Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Eng Fa ke Lwala Thata Jaana?

Ke Eng Fa ke Lwala Thata Jaana?

Kgaolo 8

Ke Eng Fa ke Lwala Thata Jaana?

“Fa o le mosha, o ikutlwa go se na sepe se se ka go palelang. Mme fa ka tshoganyetso o tlhaselwa ke bolwetse jo bo masisi, o simolola go lemoga gore ga go a nna jalo. O ikutlwa e kete o tsofetse ka ponyo ya leitlho.”—Jason.

FA Jason a le dingwaga di le 18, o ile a lemoga gore o na le bolwetse jwa Crohn—bolwetse jo bo koafatsang jwa mala. Gongwe le wena o na le bolwetse jo bo sa foleng kgotsa o golafetse. Ditiro tse batho ba le bantsi ba ka di tsayang e se tsa sepe—tse di jaaka go apara, go ja kgotsa go ya sekolong—di ka nna boima thata mo go wena.

Bolwetse jo bo sa foleng bo ka dira gore o ikutlwe e kete o legolegwa le le se nang kgololesego. O ka ikutlwa o jewa ke bodutu. O ka nna wa bo wa simolola go ipotsa gore a e seng gore o leofetse Modimo kgotsa gore a Modimo o a go leka ka tsela nngwe go bona gore o ikanyega go le kana kang. Le fa go ntse jalo, Baebele ya re: “Modimo ga a ka ke a lekwa ka dilo tse di bosula le gone ene ka boene ga a leke ope.” (Jakobe 1:13) Bolwetse ke sengwe fela sa dilo tse rona batho re lebanang le tsone, e bile rotlhe re diragalelwa “ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.

Selo se se itumedisang ke gore, Jehofa Modimo o re solofeditse lefatshe le lesha le mo go lone go tla bong go se “monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’” (Isaia 33:24) Tota le baswi ba tla tsosiwa gore ba nne le tshono ya go tshela mo lefatsheng leo le lesha. (Johane 5:28, 29) Fa re sa ntse re letile seo, o ka sola seemo se o leng mo go sone molemo jang?

Leka go nna le maikutlo a a siameng. Baebele ya re: “Pelo e e ipelang e dira sentle jaaka kalafi.” (Diane 17:22) Bangwe ba ka akanya gore fa motho a lwala bolwetse jo bo masisi ga a tshwanela go itumela le go tshega. Mme gone, go dira metlae e e siameng le go itsalanya le batho ba ba molemo go ka go lapolosa mogopolo le go godisa keletso ya gago ya go batla go tshela. Ka jalo akanya ka dilo tse o ka di dirang go natetsha botshelo jwa gago. Se lebale gore boipelo ke karolo ya leungo la moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22) Moya oo o ka go thusa go itshokela bolwetse ka boipelo.—Pesalema 41:3.

Ipeele mekgele e o ka e kgonang. Baebele ya re: “Botlhale bo na le ba ba boingotlo.” (Diane 11:2) Boingotlo bo tla go thusa gore o se nne motho yo o sa kgathaleng kgotsa yo o kelotlhoko ka tsela e e feteletseng. Ka sekai, fa seemo sa gago se go letla, dira ditiro dingwe tse di ka go thusang go ikutlwa botoka. Ke gone ka moo gantsi mafelo a kalafi a nang le dithulaganyo tse di thusang balwetse go itshidila mmele. Gantsi go ikatisa ka tsela e e tshwanetseng ga se fela gore go thusa molwetse go fola ka bonako mme gape go mo thusa go nna a itumetse. Selo sa botlhokwa ke gore, sekaseka seemo sa gago sentle mme o ipeele mekgele e o ka e kgonang.

