Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Direng fa Motsadi Wa me A Lemaletse Bojalwa Kgotsa Diokobatsi?

Ke Direng fa Motsadi Wa me A Lemaletse Bojalwa Kgotsa Diokobatsi?

Kgaolo 23

Ke Direng fa Motsadi Wa me A Lemaletse Bojalwa Kgotsa Diokobatsi?

“Papa o ne a re o ya go baakanya koloi, ya bo e le fa a ile. Mama o ne a leka go mo founela. O ne a se ka a araba founo. Moragonyana ke ne ka lemoga gore Mama o ne a tshwenyegile mme o ne a ipaakanyetsa go ya go mmatla. O ne a re, ‘Ke ya go batla rraago.’

“Moragonyana, Mama o ile a boa—a le esi. Ke ne ka mmotsa, ‘Papa o ne a seyo koo ga ke re?’ O ne a araba a re, ‘Nnyaa.’

“Ka yone nako eo ke ne ke setse ke itse gore Papa o boetse gape kwa mekgweng ya gagwe. O ne a dira sone se a neng a tle a se dire mo nakong e e fetileng. Kgang ke gore, Papa o lemaletse diokobatsi. Fa a boa, nna le Mama re ne re tshogile tota. Ke ne ka mo itlhokomolosa letsatsi lotlhe—mme seo le sone se ne sa nkutlwisa botlhoko tota.”—Karen, 14.

LETSATSI LE LETSATSI basha ba le bantsi ba tshwanelwa ke go itshokela kutlobotlhoko ya go tshela le motsadi yo o lemaletseng bojalwa kgotsa diokobatsi. Fa mongwe wa batsadi ba gago e le lekgoba la dilo tseo, o tshwanetse a bo a go tlhabisa ditlhong, a go betisa pelo le go go kgopisa.

Ka sekai, Mary o godisitswe ke rre yo o neng a lebega a le molemo fa a le mo bathong. Mme gone o ne a nwa bobe fa a le nosi, e bile a tlhapatsa ba lelapa la gagwe le go ba gobolola. Mary o gakologelwa jaana ka pelo e e botlhoko: “Batho ba ne ba tlhola ba re bolelela kafa re leng lesego ka teng go nna le rre yo o molemo jaana.” *

Fa mongwe wa batsadi ba gago a lemaletse bojalwa kgotsa diokobatsi, o ka itshokela seemo seo jang?

Go Tlhaloganya Seemo

Mme gone, go a thusa go tlhaloganya gore ke eng se se dirang gore motsadi wa gago a nne le bothata joo. Diane 1:5 ya re: “Motho yo o nang le tlhaloganyo ke yo o bapalang kaelo e e botswerere.” Ka jalo go ka thusa go itse gore go lemalela sengwe go bakwa ke eng, ke bomang ba ba lemalelang bojalwa kgotsa diokobatsi le gore ke eng fa ba di lemalela.

Ka sekai, motho yo o lemaletseng bojalwa ga se fela yo o nwang bojalwa bobe nako nngwe. Go na le moo, o na le bothata jo bo masisi jwa go aga a nwa bojalwa bobe. O aga a akantse fela ka bojalwa mme fa a simolola go nwa ga a kgone go emisa. Bothata jono jwa gagwe bo mmakela mathata a mangwe a mantsi a a amang lelapa, tiro le botsogo jwa gagwe.

Le fa batho bangwe ba ka tswa ba lemalela bojalwa ka ntlha ya go bo rata, bangwe bone ba bo lemalela ka ntlha ya mathata a a amanang le maikutlo. Tota e bile, gantsi batho ba le bantsi ba ba lemaletseng bojalwa ba a inyatsa. (Diane 14:13) Bangwe ba bone ba goletse mo malapeng a batsadi ba ba neng ba lemaletse bojalwa. Batho ba ba godileng jalo ba leka go itebatsa matsadi a nako e e fetileng ka go nwa bojalwa. Go ka nna jalo le ka batho ba ba lemaletseng diokobatsi.

