Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa ke Tshwanetse Go na Ke ise Ke Tlhakanele Dikobo go Fitlha ke Tsena mo Lenyalong?

Ke Eng Fa ke Tshwanetse Go na Ke ise Ke Tlhakanele Dikobo go Fitlha ke Tsena mo Lenyalong?

Kgaolo 5

Ke Eng Fa ke Tshwanetse Go na Ke ise Ke Tlhakanele Dikobo go Fitlha ke Tsena mo Lenyalong?

“Ke ikutlwa ke le mo kgatelelong ya go batla go tlhakanela dikobo.”—Kelly.

“Ke ikutlwa ke tlhabiwa ke ditlhong go bo ke ise ke ko ke tlhakanele dikobo.”—Jordon.

“A GA o ise o tsamaye o tlhakanele dikobo?” Potso eno e ka dira gore o tsenwe ke poifo! Kana e bile, mo mafelong a le mantsi mosha yo o iseng a ko a tlhakanele dikobo a ka nna a gakgamalelwa, a tsewa e le motho yo o sa tlwaelegang. Ga go gakgamatse go bo basha ba bantsi jaana ba tlhakanela dikobo ba sa ntse ba le mo dingwageng tsa bolesome!

Go Gogelwa ke Keletso le go Gatelelwa ke Balekane

Fa o le Mokeresete o a itse gore Baebele e go laela gore o “ithibe mo kgokafalong.” (1 Bathesalonika 4:3) Le fa go ntse jalo, go ka nna ga nna thata go laola keletso ya tlhakanelodikobo. Lekawana lengwe le le bidiwang Paul la re: “Ka dinako tse dingwe ke iphitlhela fela ke setse ke akanya thata ka tlhakanelodikobo.” Boammaaruri ke gore, maikutlo a a ntseng jalo ke a tlholego.

Le fa go ntse jalo, go tshegwa le go sotlwa ka go bo o ise o ko o tlhakanele dikobo go utlwisa botlhoko! Ka sekai, go tweng fa balekane ba gago ba re fa o ise o ko o tlhakanele dikobo ga o monna kgotsa mosadi wa mmatota? Ellen a re: “Balekane ba gago ba ka dira gore tlhakanelodikobo e lebege e le selo se se itumedisang le se se itshiametseng fela. Batho ba a go gakgamalela fa o sa tlhakanele dikobo.”

Mme go na le sengwe se balekane ba gago ba ka tswang ba sa go bolelele sone ka kgang ya go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Ka sekai, Maria yo o ileng a tlhakanela dikobo le lekau la gagwe a re: “Fa re sena go tlhakanela dikobo ke ne ka ikutlwa ke swabile e bile ke tlhabilwe ke ditlhong. Ke ne ke itenegetse e bile ke tenegetse le lekau la me.” Ditiragalo tse di ntseng jalo di direga ka bontsi go feta kafa basha ba le bantsi ba akanyang ka gone. Boammaaruri ke gore gantsi go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ke selo se se utlwisang botlhoko thata mo maikutlong—ka matswela a a botlhoko!

Le fa go ntse jalo, mosha mongwe yo o bidiwang Shanda o botsa jaana, “Ke ka ntlha yang fa Modimo a dira gore basha ba nne le keletso ya tlhakanelodikobo mme a itse gore ga ba a tshwanela go tlhakanela dikobo go fitlha ba tsena mo lenyalong?” Eo ke potso e e utlwalang. Mme gone, akanyetsa dilo tse di latelang:

A maikutlo a tlhakanelodikobo ke one fela maikutlo a o nang le one? Le e seng. Jehofa Modimo o go bopile o na le maikutlo le dikeletso tse dintsi tse di farologaneng.

A o tshwanetse wa itetla go laolwa ke keletso nngwe le nngwe e o nnang le yone? Ga go a nna jalo ka gonne Modimo o go bopile o na le bokgoni jwa go laola tsela e o itshwarang ka yone.