Ithute go dirisana sentle le batho ba bangwe. Go tweng fa bangwe ba bua ka seemo sa gago ka tsela e e sa bontsheng go go akanyetsa? Baebele ya re: “O se ka wa isa mafoko otlhe a batho ba ka a buang kwa pelong.” (Moreri 7:21) Ka dinako dingwe tsela e e molemo ya go lebana le mafoko a a ntseng jalo ke go a itlhokomolosa. Kgotsa gongwe o ka dira gore ba se ka ba bua ka tsela e e ntseng jalo. Ka sekai, fa batho ba bangwe ba bonala ba sa gololesega ka go bo o dirisa setulo sa batho ba ba golafetseng, leka go dira gore ba gololesege. O ka nna wa re: “Gongwe lo ipotsa gore ke eng fa ke dirisa setulo seno. A lo ka rata go itse?”

Se itlhoboge. Fa Jesu a ne a boga setlhogo, o ne a rapela Modimo, a mo ikanya le go tlhoma mogopolo mo boipelong jo a neng a tlile go nna le jone, e seng mo botlhokong jo a neng a bo boga. (Bahebera 12:2) O ne a ithuta sengwe mo dilong tse di botlhoko tse di neng tsa mo diragalela. (Bahebera 4:15, 16; 5:7-9) O ne a amogela go thusiwa le go kgothadiwa. (Luke 22:43) O ne a amegile thata ka batho ba bangwe, e seng ka go se tshwarwe sentle ga gagwe.—Luke 23:39-43; Johane 19:26, 27.

Jehofa ‘O a Go Kgathalela’

Le fa bolwetse jwa gago e ka tswa e le bofe, ga o a tshwanela go nna le boikutlo jwa gore Modimo ga a amege ka wena. Go na le moo, Jehofa o leba batho ba ba lwelang go mo itumedisa ba le botlhokwa. (Luke 12:7) ‘O a go kgathalela’ mme o itumelela go go dirisa mo tirelong ya gagwe—go sa kgathalesege bolwetse kgotsa bokoa jwa gago.—1 Petere 5:7.

Ka jalo, o se ka wa letla poifo kgotsa dipelaelo di go thibela go dira dilo tse o batlang go di dira kgotsa tse o tshwanetseng go di dira. Ka metlha kopa Jehofa Modimo gore a go eme nokeng. O tlhaloganya tsela e o e ikutlwang ka yone le se o se tlhokang. Mo godimo ga moo, a ka go naya “maatla a a fetang a a tlwaelegileng” go go thusa go itshoka. (2 Bakorintha 4:7) Fa go ntse go ya, gongwe le wena o ka nna le tsholofelo fela jaaka Timothy, yo o neng a fitlhelwa a tshwerwe ke bolwetse jwa letsapa le le tseneletseng (chronic fatigue syndrome [CFS]), a na le dingwaga di le 17. A re: “Go ya ka 1 Bakorintha 10:13, Jehofa ga a kitla a letla gore re raelwe go feta se re ka se itshokelang. Ke tle ke re, fa Mmopi wa me a tshepa gore ke tla itshokela teko eno, nna ke mang gore ke mo ganetse?”

Fa Mongwe Yo o Mo Itseng a Lwala

Go tweng fa e le gore ga o lwale mme gone o itse mongwe yo o lwalang kgotsa yo o golafetseng? O ka mo thusa jang? Selo sa botlhokwa ke go ‘bontsha go mo utlwela botlhoko’ le go nna “pelotlhomogi.” (1 Petere 3:8) Leka go itsenya mo ditlhakong tsa motho yoo. Leka go tlhaloganya mathata a gagwe go ya kafa a a lebang ka teng e seng go ya kafa wena o a lebana ka teng. Nina yo o neng a tsholwa a na le bolwetse jwa go golafala lerapo la mokwatla, a re: “E re ka ke na le mmele o monnye e bile ke dirisa setulo sa batho ba ba golafetseng, batho bangwe ba bua le nna jaaka e kete ke ngwana mme seo se nkutlwisa botlhoko. Le fa go ntse jalo, ba bangwe bone ba tsaya matsapa a go bua le nna ba dutse fa fatshe gore re bue re lebane. Seo se intumedisa fela thata!”

