Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sekolo le Balekane ba Gago

Sekolo le Balekane ba Gago

Karolo 4

Sekolo le Balekane ba Gago

A o fitlhela go le thata go bona maduo a a batlegang mo dirutweng dingwe?

□ Ee

□ Nnyaa

A o kile wa kgerisiwa kgotsa wa tlhorontshi- wa ka tsa tlhakanelodikobo kwa sekolong?

□ Ee

□ Nnyaa

A ka dinako dingwe o a tle o raelesege go itshwara ka tsela e e sa siamang jaaka balekane ba gago?

□ Ee

□ Nnyaa

O ka nna wa akanya jaana: ‘Fa nka kgona go fetsa sekolo, nka kgona go itshokela sengwe le sengwe mo botshelong!’ Mme gone, mafoko ao a ka tswa a le boammaaruri ka tsela nngwe. Kana e bile, maemo a o lebanang le one kwa sekolong a ka go leka gore o nonofile go le kanakang mo tlhaloganyong, mo maikutlong le mo semoyeng. O ka kgona jang go bona thuto e e molemo mme gone o sa tshwaediwe ke mekgwa e e maswe ya balekane ba gago? Dikgaolo 13-17 di tla go thusa go nna le bokgoni jo o bo tlhokang go dira jalo.

[Setshwantsho se se tletseng ka tsebe 112, 113]