Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KGAOLO 16

Ganetsa Diabolo le Maano a Gagwe a Boferefere

Ganetsa Diabolo le Maano a Gagwe a Boferefere

“Ganetsang Diabolo, mme o tla . . . tshaba.” —JAKOBE 4:7.

1, 2. Ke bomang ba ba itumelelang go bona batho ba kolobediwa?

FA E le gore o ntse o direla Jehofa ka dingwaga tse dintsi, o ka tswa o utlwile dipuo tse dintsi tsa kolobetso kwa dikopanong tsa rona tse dinnye le tse dikgolo. Mme le fa o ka tswa o nnile teng kwa dikopanong tseo gantsi, o ka tswa o sa ntse o amega maikutlo nako le nako fa o bona batho ba ba ntseng mo ditulong tse di kwa pele ba ema gore ba ye go kolobediwa. Ka nako eo, go utlwala boitumelo jo bogolo mo bareetsing, mme morago ga moo ba opa diatla ka boitumelo. O ka nna wa gelela dikeledi fa o bona setlhopha sa batho ba bangwe gape ba ba tlhophileng go ema mo letlhakoreng la ga Jehofa. Ruri re a itumela ka dipaka tse di ntseng jalo!

2 Le fa rona re ka nna ra bona batho ba kolobediwa makgetlo a sekae fela mo ngwageng mo lefelong la rona, baengele bone ba ba bona gantsintsi. Akanya ka ‘boipelo jo bogolo jo bo nnang teng kwa legodimong’ fa ba bona batho ba le diketekete mo lefatsheng ka bophara ba tsena mo karolong e e bonalang ya phuthego ya ga Jehofa beke le beke. (Luke 15:7, 10) Ga go pelaelo gore baengele ba itumelela go bona koketsego eno!—Hagai 2:7.

DIABOLO “O TSAMAYATSAMAYA JAAKA TAU E E KURUTLANG”

3. Ke ka ntlha yang fa Satane a tsamayatsamaya “jaaka tau e e kurutlang,” mme o batla go dira eng?

3 Le fa go ntse jalo, go farologana le baengele bao, go na le dibopiwa tsa semoya tse di galefang fa di bona batho ba kolobediwa. Satane le madimona ba galefisiwa thata ke go bona batho ba le diketekete ba furalela lefatshe leno le le boikepo. Satane o ne a ikgantsha a re ga go na batho bape ba ba direlang Jehofa ka go bo ba mo rata tota, le gore ga go na ope yo o ka nnang a ikanyega fa a lebane le teko e kgolo. (Bala Jobe 2:4, 5.) Nako le nako fa motho a dira tshwetso ya gore a ineele mo go Jehofa, Satane o supiwa fa a le maaka. Go ntse jaaka e kete Satane o fapholwa gantsintsi mo sefatlhegong beke nngwe le nngwe mo ngwageng. Ga go gakgamatse go bo a “tsamayatsamaya jaaka tau e e kurutlang, e e batlang go kometsa mongwe”! (1 Petere 5:8) “Tau” eno e tlhoafaletse go re kometsa ka tsela ya semoya, gore re senye kamano ya rona le Modimo.—Pesalema 7:1, 2; 2 Timotheo 3:12.

Nako le nako fa motho a ineela mo go Jehofa a bo a kolobediwa, o supa fa Satane a le maaka

4, 5. (a) Jehofa o dirisa ditsela dife tse pedi tsa botlhokwa go dira gore Satane a se ka a kgona go re raela ka botlalo? (b) Mokeresete wa boammaaruri a ka tlhomamisega ka eng?

4 Le fa re lebane le mmaba yo o setlhogo, ga re na lebaka lepe la go fekeediwa ke poifo. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o dirisa ditsela tse pedi tsa botlhokwa go dira gore ‘tau eo e e kurutlang’ e se ka ya kgona go re raela ka botlalo. Ke ditsela dife? Sa ntlha, Jehofa o boleletse pele gore “boidiidi jo bogolo” jwa Bakeresete ba boammaaruri ba tla falola ‘pitlagano e kgolo’ e e tlang. (Tshenolo 7:9, 14) Se Modimo a se boleletseng pele se a direga ka metlha. Ka jalo, tota le Satane o tshwanetse go itse gore a ka se kgone go raela batho botlhe ba Modimo e le setlhopha.