Fa o sa lebe fela makoa a batho ba ba nang le mathata a botsogo ba nang le one, o tla lemoga gore ba tshwana thata le wena. Akanya fela—ka mafoko a gago o ka kgona go abela batho ba ba ntseng jalo ‘mpho ya semoya!’ Fa o dira jalo, le wena o tla solegelwa molemo ka gonne lo tla ‘kgothatsana.’—Baroma 1:11, 12.

BALA GO YA PELE KA KGANG ENO MO BOLUMONG YA 1, KGAOLO 13

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Ka nako eo . . . ga go na monni ope yo o tla reng: ‘Ke a bobola.’”—Isaia 33:23, 24.

KAKANTSHO

Go nna le kitso go ka fokotsa go boifa dilo tse o sa di itseng. Ka jalo ithute go le gontsi kafa o ka kgonang ka gone ka bolwetse jwa gago. Botsa ngaka ya gago dipotso tse di maleba fa go na le sengwe se o sa se tlhaloganyeng.

A O NE O ITSE GORE . . ?

Bolwetse kgotsa bogole jwa gago ga se kotlhao e e tswang kwa Modimong. Go na le moo, ke ditlamorago tsa bosaitekanelang jo rotlhe re bo ruileng mo go Adame.—Baroma 5:12.

SE KE SE IKAELETSENG!

Gore ke tswelele ke na le maikutlo a a siameng le mororo ke lwala kgotsa ke golafetse, ke tla ․․․․․

Mokgele o nka ipeelang one o nka o kgonang ke ․․․․․

Fa mongwe a bua dilo tse di sa bontsheng go nkakanyetsa ke tla lolamisa dilo ka go ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

O ka dirisa tshedimosetso e e mo kgaolong eno jang go thusa motho yo o golafetseng kgotsa yo o lwalang bolwetse jo bo sa foleng?

Fa o na le bolwetse jo bo sa foleng, ke dilo dife tse di molemo tse o ka tlhatlhanyang ka tsone tse di ka go thusang go itshokela bolwetse joo?

O itse jang gore go boga ga gago ga se sesupo sa gore Modimo ga a go rate?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 75]

DUSTIN wa dingwaga di le 22, a re:

‘‘Ke gakologelwa ke lela fa mmè a ne a ntlamparetse fa ke sena go bolelelwa gore ke ne ke tlile go tshwanelwa ke go dirisa setulo sa batho ba ba golafetseng. Ke ne ke le dingwaga di le robedi fela. ’

Ke na le bolwetse jwa go koafala mesifa. Ke tlhoka go thusiwa go apara, go tlhapa le go ja. Ga ke kgone go tsholetsa matsogo a me gotlhelele. Le fa go ntse jalo, botshelo jwa me bo a itumedisa e bile ke nna ke tshwaregile mme ke na le dilo di le dintsi tse ruri ke di lebogelang. Ke nna le seabe mo bodireding ka metlha e bile ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong. Tota e bile ga ke ikutlwe e kete botshelo ke morwalo o o boima. Fa o direla Jehofa ka metlha go nna go na le sengwe se o ka se dirang le se o ka se tlhoafalelang. Mme e bile, ke tlhoafaletse lefatshe le lesha la Modimo, le mo go lone ke tla kgonang go ‘palama fela jaaka kgama e tonanyana.’’’—Isaia 35:6.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 75]

TOMOKO wa dingwaga di le 21, a re:

‘‘Fa ke ne ke le dingwaga di le nnè fela ngaka e ne ya nthaya ya re: ‘O tla tshwanelwa ke go tshela ka go itlhaba ka lomao lwa “insulin” botshelo jotlhe jwa gago.’