Ke boammaaruri gore, go nwa bojalwa kgotsa go dirisa diokobatsi go gakaletsa motho mathata; ga a kgone go akanya sentle e bile o nna le mathata a maikutlo. Ke gone ka moo go leng botlhokwa gore motsadi wa gago a bone thuso ya mongwe yo o thapisitsweng gore a kgone go tlogela mokgwa ono.

Nna Tekatekano

Ke boammaaruri gore, go tlhaloganya lebaka la go bo motsadi wa gago a itshwara ka tsela eo ga go fedise bothata. Mme gone, go nna le kitso ka bothata jwa gagwe go ka go thusa go mo tlhomogela pelo.

Ka sekai, a o ne o ka lebelela gore motsadi yo o robegileng leoto a tshameke kgwele ya dinao le wena? Go tweng fa e le gore o gobaditswe ke go se nne kelotlhoko? Ga go pelaelo gore, o ne o tla swaba. Mme gone, o ne o tla itse gore a ka se ka a kgona go tshameka kgwele ya dinao le wena go fitlha a fola. Go tlhaloganya seo go ne go tla go thusa go nna tekatekano mo go se o se lebeletseng mo go ene.

Ka tsela e e tshwanang, motsadi kgotsa motho ope fela yo o lemaletseng diokobatsi le ene o gobetse mo maikutlong le mo tlhaloganyong. Ke boammaaruri gore o ‘ikgobaditse’ ka boomo. Mme e bile go a utlwala go bo seo se go kgopisa. Le fa go ntse jalo, motsadi wa gago ga a kitla a kgona go go tlhokomela sentle go fitlha a bona thuso ka bothata jwa gagwe. Go tsaya bothata jono jwa gagwe bo tshwana le kgobalo e e dirang gore a palelwe ke go dira dilo dingwe, go ka go thusa go se lebelele go le gontsi mo go ene.

Se o Ka se Dirang

O tshwanetse go lemoga gore, fa fela motsadi wa gago a ise a fetole tsela e a tshelang ka yone, o tla nna o amiwa thata ke matswela a tsela e a itshwarang ka yone. Gone jaanong, ke eng se o ka se dirang?

O se ka wa ikutlwa o le molato ka seo. Motsadi wa gago ke ene a ipaketseng bothata jo a leng mo go jone. Bagalatia 6:5 ya re: “Mongwe le mongwe o tla rwala morwalo wa gagwe.” Ga se maikarabelo a gago go mo tlogedisa mokgwa oo wa gagwe kgotsa go mo sireletsa gore a se ka a lebana le matswela a gone. Ka sekai, ga o tlhoke go aka fa mothapi wa gagwe a mmatla kgotsa go mo gogela mo ntlong fa a tagilwe.

Rotloetsa motsadi wa gago go senka thuso. Bothata jo bogolo jwa motsadi wa gago e ka nna gore ga a batle go dumela gore o na le bothata. Fa a tlhapogetswe e bile a ritibetse, gongwe wena le motsadi yo mongwe wa gago le bomogoloo lo ka mmolelela kafa boitsholo jwa gagwe bo amang lelapa ka teng le se a tshwanetseng go se dira ka gone.

Mo godimo ga moo, go ka nna molemo gore motsadi yo o nang le bothata a kwale dikarabo tsa dipotso tse di latelang: Go tla direga eng ka nna le lelapa la me fa ke tswelela ka go nwa kgotsa go dirisa diokobatsi? Go tla direga eng fa nka tlogela mokgwa ono? Ke tshwanetse go dira eng go bona thuso?

Fa go nna thata, itsamaele. Diane 17:14 ya re: “Pele ga komano e tsoga, tswa o tsamaye.” O se ka wa itsenya mo kotsing ka go nna le seabe fa go na le komang. Fa go kgonega, ikele kwa kamoreng ya gago kana o ye go etela tsala nngwe ya gago. Fa go lebega e kete go tla nna le ntwa, go ka nna ga tlhokega gore o kope thuso.