5 Re bona tsela ya bobedi mo mafokong a a builweng ke mongwe wa banna ba ba ikanyegang ba Modimo ba bogologolo. Moporofeti Asaria o ne a raya Kgosi Asa a re: “Jehofa o na le lona fa fela lo na le ene.” (2 Ditiragalo 15:2; bala 1 Bakorintha 10:13.) Dikai di le dintsi tse di kwadilweng di bontsha gore mo nakong e e fetileng, ka dinako tsotlhe Satane o ne a palelwa ke go kometsa batlhanka ba Modimo ba ba neng ba nna ba le gaufi le Modimo. (Bahebera 11:4-40) Gompieno, Mokeresete yo o nnang a atamalane le Modimo o tla kgona go ganetsa Diabolo le go mo fenya. Tota e bile, Lefoko la Modimo le re tlhomamisetsa jaana: “Ganetsang Diabolo, mme o tla lo tshaba.”—Jakobe 4:7.

“RE LWA . . . LE MEPHATO YA MEYA E E BOIKEPO”

6. Satane o lwantsha Bakeresete jang motho ka bongwe?

6 Satane a ka se fenye ntwa ya tshwantshetso, mme a ka re fenya motho ka bongwe fa re se kelotlhoko. Satane o itse gore a ka re kometsa fa a ka koafatsa kamano ya rona le Jehofa. O leka go dira seno jang? Ka go re tlhasela ka tsela e e setlhogo, motho ka bongwe le ka tsela e e boferefere. A re sekasekeng maano ano a konokono a Satane a a dirisang.

7. Ke ka ntlha yang fa Satane a tlhasela batho ba ga Jehofa ka tsela e e setlhogo?

7 O re tlhasela ka tsela e e setlhogo. Moaposetoloi Johane o ne a re: “Lefatshe lotlhe le namaletse mo maatleng a yo o boikepo.” (1 Johane 5:19) Mafoko ano a na le molaetsa o o tlhagisang Bakeresete botlhe ba boammaaruri. E re ka Satane a setse a komeditse batho botlhe ba ba boikepo, jaanong a ka kgona go tlhoma mogopolo mo bathong ba a paletsweng ke go ba kometsa—batho ba ga Jehofa—mme a bo a ba tlhasela thata. (Mika 4:1; Johane 15:19; Tshenolo 12:12, 17) O galefile thata ka gonne a itse gore nako ya gagwe e khutshwane. Ka jalo o okeditse ditlhaselo tsa gagwe. Gompieno, re lebane le maiteko a gagwe a bofelo a a setlhogo a go senya kamano ya rona le Modimo. Ka jalo, jaanong go feta le fa e le leng pele, re tshwanetse go “lemoga dinako tsa go itse gore [re] tshwanetse go dira eng.”—1 Ditiragalo 12:32.

8. Moaposetoloi Paulo o kaya eng fa a re re “lwa” le meya e e boikepo?

8 O lwa le motho ka bongwe. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhagisa Bakeresetekaene jaana: “Re lwa . . . le mephato ya meya e e boikepo mo mafelong a selegodimo.” (Baefeso 6:12) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a dirisa lefoko go “lwa”? Ka gonne mo puong ya Segerika lefoko leno le kaya ntwa ya batho ba lwa ba sokasokana ka diatla. Ka jalo, fa Paulo a ne a dirisa lefoko leo, o ne a gatelela gore mongwe le mongwe wa rona o mo ntweng o lwantshana le meya e e boikepo. E ka ne re nna mo nageng e go dumelwang gore meya e e boikepo e teng kgotsa nnyaa, le ka motlha ga re a tshwanela go lebala gore fa re ne re ineela mo go Jehofa, re ne re simolola go lwa, ka tsela ya tshwantshetso. Mokeresete mongwe le mongwe o mo ntweng, bogolo jang go tloga ka nako ya fa a ineela go ya pele. Ga go gakgamatse go bo Paulo a ne a bona go tlhokega gore a rotloetse Bakeresete ba kwa Efeso gararo gore ba ‘eme ba nitame!’—Baefeso 6:11, 13, 14.

9. (a) Ke ka ntlha yang fa Satane le madimona ba dirisa ‘maano a a farologaneng a boferefere’? (b) Ke ka ntlha yang fa Satane a leka go kgotlela tsela e re akanyang ka yone, mme re ka mo lwantsha jang? (Bona lebokose le le reng “ Itise mo Boferefereng Jwa ga Satane!”) (c) Jaanong re tla sekaseka leano lefe la boferefere?