Go laola selekanyo sa sukiri mo mmeleng ke kgwetlho e kgolo mo mothong yo o nang le bolwetse jwa sukiri. Gantsi ga ke kgone go ja ka nako e ke batlang go ja ka yone mme ka nako e ke sa batleng go ja ka yone, ke yone e ke tshwanelwang ke go ja ka yone. Go tla go fitlha jaanong, ke setse ke tlhabile mamao a le 25 000, ka jalo ke dulwe ke marophi mo matsogong le mo diropeng. Mme gone batsadi ba me ba nthusitse go sola seemo se ke leng mo go sone molemo ka botlalo. Ka metlha ba ne ba nthotloetsa e bile ba ntlhotlheletsa go nna le maikutlo a a siameng e bile ba dirile gore ke anaanele dilo tsa semoya. Jehofa o ne a nna molemo mo go nna. E ne ya re fa botsogo jwa me bo ntetla, ke ne ka dira tshwetso ya go bontsha kanaanelo ya me ka go nna modiredi wa nako e e tletseng.”

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 76]

JAMES wa dingwaga di le 18, a re:

‘‘Batho ga ba itse gore ba itshware jang fa ba na le motho yo o lebegang ka tsela e ba sa e tlwaelang.

Ke na le bogole jwa go nna mokhutshwane ka tsela e e sa tlwaelegang. Batho ba tlhoma mogopolo thata mo ditebegong, ka jalo ke leka go ba bontsha gore ga ke ngwananyana yo o nang le kodu. Go na le go tshwenyega thata ka gore ga ke tshwane le batho ba bangwe, ke leka go tlhoma mogopolo mo go se ke leng sone. Ke itumelela botshelo. Ke ithuta Baebele mme ke rapela Jehofa gore a nkeme nokeng. Ka metlha lelapa la gaetsho le a nkgothatsa. Ke tlhoafaletse nako ya fa Modimo a tla bo a fedisitse malwetse otlhe. Gone jaanong fa ke sa ntse ke letile nako eo, ke ithutile go tshela ka bogole jwa me, mme gone ga ke bo letle go laola botshelo jwa me.’’

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 76]

DANITRIA wa dingwaga di le 16, a re:

‘‘Ke ne ka lemoga gore go sengwe se se phoso fa ke ne ke utlwa setlhabi se se botlhoko le fa ke ne ke tsholetsa galase ya metsi fela.

Go tshwarwa ke bolwetse jwa ‘fibromyalgia’ ke selo se se boima e bile go bakela motho ditlhabi tse di botlhoko tota. E re ka ke sa le mosha, ke batla go tshwana le ditsala tsa me, le fa go ntse jalo ke ketefalelwa ke sengwe le sengwe go gaisa pele. Tota le go thulamela go ntsaya lobaka lo loleele! Mme gone, ke lemogile gore ka thuso ya ga Jehofa nka kgona go dira dilo di le dintsi go sa kgathalesege bothata jwa me. Ke ile ka ba ka kgona le go dirisa nako e ntsinyana mo bodireding ke le mmulatsela yo o thusang. Go ne go le thata mme ke ne ka kgona go go dira. Ke leka go dira bojotlhe jwa me. Ke tshwanelwa ke go tsaya tsia dilo tse mmele wa me o ka se kgoneng go di dira. Fa ke lebala go dira jalo, ka metlha mmè o a nkgopotsa!’’

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 77]

ELYSIA wa dingwaga di le 20 a re:

‘‘Ke ne ke le moithuti yo o neng a falola ka maduo a maemo a ntlha. Gone jaanong go bala sengwe fela se se khutshwane ke kgwetlho e kgolo, mme seo ka dinako tse dingwe se nngomola pelo.

Bolwetse jwa letsapa le le tseneletseng bo dira gore ditiro tse di sa reng sepe e nne kgwetlho e kgolo. Ka dinako tse dingwe ga ke kgone le go tswa mo dikobong. Mme gone ga ke letle bolwetse jwa me go nna selo se ke amegang thata ka sone. Ke bala Baebele letsatsi le letsatsi le fa seo se ka ntlhoka go bala ditemana di le mmalwa fela kgotsa ke balelwa ke mongwe mo lelapeng. Ke leboga lelapa la gaetsho fela thata. Rre o ile a ba a kopa go se dire kabelo nngwe kwa kopanong gore a tle a kgone go nthusa go nna teng kwa kopanong eo. O ne a se ka a ngongorega. O ne a re kabelo e e botlhokwa thata e a nang le yone ke go tlhokomela lelapa la gagwe.’’