Ka gone, re ithuta eng? O ka nna wa se ka wa kgona go thibela go nna le dikeletso dingwe, mme gone o ka kgona go laola tsela e o di tsibogelang ka yone. Tota go itetla go laolwa ke keletso nngwe le nngwe fela ya tlhakanelodikobo go ka nna phoso ga ba ga nna boeleele fela jaaka go itaya motho nako nngwe le nngwe fela fa o galefile.

Boammaaruri ke gore, Modimo ga a direla dirwe tsa rona tsa tlhakanelodikobo gore re di dirise ka tsela e e sa siamang. Baebele ya re: “Mongwe le mongwe wa lona a itse kafa a ka tsholang sejana sa gagwe ka gone se le boitshepo e bile se tlotlega.” (1 Bathesalonika 4:4) Fela jaaka go na le “nako ya go rata le nako ya go tlhoa,” gape go na le nako ya go kgotsofatsa keletso ya tlhakanelodikobo le nako ya go ithiba go dira jalo. (Moreri 3:1-8) Tota ke wena o tshwanetseng go laola maikutlo a gago!

Mme gone, o ka dira eng fa mongwe a go sotla, a bua jaana a go gakgamaletse, “A ruri ga o ise o ko o tlhakanele dikobo?” O se ka wa itetla go tshosediwa. O ka araba motho yo o batlang fela go sotla ka wena o re: “Ee, ga ke ise ke ko ke tlhakanele dikobo. Mme e bile seo ga se ntlhabise ditlhong!” Kgotsa o ka re, “Eo ke kgang e e amang nna, ga se e ke tsamayang ke e tlotla le batho ba bangwe.” * (Diane 26:4; Bakolosa 4:6) Ka fa letlhakoreng le lengwe, o ka nna wa akanya gore motho yo o botsang o tlhoka go itse mo go oketsegileng. Mo maemong a a ntseng jalo o ka nna wa tlhopha go tlhalosa mabaka a gago a Dikwalo.

A o ka akanya ka ditsela tse dingwe tse o ka arabang ka tsone fa ba go botsa ka tshotlo ba re “A ruri ga o ise o ko o tlhakanele dikobo?” Fa go le jalo, di kwale fa tlase fano.

․․․․․

Mpho e e Tlhwatlhwakgolo

Modimo o ikutlwa jang fa batho ba tlhakanela dikobo pele ga lenyalo? Akanya o reketse tsala ya gago mpho. Mme pele ga o mo e naya o a e bula ka ntlha ya go se kgone go leta! A seo se ne se ka se go utlwise botlhoko? Jaanong akanya fela gore Modimo ene o ne a tla ikutlwa jang fa o ne o ka tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. O batla gore o lete go fitlha o le mo lenyalong gore o itumelele mpho eno ya tlhakanelodikobo.—Genesise 1:28.

O ka dira eng ka maikutlo a o nang le one a tlhakanelodikobo? Re ka re fela, ithute go a laola. O ka kgona go dira jalo! Rapela Jehofa gore a go thuse. Moya wa gagwe o ka go thusa go nna le boikgapo. (Bagalatia 5:22, 23) Ikgopotse gore Jehofa “ga a kitla a thibela sepe se se molemo mo go ba ba tsamayang ka go tlhoka molato.” (Pesalema 84:11) Mosha mongwe yo o bidiwang Gordon a re: “Fa ke iphitlhela ke akanya gore go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo ga go phoso go le kalo ke akanya kafa seo se ka nkamang ka teng semoyeng le gore go dira boleo jo bo ntseng jalo go ka senya kamano ya me le Jehofa.”

