Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Kafa re Tshwanetseng go Dirisana le Motho yo o Kgaotsweng ka Gone

Kafa re Tshwanetseng go Dirisana le Motho yo o Kgaotsweng ka Gone

Ke dilo di se kae fela tse di ka re utlwisang botlhoko thata go feta bohutsana jo re nnang le jone fa wa losika kgotsa tsala e re atamalaneng le yone e lelekwa mo phuthegong ka ntlha ya boleo jo a sa bo ikwatlhaeleng. Tsela e re ikobelang kaelo ya Baebele ka yone mo kgannyeng eno e ka senola gore re rata Modimo go le kana kang le gore re ikanya thulaganyo ya gagwe go le kana kang. * Akanyetsa dipotso dingwe tse di malebana le kgang eno.

Re tshwanetse go dirisana jang le motho yo o kgaotsweng? Baebele ya re: “Lo tlogele go ikopanya le motho yo o bidiwang mokaulengwe yo e leng mogokafadi kgotsa motho yo o bogagaru kgotsa moobamedi wa medingwana kgotsa mogobolodi kgotsa letagwa kgotsa yo o tsayang ka dikgoka, le gone lo se ka lwa ja le motho yo o ntseng jalo.” (1 Bakorintha 5:11) Malebana le mongwe le mongwe yo ‘o sa nneng mo thutong ya ga Keresete,’ re bala jaana: “Lo se ka lwa ba lwa mo amogela mo magaeng a lona le ka motlha kgotsa lwa mo dumedisa. Gonne yo o mo dumedisang ke motlhakanedi mo ditirong tsa gagwe tsa boikepo.” (2 Johane 9-11) Ga re tlotle ka dilo tsa semoya le batho ba ba kgaotsweng e bile ga re tsalane le bone. Tora ya Tebelo ya March 1, 1982, tsebe 11-12 (September 15, 1981, tsebe 25 ka Seesemane), ya re: “Go raya mongwe fela o re ‘Dumela’ e ka nna kgato ya ntlha e e simololang motlotlo mme gongwe le botsalano. A re ka batla go tsaya kgato eo ya ntlha le motho yo o kgaotsweng?”

A tota go botlhokwa gore re se ka ra dirisana gotlhelele le batho ba ba kgaotsweng? Ee, ka ntlha ya mabaka a le mmalwa. Sa ntlha, seo se bontsha gore re ikanyega mo Modimong le mo Lefokong la gagwe. Re ikobela Jehofa e seng fela fa maemo a re siametse mme le fa go mo ikobela go le boima. Go rata Modimo go re tlhotlheletsa go ikobela melao yotlhe ya gagwe, ka gonne re lemoga gore o siame e bile o lorato le gore melao ya gagwe e re solegela molemo thata. (Isaia 48:17; 1 Johane 5:3) Sa bobedi, go ikgaoganya le modiraphoso yo o sa ikwatlhayeng go sireletsa rona le phuthego yotlhe gore e se ka ya kgotlelwa mo semoyeng le mo boitshwarong e bile go dira gore phuthego e nne e na le leina le lentle. (1 Bakorintha 5:6, 7) Sa boraro, fa re kgomarela melaometheo ya Baebele, seo se ka nna sa thusa le ene motho yo o kgaotsweng. Fa re tshegetsa tshwetso e e dirilweng ke komiti ya boatlhodi, re ka ama pelo ya modiraphoso yo o ntseng a sa arabele sentle fa bagolwane ba leka go mo thusa. Go latlhegelwa ke botsala jwa botlhokwa jo a nang le jone le batho ba a ba ratang go ka nna ga mo thusa go “itharabologelwa,” go bona bomasisi jwa phoso ya gagwe le go tsaya dikgato tsa go boela kwa go Jehofa.—Luke 15:17.

Go tweng fa wa losika a kgaotswe? Mo maemong ao, kamano e e atamalaneng e maloko a lelapa a nang le yone e ka nna teko e kgolo malebana le gore a ba tla nna ba ikanyega. Re tshwanetse go dirisana jang le wa losika yo o kgaotsweng? Fano ga re kgone go umaka maemo otlhe a a ka tlhagang, mme a re tlotleng ka maemo a mabedi fela.

Mo maemong mangwe, leloko le le kgaotsweng la lelapa le ka tswa le sa ntse le nna mo lapeng e le karolo ya lelapa. E re ka go kgaolwa ga gagwe go sa fedise dikamano tsa lelapa, a ka tswelela a dira ditiro tse di tlwaelegileng tsa lelapa tsa letsatsi le letsatsi le go dirisana le ba bangwe mo lapeng. Le fa go ntse jalo, ka ditiro tsa gagwe, motho yono o itlhophetse go senya kamano ya gagwe ya semoya e a neng a na le yone le lelapa la gagwe le le dumelang. Ka jalo maloko a a ikanyegang a lelapa a ka se tlhole a dirisana le ene ka dilo tsa semoya. Ka sekai, fa motho yo o kgaotsweng a le gone, a ka se nne le seabe fa lelapa le kopana mmogo go ithuta Baebele. Le fa go ntse jalo, fa motho yo o kgaotsweng e le ngwana yo mmotlana, batsadi ba sa ntse ba na le boikarabelo jwa go mo ruta le go mo kgalemela. Ka jalo, batsadi ba ba lorato ba ka rulaganya go mo tshwarela thuto ya Baebele. *Diane 6:20-22; 29:17.

Mo maemong a mangwe, motho yo o kgaotsweng wa losika a ka tswa a sa nne mo lapeng. Le fa ka sewelo go ka tlhokega gore go kopanwe le motho yono go tlotla ka dikgang dingwe tse lelapa le tlhokang go tlotla ka tsone, seo se tshwanetse go dirwa ka sewelo tota. Maloko a a ikanyegang a lelapa la Bakeresete ga a senke diipato tsa go dirisana le mongwe yo o kgaotsweng wa losika yo o sa nneng mo lapeng. Go na le moo, go ikanyega mo go Jehofa le mo phuthegong ya gagwe go ba tlhotlheletsa go dira tumalanong le thulaganyo ya Dikwalo ya go kgaola. Go ikanyega ga bone go thusa modiraphoso e bile go ka dira gore a solegelwe molemo ke kotlhao e a e neilweng. *Bahebera 12:11.

^ ser. 1 Melaometheo ya Baebele e e malebana le kgang eno e dira ka tsela e e tshwanang mo bathong ba ba itomolotseng mo phuthegong.

^ ser. 2 Go bona dintlha tse di oketsegileng malebana le bana ba ba botlana ba ba kgaotsweng ba ba nnang mo lapeng, bona Tora ya Tebelo ya October 1, 2001, tsebe 16-17, le ya November 15, 1988, tsebe 20.

^ ser. 3 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ya kafa re ka dirisanang ka gone le ba losika ba ba kgaotsweng, bona kgakololo ya Dikwalo e go tlotlilweng ka yone mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya April 15, 1988, tsebe 26-31, le ya March 1, 1982, tsebe 13-18 (September 15, 1981, tsebe 26-31 ka Seesemane).