gore le bone ba latele mokgwa oo o o sa siamang. (Baefeso 6:4) Le fa go ntse jalo, fa ba ithuta go ikanyega mo batsading ba bone, ba ka nna ba gola mme ba nna batho ba ba galaletsang Jehofa mo lefatsheng leno le le tletseng go sa ikanyege.—Diane 22:6.

BOIKANYEGI MO PHUTHEGONG

10. Fa go tliwa mo kgannyeng ya go buisana ka boikanyegi le badumedi ka rona, re tshwanetse go nna kelotlhoko mo dilong dife?

10 Fa re ntse re dirisana le Bakeresete ba bangwe re ka kopana le maemo a mantsi a re ka bontshang gore re a ikanyega mo go one. Jaaka re ithutile mo Kgaolo 12, re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re dirisa jang mpho e re e filweng ya go bua, bogolo jang fa re na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo phuthegong. Go motlhofo gore motlotlo fela o o itshiametseng o felele ka tshebo e e kotsi, tota le go senya ba bangwe maina! Fa re tlotlela ba bangwe kgang e re sa tlhomamisegeng gore e boammaaruri go le kana kang re ka nna ra bo re anamisa maaka, ka jalo, go botoka thata go ela tlhoko se re se buang. (Diane 10:19) Ka fa letlhakoreng le lengwe, re ka tswa re itse gore sengwe se boammaaruri, mme seo ga se reye gore go siame go se bua. Ka sekai, kgang eo e ka tswa e sa re ame ka gope, kgotsa go bua ka yone go ka tswa go sa bontshe bopelontle. (1 Bathesalonika 4:11) Batho ba bangwe fa ba bua ka go tlhoka maitseo, ba re ba bua boammaaruri jaaka bo ntse, mme ka dinako tsotlhe re tshwanetse go bua ka bopelontle.—Bala Bakolosa 4:6.

11, 12. (a) Batho bangwe ba ba dirang maleo a a masisi ba raraanya dilo jang le go feta? (b) Mangwe a maaka a Satane a a rotloetsang malebana le maleo a a masisi ke afe, mme re ka a ganetsa jang? (c) Re ka bontsha jang gore re a ikanyega mo phuthegong ya ga Jehofa?

11 Go botlhokwa gore re ikanyege segolobogolo fa re buisana le ba ba eteletseng pele mo phuthegong. Bangwe ba wela mo boleong jo bo masisi ba bo ba raraanya dilo le go feta ka go leka go fitlha boleo jwa bone le go bolelela bagolwane ba phuthego maaka fa ba ba botsa ka jone. Batho bano e bile ba simolola go tshela ka bolotsana, ba itira e kete ba direla Jehofa mme ba ntse ba tsweletse ka boleo jo bo masisi. Tota go dira jalo go dira gore botshelo jotlhe jwa motho yoo e nne maaka. (Pesalema 12:2) Ba bangwe ba bolelela bagolwane bontlhanngwe jwa boammaaruri mme ba fitlha tshedimosetso nngwe ya botlhokwa. (Ditiro 5:1-11) Gantsi go sa ikanyege jalo go bakwa ke go dumela maaka a a rotloediwang ke Satane.—Bona lebokose la setlhogo se se reng “ Maaka a ga Satane Malebana le Maleo a a Masisi.”

12 Gape go botlhokwa gore re ikanyege mo phuthegong ya ga Jehofa fa re tlatsa diforomo. Ka sekai, fa re bega tirelo ya rona ya tshimo, re nna kelotlhoko gore re se ka ra sokamisa boammaaruri. Ka tsela e e tshwanang, fa re tlatsa foromo ya go ikwadisetsa tshiamelo nngwe ya tirelo, le ka motlha ga re a tshwanela go bua maaka ka botsogo jwa rona kgotsa ka sepe fela se se amanang le botshelo jwa rona kgotsa tirelo ya rona.—Bala Diane 6:16-19.