Boammaaruri ke gore, go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo ga se selo se se gakgamatsang kgotsa se se tlhabisang ditlhong. Boitsholo jo bo leswe jwa tlhakanelodikobo ke jone jo bo tlhabisang ditlhong, jo bo nyenyefatsang motho e bile bo leng kotsi. Ka jalo, se letle tsela e e sokameng ya go akanya ya lefatshe leno e go dira gore o akanye gore go sengwe se se phoso ka wena fa o kgomarela melao ya Baebele. Fa o nna o sa tlhakanele dikobo o tla sireletsa botsogo jwa gago, maikutlo a gago mme—sa botlhokwa le go di feta tsotlhe—kamano ya gago le Modimo.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 24

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Selo se se kgatlhang ke gore, Jesu o ile a tlhopha go didimala fa Herode a ne a mmotsa dipotso. (Luke 23:8, 9) Gantsi tsela e e molemo ya go lebana le dipotso tse di sotlang ke go didimala.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Fa mongwe . . . a dirile tshwetso eno mo pelong ya gagwe, gore a boloke bokgarebane jwa gagwe, o tla dira sentle.”—1 Bakorintha 7:37.

KAKANTSHO

Tila go itsalanya le batho ba ba se nang boitsholo jo bontle, tota le fa ba ipolela gore ke badumedi ka wena.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Gantsi batho ba ba se nang boikgapo mo go tsa tlhakanelodikobo ga ba fetoge le fa ba setse ba le mo lenyalong. Go farologana le bone, batho ba ba ikanyegang mo melaong ya Modimo ya boitsholo pele ba tsena mo lenyalong gantsi ba tla ikanyega mo baleka-neng ba bone ba lenyalo.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa e le gore ke tla nna ke ise ke ko ke tlhakanele dikobo go fitlha ke tsena mo lenyalong, ke tla tshwanelwa ke go ․․․․․

Fa e le gore batho ba ke tlwaelaneng le bone ba dira gore go nne thata go kgomarela boikaelelo jwa me, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

O akanya gore ke eng fa batho bangwe ba sotla ka batho ba ba iseng ba ko ba tlhakanele dikobo?

Ke eng fa go ka nna thata go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo?

Melemo ya go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo go fitlha o tsena mo lenyalong ke efe?

O ka tlhalosetsa monnao melemo ya go nna o ise o ko o tlhakanele dikobo jang?

[Mafoko a a mo go tsebe 51]

“Selo se se nthusang gore ke se ineelele thaelo ya go tlhakanela dikobo ke go gakologelwa gore ‘ga go na mogokafadi ope kgotsa motho yo o seng phepa yo o nang le boswa bope mo bogosing jwa Modimo.’’’ (Baefeso 5:5)—Lydia

[Lebokoso mo go tsebe 49]

Tsebe ya go Kwalela Dintlha

Ke Eng se Totatota se Diregang Morago ga Foo?

Gantsi balekane ba gago le dilo tsa boitlosobodutu ga di senole ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo. Akanya ka ditiragalo tse tharo tse di latelang. O akanya gore totatota go tla direga eng ka basha bano? ․․․․․

● Mongwe yo o tsenang sekolo le ene o ikgantsha ka gore o tlhakanetse dikobo le basetsana ba le bantsi. A re go monate—e bile ga go utlwise ope botlhoko. Ke eng se totatota se diregang morago ga foo—se se diragalelang ene le basetsana bao? ․․․․․

● Fa filimi nngwe e ya bokhutlong e bontsha basha ba babedi ba dingwaga tsa bolesome ba tlhakanela dikobo go supa kafa ba ratanang ka teng. Mo botshelong jwa mmatota—go tla direga eng morago ga foo? ․․․․․

● O kopana le mosimane wa maratagolejwa yo o go kopang gore o tlhakanele dikobo le ene. A re ga go ope yo o tla itseng ka gone. Fa o ile wa tlhakanela dikobo le ene mme wa leka go fitlha seo, totatota go tla direga eng morago ga foo? ․․․․․

[Setshwantsho mo go tsebe 54]

Go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo go tshwana le go bula mpho pele ga o e newa