9 O dirisa maano a boferefere. Paulo o gakolola Bakeresete go ema ba nitame kgatlhanong le “maano a boferefere” a ga Satane. (Baefeso 6:11) Ela tlhoko gore Paulo ga a bue ka leano le le lengwe mme o bua ka maano. Meya e e boikepo ga e dirise leano le le lengwe la boferefere mme e dirisa maano a le mantsi—e dira jalo ka ntlha ya lebaka le le utlwalang. Fa nako e ntse e ya, badumedi bangwe ba ba neng ba eme ba nitame fa ba lebane le teko nngwe ba ne ba ineela fa ba lebane le e nngwe. Ka jalo, Diabolo le madimona a gagwe ba lebile ka kelotlhoko kafa mongwe le mongwe wa rona a itshwarang ka gone gore ba lemoge gore o bokoa thata mo kae. Morago ga moo, ba dirisa bokoa bope jwa semoya jo re nang le jone. Le fa go ntse jalo, re lesego ka gonne re kgona go lemoga maano a le mantsi a ga Diabolo, ka go bo a tlhalositswe mo Baebeleng. (2 Bakorintha 2:11) Mo dikgaolong tse di fetileng tsa buka eno, re tlotlile ka maano a a jaaka serai sa go rata dikhumo, ditsala tse di sa siamang le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Jaanong a re sekasekeng leano le lengwe gape la boferefere la ga Satane—bodimona.

GO DIRISA BODIMONA—MOKGWA WA BOFEREFERE

10. (a) Bodimona ke eng? (b) Jehofa o leba bodimona jang, mme wena o bo leba jang?

10 Fa motho a dirisana le meya, kgotsa a dirisa bodimona, o ikgolaganya ka tlhamalalo le meya e e boikepo. Go dirisa boitseanape, boloi, go kolopa ba bangwe ka maselamose le go bua le baswi ke mefuta mengwe ya bodimona. Fela jaaka re itse sentle, Jehofa o leba bodimona e le ‘sengwe se se makgapha.’ (Duteronome 18:10-12; Tshenolo 21:8) E re ka le rona re tshwanetse go ‘tlhoa se se boikepo,’ re ka se batle go amana le mephato ya meya e e boikepo. (Baroma 12:9) Tota e ne e tla bo e le go direla Rraarona yo o kwa legodimong, Jehofa, selo se se makgapha le sa boferefere!

11. Ke ka ntlha yang fa e tla nna phenyo e kgolo mo go Satane fa a ka re raela gore re dirise bodimona? Naya sekai.

11 Le fa go ntse jalo, ka ntlha ya gore go dirisa bodimona ke selo se se makgapha sa boferefere mo go Jehofa, Satane o ikemiseditse go dira gore bangwe ba rona ba bo dirise. Nako le nako fa Satane a kgona go raela Mokeresete gore a dirise bodimona, o a bo a fentse tota. Ka ntlha yang? Akanya ka sekai seno: Fa lesole le ne le ka tlhotlhelediwa gore le tswe mo mophatong wa lone wa masole mme le tsene mo mophatong wa masole a baba, molaodi wa masole a baba o ne a tla itumela. E bile o ne a ka emisa lesole leno la leferefere kwa pele ga masole a mangwe, gore a tle a sotle molaodi wa lone wa pele wa sesole. Ka tsela e e tshwanang, fa Mokeresete a ka simolola go dirisa bodimona, o tla bo a tlogela Jehofa ka go rata e bile e le ka boomo mme a dira gore a laolwe ke Satane ka tlhamalalo. Akanya fela gore Satane o tla itumelela jang go ikgantsha ka motho yoo go bontsha gore o fentse ntwa! A go na le mongwe wa rona yo o ka batlang gore Diabolo a fenye jalo? Gotlhelele nnyaa! Ga re maferefere.

GO TSOSA DIPELAELO KA DIPOTSO

12. Ke mokgwa ofe o Satane a o dirisang go fetola tsela e re lebang bodimona ka yone?

12 Fa fela re ila go dirisa bodimona, Satane ga a kitla a kgona go re fenya ka go bo dirisa. Ka jalo, o lemoga gore o tshwanetse go fetola tsela e re akanyang ka yone. Jang? O batla ditsela tsa go tlhakanya Bakeresete tlhogo go ya bokgakaleng jwa gore bangwe ba akanye gore “molemo ke bosula le bosula ke molemo.” (Isaia 5:20) E le gore Satane a dire jalo, gantsi o dirisa lengwe la maano a gagwe a a sa bolong go a dirisa—o tsosa dipelaelo ka dipotso.