Amogela maikutlo a o nang le one. Basha bangwe ba ikutlwa molato gonne ba tenegela motsadi yo o lemaletseng bojalwa kgotsa diokobatsi. Go a utlwala go bo o ka ikutlwa o tenegile, segolobogolo fa mokgwa ono wa motsadi wa gago o dira gore a se ka a go bontsha lorato le kemonokeng e o e tlhokang. Ke boammaaruri gore Baebele e go laela gore o tlotle motsadi wa gago. (Baefeso 6:2, 3) Mme gone, go “tlotla” go kaya go ikobela taolo ya gagwe ka tsela e o neng o ka ikobela taolo ya lepodise kgotsa ya moatlhodi. Seno ga se reye gore o dumalana le mokgwa ono wa motsadi wa gago. (Baroma 12:9) E bile ga go reye gore o motho yo o bosula gonne o tlhoile tsela e a nwang bojalwa bobe ka yone kgotsa a dirisang diokobatsi ka tsela e e sa tshwanelang ka yone; kgang ke gore go dirisa dilo tseno ka tsela e e sa tshwanelang go a tena!—Diane 23:29-35.

Batla ditsala tse di tla go agang. Fa botshelo jwa lelapa la gaeno bo tlhakatlhakane, o ka nna wa feleletsa o sa itse gore botshelo jo bo siameng ke jo bo ntseng jang. Ka jalo, go botlhokwa gore o tsalane le batho ba ba godileng semoyeng le mo maikutlong. Gangwe le gape maloko a phuthego ya Bokeresete a ka go kgothatsa le go go ema nokeng gore o lebale go sekae ka mathata a lelapa la gaeno. (Diane 17:17) Go etela malapa mangwe a Bakeresete go ka go thusa gore o bone gore lelapa le tshwanetse go tshela jang ka tsela e e siameng le go tlosa mo mogopolong sekai se se sa siamang se o se bonang kwa lelapeng la gaeno.

Senka thuso. Go a thusa go nna le mogolo mongwe yo o mo ikanyang yo o kgonang go mmulela mafatlha. Bagolwane ba phuthego ba iketleeleditse go go thusa fa o ba tlhoka. Baebele ya re banna bano ba ka nna jaaka “lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.” (Isaia 32:2) Ka jalo o se ka wa ba boifa kgotsa wa tlhajwa ke ditlhong go ya kwa go bone gore ba go gomotse le go go naya kgakololo.

Kwala fano gore ke efe ya dikakantsho tseno tse thata-ro tse di fa godimo e o tla lekang go e dirisa pele. ․․․․․

O ka nna wa se ka wa kgona go fetola seemo se se mo lelapeng la gaeno, mme o ka kgona go fetola tsela e se go amang ka yone. Go na le go leka go laola motsadi wa gago, tlhoma mogopolo mo mothong yo o ka kgonang go mo laola—wena. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: ‘Nna o direle poloko ya gago.’ (Bafilipi 2:12) Go dira jalo go tla go thusa gore o lebe dilo ka tsela e e tshwanetseng mme go ka nna ga kgothatsa le motsadi wa gago gore a senke thuso ka bothata jono jwa gagwe.

MO KGAOLONG E E LATELANG

Ke dire eng fa batsadi ba me ba omanetse ruri? O ka itshokela jang bothata jono jo bo feretlhang maikutlo?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Fa o sotlwa ke motsadi yo o lemaletseng bojalwa, o tshwanetse go senka thuso. Bolelela mogolo mongwe yo o mo ikanyang. Fa o le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o ka bua le mongwe wa bagolwane ba phuthego kgotsa Mokeresete yo mongwe yo o godileng semoyeng.

DITEMANA TSA BOTLHOKWA

“Temogo ya motho ruri e fokotsa bogale jwa gagwe.”—Diane 19:11.

