Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

DINTLHA TSE DI OKETSEGILENG

Dikarolwana Tsa Madi le Mekgwa ya Karo

Dikarolwana Tsa Madi le Mekgwa ya Karo

Dikarolwana tsa madi. Dikarolwana tsa madi di ntshiwa mo dikarolong tse dikgolo tse nnè tsa madi—disele tse dikhibidu, disele tse ditshweu, dipolatelete [platelets] le polasema [plasma]. Ka sekai, disele tse dikhibidu di na le poroteine e e bidiwang hemoglobin. Dilo tse di dirilweng ka hemoglobin e e tserweng mo mading a batho kgotsa a diphologolo di ile tsa dirisiwa go alafa balwetse ba ba tlhaelang madi thata kgotsa ba ba latlhegetsweng ke madi a mantsi thata.

Polasema—e diperesente tsa yone tse 90 e leng metsi—e na le dihoromone [hormones] di le dintsi, matswai, diensaeme [enzymes], le dikotla, go akaretsa le diminerale le sukiri. Gape polasema e na le dilo tse di gwamisang madi, dilo tse di lwantshang bolwetse le diporoteine tse di jaaka albumin. Fa mongwe a le mo kotsing ya gore a ka tsenwa ke bolwetse jo bo rileng, dingaka di ka nna tsa re a entiwe ka gamma globulin e e tswang mo polasemeng ya madi a batho ba mebele ya bone e kgonang go lwantsha bolwetse joo. Go ka ntshiwa di-interferon le di-interleukin mo diseleng tse ditshweu tsa madi, di bo di dirisediwa go alafa malwetse mangwe a a bakiwang ke megare le go alafa dikankere.

A Bakeresete ba tshwanetse go amogela mefuta ya kalafi e e dirisang dikarolwana tsa madi? Baebele ga e tlhalose seno ka tlhamalalo, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse go dirisa segakolodi sa gagwe fa a dira tshwetso fa pele ga Modimo. Bangwe ba ka nna ba gana dikarolwana tsotlhe tsa madi, ba re Molao o Modimo a neng a o neela Baiseraele o ne o ba laela gore madi a a ntshiwang mo setsheding a ‘tshololelwe fa fatshe.’ (Duteronome 12:22-24) Ba bangwe, le fa ba gana go tshelwa madi a a feletseng kgotsa dikarolo tse dikgolo tsa one, ba ka nna ba dumela go alafiwa ka dikarolwana tsa madi. Ba ka nna ba re dikarolwana tse di tserweng mo mading ga di tlhole di emela botshelo jwa setshedi se go tserweng madi mo go sone.

Fa o dira ditshwetso ka dikarolwana tsa madi, ipotse dipotso tse di latelang: A ke a lemoga gore fa ke gana dikarolwana tsotlhe tsa madi seno se raya gore ga nkitla ke amogela melemo mengwe e e tserweng mo mading e e dirisiwang go lwantsha malwetse kgotsa e e ka thusang gore madi a gwame gore a se ka a tshologa thata? A nka kgona go tlhalosetsa ngaka gore ke ka ntlha yang fa ke sa amogele kgotsa ke amogela karolwana e le nngwe ya madi kgotsa tse di oketsegileng?

Mekgwa ya karo. Eno e akaretsa hemodilution le cell salvage. Fa go dirisiwa hemodilution, madi a tsamaisiwa kwa ntle ga mmele ka ditšhupu, a bo a emisediwa ka motswako o o oketsang madi, mme kwa morago madi ano a bo a busediwa gape mo mmeleng wa molwetse. Fa go dirisiwa cell salvage madi a a tshologang ka nako ya karo a a tsewa a bo a busediwa mo molwetseng. Madi a a tswang mo nthong kgotsa fa go bulegileng teng mo mmeleng wa molwetse a a tsewa, a bo a phepafadiwa kgotsa a ntshiwa leswe mme morago ga moo a bo a busediwa mo molwetseng. Ka gonne ditsela tsa go dirisa mekgwa eno di farologana go ya ka dingaka, Mokeresete o tshwanetse go batla go itse gore ngaka ya gagwe e ikaeletse go dirisa tsela efe.

Fa o dira ditshwetso malebana le mekgwa eno, ipotse jaana: ‘Fa mangwe a madi a me a tla bo a tsamaisiwa kwa ntle ga mmele mme gongwe e bile go elela ga one go emisiwa go se kae, a segakolodi sa me se tla ntetla gore ke tseye madi ano e sa ntse e le karolo ya mmele wa me, mme ka gone go sa tlhokege gore a “[tshololelwe] fa fatshe”? (Duteronome 12:23, 24) A segakolodi sa me se se thapisitsweng ka Baebele se tla tshwenyega fa ka nako ya fa ke ariwa go ka tsewa mangwe a madi a me, a fetolwa ka tsela nngwe a bo a busediwa gape mo mmeleng wa me? A ke lemoga gore fa ke gana mekgwa yotlhe ya kalafi e e akaretsang go dirisiwa ga madi a me seno se kaya gore ga nkitla ke dumela go tsewa madi gore a tlhatlhobiwe, ga nkitla ke dumela mokgwa wa kalafi o mo go one madi a tsamaisiwang kwa ntle ga mmele ka ditšhupu gore a phepafadiwe mme a bo a busediwa mo mmeleng wa molwetse (hemodialysis), kgotsa go dirisa motšhine o o pompang madi ka nako ya karo ya pelo?’

Mokeresete o tshwanetse go itirela tshwetso ya gore o batla gore madi a gagwe a dirisiwe jang fa a ariwa. Go ntse jalo le fa motho a tlhatlhobiwa le fa go dirisiwa dikalafi tsa bosheng tse di akaretsang go ntsha madi a mannye a motho, gongwe a bo a fetolwa ka tsela nngwe mme morago ga moo a bo a busediwa gape mo mmeleng wa gagwe.