13. Satane o dirisitse jang mokgwa wa go tsosa dipelaelo ka dipotso?

13 Ela tlhoko kafa Satane a neng a dirisa mokgwa oo ka gone mo nakong e e fetileng. Kwa Edene o ne a botsa Efa jaana: “A tota go ntse jalo gore Modimo o rile lo se ka lwa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana?” Mo motlheng wa ga Jobe, ka nako ya fa baengele ba ne ba kopane kwa legodimong, Satane o ne a botsa potso eno: “A Jobe o boifa Modimo lefela?” Mme fa Jesu a ne a simolola bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Satane o ne a gwetlha Keresete ka go re: “Fa e le gore o morwa Modimo, raya maje ano o re a fetoge dinkgwe.” Akanya fela—fa Satane a ne a bua le Jesu, o ne a leka go sotla Jehofa a dirisa mafoko a Jehofa ka boene a neng a a buile dibeke di ka nna thataro pelenyana: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng”!—Genesise 3:1; Jobe 1:9; Mathaio 3:17; 4:3.

14. (a) Satane o dirisa jang leano la go tsosa dipelaelo malebana le go dirisa bodimona? (b) Jaanong re tla sekaseka eng?

14 Gompieno, Diabolo o dirisa leano le le tshwanang go leka go dira gore batho ba belaele gore a tota go dirisa bodimona go boikepo. Ka maswabi, o kgonne go dira gore badumedi bangwe ba nne le dipelaelo. Ba simolotse go belaela gore a mekgwa mengwe ya bodimona tota ga e a siama. Fa ba dira jalo, ba a bo ba akanya jaana, ‘A tota go ntse jalo?’ (2 Bakorintha 11:3) Re ka thusa jang batho ba ba ntseng jalo go fetola tsela e ba akanyang ka yone? Re ka tlhomamisa jang gore leano leno la boferefere la ga Satane ga le re tlhotlheletse? Go araba dipotso tseno, a re sekasekeng dilo tse pedi mo botshelong tse Satane a di kgotletseng ka tsela e e bofitlha a dirisa bodimona. Tsone ke boitlosobodutu le kalafi.

O DIRISA DILO TSE RE DI ELETSANG LE TSE RE DI TLHOKANG

15. (a) Batho ba le bantsi mo dinageng tsa Bophirima ba leba bodimona jang? (b) Bakeresete bangwe ba ile ba tlhotlhelediwa jang ke tsela e lefatshe le lebang bodimona ka yone?

15 Masaitseweng, boloi le mefuta e mengwe ya bodimona di setse di tsewa motlhofo segolobogolo mo dinageng tsa Bophirima. Difilimi, dibuka, mananeo a thelebishene le metshameko ya khomputara di dira gore mekgwa ya bodimona e lebege e kgatlha e bile e se kotsi. Difilimi dingwe le dibuka tse di remeletseng mo dikgannyeng tsa masaitseweng di setse di ratega thata mo e leng gore batho ba ba di ratang ba itiretse ditlhopha tsa barati ba tsone. Eleruri, madimona a kgonne go dira gore masaitseweng a lebege a se kotsi. A mokgwa ono wa go tsaya bodimona motlhofo o amile Bakeresete? Tsela e bangwe ba akanyang ka yone e tlhotlheleditswe ke mokgwa ono. Jang? Ka sekai, fa Mokeresete mongwe a sena go lebelela filimi e e neng e remeletse mo ditirong tsa masaitseweng, o ne a re, “Ke bone filimi eo, mme ga ke a dira ditiro tsa bodimona.” Ke ka ntlha yang fa go akanya ka tsela eo go le kotsi?