KAKANTSHO

Go na le gore o tlhoe motsadi wa gago, tlhoa selo se se phoso se a se dirang.—Diane 8:13; Jude 23.

A O NE O ITSE GORE . . . ?

Mo Baebeleng go “tlotla” go ka raya fela go ikobela taolo e e tlhomilweng. (Baefeso 6:1, 2) Ka jalo go tlotla motsadi ga go reye gore ka metlha o tshwanetse go dumalana le tsela e a itshwarang ka yone.

SE KE SE IKAELETSENG!

Fa motsadi wa me a ntshotla ka mafoko kgotsa a nna dikgoka, ke tla ․․․․․

Go kgothatsa motsadi wa me gore a batle thuso, ke tla ․․․․․

Se nka ratang go se botsa batsadi ba me ka kgang eno ke gore ․․․․․

O AKANYANG?

Ke eng se se dirang gore batho bangwe ba lemalele bojalwa kgotsa diokobatsi?

Ke eng fa e se wena o ikarabelelang ka mokgwa o motsadi wa gago a nang le one wa go lemalela bojalwa kgotsa diokobatsi?

Ke dilo dife tse o ka kgonang go di laola ka seemo se o leng mo go sone, mme o ka dira seo jang?

[Mafoko a a mo go tsebe 192]

“Ke a itse gore ke sa ntse nka nna ka tshwanelwa ke go itshokela go tlhabisiwa ditlhong ke batsadi ba me mo nakong e e tlang, mme gone ke a itse gore fa ke ikaega ka Jehofa o tla nnaya nonofo ya go itshoka.’’—Maxwell

[Lebokoso mo go tsebe 198]

Fa Motsadi a Tlogela go Direla Jehofa

Fa mongwe wa batsadi ba gago a tlogela go tshela ka melao ya Baebele—gongwe e bile a dira gore go itsege gore ga a tlhole a batla go nna karolo ya phuthego ya Bokeresete—o ka dira eng?

Itse gore Jehofa ga a go pege molato wa tsela e motsadi wa gago a itshwarang ka yone. Baebele ya re: “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.”—Baroma 14:12.

O se ka wa ipapisa le basha ba bangwe ba maemo a bone a leng botoka. (Bagalatia 5:26) Lekawana lengwe le rraalone a neng a phuaganya lelapa la gabone a re, “Go na le go nnela go akanya ka se motsadi wa gago a se dirileng, go a thusa go batla tsela ya go itshokela seemo seo.”

Tswelela pele o bontsha go tlotla motsadi yoo yo o kgelogileng, mme o ikobele melao ya gagwe fa e sa ganetsane le ya Modimo. Jehofa o laela bana gore ba tlotle batsadi, tota le fa batsadi bao e se badumedi. (Baefeso 6:1-3) Fa o tlotla batsadi ba gago e bile o ba ikobela le fa ba na le makoa, o bontsha gore o rata Jehofa.—1 Johane 5:3.

Atamalana thata le phuthego ya Bokeresete. Fa o le koo, o tla kgothadiwa ke lelapa le legolo la semoya. (Mareko 10:30) Lekawana lengwe le le bidiwang David le ne le boifa gore maloko a phuthego a ka nna a mo itlhokomolosa le go tlhokomologa ba lelapa la gagwe gonne rraagwe a ne a tlogetse go direla Jehofa. Mme David o ne a lemoga gore o ne a se na lebaka la go boifa seo. A re: “Ga ba a ka ba re kgaphela kwa thoko. Mme seno se ne sa ntlhomamisetsa gore ruri phuthego e a re kgathalela.”

[Setshwantsho mo go tsebe 194]

Go tsaya bothata jwa motsadi wa gago bo tshwana le kgobalo e e dirang gore a palelwe ke go dira dilo dingwe, go ka go thusa go se lebelele go le gontsi mo go ene