Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa o Tshela Botshelo Jwa Boitimokanyi —Ke Mang yo o Tshwanetseng go Itse?

Fa o Tshela Botshelo Jwa Boitimokanyi —Ke Mang yo o Tshwanetseng go Itse?

Kgaolo 16

Fa o Tshela Botshelo Jwa Boitimokanyi —Ke Mang yo o Tshwanetseng go Itse?

□ Go nwa bojalwa

□ Go tsalana le batho ba batsadi ba gago ba ba tsayang e le ditsala tse di bosula

□ Go reetsa mmino o o leswe

□ Go ya kwa diphathing tsa boitlhapediso

□ Go intsha le mongwe mo sephiring

□ Go leba difilimi tse di tletseng thuba-kanyo le boitsholo jo bo sa siamang kana go tshameka metshameko ya dibidio e e tletseng thubakanyo

□ Go bua puo e e leswe

LEBA lenaane le le mo tsebeng e e fetileng. A o dira sengwe sa dilo tseno batsadi ba gago ba sa itse? Fa go le jalo, o tshwanetse wa bo o itse gore se o se dirang se phoso. Gongwe e bile o ka tswa o tshwenngwa ke segakolodi. (Baroma 2:15) Le fa go ntse jalo, kgang ya go bolelela batsadi ba gago dilo tseno e ka nna thata. Mme fa o akanya ka tsela e ba ka nnang ba ikutlwa ka yone fa ba ka itse, o ka nna wa bona go le molemo gore ba nne ba ntse ba sa itse. Mme gone, a o kile wa akanyetsa gore go dira jalo tota ke go tshela botshelo jwa boitimokanyi? Ke eng se se ka tswang se dirile gore o tshele botshelo joo?

Go Batla Kgololesego

Baebele ya re kgabagare ‘monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe.’ (Genesise 2:24) Go ntse jalo le ka basadi. Ke ga tlholego gore o batle go gola, go ikakanyetsa, go itirela ditshwetso. Mme fa batsadi ba gana go naya basha tetla ya go dira dilo tse bone ba di tsayang di se botlhale—kana di le phoso—basha bangwe ba a tsuologa.

Ke boammaaruri gore batsadi bangwe ba ka tswa ba gagamatsa melao thata. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Kim o ngongorega jaana: “Tota ga re letlwe le go leba difilimi.” O oketsa ka go re: “Rre o gana re reetsa mo e batlang e le mefuta yotlhe fela ya mmino!” Fa basha bangwe ba ilediwa dilo dingwe, ba simolola go tswela balekane ba bone pelo, ba go bonalang ba na le kgololesego e ntsi.

Mosha mongwe yo o bidiwang Tammy o tlhalosa lebaka lengwe le le ka dirang gore basha bangwe ba tshele botshelo jwa boitimokanyi—gore ba amogelwe ke bana ba ba tsenang sekolo le bone. A re: “Ke simolotse ka go bua puo e e leswe kwa sekolong. Seo se ne se dira gore ke ikutlwe ke tshwana le bana ba bangwe. Moragonyana ke ne ka ithuta go goga. Gape ke ne ke nwa bojalwa gore ke bo ke tagwe. Go tswa foo ka simolola go ratana—ke dira jalo mo sephiring gonne batsadi ba me ba ne ba gagamaditse melao mme ba sa ntetle gore ke intshe le mongwe.”

Mosha mongwe yo o bidiwang Pete le ene o diragaletswe ke se se tshwanang: “Ke goletse mo lelapeng la Basupi ba ga Jehofa. Mme ke ne ke tshaba go tshegwa ke basha ba bangwe.” Pete o ne a dirang ka seno? A re: “Ke ne ke dira dilo tse di neng di dira gore ba nthate. Ke ne ke bua maaka e bile ke dira diipato dingwe tsa go bo ke sa amogela dimpho dipe mo nakong ya malatsi a boikhutso a bodumedi.” Pete o ne a simolola go dira maleonyana a a neng a bonala a sa re sepe, mme go ise go ye kae o ne a dira boleo jo bo masisi.

Ga go Sepe se se Fitlhegileng

Go tshela botshelo jwa boitimokanyi ga se selo se se simologang jaanong. Baiseraele bangwe ba bogologolo ba ne ba leka go tshela botshelo joo ba akanya gore ga go ope yo o tla lemogang. Le fa go ntse jalo, moporofeti Isaia o ne a ba tlhagisa jaana: “A bo go latlhega ba ba tsenelang kwa teng thata ka go fitlhela Jehofa boikaelelo, le ba ditiro tsa bone di diragetseng mo lefelong le le lefifi, fa ba ntse ba re: ‘Ke mang yo o re bonang, mme ke mang yo o itseng ka rona?’” (Isaia 29:15) Baiseraele ba ne ba lebala gore Modimo o ne a bona se ba se dirang. Mme ka nako e a e beileng o ne a ba otlhaela maleo a bone.

Go ntse fela jalo le gompieno. Le fa o ka kgona go fitlhela batsadi ba gago ditiro tse di sa siamang tse o di dirang, ga o ka ke wa di fitlhela Jehofa Modimo. Bahebera 4:13 ya re: “Ga go na sebopiwa se se sa bonatshegeng mo ponong ya gagwe, mme dilo tsotlhe di senogile e bile di mo pontsheng fela mo matlhong a gagwe yo re ikarabelelang mo go ene.” Ka jalo ga go thuse sepe go fitlha se o se dirang. Se lebale gore, ga o ka ke wa fora Modimo ka go ya dipokanong o itira e kete o mo direla ka pelo yotlhe. Jehofa o kgona go lemoga fa batho ba mo ‘tlotla ka dipounama tsa bone, mme dipelo tsa bone di katogetse kgakala le ene.’—Mareko 7:6.