16. Ke ka ntlha yang fa go le kotsi go tlhopha boitlosobodutu jo bo remeletseng mo ditirong tsa masaitseweng?

16 Le fa go na le pharologanyo fa gare ga go dirisa bodimona le go bo lebelela, seo ga se reye gore go lebelela ditiro tsa masaitseweng ga go kotsi. Ka ntlha yang? Akanya ka seno: Lefoko la Modimo le bontsha gore Satane le madimona a gagwe ga ba kgone go bona se se mo megopolong ya rona. * Ka jalo, jaaka go umakilwe fa godimo, fa meya e e boikepo e batla go bona se re se akanyang le bokoa bope jwa semoya jo re nang le jone, e tshwanetse go lebelela ka kelotlhoko ditiro tsa rona—go akaretsa le boitlosobodutu jo re bo tlhophang. Fa boitshwaro jwa Mokeresete bo bontsha gore o rata go leba difilimi kgotsa go bala dibuka tse di buang thata ka batho ba ba buang le meya, ditiro tsa maselamose, go tsenwa ke madimona kgotsa dikgang tse di tshwanang tse di kaga bodimona, o bolelela madimona sengwe. Tota e bile, o a bontsha bokoa jwa gagwe! Fa madimona a sena go bona bokoa joo, a ka lwa thata le Mokeresete yoo a dirisa bokoa jo Mokeresete a nang le jone go fitlha a mo fenya. Tota e bile, bangwe ba ba neng ba simolola go kgatlhegela bodimona ka go lebelela boitlosobodutu jo bo remeletseng mo ditirong tsa masaitseweng kgabagare ba ne ba dira ditiro tsa bodimona.—Bala Bagalatia 6:7.

Solegelwa molemo ke thuso ya ga Jehofa fa o lwala

17. Satane a ka nna a raela batho ba ba lwalang ka go dirisa leano lefe la boferefere?

17 Satane ga a leke go re raela ka go rata boitlosobodutu fela mme o re raela le ka tsela e re tlhokomelang botsogo jwa rona ka yone. Jang? Mokeresete yo botsogo jwa gagwe bo sa tokafaleng le fa a leka ka makgetlo a le mantsi go bona kalafi, a ka kgobega marapo. (Mareko 5:25, 26) Seo se ka dira gore Satane le madimona ba mo raele motlhofo. Ba itse sentle gore Lefoko la Modimo le re tlhagisa gore re se ka ra batla “thuso ya ba ba dirang se se utlwisang botlhoko.” (Isaia 31:2) Madimona a ka nna a dira gore Mokeresete a tlhokomologe tlhagiso eo ka go raela motho yo o lwalang gore a batle kalafi kgotsa mekgwa e e akaretsang go dirisa “maatla a masaitseweng” kgotsa bodimona—selo se se kotsi thata. Fa leano leo la madimona le atlega, seo se ka koafatsa kamano ya molwetse le Modimo. Ka tsela efe?

18. Ke mefuta efe ya go alafa e Mokeresete a ka e tilang mme ka ntlha yang?

18 Jehofa o ne a bua jaana fa a tlhagisa Baiseraele ba ba neng ba simolotse go dirisa “maatla a masaitseweng”: “Fa lo otlolola diatla tsa lona, ke lo fitlhela matlho a me. Le fa lo dira dithapelo tse dintsi, ga ke a reetsa.” (Isaia 1:13, 15) Ka metlha re batla go tila sengwe le sengwe se se ka kgoreletsang dithapelo tsa rona le se se ka dirang gore Jehofa a se ka a tswelela a re thusa—segolobogolo fa re lwala. (Pesalema 41:3) Ka jalo, fa go na le dilo tse di bontshang gore mokgwa mongwe wa go tlhatlhoba kgotsa wa go alafa o ka tswa o amana le bodimona ka tsela nngwe, Mokeresete wa boammaaruri ga a tshwanela go o dirisa. * (Mathaio 6:13) Fa a dira jalo, Jehofa o tla tswelela a mo thusa.—Bona lebokose la setlhogo se se reng “ A Tota ke Bodimona?

FA DIPOLELO TSE DI KAGA MADIMONA DI TLETSETLETSE

19. (a) Diabolo o tsieditse batho ba le bantsi gore ba dumele eng ka maatla a gagwe? (b) Ke dipolelo dife tse Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetseng go di tila?

19 Le fa batho ba le bantsi mo dinageng tsa Bophirima ba sa tseye gore Satane o na le maatla a a kotsi, go direga se se farologaneng mo dinageng tse dingwe. Kwa dinageng tseo, Diabolo o tsieditse batho ba le bantsi gore ba dumele gore o na le maatla a magolo go feta a tota a nang le one. Batho bangwe ba tshelela mo poifong, ba boifa meya e e boikepo. Go na le dipolelo tse dintsi kaga ditiro tse di maatla tsa madimona. Gantsi batho ba itumelela go tlotla ka dipolelo tseno; batho ba a di kgatlhegela. A le rona re tshwanetse go di anamisa? Nnyaa, batlhanka ba Modimo wa boammaaruri ba tila go dira jalo ka ntlha ya mabaka a mabedi a botlhokwa.