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 77]

KATSUTOSHI wa dingwaga di le 20, a re:

‘‘Ka ntlha ya go tlalelwa, ka tshoganyetso ke ne ke tle ke goe le go ragaraga, le e leng go kolopa dilo le go di thubaganya.

Ke ne ka nna le bolwetse jwa go wa go tloga ke le dingwaga di le tlhano. Ke ne ke tle ke we ga supa ka kgwedi. Ke tshwanelwa ke go nwa melemo letsatsi le letsatsi, mme seo se dira gore ke lape thata. Le fa go ntse jalo, ke leka go akanyetsa batho ba bangwe, e seng nna fela. Mo phuthegong ya gaetsho go na le babulatsela ba babedi ba dingwaga tsa me ba ba nkemang nokeng tota. Fa ke sena go fetsa sekolo, ke ne ka oketsa seabe sa me mo bodireding. Letsatsi le letsatsi ke lwa le bolwetse jono jwa go wa. Le fa go ntse jalo, fa ke ikutlwa ke ngomogile pelo ke leka ka bojotlhe go ikhutsa sentle. Mo letsatsing le le latelang ke ikutlwa ke le botoka.’’

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 78]

MATTHEW wa dingwaga di le 19, a re:

‘‘Ga go motlhofo go tlotlwa ke balekane ba gago fa ba go tsaya o sa ‘felela.’

Nka rata go tshameka metshameko e e rileng mme ga ke kgone. Ke na le bolwetse jwa ‘celebral palsy,’ tota le e leng go tsamaya ga go motlhofo. Mme gone ga ke tlhome mogopolo thata mo dilong tse ke sa kgoneng go di dira. Ke tshwarega thata ka dilo tse ke kgonang go di dira, tse di jaaka go bala. Kwa Holong ya Bogosi ke gone kwa ke kgonang go nna gone ke sa tshwenyege ka gore batho ba tla nkatlhola. Gape ke gomodiwa ke go itse gore Jehofa o nthata ka ntlha ya motho yo ke leng ene ka fa teng. Tota e bile ga ke itseye ke le segole. Ke itsaya ke le motho yo o nang le dikgwetlho tse dintsi le tse di sa tshwaneng le tsa ba bangwe tse a tshwanelwang ke go lebana le tsone.’’

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 78]

MIKI wa dingwaga di le 25, a re:

‘‘Ke ne ke tle ke tshameke metshameko mengwe. Mme e ne ya re fa ke le mo dingwageng tsa bolesome ka utlwa fela e kete ke tsofetse.

Ke tshotswe ke na le bolwetse jwa pelo. Matshwao a jone a ne a simolola go bonala fa ke le mo dingwageng tsa bolesome. E setse e le dingwaga di le thataro fa e sa le ke arilwe mme ke sa ntse ke lapa thata le go opiwa ke tlhogo e e sa foleng. Ka jalo ke ipeela mekgele ya nako e khutshwane e nka e kgonang. Ka sekai, ke ile ka kgona go nna modiredi wa nako e e tletseng mme ke dira jalo ka go kwala makwalo le ka go rera ka founo. Gape bolwetse jwa me bo nthusitse go nna le dinonofo tse ke neng ke se na tsone, tse di jaaka bopelotelele le go nna tekatekano.’’

[Setshwantsho mo go tsebe 74]

Bolwetse jo bo sa foleng bo ka dira gore o ikutlwe e kete o tswaletswe mo kgolegelong—mme gone Baebele e re naya tsholofelo ya go bona kgololo