13. Re ka nna re ikanyega jang fa re dirisana le modumedi ka rona ka tsa kgwebo?

13 Go ikanyega ga rona fa re dirisana le badumedi ka rona go ama le dikgang tsa kgwebo. Ka dinako tse dingwe, bakaulengwe le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ka nna ba dirisana ka tsa kgwebo. Ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba kopanya dikgang tsa kgwebo ka gope le ditiro tsa kobamelo tse ba di dirang mmogo kwa Holong ya Bogosi kgotsa fa ba le mo bodireding. Gongwe Mokeresete o ka tswa a thapile kgotsa a thapilwe ke Mokeresete ka ene. Fa re thapile bakaulengwe kgotsa bokgaitsadi, re tla nna kelotlhoko gore re ikanyege fa re dirisana le bone, re ba duele ka nako, re ba duele madi a re a dumalaneng re bo re ba neye sengwe le sengwe se re tshwanetseng go se ba naya go ya ka molao. (1 Timotheo 5:18; Jakobe 5:1-4) Ka fa letlhakoreng le lengwe, fa re thapilwe ke mokaulengwe kgotsa kgaitsadi, re tshwanetse go dira tiro e re e duelelwang, re e dira ka botlalo. (2 Bathesalonika 3:10) Ga re a tshwanela go lebelela gore re tshwarwe ka tsela e e kgethegileng ka gonne mothapi wa rona e le mokaulengwe wa rona, re dira jaaka e kete jaanong o tshwanetse go re naya malatsi, kgotsa go re direla melemo mengwe e bathapiwa ba bangwe ba sa e direlweng.—Baefeso 6:5-8.

14. Fa Bakeresete ba kopanela kgwebo nngwe, ke eng se ba tshwanetseng go se ela tlhoko mme ka ntlha yang?

14 Go tweng fa e le gore kgwebo ya lona ke mofuta wa kgwebo e e kopanetsweng, gongwe e le gore lo beeleditse madi mo go yone kgotsa lo adimile madi? Baebele e re naya molaomotheo mongwe o o botlhokwa e bile o le mosola: Kwalang sengwe le sengwe! Ka sekai, fa Jeremia a ne a reka setsha, o ne a dira gore go kwalwe ditlankana tse pedi tse di tshwanang, tse di kwadilweng go na le basupi mme tsa bewa sentle gore di tle di dirisiwe fa go tlhokega mo isagweng. (Jeremia 32:9-12; bona le Genesise 23:16-20.) Fa o na le tirisano ya kgwebo le badumedi ka wena, o bo o kwala sengwe le sengwe mo setlankaneng se se kwadilweng sentle sa ba sa saenwa go na le basupi, seo ga se reye gore ga o ba tshepe. Go na le moo, se thusa go thibela gore go se ka ga nna le go se utlwane, go swabisiwa le e leng dikgotlhang tse di bakang dikgaogano. Bakeresete bape ba ba dirang kgwebo mmogo ba tshwanetse go gopola gore ga go na kgwebo epe e e botlhokwa mo e leng gore kutlwano le kagiso ya phuthego di tshwanetse go tsenngwa mo kotsing ka ntlha ya yone. *1 Bakorintha 6:1-8.

GO IKANYEGA MO BATHONG BA BA SENG MO PHUTHEGONG

15. Jehofa o ikutlwa jang ka mekgwa ya tsietso mo kgwebong, mme Bakeresete ba leba jang mekgwa eno e e tlwaelegileng?

15 Ga se gore Mokeresete o tshwanetse go ikanyega mo phuthegong fela. Paulo o ne a re: “Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18) Fa go tliwa mo dikgannyeng tsa kgwebo, tota Mmopi wa rona o batla gore re ikanyege. Mo bukeng ya Diane fela, go umakwa dikale tsa tsietso makgetlho a le manè. (Diane 11:1; 16:11; 20:10, 23) Mo metlheng ya bogologolo, go ne go tlwaelegile go dirisa dikale le dilekanyabokete mo kgwebong go kala dilwana tse di rekisiwang le madi a a di rekang. Bagwebi ba ba sa ikanyegeng ba ne ba dirisa mefuta e mebedi ya dilekanyabokete le sekale se se sa berekeng sentle gore ba tsietse bareki. * Jehofa o tlhoile mekgwa e e ntseng jalo! Fa re batla go nna re le mo loratong lwa gagwe re tshwanetse go tila gotlhelele mekgwa epe fela ya tsietso mo kgwebong.

16, 17. Batho mo lefatsheng gompieno ga ba ikanyege mo dilong dife, mme Bakeresete ba boammaaruri ba ikemiseditse go dira eng?

16 E re ka Satane e le mmusi wa lefatshe leno, ga re gakgamadiwe ke go bona kafa go sa ikanyege go anameng thata ka teng. Letsatsi le letsatsi re ka raelwa gore re se ka ra ikanyega. Fa batho ba kwala makwalo a go kopa tiro, go tlwaelegile gore ba kwale maaka, ba feteletse dilo, ba itlhamele dilo tse ba reng ba kgona go di dira ba bo ba bue maaka fa ba tlhalosa ditiro tse ba kileng ba di dira. Fa batho ba tlatsa diforomo tsa go tsena mo nageng e sele, tsa lekgetho, tsa inshorense le tse dingwe tse di ntseng jalo, gantsi ba naya dikarabo tse e seng tsone gore ba newe se ba se batlang. Baithuti ba le bantsi ba a tsietsa fa ba kwala ditlhatlhobo. Kgotsa fa ba kwala ditlhamo kgotsa dipego tsa sekolo ba ka tsaya tshedimosetso e ba e bonang mo Internet, ba bo ba dira e kete tiro e e dirilweng ke mongwe o sele e dirilwe ke bone. Mme gantsi fa batho ba dirisana le badiredi ba ba bosula ba puso, ba ba fa pipamolomo gore ba ba direle se ba se batlang. Tota re ka lebelela gore batho ba itshware jalo mo lefatsheng leno le batho ba bantsi mo go lone e leng “baithati, barati ba madi, . . . ba ba sa rateng se se molemo.”—2 Timotheo 3:1-5.