20. Motho a ka anamisa dithuto tsa ga Satane tsa maaka jang a sa ikaelela?

20 Sa ntlha, fa motho a anamisa dipolelo tsa madimona, tota o a bo a thusa Satane. Ka tsela efe? Lefoko la Modimo le tlhomamisa gore Satane o kgona go dira ditiro tse di maatla, mme gape le tlhagisa gore o dirisa “ditshupo tsa maaka” le “tsietso.” (2 Bathesalonika 2:9, 10) E re ka Satane e le motsietsi yo mogolo, o itse kafa a ka tlhotlheletsang ka gone megopolo ya batho ba ba ratang go dirisa bodimona le kafa a ka dirang ka gone gore ba dumele dilo tse di seng boammaaruri. Batho ba ba ntseng jalo ba ka tswa ba dumela tota gore ba bone le go utlwa dilo tse di rileng e bile ba ka tlhalosa gore se se ba diragaletseng se boammaaruri. Fa nako e ntse e feta, se ba se buileng se a fetelediwa ka gonne se boaboelediwa gantsi. Fa Mokeresete mongwe a ne a ka anamisa dipolelo tse di ntseng jalo, tota o tla bo a dira thato ya ga Diabolo—“ramaaka.” O tla bo a anamisa dithuto tsa ga Satane tsa maaka.—Johane 8:44; 2 Timotheo 2:16.

21. Re batla go tlotla fela ka eng?

21 Sa bobedi, tota le fa Mokeresete a ne a dirisana le meya e e boikepo mo nakong e e fetileng, o tla tila go tlosa badumedikaene bodutu ka go nna a ba bolelela ka dilo tseo. Ka ntlha yang? Re gakololwa jaana: “Leba ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, e bong Jesu.” (Bahebera 12:2) Ee, re tshwanetse go tlhoma mogopolo mo go Keresete, e seng mo go Satane. Ela tlhoko gore fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a sa ntshe barutwa ba gagwe bodutu ka go ba bolelela dikgang tse di kaga meya e e boikepo, le fa go ne go na le dilo di le dintsi tse a neng a ka di bua ka se Satane a ka kgonang go se dira le se a ka se kgoneng go se dira. Go na le moo, Jesu o ne a tlhoma mogopolo mo go boleleng molaetsa wa Bogosi. Ka jalo, re ka etsa Jesu le baaposetoloi ka go tlotla fela ka “dilo tse dikgolo tsa Modimo.”—Ditiro 2:11; Luke 8:1; Baroma 1:11, 12.

22. Re ka dira eng gore go tswelele go na le ‘boipelo kwa legodimong’?

22 Ke boammaaruri gore Satane o dirisa maano a a farologaneng a boferefere, go akaretsa le bodimona, go leka go senya botsalano jwa rona le Jehofa. Le fa go ntse jalo, fa re tlhoa se se bosula le go kgomarela se se molemo, ga re neye Diabolo sebaka sa go koafatsa boikemisetso jwa rona jwa go tila go dirisa mefuta yotlhe ya bodimona. (Bala Baefeso 4:27.) Akanya ka ‘boipelo jo bogolo jo bo tla nnang teng kwa legodimong’ fa re tswelela re ‘eme re nitame kgatlhanong le maano a boferefere a ga Diabolo’ go fitlhela nako e a tla bong a sa tlhole a le teng!—Baefeso 6:11.

^ ser. 16 Maina a Satane a a teilweng a a mo tlhalosang (Moganetsi, Mosebi, Motsietsi, Moraedi, Moaki) ga a reye gore o kgona go bona se se mo dipelong le mo megopolong ya rona. Le fa go ntse jalo, go fapaana le seo, Jehofa o tlhalosiwa e le “motlhatlhobi wa dipelo,” mme Jesu e le yo o “hukutsang diphilo le dipelo.”—Diane 17:3; Tshenolo 2:23.

^ ser. 18 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona setlhogo se se reng “A o Rata go Tlhatlhobelwa Botsogo?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 15, 1994, tsebe 19-22, le setlhogo se se reng “Kgopolo E e Mo Baebeleng: A go Botlhokwa Gore o Tlhopha Kalafi Efe?” mo makasineng wa Tsogang! ya January 8, 2001.