A o lemogile gore batho ba ba tshelang botshelo jwa boitimokanyi ba utlwisa Jehofa botlhoko? A mme seo se a kgonega? Ee, se a kgonega! Fa Baiseraele ba bogologolo ba ne ba tlhokomologa Molao wa Modimo, “ba ne ba utlwisa Moitshepi wa Iseraele botlhoko.” (Pesalema 78:41) Ruri le gompieno o tshwanetse a bo a utlwa botlhoko tota fa basha ba ba godiseditsweng “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa” ba dira dilo tse di sa siamang mo sephiring!—Baefeso 6:4.

Tlhamalatsa Dilo

Totatota o a patelesega go ipolela se o ntseng o se dira mo sephiring gore o itumedise Modimo, batsadi ba gago le gore le wena o solegelwe molemo. Ke boammaaruri gore seno se ka nna sa dira gore o tlhabiwe ke ditlhong kgotsa sa dira gore o otlhaiwe. (Bahebera 12:11) Ka sekai, fa e le gore o ntse o itlwaeditse go aka le go tsietsa, o dirile gore batsadi ba gago ba se tlhole ba go ikanya. Ka jalo, o se ka wa gakgamala fa go feta nakonyana ba go beetse dithibelo tse dintsi go feta pele. Le fa go ntse jalo, go molemo gore o ipolele. Ka ntlha yang?

Akanya ka sekai seno: A re re o ile go iphokisa phefo kwa nageng le ba lelapa la gaeno. Batsadi ba gago ba go laetse gore o se ka wa fapoga mo tselaneng e lo tsamayang mo go yone, fa ba leba go sele o itlhokomolosa taelo ya bone mme o tswa mo tseleng. O ipona fela o setse o garimela kwa tengteng mo motlhabeng. A o tla tlhabiwa ke ditlhong go goa o kopa thuso? A o tla tshwenyega ka gore batsadi ba gago ba tla go otlhaya ka go bo o itlhokomolositse taelo ya bone? Nnyaa! O tla goeletsa tota.

Ka tsela e e tshwanang, fa e le gore o tshela botshelo jwa boitimokanyi o tlhoka thuso ka potlako. Gakologelwa gore ga o ka ke wa dirolola dilo tse o di dirileng mo nakong e e fetileng. Mme gone, o ka kgona go fetola se o tla se dirang mo isagweng. Le fa go bolelela batsadi ba gago go ka nna botlhoko kgotsa ga nna thata go le kanakang, go molemo go kopa thuso pele o utlwisa wena le ba lelapa la gaeno botlhoko le go feta. Fa ruri o ikwatlhaela se o se dirileng, Jehofa o tla go utlwela botlhoko.—Isaia 1:18; Luke 6:36.

Ka jalo bolelela batsadi ba gago boammaaruri. Tlhaloganya lebaka la go bo se o se dirileng se ba utlwisa botlhoko. Amogela kotlhao ya bone. Fa o dira jalo, o tla itumedisa batsadi ba gago le Jehofa Modimo. Gape o tla ikutlwa o imologile e bile o na le segakolodi se se gololesegileng.—Diane 27:11; 2 Bakorintha 4:2.

MO KGAOLONG E E LATELANG

Go na le dilo di le dintsi tse wena le ba o tsenang sekolo le bone lo tshwanang ka tsone. Mme ke eng se o tshwanetseng go se itse ka kgang ya go dira ditsala kwa sekolong?

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Yo o bipang ditlolo tsa gagwe ga a na go atlega, mme yo o di ipolelang a bo a di tlogela o tla utlwelwa botlhoko.” —Diane 28:13.

KAKANTSHO

O se ka wa nyenyefatsa diphoso tsa gago, mme gone o se ka wa ipona molato go feta selekanyo. Se lebale gore Jehofa o iketleeleditse go itshwa-rela.—Pesalema 86:5.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Go ikutlwa o le molato go a thusa; go ka tlhotlheletsa motho gore a baakanye ditsela tsa gagwe. Mme go tswelela o dira boleo go ka gobatsa segakolodi sa gago. Se ka kgwara-lala sa tshwana le letlalo le le neng la baboga mme la thata-fala.—1 Timotheo 4:2.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa e le gore ke ntse ke tshela botshelo jwa boitimokanyi ke tla bua le ․․․․

Kotlhao epe fela e ke e newang ke tla e amogela ka go ․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․

O AKANYANG?

● Ke eng se se dirang gore basha bangwe ba tshele botshelo jwa boitimokanyi?

● Matswela mangwe a go tshela botshelo jwa boitimokanyi ke afe?

● Melemo ya go tlogela go tshela botshelo jo bo ntseng jalo ke efe?

[Mafoko a a mo go tsebe 140]

“Ke akanya gore basha ba tshwanetse go ipolela gore ke Bakeresete ba ba tshelang ka melao ya maemo a a kwa godimo ya boitsholo. Ba tshwanetse go dira seno ka bonako jo bo kgonegang. Fa ba diega, go tla nna thata le go feta gore ba go dire.’’—Linda

[Setshwantsho mo go tsebe 141]

Fa o garimela kwa tengteng mo motlhabeng wa botshelo jwa boitimokanyi o tshwanetse go goa o kopa thuso