17 Bakeresete ba boammaaruri ba ikemiseditse gore ba se ka ba dira dipe tsa ditiro tseno. Se se dirang gore go ikanyega go se ka ga nna motlhofo ka dinako tse dingwe ke gore batho ba ba dirang ditiro tse di ntseng jalo tsa go sa ikanyege ba lebega ba atlega e bile dilo di ba tsamaela sentle mo lefatsheng la gompieno. (Pesalema 73:1-8) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ka nna ba tlhoka madi ka gonne ba batla go nna ba ikanyega “mo dilong tsotlhe.” A mme go ikanyega go na le molemo mongwe fa e le gore o tla latlhegelwa ke dilo dingwe? Ee thata! Ka tsela efe? Go ikanyega go re solegela molemo jang?

KAFA GO IKANYEGA GO SOLEGELANG MOLEMO KA GONE

18. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go itsewe o le motho yo o ikanyegang?

18 Ga se dilo tse dintsi mo botshelong tse di botlhokwa go feta go itsewe o le motho yo o ikanyegang. (Bona lebokose la setlhogo se se reng “ Ke Ikanyega go le Kana Kang?”) A ko o akanye fela—mongwe le mongwe a ka itirela leina le le ntseng jalo! Seno ga se laolwe ke bokgoni jo o nang le jone, khumo, tebego, maemo a gago mo setšhabeng kgotsa dilo tse dingwe tse o ka se kgoneng go di laola. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba itirele leina le lentle, le le leng botlhokwa. Ba ba nang le lone ba bonwa sewelo. (Mika 7:2) Bangwe ba ka nna ba go sotla ka gonne o ikanyega, mme ba bangwe ba tla anaanela boikanyegi jwa gago, e bile ba tla go ikanya le go go tlotla. Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba lemogile gore go ikanyega go ba tliseditse melemo mengwe ya tsa madi. Ga ba a ka ba latlhegelwa ke ditiro fa bathapiwa ba ba sa ikanyegeng bone ba ne ba kobiwa mo tirong, kgotsa ba ile ba bona tiro fa go ne go tlhokega batho ba ba ikanyegang go dira tiro nngwe.

19. Go tshela ka boikanyegi go ka ama segakolodi sa rona le kamano ya rona le Jehofa jang?

19 Le fa o ka diragalelwa ke seo kgotsa nnyaa, o tla fitlhela gore go ikanyega go na le melemo e megolo le go feta eo. O tla nna le segakolodi se se phepa. Paulo o ne a kwala a re: “Re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang.” (Bahebera 13:18) Mo godimo ga moo, ruri Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong o tla lemoga gore o itiretse leina le lentle, e bile o rata batho ba ba ikanyegang. (Bala Pesalema 15:1, 2; Diane 22:1.) Ee, go ikanyega go go thusa gore o nne o le mo loratong lwa Modimo, mme re ka se bone tuelo epe e e fetang eo. Jaanong a re sekasekeng kgang e e tsamaisanang le eo: Kafa Jehofa a lebang tiro ka teng.

^ ser. 9 Mo phuthegong, fa motho a na le mokgwa wa go aka a senya ba bangwe maina—mme go bonala sentle gore o batla go utlwisa ba bangwe botlhoko—a ka nna a tlhoka go tseelwa kgato ya boatlhodi ke bagolwane.

^ ser. 14 Fa o batla go bona gore ke eng se se ka dirwang fa kgwebo e nna le mathata, bona setlhogo sa Dintlha Tse di Oketsegileng se se reng “Go Rarabolola Dikgotlhang mo Dikgannyeng Tsa Kgwebo.”

^ ser. 15 Ba ne ba dirisa dilekanyabokete tse dingwe fa ba rekisa, mme ba dirisa di sele fa ba reka, mme ba dira poelo mo makgetlhong oomabedi. Gape ba ne ba ka dirisa sekale se letlhakore le lengwe la sone le leng leleele kgotsa le leng bokete go feta le lengwe gore ba kgone go tsietsa motho fa a reka kgotsa a ba rekisetsa sengwe.